Jesu—Ke Mang?
MEKWALO ya selefatshe e e buang kaga Jesu ga e mentsi. Lefa go ntse jalo, mengwe e gone, mme ka yone The Encyclopædia Britannica e re: “Dipolelo tseno tse di farologaneng di ile tsa supa gore mo metlheng ya bogologolo le eleng baganetsi ba Bokeresete ga ba ise ba ko ba belaele gore Jesu o kile a nna gone, jaaka bakwadi ba le bantsinyana kwa bofelong jwa makgolo a dingwaga a bo-18, le bo-19, le kwa tshimologong ya la bo-20 ba ne ba dira jalo pele, mme ebile e le kwantle ga mabaka a a utlwalang a ba a ntshang.”
Jaanong ipotse, fa e le gore go nna gone ga ga Jesu ke tlhamane fela, a go lebega go utlwala gore go ne go ka tsaya go fitlhelela lekgolo la dingwaga la bo-18 gore sena se bo se ka lemogiwa? Gape akanyetsa lebaka la gore batho ba ka feta bilione jaanong ba iphaka gore ke balatedi ba ga Jesu. Tlhotlheletso eo dithuto tsa gagwe di nnileng le yone mo tseleng ya botshelo, thutego, le mo pusong—mo ditiragalong tsotlhe tsa lefatshe—e ka seke e ganediwe. A go bonala go utlwala gore sena sotlhe se nnile gone ka ntlha ya tlhamane fela e e ka se tshegediweng ke bosupi bope fela jo bo utlwalang?
Fa e le gore mosimolodi wa Iselamo, moperofeti wa Moarabia Mohamede, e ne e le motho wa mmannete, ke lebaka lefe le le utlwalang la go dumela gore Jesu Keresete, mosimolodi wa Bokeresete, o ne a se ene? O ka nna a bo aile a nna gone dingwaga di le 600 pele ga Mohamede, mme tlhokomela gore mosimolodi wa Bobuda, Siddhārtha Gautama—ebong Buda, kana “Yo o Filweng Lesedi”—o ne a tshela le eleng pele ga moo, dingwaga tse di fetang 500 pele ga ga Jesu. Lefa go le jalo, fa e le gore Buda e ne e le motho wa mmannete, ke lebaka lefe le le utlwalang la go dumela gore Jesu o ne a se ene?
Raditiragalo wa Mojeremane le moithutamarope ebong Hans Einsle o tlhalosa gore raditiraga-10 wa Mojuda Flavius Josephus, bakwadi ba Baroma Suetonius le Pliny, mme segolo-bogolo raditiragalo wa Moroma Tacitus “botlhe ba tiisetsa go nna gone ga ga Jesu le dikarolo tse dikgolo tsa botshelo jwa gagwe.”
A e Ne e le Motho Fela yo o sa Tlwaelesegang
Jesu o ne a kile a nna gone—mme jaaka eng? Bangwe ba a ganela ba re e ne e le motho fela yo o tlwaelesegileng, lemororo ba dumela gore o tshwanetse a bo a ne a le motho yo o botlhale thata, yo o neng a rata go bua boammaaruri. Le eleng baba ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela ka tsela eo, ka go bua ba re: “Moruti, rea itse ha u . . . [sa] tlhokomele bomañmañ yoa batho, me u bolèla tsela ea Modimo ka bomanete.”—Mareko 12:13, 14.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba akanya ka gore Jesu e tshwanetse ya bo e ne e se motho fela yo o tlwaelesegileng. Ka ntlhayang? Ka go bo, o ne a kgona go dira dilo tseo batho ba ba tlwaelesegileng ba neng ba ka se kgone go di dira. Ka sekai, a o kile wa bona motho mongwe yo o kgonang go tsamaya mo metsing, go fetola metsi gore a nne bojalwa, go fa batho ba ka nna 5 000 dijo ka ditlhatswana di le pedi le dinkgwe di le tlhano, go fodisa difofu, kana go tsosa baswi?—Mathaio 14:25, 26; Mareko 8:22-25; Yohane 2:1-11; 6:1-13; 11:30-44.
