LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/15 ts. 3-4
  • A o Tsibogetse Metlha ya Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tsibogetse Metlha ya Rona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgato Tse di Tshwanetseng di Namotse Matshelo
  • Go Falola Masetlapelo a a Bakilweng ke Batho
  • Go Tsaya Tlhagiso Tsia Go ne Ga Boloka Matshelo a Bone
    Nnang Lo Disitse!
  • E Setse e le Nako ya go Tsoga!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Tshela mo Lefelong la Mokaloba yo o Bobileng
    Tsogang!—2007
  • Matlhotlapelo A Ke Dikotlhao tsa Modimo?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/15 ts. 3-4

A o Tsibogetse Metlha ya Rona?

GO TSIBOGELA kotsi go ka dira gore o tshele go na le go swa. Seno se ka supiwa ke se se diragetseng kwa ditlhaketlhakeng tse pedi tsa makgwamolelo.

Thaba ya Pelée, lekgwamolelo le le kotsi go gaisa otlhe mo lekgolong la bo20 la dingwaga, le ne la thunya ka May 8, 1902, kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa kwa Martinique. Le ile la bolaya mo e batlileng e nna baagi botlhe ba le 30 000 ba kwa Saint Pierre, e leng motse o o okangweng ke thaba ya lekgwamolelo.

Ka June 1991, lekgwamolelo la Thaba ya Pinatubo le ne la thunya ka tsela e gongwe e neng e le e e boitshegang go gaisa tsotlhe mo lekgolong leno la dingwaga. Le ne la thunya mo lefelong le le nang le baagi ba le bantsi la kwa Philippines mme ga swa batho ba ba ka nnang 900. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno go na le dilo tse pedi tse di neng tsa thusa go namola matshelo a le diketekete: (1) go tsibogela kotsi le (2) go iketleeletsa go tsaya kgato go ya ka ditlhagiso tse di ntshitsweng.

Dikgato Tse di Tshwanetseng di Namotse Matshelo

Lekgwamolelo la Thaba ya Pinatubo le ne le ntse le didimetse ka dingwaga tse di makgolokgolo fa ka April 1991, le ne le simolola go nna le matshwao a gore le tla tloga le thunya. Go ne ga simologa go tswa mouwane le sulfur dioxide mo khuting ya lone. Baagi ba lefelo leo ba ne ba utlwa dithoromo tsa lefatshe gangwe le gape, mme go ne ga tswa serotobolo se se boitshegang sa seretse se se omeletseng se se molelo mo thabeng. Baitsesaense ba Institute of Volcanology and Seismology ya Philippines ba ne ba le lebeletse ka kelotlhoko mme fa nako e ntse e ya ba itsise badiredibagolo gore go tla nna botlhale gore ba fuduse baagi ba le 35 000 mo ditoropong le mo metseng e e gaufi.

Go a utlwala go bo batho ba etsaetsega go tlogela magabone go se na lebaka, mme go etsaetsega goo go ne ga fela fa ba ne ba bontshiwa bidio e e neng e bontsha dikotsi tsa fa lekgwamolelo le thunya. Matshwititshwiti a batho a ne a fuduga ka nako e e tshwanetseng. Malatsi a le mabedi moragonyana, lekgwamolelo le le neng la thunya ka tsela e e boitshegang le ne la gasetsa molora wa dikubita tsa dikilometara di le robedi mo lefaufaung. Moragonyana seretse se se elelang se ne sa bolaya makgolokgolo a batho. Le fa go ntse jalo, gongwe ba le diketekete ba ne ba falola, ka gonne batho ba ne ba tsibosiwa malebana le kotsi mme ba tsaya dikgato tse di tshwanelang ba latela ditlhagiso tse ba di filweng.

Go Falola Masetlapelo a a Bakilweng ke Batho

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng, Bakeresete ba ba nnang kwa Jerusalema le bone ba ne ba tshwanela go dira tshwetso ya gore a ba tshwanetse go tlogela magae a bone. Go tshaba mo motseng oo ka 66 C.E. go ne ga dira gore ba falole tshenyego e e neng ya wela baagi ba bangwe le Bajuda ba le diketekete ba ba neng ba ya Jerusalema go ya go keteka Tlolaganyo ka 70 C.E. Go ne go na le batho ba ba fetang milione o le mongwe mo teng ga motse oo o o nang le mabota a a thata ba ba neng ba tlile go keteka Tlolaganyo fa masole a Roma a ne a ba thibela gore ba se ka ba nna le tshono epe ya go falola. Leuba, go lwela taolo, le ditlhaselo tse dintsi tsa Baroma di ne tsa dira gore go swe batho ba ba fetang milione.

Masetlapelo a a neng a fedisa go tsuologa ga Bajuda kgatlhanong le Roma ga a ka a tla ka tshoganyetso. Makgolo a dingwaga a sekae pelenyana ga moo, Jesu Keresete o ne a boleletse pele gore Jerusalema e ne e tla dikaganyediwa. O ne a bolela jaana: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, he itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. He a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) Ditaelo tseo di ne di phepafetse, mme balatedi ba ga Jesu ba ne ba di tsaya tsia.

Rahisitori wa lekgolo la bonè la dingwaga e bong Eusebius wa kwa Kaesarea o bega gore Bakeresete ba Judea yotlhe ba ne ba tsaya kgato ka tlhagiso ya ga Jesu. Fa Baroma ba ne ba boela morago ka nako ya fa ba ne ba dikagantse Jerusalema la ntlha ka 66 C.E., Bakeresete ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba ya go nna kwa motseng wa Baditšhaba wa Pella, kwa porofenseng ya Roma ya Perea. Ka go tsibogela dinako tsa bone le go tsaya kgato malebana le tlhagiso ya ga Jesu, ba ne ba falola se se tlhalosiwang e le “thopo e e maswe go gaisa tsotlhe mo hisitoring yotlhe.”

Gompieno, go tlhokega gore re nne podimatseba ka tsela e e tshwanang. E bile go tlhokega gore re tseye dikgato tse di tshwanetseng. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa lebaka la gone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Godo-Foto, West Stock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela