“Melelwane e Ntiteetse mo Maheloñ A Mantlè”
Jaaka go boletse D. H. MacLean
KE NE ke ntse foo, dioura di ntse di kgabaganya, ke bapile le mongwe wa Royal Canadiañ Mounted Police. Ke ne ke le legolegwa la gagwe. Re ne re lebile kwa kampeng ya kgolegelo ya kwa Chalk River, Ontario, Canada, mme e ne ekete ga re kitla re goroga mo loetong lwa terena lwa dikilometara tse 2 400.
E ne e le ka 1944, mme Ntwa ya Lefatshe II e ne e ile magoletsa. Mme ke eng se ke neng ke se dira fano ke lebile kwa kgolegelong? Ebu, e ne e le ka baka la seo Rre a neng a se nthutile go tswa bonyaneng. Ka gale fa a ne a sena go buisana le nna ka masisi o ne a digela ka go lebisa mafoko ano a ga mopesalema mo botshelong jwa gagwe: “Melelwane e ntiteetse mo maheloñ a mantlè.” Go tswa foo o ne a nkgothaletsa go lekela boitemogelo jo bo tshwanang.—Pesalema 16:6.
Kgodiso ya Semoya
Dilo tse Rre a neng a di bona fa a ne a direla jaaka mogolwane wa masole mo dingwageng tse nne ka Ntwa ya Lefatshe I, segolo-bogolo boitshwaro jwa boitimokanyo jwa baruti joo a neng a bo bona, di ne tsa mo kgoba marapo. Jalo, ka 1920, fa Moithuti mongwe wa Bibela yo o matlhagatlhaga a ne a tlhalosa tharabololo ya Modimo ya mathata a lefatshe, boammaaruri jwa Bibela bo ne jwa ama pelo ya ga Rre. Mmè le ene o ne a kgatlhega mme a nna motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa. Ka gone, kgaitsadiake Kay le nna re ne ra nna le lesego la go godisiwa ka tsela ya semoya.
Morago ga nako, Rre o ne a rekisa kgwebo ya gagwe, mme ene le Mmè ba ne ba simolola go etela ditoropo ba dira tiro ya nako e e tletseng ya go rera. Ka jalo, mo ngwageng wa sekolo wa 1928, fa ke ne ke le dingwaga tse thataro mme Kay a na le tse di robang bobedi, re ne ra kwadisiwa mo dikolong di roba bobedi tse di farologaneng! Re ne ra tswelela ka mokgwa ono wa botshelo wa go kgarakgatshega mo dikgweding tse 18 tse di latelang. Mme fa go ne go nna boima fela thata go tlhokomela thuto ya rona ka tshwanelo, batsadi ba me ba ne ba reka lefelo la dipeterolo le mabaakanyetso a dikoloi tseo di neng di tshwaragane le lebenkele le lebotlana la dimonamone. Lefa go le jalo, dikgwedi tse 18 tseo tsa go bulatsela di ne tsa nnela ruri mo mogopolong wa me le wa ga kgaitsadiake.
Legae la rona le le neng le le gaufi le Halifax, Nova Scotia, ka metlha le ne le bulegetse babulatsela le balebedi ba ba etang. Rre o ne a le pelotshweu e bile a thusa bao ba neng ba tlhoka go baakanyediwa dikoloi kana ba tlhoka ditshipi tsa tsone, fa Mmè ene a ne a tlhokomela baeti ba rona ba bantsi ka dilo tse ba di tlhokang. Ke santse ke ãkologelwa sentle fela thata maitemogelo a a nonotshang tumelo ao a neng a bolelwa ke badiri bao ba nako e e tletseng. Gape ke santse ke gakologelwa nako ya fa ke ne ke na le dingwaga di le 18 mme mongwe wa bakaulengwe ba ba etang a ne a ntaleletsa go mo pata mo dibekeng di le tharo fa a ne a etela diphuthego tse di gaufi. Tshiamelo eo e ke neng ke sa e lebelela e santse e le teng mo mogopolong wa me.
Boitumelo Ka Nako ya Thibelo
Ka 1940, fa ke ne ke na le dingwaga di le 17 fela, balaodi ba Canada ba ne ba bolela gore “Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa” ga e kafa molaong mme tiro ya Basupi ya boefangele e ne ya thibelwa. The Watchtower e ne e gatisiwa ka sephiri mo ntlong ya rona, mme go tswa foo e ne e balwa ke botlhe mo kgaolong yotlhe ya Nova Scotia. Ke gakologelwa boitumelo joo bo neng bo nna teng fa morongwa a ne a goroga bosigogare a tshotse dikwalelo tsa monoso le pampiri e ntsi le inki.
