Go Tsaya Tlhagiso Tsia Go ne Ga Boloka Matshelo a Bone
JESU KERESETE o ne a ntsha tlhagiso go sale gale ka bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda e e neng e remeletse kwa tempeleng kwa Jerusalema. Ga a ka a ntsha letsatsi le bo neng bo tla tla ka lone. Mme o ne a tlhalosa ditiragalo tse di neng di tla gogela kwa tshenyegong eo. O ne a rotloetsa barutwa ba gagwe gore ba nne ba disitse mme ba tswe mo lefelong le le kotsi.
Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse.” Gape o ne a re: “Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo . . . se eme mo lefelong le le boitshepo, . . . foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.” Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe gore ba se ka ba boela kwa morago ka ntlha ya dithoto tsa bone. Go ne go potlakile gore ba tshabe e le gore ba boloke matshelo a bone.—Luke 21:20, 21; Mathaio 24:15, 16.
Go fedisa botsuolodi jo bo neng bo setse bo tsere lobaka lo loleele, Cestius Gallus o ne a etelela pele masole a Baroma go ya go tlhasela Jerusalema ka 66 C.E. E bile o ne a tsena mo motseng mme a dikanyetsa tempele. Motse o ne wa tlala khuduego. Batho ba ba neng ba nna ba disitse ba ne ba kgona go bona gore masetlapelo a ne a setse a le gaufi. A ba ne ba ka kgona go tshaba? Cestius Gallus o ne a ntsha masole a gagwe mo motseng go sa lebelelwa. Ditsuolodi tsa Bajuda di ne tsa ba latelela. Eno e ne e le nako ya go tshaba mo Jerusalema le mo Judea yotlhe!
Mo ngwageng o o latelang, masole a Baroma a a neng a eteletswe pele ke Vespasian le morwawe Titus a ne a boa. Naga yotlhe e ne e aparetswe ke ntwa. Kwa tshimologong ya 70 C.E., Baroma ba ne ba aga legora la tshireletso la dikota tse di motsu go dikologa Jerusalema. Go ne go ka se tlhole go kgonega go tshaba. (Luke 19:43, 44) Makgamu a a neng a le mo motseng a ne a bolaana. Batho ba ba neng ba sala ba ne ba bolawa ke Baroma kgotsa ba isiwa botshwarwa. Motse oo le tempele ya one di ne tsa senngwa gotlhelele. Go ya ka rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus, Bajuda ba feta milione ba ne ba boga mme ba swa. Tempele eo ga e a ka ya tlhola e agiwa sesha.
Fa Bakeresete ba ne ba sa ntse ba le kwa Jerusalema ka 70 C.E., ba ka bo ba ne ba bolawa kgotsa ba dirwa makgoba mmogo le mongwe le mongwe yo o neng a le koo. Le fa go ntse jalo, borahisitori ba bogologolo ba bega gore Bakeresete ba ne ba tsere tlhagiso ya Modimo tsia mme ba tshaba ba tswa kwa Jerusalema le mo Judea yotlhe ba tshabela kwa dithabeng tse di kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Bangwe ba ne ba thibelela mo Pela, mo kgaolong ya Perea. Ba ne ba tshabile kwa Judea mme ga ba ka ba boa. Go utlwa tlhagiso ya ga Jesu go ne ga boloka matshelo a bone.
A o Tsaya Tsia Ditlhagiso Tse di Tswang mo Metsweding e e Ikanyegang ya Tshedimosetso?
Batho ba le bantsi ga ba tlhole ba tsaya ditlhagiso tsia ka gonne ba kile ba utlwa ka ditlhagiso di le mmalwa ka dilo tse di neng tsa se ka tsa direga. Mme go tsaya ditlhagiso tsia go ka boloka botshelo jwa gago.
Ka 1975 kwa China, batho ba ne ba tlhagisiwa ka thoromo ya lefatshe e e neng e tla. Badiredibagolo ba ne ba tsaya kgato. Batho ba ne ba tsaya tlhagiso eo tsia. Go ne ga bolokwa matshelo a batho ba le diketekete.
Ka April 1991 kwa Phillipines, batho ba ba nnang mo motseng mo mokgokoloseng wa Mount Pinatubo ba ne ba bega gore thaba e ne e ntsha mowa wa metsi a a fisang le molora. Fa Setheo sa Kwa Philippines se se Dirang Dipatlisiso ka Makgwamolelo le Dithoromo Tsa Lefatshe se sena go nna se lepile seemo seo ka dikgwedi tse pedi, se ne sa tlhagisa ka kotsi e e neng e tla. Batho ba le diketekete ba ne ba ntshiwa mo lefelong leo ka potlako. Mo mosong wa June 15, go ne ga utlwala modumo o mogolo wa go tswa ga seretse sa dikilometara tsa dikubita di le 8 go tswa kwa tlase se tsapogela kwa godimo mme sa tlala mo nageng. Go tsaya tlhagiso tsia go ne ga boloka matshelo a batho ba le diketekete.
Baebele e re tlhagisa ka bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. Jaanong re tshela mo metlheng ya bofelo. Jaaka bofelo bo atamela, a o nna o disitse? A o tsaya kgato gore o tswe mo lefelong le le kotsi? A ka potlako o tlhagisa ba bangwe gore le bone ba dire jalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Go tsaya tlhagiso tsia go ne ga boloka batho ba le bantsi fa Mount Pinatubo e ne e kgwa seretse sa lekgwamolelo
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Bakeresete ba ba neng ba tsaya tlhagiso ya ga Jesu tsia ba ne ba bolokwa fa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E.