Ditshwantsho Tsa Bodumedi—O di Leba Jang?
GO NE ga nna le merwalela e megolo ka 1888 mo Cantoñ, China. Pula e e neng e na e sa kgaotse e ne ya senya dijalo. Balemi ka go felelwa ke tsholofelo ba ne ba rapela modimo wa bone Lungwong go emisa matsorotsoro ao, mme wa palelwa. Ba galefisitswe ke go itlhokomolosa ga modingwana wa bone, ba ne ba golega setshwantsho sa gagwe malatsi a le matlhano! Dingwaga di le mmalwa pele ga foo, one modimo oo o ne o ile wa itlhokomolosa dithapelo tsa bone tsa go emisa komelelo. Ba ne ba golega setshwantsho sa one ka diketane kwa ntle mo mogoteng o mogolo.
Ka 1893 Sicily e ne ya tlhaselwa ke komelelo. Dipopelelo tsa bodumedi, dikerese tse di neng di tshubiwa mo dikerekeng, le go rapelwa ga ditshwantsho di ne tsa palelwa tsotlhe go nesa pula. Ka go itlhoboga, balemi ba ne ba apola ditshwantsho tseno diaparo tsa tsone, ba lebisa difatlhego tsa tse dingwe kwa leboteng, le eleng go latlhela tse dingwe mo bonwelong jwa dipitse! Mo Licata, “Moitshepi” Angelo o ne a apolwa, a golegwa, a tlhapadiwa, a bo a tshosediwa ka go kalediwa. Mo Palermo, kwa Italy, “Moitshepi” Joseph o ne a latlhelwa mo tshingwaneng e e fisitsweng ke letsatsi go emela pula.
Ditiragalo tseno, tseo di umakilweng mo bukeng The Goldeñ Bough, e e kwadilweng ke Sir James George Frazer, di na le bokao jo bo sa jeseng monate. Di bontsha gore bao ba iphakang gore ke Bakeresete gammogo le bao e seng Bakeresete go bonala ba na le pono e e tshwanang ka ditshwantsho tsa bodumedi. Mo mabakeng oomabedi, baobamedi ba ne ba dirisa ditshwantsho tsa bone jaaka sengwe seo ba ikgolaganyang le “moitshepi” kana modimo ka sone. Mme ka mo go kgatlhisang, botlhe ba lekile go gwetlha “baitshepi” kana medimo ya bone e e bonya gore e dire ka go e leretse maemo a a seng monate ao baobamedi ba yone ba neng ba a itemogela!
Lefa go le jalo, gompieno, ba le bantsi bao ba dirisang ditshwantsho tsa bodumedi ba ka bona ditiro tseo jaaka tse di feteletseng, kana gongwe le eleng tse di tshegisang. Ba ka tatalalela gore mo go bone ditshwantsho ke didirisiwa fela tse di tlotliwang—e seng tse di obamelwang. Ba ka nna ba re setshwantsho se se betlilweng, difapaano, ditshwantsho tse di takilweng tsa bodumedi ke dithuso fela tse di siameng mo go obameleng Modimo. O ka nna wa bo o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Mme potso ke go re: Modimo o ikutlwa jang kaga seno? A e ka ne e le gore go tlotla setshwantsho tota go tshwana fela le go se obamela? A go na le kotsi nngwe e e fitlhegileng eo e ka tlisiwang ke ditiro tseo?