Fa thibelo e ne e simololwa, re ne ra dira mmogo jaaka lelapa mo go abiweng ga bosigogare ga bukana e e kgethegileng ya setlhogo End of Nazism mo nageng yotlhe. Mme ruri pelo ya me e ne e iteela kwa godimo fa ke ne ke tswa mo kareng mo lefifing le lentsho leo la bosigo. Rre o ne a neela ditaelo ka bofefo, le tse di phepafetseng. Go tswa foo re ne re kgaogana mme mongwe le mongwe o ne a ya ka tsela ya gagwe.
O ka akanya kafa re neng re tshwenyegile ka gone fa Kay a ne a sa boela kwa kareng ka nako eo re neng re dumalane ka yone. Morago ga go leta go feta oura, go ne go sena sepe seo re neng re ka se dira fa e se go ya gae. Re ne ra wela dibete fa re fitlhela a le teng, a re letetse ka go tlhobaela. O ne a pegilwe ke mapodisi mme a sa mo tshwarela go aba dibuka tse di thibetsweng. Lepodisi lengwe le ne le mmone mme le gakgamaletse gore ke ka ntlhayang fa mosetsanyana yo montle yo mmotlana a ne a tsamaya a le nosi mo mebileng ya Halifax mo mosong o o kalo mo serameng sa mariga. Jalo fa a ne a ithaopela go mo isa gae, Kay o ne a dumela—dibukana tsotlhe tsa gagwe di ne di abilwe. Tlhabano eo e ne ya atlega fela thata mme ya anamisiwa mo Canada yotlhe fela.
Seo se Neng se Dirile Gore ke Nne Legolegwa
Morago ga go fetsa kwa sekolong se segolo ka 1941, ke ne ka dira tiro ya boitshediso mo dingwageng di ka nna pedi. Go tswa foo ke ne ka nna teng kwa kopanong ya kgaolo kwa United States, koo ke ileng ka kopana le Miltoñ Bartlett teng, mmulatsela yo o tlhaga wa molekane wa me. Go penologa ga gagwe ka boammaaruri le boipelo joo a neng a bonala a na najo mo go buleng tsela di ne tsa thusa mo gogolo thata mo phetsong ya me ya go tlogela tiro ya boitshediso le ya go tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng ka March 1943.
Ereka thibelo e ne e santse e tsweletse, go rera ka Bibela ka ntlo le ntlo e ne e le fela sa ntsa le katse le mapodisi. Mo kabelong ya me e ntsha kwa Charlottetown, kwa Prince Edward Island, ke ne ke tlhologeletswe fela thata go ya tirelong go ya go bona kafa batho ba neng ba arabela ka teng mo ke neng ka lebala go kwala aterese ya kwa ke neng ke nna teng.
Ke ne ke sa tswa go etela magae a se kae fela fa ke ne ke bonwa ke mapodisi, ba ba neng ba tlhatlhoba kgetse ya me mme ba ntshwara. Ereka ke ne ke sa kgone go ba naya aterese, ke ne ka felela ke le kwa kgolegelong, koo ke neng ka thibelwa go buisana le ope ka malatsi a mane. Ka lesego, morwadia Mosupi mongwe mo phuthegong o ne a utlwa mogolwane wa mapodisi a bua ka Mosupi mongwe yo mmotlana yo ba mo tshwereng, mme seno se ne sa dira gore bakaulengwe ba ntuelele gore ke letele tsheko kwa ntle.
Tsheko ya me e ne ya nna ya tlosolosiwa ka dikgwedi di le mmalwa, mme jalo ke ne ka tsweledisa bodihedi jwa ntlo le ntlo. Go tswa foo ke ne ka neelwa kabelo e nngwe, ya go ya kwa Glace Bay, Nova Scotia. Dikgwedi di sekae moragonyana, ke ne ka bilediwa go tla fa pele ga kgotla-tshekelo kwa Charlottetown. Ke ne ka baakanyetsa tsheko ya me ka botswerere, ke solofela go ya go neela bosupi jo bo maatla kaga bodihedi jwa me.
Moatlhodi o ne a kgotsofetse gore ke ne ke fitlhelela ditshwanelego tsotlhe tsa go nna modihedi wa bodumedi. Lefa go ntse jalo, o ne a oketsa ka gore e ne e le tlwaelo go romela Basupi ba ga Jehofa kwa dikampeng tsa kgolegelo tumalanong le melao ya tirelo-morafe. Ke gona ka moo ke neng ke le mo tereneng eo e neng e ya kwa kgolegelong ya Chalk River, kwa Ontario ka gone. Mo dingwageng tse pedi tse di latelang, ke ne ka romelwa kwa dikampeng tse tharo tse di farologaneng.
Kgololesego—Lefa go le Jalo Dintwa Tsa Oketsega
Ke ne ka gololwa ka 1946 mme ka simolola go bulatsela gape kwa Glace Bay. Ka go bo go thibelwa ga Basupi ba ga Jehofa go ne go tlosolositswe, re ne re gololesegile gape go dira tiro ya rona mo Canada re sireleditswe ke molao. Koo re neng re sa kake ra dira teng fela e ne e le mo kgaolong ya Bakatoliki bao ba buang Sefora ba Quebec, koo go bogisediwa bodumedi go neng go le gogolo teng. Ke gone kafa go neng ga simologa seo se neng se bidiwa Ntwa ya kwa Quebec ka gone.
Ka Sontaga, November 3, 1946, go ne ga rulaganyediwa pokano e e kgethegileng mo Montreal, eo e neng ya tliwa ke mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower le ba bangwe go tswa ntlong kgolo ya kwa Brooklyn. Pampitshana e e neng e le bogale ya Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada e ne ya gololwa, mme go ne ga dirwa thulaganyo ya kafa e tla abiwang ka teng mo nageng eo yotlhe. Babulatsela ba ne ba lalediwa go dira kopo ya go ya setlhopheng se se latelang sa Gileade go ya go thapisediwa go ba tlhomelela go tsweledisa tlhabano eno e e kgethegileng mo Quebec. Ke ne ka dira kopo mme morago ga dikgwedi di sekae ka amogela taletso ya go ya go nna wa setlhopha sa boroba bongwe sa Gileade.
Botshelo mo Lefatsheng le Lesha
Ereka ke ne ke ipaakanyeditse go ya kwa Quebec, ke ne ka gakgamala fela thata ka moso fa, morago ga ke sena go aloga, ke ne ke abelwa go ya go nna molebedi wa potologo mo Ontario, Canada, go etela diphuthego tsa batho ba ba neng ba bua Seesemane koo. Lefa go le jalo seno e ne e se sepe fa se bapisiwa le letshogo leo ke neng ka nna nalo dikgwedi di le thataro moragonyana fa ke ne ke newa lokwalo lo lo neng lo tswa kwa Mokgatlhong loo lo neng lo nkabela go ya kwa Australia.
Koo mo lefatsheng le lesha leo, kabelo ya me ya ntlha e ne e le go direla potologo eo e neng e akaretsa kgaolo yotlhe ya Western Australia, eleng lefelo le legolo la bogolo jwa disekwere-kilometara di le 2 528 000! Potologo e nngwe ya ntlha 00 ke neng ka e direla mo karolong ya bogare jwa Australia e ne e akaretsa moraka o o kgakala oo o neng o bidiwa William Creek. Mosupi yo o neng e le ene a le nosi fela koo o ne a na le lebenkele la dilwana leo e neng e le lone fela fa boemelong jwa terena. Letsatsi lengwe ke ne ka gakgamadiwa ke go bona setlhopha sa dikammela se palangwe ke Baaborijene ba Australia se ema gaufi le lebenkele leo. Ba ne ba tlile go reka dilwana. Puisano e ne ya tswelela jaana:
Moreki: Ke batla ditlhako.
Morekisi: Tse ditona kana tse dinnye?
Moreki: Tse ditona.
Ka go rialo, thekiso e ne ya digelwa, mme moreki o ne a retologa a tswela kwantle ga lebenkele a ya go pega ditlhako tsa gagwe mo kammeleng. Ga tsena yo mongwe.
Moreki: Ke batla mosese wa lubra (lefoko la puo ya Baaborijene le le rayang mosadi).
Morekisi: O mokima kana o mosesane?
Moreki: O mosesane.
Mosese o ne wa leriwa, wa duelelwa, mme wa tsenngwa mo kgetseng go ya go pegiwa mo kammeleng eo e neng e letile.
Le Molekane wa Lenyalo
Dingwaga tse tharo morago ga ke sena go goroga mo Australia, ke ne ka nyala mosetsana mongwe yo montle yo o tswang kwa Brisbane, yo o neng a bidiwa June Dobsoñ. Morago ga lenyalo la rona, re ne ra bula tsela ngwaga e le nngwe fela pele ga re lalediwa go boela mo tirong ya go eta, lantlha re le mo tirong ya potologo mme moragonyana mo tirong ya kgaolo.
