LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 2/1 ts. 5-7
  • A Bibela e a Ikganetsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bibela e a Ikganetsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dumalanya “Dikganetsanyo”
  • E Tlhoka Gore Re e Ikanye
  • A Bibela E A Ikganetsa?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • A Baebele e a Ikganetsa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Modimo o Tlhotlheleditse Jang Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Mang yo o Kwadileng Bibela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 2/1 ts. 5-7

A Bibela e a Ikganetsa?

‘GO RETETSE mo Modimong go aka,’ Bibela e bolela jalo. (Bahebera 6:18) Jalo go ka nna jang gore buka ya gagwe e bo ne ne e tletse ka dipharologanyo mme ebile go lemotshega sentle gore go na le fa e sa tshwaneng teng mme go bo go santse go ka twe ke Lefoko la Modimo? Go ka se nne jalo. ‘Mme ke go reng go na le go sa tshwaneng?’ o ka nna wa botsa.

Fela jaaka go ka nna ga lebelelwa, mo bukeng eo go neng ga fediwa makgolokgolo a dingwaga go tsewa matsapa a gore e kwalwe ka seatla mme ebile e tshwanetse gore e ranolelwe mo dipuong tse di tlwaelegileng tsa nako eo, dipharologanyo dingwe tsa bokwadi di ile tsa kukunela mo teng. Mme ga go na epe ya tsone eo eleng ya selekanyo se se kalo kalo le bogolo mo eleng gore di ka belaetsa gore a jaana Bibela e tlhotlheleditswe mme le gone go kwalwa ga yone ka kakaretso. Ka tlhatlhobiso e e kelotlhoko, dilo tse di bonalang e le dikganetsanyo go ka kgonega go di rarabolola ka tsela e e phepa. Mme gantsi, batho bao ba iphakang gore Bibela e a ikganetsa bone ka bobone ga baa batlisisa ka tlhoafalo, mme ba amogela fela mogopolo ono o ba o latlhelelwang ke bao ba sa batleng go dumela mo Bibeleng kana gore e ba laole. “Eo o hetolañ a e se a utlwe, ke boeleele le ditlhoñ mo go èna,” Bibela e tlhagisa jalo go Diane 18:13.

Fa gongwe, bangwe ba ganetsa lebaka la gore ga se gantsi bakwadi ba Bibela ba dumalana mo dikgannyeng tse di amanang le dipalo, tatelano ya ditiragalo, mafoko a a tsopotsweng, jalo le jalo. Mme akanyetsa seno: Fa o ne o ka kopa gore batho ba le mmalwa ba ba iponetseng tiragalo nngwe ka matlho ba kwale kaga se ba se bonyeng, a dipolelo tsa bone tsotlhe di ne di tla tshwana gotlhelele ka mafoko le ka ditlhaloso? Fa go ne go ka nna jalo, a o ne o ka seke o belaele gore go na le boferefere bongwe jwa bakwadi? Mme go ntse jalo, Modimo o ne wa dumelela bakwadi ba Bibela gore ba dirise mokgwa o o tlhaolegileng wa bone le puo, fa gone a ntse a disitse gore megopolo ya gagwe le mabaka a a utlwalang di neelwe ka tlhomamo.

Ditsopolo tsa mekwalo e e fetileng di ka nna tsa fetolwa go sekae mo dipolelong tsa pele go tsamaisanya le ditlhokafalo le boikaelelo jwa mokwadi yo mosha mme gone a ntse a tshegeditse moko wa kgang le mogopolo wa yone. Mme go ntse fela jalo le kaga tshobokanyo ya ditiragalo. Mokwadi mongwe o ka nna a latedisa thulaganyo e e tlhomameng ya tlhatlhamano ya metlha, fa yo mongwe a ka rulaganya ditiragalo fela go ya kafa di tsamaisanyang ka gone le dintlha. Fa go na le sengwe se se tlogetsweng le sone se tla bo se ya kafa ponong ya mokwadi le tshobokanyo ya gagwe ya polelo eo. Ka jalo, Mathaio o ne a bua ka banna ba le babedi ba dihohu gore ba ne ba fodisiwa ke Jesu, fa Mareko le Luke bone ba umaka a le mongwefela. (Mathaio 20:29-34; Mareko 10:46; Luke 18:35) Polelo ya ga Mathaio ga e ikganetse. Re ka re fela ene o tsepamisitse palo, fa Mareko le Luke bone ba lebisitse fela mo monneng a le mongwe fela yo Jesu a neng a buisanya le ene.

Mme ebile gape go ne go na le mekgwa e e farologanyeng ya go bala nako. Morafe wa Bajuda o ne o dirisa dikhalendara tse pedi—khalendara e e boitshepo le ya selefatshe fela, kana khalendara ya temo-thuo—nngwe le nngwe e simolola ka paka e e farologanyeng mo ngwageng. Bakwadi ba ba farologanang ka kgwedi le letsatsi fa ba lebisa mo tiragalong e le nngwefela ba ka ne fela ba ne ba dirisa dikhalendara tse di farologaneng. Fela jaaka bakwadi ba Botlhabatsatsi e ne e se gantsi ba dirisa dikarolwana tsa palo, dikarolo dingwe tsa ngwaga di ne di balelwa jaaka ngwaga otlhe. Di ne di sobokanyediwa fela mo palong e e gautshwane e e tletseng. Ka motlhala, tlhokomela direkoto tsa ditshika tseo di fitlhelwang mo go Genesise kgaolo 5.

Go Dumalanya “Dikganetsanyo”

A mme ga go na ditemana dipe mo Bibeleng tse di buang dilo tse di farologaneng le ditemana tse dingwe? A re akanyetseng di sekae fela tseo di ileng tsa tsopolwa ke bangwe ba bao ba ileng ba nyatsa Bibela.

Go Yohane 3:22 re bala ka gore Jesu o ne a “kolobetsa,” ntswa fa pelenyana, go Yohane 4:2, pego e tlhalosa ka gore “Yesu ka esi [o ne] a sa kolobetse.” Mme jaaka temana ka kakaretso e bontsha, barutwa ba ga Jesu e ne e le bone ba ba neng ba kolobetsa tota-tota mo leineng la gagwe mme e le ene a ba laelang jalo. Seno se tshwana fela le jaaka rakgwebo le mokwaledi wa gagwe ba ka nna ba bolela gore ke bone boo-babedi ba ba kwadileng lekwalo le le rileng.

Mme gape go na le temana e e mo go Genesise 2:2 e e begang ka gore Modimo o ne wa ‘ikhutsa mo tirong yotlhe ya one.’ Se se farologanang le seno ke mafoko a ga Jesu go Yohane 5:17 koo a bolelang gore Modimo “o nntse a diha le gompiyeno.” Mme fela jaaka kgang ka kakaretso o bontsha, se se kwadilweng mo go Genesise ke se se buang fela ka tlhamalalo kaga ditiro tsa Modimo tsa popo e e bonalang, fa Jesu ene a ne a lebisitse mo ditirong tsa Modimo kaga go kaelwa ga gagwe ke Modimo le go tlhokomela setho.

Se sengwe gape se se bonalang ekete ke go ikganetsa se fitlhelwa fa go bapisiwa Ekesodo 34:7 le Esekiele 18:20. Temana ya ntlha e tlhalosa gore Modimo o ne a tla ‘beletsa bana ba batho tshiamololo ya borraabo, le bana ba bana,’ fa e nngwe yone e tlhalosa gore “ñwana ga a ketla a bèlèga boikèpō yoa ga rragwè, le rra motho ga a ketla a bèlèga boikèpō yoa ñwana.” Ke ka ntlha yang fa ditemana tseno di bonala di ganetsanya? Ke ka go bo di dirisiwa go ya ka kgang ka kakaretso. Tlhatlhoba ditlhaloso tse di mo tikologong le boemo. Ke mo go phepafalang jaanong gore fa Modimo a ne a umaka gore kotlhao e ne e se kitla e tlela fela bora-bana mme gape le bana le bana ba bana, o ne a bua ka seo se neng se tla diragalela Baiseraele jaaka morafe fa ba ne ba mo leofela le go isiwa kwa botshwarong. Mo letlhakoreng je lengwe, fa a umaka gore ngwana o ne a se kitla a belega boleo jwa ga rraagwe, o ne a bua kaga go ikarabelela ga motho ka sebele.

Dipharologano di ka nna tsa fitlhelwa, jaaka dipolelo tsa botsalo jwa ga Jesu jaaka di kwadilwe go Mathaio 1:18-25 le Luke 1:26-38. A mme di supa dikganetso?

A o kile wa bala kaga dipolelo tsa botshelo jwa motho a le mongwe fela yo o tumileng di le pedi? Fa go ntse jalo, a o ile wa lemoga gore dipolelo tseo tsa botshelo fa gongwe di a farologana mme go sa reye gore di a ganetsana? Gantsi, ke ka ntlha ya megopolo ya botho ya mokwadi kana metswedi eo a ileng a e dirisa. Ebile go ikaegile ka gore ene mokwadi o bona gore ke eng se se botlhokwa se a ka se anelang mo mokwalong wa gagwe, kgang eo a e gatelelang, le go gakologelwa bareetsi bao kgang e lebisitsweng kwa go bone. Ka jalo, dipolelo tseo di neng di kwalwa go gopotswe ka babadi ba Baditšhaba di ne di tla farologana le tsa babadi ba Bajuda, bao ba neng ba setse ba tlhalogantse le go amogela mabaka mangwe.

Tseno ke dikai di sekae fela tsa dipolelo tse di mo Bibeleng tseo, kwantle ga go di tlhatlhobisisa ka kelotlhoko, di bonalang di ganetsanya. Mme fa di tlhatlhobiwa ka kelotlhoko, go gopotswe ka pono ya mokwadi le kgang ka kakaretso, ga se go ikganetsa gotlhelele mme ke ditemana fela tseo di tlhokang gore go dirwe ditlhotlhomiso tse dingwe patlisiso e e oketsegileng. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba palelwa ke go dira boiteko jono, ba bona fela go le motlhofo gore ba re: “Bibela e a ikganetsa.”

E Tlhoka Gore Re e Ikanye

Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa dumelela gore bakwadi ba Bibela ba gololesege fela fa ba kwala dipego tsa bone. (Ditihō 3:21) Ka gone, ba ne ba kgona gore ba ntshe ditlhaloso tse di kgatlhang le tse di phepafetseng tsa seo ba se bonyeng. Lefa go ntse jalo, go sa tshwane ga tsone ke mo ruri go tiisetsang boikanngo jwa bone le boammaaruri, go dira gore go se nne lebaka lepe la gore ba tsieditse kana ba logile boferefere. (2 Petere 1:16-21) Lemororo bakwadi ba ile ba farologana ka mekgwa ya bone ya go kwala, botlhe ba ile ba supa motsweding o le mongwefela mme ba ne ba na le boikaelelo bo le bongwefela: go bontsha batho seo Jehofa Modimo a tla se dirang gore setho se itumele le gore batho ka bobone ba tshwanetse go dirang e le gore ba tle ba amogelwe ke Modimo.—Diane 2:3-6, 9.

Bibela ke buka eo e ikuelang mo nonofong ya rona ya go akanya. E utlwana gotlhelele. Ga e ikganetse. Dibuka tsotlhe tse 66 (dikgaolo di le 1 189 kana ditemana di le 31 173 go ya ka King James Version) ke tse di tlhokang gore re di ikanye gotlhelele. Ee, o ka ikanya Bibela!

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Fa o Bona Bibela e “Ikganetsa,” a e Ka ne e le Gore:

◆ Ga o lemoge mabaka a a rileng a ditiragalo kana mekgwa ya bogologolo?

◆ O ile wa palelwa ke go akanyetsa mokwalo ka kakaretso?

◆ O ile wa tlhokomologa pono ya mokwadi?

◆ Go leka go bofaganya megopolo e e phoso ya bodumedi le se Bibela tota-tota e se bolelang?

◆ Go dirisa thanolo ya Bibela e e sa tlhomamang kana e e sa tlholeng e dirisiwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Mathaio o ne a re Jesu o fodisitse banna ba le babedi ba difofu. Mareko le Luke ba ne ba umaka a le mongwe. A seno ke go go ikganetsa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela