Isagwe ya Lefatshe e e Itumedisang Fa go Busa Bogosi Jwa Modimo
BIBELA e bolela gore “tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ.” (Bahebera 11:1) Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, dingwaga tse di fetang 500 pele ga botsalo jwa ga Keresete, Modimo o ne wa dira gore go kwalwe mo bukeng ya ga Daniele ponelopele ya boperofeti ya go tlhongwa le go wa ga mebuso ya lefatshe go tloga mo motlheng wa ga Daniele go fitlha mo go wa rona. Go opa kgomo lonaka ga dipolelelo pele tseno go re tlhomamisetsa, ebile go re naya lebaka le le nonofileng la go dumela, gore boperofeti jo bo setseng jwa ga Daniele le bone bo tla diragadiwa, le gore mo bogautshwaneng dipuso tsa batho di tla tseelwa sebaka ke Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete.
Abo sena e tla bo e le phetogo e kgolo jang ne mo sethong! A lebeletse pele nakong eo, Modimo ka boone o ne wa re: “Bonañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.” (Tshenolō 21:5) Go akanyetsa dingwe tsa dipolelelo pele tseo tse di tlhotlheleditsweng tseo di re nayang setshwantsho sa nako eo ya boitumelo go tla re thusa go bona tota ka moo dilo tseo di tla nnang “disha” ka gone, le ka moo di tla farologanang gotlhelele ka gone le tseo re di bonang gompieno mo pu song ya batho. Eleruri, seo Bibela e se bolelang mabapi le isagwe ya lefatshe le botshelo ga se kake sa tlhoka go gakgamatsa. Akanyetsa seno:
Bokebekwa le thubakanyo di tla fela. “Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; . . . moikepi a bo a sa tlhole a le gona.” Bao ba tshelang “mofiwe le moñwe oa oonè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me ope ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomoshomo o se buile.”—Pesalema 37:9, 10; Mika 4:4.
Go kgaoganngwa ka lotso le morafe, le dintwa tseo di tlisiwang ke gone, di tla bo di nyeletse. “Morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”—Isaia 2:4.
Go tlhokega ga matlo, go tlhoka magae, le go tlhoka tiro e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng. Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhOma masimo a mafine, ba ya maufio a aōna: . . . me ba tla ya tihO ea diatla tsa oone ka monate, ka lobaka lo lolele.”—Isaia 65:21, 22.
Ditlala tse di tsitlisang marapo, jaaka tseo bosheng jaana di neng tsa tlhasela dikarolo tsa Afrika, di tla emisediwa ka letlepu la dijo. “Go tla nna letlotlo ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoefi tsa dithaba: loufio loa aōna lo tla ebelèga yaka Lebanona.” “Lehatshe le nt shitse totahalo ea yeona: Modimo, eboñ Modimo oa rona tōta, o tla re segohatsa.”—Pesalema 72:16; 67:6, 7.
Mo godimo ga moo, go tla nna le pholo le botshelo tseo ka tsone go ka ipelelwang masego ano. Le eleng mo bodiheding jwa ga Jesu mo lefatsheng, go ne ga bolelwa ka boammaaruri go re “dihohu dia oona, batlhotsi baa tsamaea, balepero baa ntlahadiwa, ba boshushu baa utlwa.” Lefa go ntse jalo, go tla diragadiwa tsholofetso e e di fetang tsotlhe: “O tla phimola dikeledi cotlhe mo mathloñ a oonè; me ga go ketla go tlhOla go le losho; le gona ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelo, leha e le botlhoko: dilo tsa pele di hetetse rure.”—Luke 7:22; Tshenolō 21:4.
A phetogo e kgolo ruri! Abo seno se tla tlisetsa setho se se tlaletsweng kgololo jang ne! Re go kgothaletsa gore o ineele gone jaanong mo Bogosing jwa Modimo, e le gore le wena o tle o ikamogelele melemo eo e tla tlang ka phetogo eo e sa tshwaneng le epe mo pusong ya lefatshe.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba ba tshelang jaanong ba ka lebelela masego a a gakgamatsang—go fedisiwa ga ntwa, bokebekwa, khumanego, bolwetsi, le eleng loso. A o tla ipelela isagwe e e ntseng jalo?