Fa ke ne ke ise ke nyale, ke ne ke direla mo mafelong a mantsi a selegae ke palame sethuuthuu. Lefa go ntse jalo, jaanong nna le mosadi wa me re ne re tsamaya ka kara. Tsela e e maswe e e kgabaganyang Nullarbor Plaiñ, koo go tlwaelesegileng gore selekanyo sa mogote se fete Disentikereiti di le 46°, e ne e sa baakanngwa sekgala sa dikilometara di ka nna 1 200 ebile e le dithole. Lorole lo no lo thunya, mo eleng gore kara e ne e tshwana le mokoro wa lobelo fa o siane mo metsing. Re ne ra kanela ditswalo tsotlhe le difensetere ka sengaparetsi go thibola lorole lo logolo loo lo neng lo tsena ka monokela. Se se ne sa dira gore mogote o nne mogolo fela thata mo teng ga kara, mme go ne go le botoka ka gore go ne ga re thusa gore re seka ra tlala leswe le lorole.
Mo dingwageng tsa fa re ne re dira tiro ya kgaolo, re ne re kgabaganya naga ya Australia gangwe le gape, re etela ditoropo tse dintsi le metsesetoropo mme re direla mo dikopanong tsa potologo ka ditsela tsotlhe tse di kgonegang. Fa re ne re simolola tiro ya kgaolo ka 1953, go ne go na le kgaolo e le nngwe fela fela mo Australia. Jaanong go na le tse tlhano.
Ka 1960 re ne ra tlelwa ke taletso e re neng re sa e lebolela—ya go ya go direla kwa Bethele ya Sydney kwa Strathfield. Go ne go farologane fela thata le tiro ya go eta, mme kwa bokhutlong ke ne ka tlwaelana le tiro ya ofisi. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae re ne ra tlelwa ke sengwe gape se re neng re sa se solofela. Morago ga go direla mo Bethele mo dikgweding di le 18, nna le June re ne ra amogela taletso ya go nna gone mo sekolong se sesha sa dikgwedi tse 10 sa Gileade.
Phapaanong le sekolo sa me sa pele sa Gileade kwa South Lansing, New York, jaanong re ne re le mo Brooklyn, eleng ntlo-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Fa re sena go aloga, re ne ra abolwa go ya gape kwa Australia, go ya go direla gape mo tirong ya go eta. Re ne ra direla jalo go fitlha ka 1981, fa re ne re lalediwa go boela gape kwa Bethele ya Sydney. Koo re ne ra kgona go tsaya karolo mo namaneng e tona ya tiro ya go fudusa ofisi yotlhe ya lekala, feketeri, le lelapa la Bethele go tswa kwa Strathfield go ya kwa madirelong a a neng a sa tswa go agiwa kwa lngleburn, mo e ka nnang dikilometara di ka nna 48 go tswa kwa bogareng jwa Sydney.
“Mo Maheloñ a Mantlè”
Fano go dira mo lephateng la tirelo ke selo se ke se ipelelang ka malatsi otlhe. Ka go bo ke itse ka namana bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo nageng eo yotlhe ka baka la go bo ke diretse ka dingwaga di le dintsi mo tirong ya kgaolo, ke ikutlwa jaaka ekete ke na le balebedi ba potologo kwa ba leng teng jaaka dipego tsa bone di goroga boke nngwe le nngwe. Dipego tsa balebedi ba kgaolo di nkisa mo mafelong a magolo a bokopanelo le Diholo tsa Potologo go nna fela jaaka ekete ke mo kopanong ya potologo. Ereka lelapa la Bethele le na le batho ba ba fetang 110, ba nna fa lefelong leo le batlileng le nna la selegae le le kgakala le modumo le kgotlelo ya motse-setoropo, nna le mosadi wa me re ikutlwa gore botshelo jwa mo Bethele ke bofelelo jwa ‘mafelo a mantle.’
Maitseboa mangwe a letlhabula ka May 1984, mookamedi wa Komiti ya Lekala, ebong H. V. Mouritz, o ne a mpolelela kwa bothokong gore ke ne ke tlhophilwe ke Setlhopha se se Laolang go direla jaaka leloko la Komiti ya Lekala la Australia. Maikutlo a me mo thapameng eo a ne a tshwana fela le ka 1947 fa ke ne ke bala lekwalo leo le neng le nkabola go ya go direla mo lefatsheng leno le le itumedisang le le kwa tlase.
Fa ke akanyetsa botshelo jwa me jwa dingwaga tse 65 mo phuthegong ya ga Jehofa ke ikutlwa ke diragaditse Pesalema 16:6 ka bonna. Eleruri, “melelwane” e ntiteetse mo “maheloñ a mantlè.” Fa ke ne ke ka tshwanelwa ke go rulaganya botshelo jwa me gape, kwantle ga ketsaetsego ke ne ke tla kgetha yone tsela eno e ke e tsereng. Ga go na phelelo epe e e neng e ka itumedisa go gaisa eno—ga go na boitemogelo bope jo bo neng bo ka duela go gaisa jono.