Jesu gape o ne a kgona go lemoga dilo tseo batho fela ba ba tlwaelesegileng ba neng ba ka se di kgone. E ne ya re fa mosadi mongwe a mo raya a re o ne a sena monna, Jesu a mo araba ka go re: “U buile sentlè, ua re, Ga u na monna: Gonne u kile ua nu u na le banna ba le batlhano; me eo u nañ naè gompiyeno, ga se monna oa gago: mo u boletse ka boamarure.” Mosadi, ka go gakgamala, o ne a araba ka go re: “Morèna, kea lemoga ha u le moperofeti.” (Yohane 4:16-19) Go bona sekai kafa Jesu a neng a kgona go bonela dilo pele ka teng ka tsela e e gakgamatsang mo kgannyeng ya go itatolwa ga gagwe ke Petere, bona Luke 22:31-34, 54-62.
Jesu o ne a na le namane e tona ya taolo. Batho ba ne ba “gakgamadiwa ke thutō ea gagwè; gonne a ba ruta yaka moñwe eo o nañ le taolō, eseñ yaka bakwadi.” (Mareko 1:22) Mme gape, Jesu o ne a kgona go fa “barutwa ba gagwè ba ba shomè le bobedi, . . . thata mo meoeñ e e mashwè, go e kgoromeletsa ntlè, le go hodisa dipobolō diñwe le diñwe cotlhe, le malwetse manwe le mañwe aotlhe hèla.”—Mathaio 10:1.
A re ka Dumela Dipego Tseno?
‘Mme a ko o eme pele,’ o ka nna wa rialo. ‘A go ka tswa go se boammaaruri gore ditlhaloso tse di buiwang ka Jesu ke tse di feteleditsweng?’ E seng go ya ka F. F. Bruce, moporofesa yo o lesitseng tiro wa Biblical Criticism and Exegesis wa University of Manchester, yo o kwadileng ka go re: “Ga se gantsi go kgonega gore o tlhomamise boammaaruri jwa mokwalo mongwe le mongwe wa bogologolo ka botlalo ka mabaka fela a ditiragalo, e ka ne e le mo teng ga Bibela kana kwa ntle ga yone. Go lekane go nna le selekanyo se se rileng sa go ikaega ka boikanngo jo bo itsegeng jwa mokwadi; fa seo se ka tiisediwa, go na le bosupi jo bo tlhatswang pela jwa gore ditlhaloso tsa gagwe di ka ne ruri di le boammaaruri. . . . Testamente e Ntsha ga go bonale e tlhaela gore e ka ikanngwa kafa ditiragalong ka go bo Bakeresete ba ne ba e amogela jaaka dikwalo ‘tse di boitshepo.’”
Sengwe le sengwe se fa bosupi jwa gore bakwadi ba Efangele ba ne ba ikanyega. Lemororo ka dinako tse dingwe ba farologana ka tsela e ba tlhalositseng ka teng, ga ba ganetsane, le eleng fela jaaka batho ba babedi ba ba boneng ka matlho kotsi ya dikoloi ba sa ganetsane fa yo mongwe a ka re o bone kara e khibidu e e neng e tswa kafa molemeng e thula kara e tala e e neng e tswa kafa mojeng, lemororo yo mongwe a ka re Mercedes e e neng e lebile kwa borwa e ne ya thula Renault e e neng e ya kwa bokone. Lebaka la go bo diefangele di farologana fela ka dintlha tse dipotlana le supa ka botlalo gore di boammaaruri. Fa e le gore bakwadi ba tsone ba ne ba batlile go tsietsa batho gore ba dumele mo tlhamaneng, ruri ba ka bo ba ile ba dira gore dipolelo tsa bone di atamalane thata-thata.
Le eleng baba ba ga Jesu ba ne ba tshegetsa dipego kaga ene gore di boammaaruri. Re bala jaana: “Ga leriwe mo go èna monna monwe eo o semumu, a tsenywe ke badimo. Ea re badimo ba sena go kgoromelediwa ntlè, semumu sa bua: . . . Me Bafarisai bōnè, ba re, O kgoromeletsa badimo ntlè ka kgōsana ea badimo.” (Mathaio 9:32-34) Tlhokomela gore Bafarisai ga baa ka ba latola gore Jesu o ne a dirile dikgakgamatso. Ba ne ba gana fela go dumela gore kgono ya gagwe go dira jalo e ne e le ka ntlha ya thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo.
Bosupi jo bongwe jwa gore dipolelo tsa ga Jesu di boammaaruri ke go bo fa melao-metheo e e mo dithutong tsa gagwe e dirisiwa tota e ka dira. Go felela ka gore batho ba tshele ka katlego le ka boitumelo. Gape, dipolelelopele tsa nako e telele tse di neng tsa buiwa ke Jesu, jaaka tse di kwadilweng go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21, di ile tsa diragadiwa mo motlheng wa rona.
Jesu—“A ke Jehofa wa Testamente e Kgologolo”?
Ka phepafalo, Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelesegileng. E ne e le motho wa mofuta wa gagwe fela ka go bo, jaaka Bibela e re bolelela, o ne a nna kwa legodimong pele ga a tla mono lefatsheng. (Yohane 6:38, 62) Ka jalo o ne a nna le kitso le dikgono tseo batho fela ba ba tlwaelesegileng ba neng ba sena natso. Seno se re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa a ne a dira dikgakgamatso le kaga botlhale jwa gagwe jo bo tlhomologileng.
A mme go nna gone ga ga Jesu pele ga a nna motho go raya gore o ne a le Modimo? Bukana nngwe ya morutabana e bua puo ya go nna jalo ka go re: “Nako le nako fa Jesu a Ithaya a re ‘Ka bo ke nt se ke le gona’ . . . , O ne a Ikaya jaaka Jehofa wa Testamente e Kgologolo.” A sena se boammaaruri?
Go ya ka tlhaloso ya King James Version ya Ekesodo 3:13, 14, Moshe o ne a botsa ka go re: “E tla re ke hitlha mo baneng ba Iseraela, mme ke ba raya, ke re, Modimo wa borraeno o nthomile kwano go lona; mme ba nthaya ba re, Leina la ona ke mang? ke ba reye, ke reng? Mme Modimo wa raya Moshe, wa re, KE NTSE YO KE NTSENG: mme wa re, o tla bua le bana ba Iseraela jaana o re, KE NTSE o nthomile kwano go lona.” Malebana le temana eo, The Pentateuch and Haftorahs (Temana ya Sehebera ka thanolo ya Sekgoa le tlhaloso e e rulagantsweng ke Dr. J. H. Hertz) ya re mo polelwaneng e e reng “Ke ntse yo Ke ntseng . . . go gatelelwa go itshenola ga Modimo ka tlhagafalo gore o gone.” Tiriso ya yone jaaka sereto kana leina la Modimo e ne e tshwanela sentle ka go bo ka go ba golola mo bokgobeng jwa Egepeto, Modimo o ne a tloga a senola go nna gone ga gagwe le go thusa batho ba gagwe ka tsela e e tlhomologileng. Hertz o bolela gore “basha ba le bantsi ba dira fela jaaka Rashi [motlhalosi yo o neng a itsege thata wa dingwaga tsa bogare wa Bibela ya Sefora le Talmud] mo go kwaleng. ‘Ke tla nna yo ke tla nnang ene.’” Seno se dumalana le tsela eo New World Translation e balegang ka yone, ka go re: “KE TLA ITSHUPA SEO KE TLA ITSHUPANG KE LE SONE.”
Go Yohane 8:58, King James Version gape e kwadile gore Jesu o ne a dirisa tlhaloso “Ke ntse” a ithaya, a re “Pele Aberahame a ise a nne, nna ka bo ke ntse.” Mme fano tlhaloso e e dirisiwang e farologane thata le e e dirisitsweng go Ekesodo 3:14. Jesu ga a ka a e dirisa jaaka leina kana sereto mme jaaka tsela fela ya go tlhalosa gore o ne a kile a nna gone pele a nna motho. Ka jalo, go ya ka New World Translatioñ, tsela e e tlhamaletseng ya go kwala Yohane 8:58 ke: “Pele ga Aberahame a nna gone, ke ne ke le teng.”
Ka phepafalo, ga go na motheo ope wa Dikwalo o o gone go supela gore Jesu o tshwana fela le Jehofa mo Dikwalong tsa Sehebera. Le eleng bukana ya morutabana mongwe e e tsopotsweng fa godimo le yone e a dumalana ka go re: “Gore Keresete o nnile gone pele ga botsalo jwa Gagwe mo Bethelehema gone ka bogone ga go supe gore o ne A le Modimo (o ka nna a bo a ne a le gone jaaka moengele).” Tota, sena ke sone se Bibela e se rutang. Mo go nneng gone ga gagwe pele ga a nna motho, Jesu o ne a le “modimo” kana a na le bomodimo, mme eseng Modimo [the God], Jehofa Modimo mothatayotlhe.—Yohane 1:1-3; 1 Bathesalonia 4:16.
Ereka e se Modimo, tota ene Jesu ke mang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di supa gore Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelesegileng