LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 10/1 ts. 4-7
  • Sesupo—A O se Bone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sesupo—A O se Bone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Metlha ya Bofelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Sesupo—A ke Bosupi jwa Gore Lefatshe je Lesha le Gaufi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A go Fedile ka Matshosetsi a Nuklea?
    Tsogang!—1999
  • Polelelopele ya Bibela Eo O E Boneng E Diragadiwa
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 10/1 ts. 4-7

Sesupo—A O se Bone?

“KWA tlasetlase mo lewatleng, go eme sabomarine e telele, e e nkokgolokwe e sisibetse, e sa tshikhinngwe ke makhubu a magolo ao a ntseng a kwetogela ka bofefo mo godimo ga lewatle leo le tletseng ditsuatsue. Setswalo se bulega kwa godimo ga sabomarine mme rokete ya boleele jwa dimetara di le 9 le ya bokima jwa dimetara di le 1,4 e photsega e lebile kwa godimo ga lewatle. Rokete eo e simolola loeto lwa yone e futswelwa ke moya o o pitleletsweng, mme fa e atamela kwa bogodimong jwa lewatle, eñ je ne ya yone e simolola go duma mme rokete eo e betsega mo metsing ka modumo o mogolo.”

Tlhaloso eo ya sebetsa se se itirisang se se fulegang se tswa mo sabomarineng, go tswa bukeng ya Rockets, Missiles and Spacecraft, e e kwadilweng ke Martiñ Keeñ, e tlhalosa polelelopele ya bogologolo eo e bolelelang pele nako ya tlalelo ya lefatshe eo e tla bang e bakiwa ke “dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo.” (Luke 21:25) Matshosetsi a disabomarine tsa dibetsa tseo di itirisang a magolo go le kana kang?

Go ya ka buka Jane’s Fighjting Ships 1986-87, Britane, China, Fora, Soviet Unioñ, le United States ba na le disabomarine tsa dibetsa tse di itirisang di le 131 tseo ba di dirisang mo nakong eno. Ga go na motse ope oo ba ka sekeng ba o fitlhelele, mme go le gantsi sebetsa se itaya mo e ka nnang kilometara e le nngwe le sephatlo go tswa fa selong seo se neng se lebagantswe le sone. Tse dingwe di tshola dibetsa tseo di lekaneng “go nyeletsa naga epe fela e e bokgakala jwa dikilometara di le 8 000, go ya ka The Guinness Book of Records. Se ebileng se le maswe go feta seo, bangwe ba boletse gore marumo a dibetsa tse di itirisang tsa sabomarine e le nngwefela fela a ka lere masetlapelo a ntwa ya nuklea eo e ka nyeletsang setshedi sengwe le sengwe mo lefatsheng! Bothata jo bongwe gape ke go kgona go laolwa ga disabomarine tse di kwa kgakala. Batho ba boifa gore kgato epe fela ya botlhaswa mo sabomarineng e le nngwefela fela e ka simolola ntwa e kgolo ya nuklea.

Batho ba le bantsi ba golagantse ditebelelo tse di ntseng jalo tse di tshosang le sesupo sa ga Jesu sa polelelopele. A losika lwa rona lo ka tswa lo diragalelwa ke tiragatso ya sesupo seo? Mabaka a araba ka go re ee. Mme seno se kaya gore go gololwa mo matshosetsing a ntwa ya nuklea go gaufi. (Luke 21:28, 32) Ka tebelelo e e ntseng jalo e e tletseng tsholofelo, re go kopa gore o akanyetse bosupi jwa tiragatso ya sesupo. Dingwe tsa dipopego tse di tlhomologileng tsa sesupo seo di kwadilwe fa no gammogo le ditiragatso tsa tsone tsa segompieno.

“Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologele bogosi.” (Luke 21:10)

Fa esale ka 1914 batho ba ba fetang 100 000 000 ba bolailwe mo dintweng. Ntwa ya Lefatshe I e ne ya simologa ka 1914 mme ya kopanyeletsa dinaga di le 28, go sa balwe le dinaga di le mmalwa tseo di neng di busiwa ke Yuropa ka nako eo. Ke dinaga di sekae fela tse di neng tsa emela kwa thoko. E ne ya bolaya batho ba le 13 000 000 mme ga gobala masole a le 21 000 000. Morago go ne ga latela Ntwa ya Lefatshe II, eo e neng ya senya mo gogolo. Mme go ne ga diragala eng fa esale go tloga nakong eo? Mo setlhogong sa “Wars of the World,” koranta ya Afrika Borwa ya The Star e ne ya tsopola Times ya Sontaga ya Lontone fa e ne e re: “Karolo ya bone ya merafe ya lefatshe e tshwaregile mo ntweng mo nakong eno.”

“Me go tla nna dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe.” (Luke 21:11)

Mo bukeng ya bone ya Terra Non Firma, boporofesa ba Yunibesithi ya Stanford ebong Gere le Shah ba kwadile dintlha tsa “dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe” di le 164 tse di diragetseng mo dingwageng tse di dikete tse tharo tse di fetileng. Mo go tseno tsotlhe, go ne ga nna le tse 89 fa esale ka 1914, tseo di neng tsa bolaya batho ba le 1 047 944. Lenaneo leno le ne le akareletsa dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo fela, mme fa esale Terra Non Firma e gatisiwa ka 1984, go diragetse dithoromo tsa lefatshe tseo di sentseng kwa Chile, Soviet Unioñ, le Mexico, tseo di neng tsa bolaya batho ba ba oketsegileng ba le diketekete.

“Go tla nna . . . dikgogodi tsa bolwetsi.” (Luke 21:11)

Ka 1918 bolwetsi jo bo bolayang bo ne jwa tlhasela set ho. Bo ne bo bidiwa mohikela wa Spaiñ, mme jwa anamela mo lefelong lengwe le lengwe leo le neng le na le bat ho kwa ntle ga setlhaketlhake sa St. Helena mme jwa ba jwa bolaya batho ba ba fetang bao ba neng ba bolawa mo dingwageng tse nne tsa ntwa. Boitseanape jwa kalafi bo gatetse pele fela thata fa esale nako eo, mme lefa go le jalo go na le se se gakgamatsang. The Lancet e tlhalosa jaana: “Go sa feleng ga sexually transmitted diseases (STD [malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelo-dikobo]) ao e leng setlhopha sa malwetsi a tshwaetsano ao a tshwanetseng go begwa kafa molaong go gakgamatsa kalafi ya segompieno. . . . Ka nako nngwe go ne go lebega re ka kgona go fodisa malwetsi ao a tShelanwang ka tlhakanelo-dikobo mme mo dingwageng tsa bosheng go a re palela.”

Go na le dikgogodi tse dingwe tsa bolwetsi tseo le tsone kalafi ya bosheng e reteletsweng ke go a fodisa, a a tshwanang le kankere le bolwetsi jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo. Jono, go ya ka S A Family Practice, “ke bolwetsi jo bogolo jo bosha. . . . Bo bakilwe ke batho ba morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe.” Mo Britane, bolwetsi jwa pelo le jwa kgatelelo e kgolo ya madi “ke one a magolo ao a bakang loso,” go ya ka buka Cardiovascular Update—Insight Into Heart Disease. E oketsa ka go re “go dirilwe kgatelopele e sekae fela go tla go fitlha gompieno mo go a alafeng.”

Mo mafatsheng a a tlhabologang, dimilione tsa batho di bolawa ke malwetsi a malaria, bolwetsi jwa kotselo, bolwetsi jwa thotamadi le malwetsi a mangwe. Bongwe jwa malwetsi ao a bolayang batho ba le bantsi ke jwa letshololo. Makasine wa Medicine International o tlhalosa jaana: “Go ile ga fopholediwa gor’ masea le bana ba bannye ba Asia, Afrika, le Latiñ America, ba le dimilione tse 500 ba ka nna ba tsenwa ke bolwetsi jwa letshololo ngwaga [nngwe le nngwe], bo bolaya ba le magareng ga dimilione tse 5 le tse 18.”

“Go tla nna . . . tlhaelo ya dijo.” (Luke 21:11, “NW”)

Gantsi go nna le tlhaelo ya dijo fa go na le ntwa. Go ne ga nna jalo le ka Ntwa ya Lefatshe I. E ne ya baka leuba le legolo. Mme morago? Koranta nngwe e e kgethegileng ya The Challenge of Internationalism—Forty Years of the United Nations (1945-1985) e begajaana: “Lemororo go ne go ka nna le batho ba le dimilione tse 1 650 bao ba neng ba tlhaela dikotla ka 1950 go ne go na le ba le dimilione tse 2 250 ka 1983; ka mafoko a mangwe, e le koketsego ya dimilione tse 600 kana 36 lekgolong go feta.” Komelelo ya bosheng mo Afrika e ne ya baka leuba le legolo. “Mo ngwageng o le mongwe fela,” go tlhalosa jalo makasine wa Newsweek, “batho ba Ethiopia ba maemo a a kwa tlase ba bontsi jwa milione o le mongwe fela le bana ba Sudañ ba le 500 000 ba ne ba swa.” Ba le diketekete ba dinaga tse dingwe le bone ba ne ba swa.

“Go tla nna dilō tse di rerisañ ha di bōnwa, le dichupō tse di cwañlegodimoñ” Me go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatlè le dintelō go shuma ka kgwashō e kgolo; Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:11, 25, 26)

Ka Ntwa ya Lefatshe I go ne ga simololwa go nniwa le dibetsa tse disha tse di maswe thata. Go tswa kwa magodimong, difofane le difofane tsa ntwa di ne tsa digela dibomo le marumo mo lefatsheng. Se ebileng se ne se boifisa go feta e ne e le go bolawa ga bat ho bao e neng e se masole bao ba neng ba sa kake ba itira sepe ka Ntwa ya Lefatshe II, go akareletsa le a dibomo tse pedi tsa atomiki.

Lewatle le lone le ne la fetoga lefelo la dilo tse disha tse di boifisang. Fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e simologa, disabomarine di ne di tsewa di sena maatla mo go kalo, mme kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II, di ne di nweditse dikepe di feta dikete tse di lesome. “Go nwetsa dikepe tsa babapatsi, go akareletsa le [tse di rweleng batho], kwa ntle ga tlhagiso go ne go lebega e le karolo ya tiro e ntšha eo e neng e boifisa ya ‘ntwa e kgolo,’” go tlhalosa jalo Normañ Friedmañ mo bukeng ya gagwe ya Submarine Design and Development.

Gompieno batho ba le bantsi ba tsaya disabomarine tsa dibetsa tse di itirisang e le dikepe tse dikgolo mo lefatsheng. Disabomarine tsa dibetsa tse di laolwang, dikepe tse di kotamelang difofane tsa ntwa, dikepe tse dingwe tsa ntwa di tshola dibetsa tse di setlhogo. Go ya ka bu ka Jane’s Fighting Ships 1986-87, jaanong go na le disabomarine di le 929, dikepe tsa difofane tsa ntwa di le 30, dikepe tse di rwalang dibetsa di le 84, diketswana tse di bofefo tsa ntwa di le 367, dikepe tse dipotlana tsa ntwa di le 675, diketswana tse di kgweetsegang motlhofo tsa ntwa di le 276, diketswana tse di tlhaselang ka bofefo di le 2 024, le dikepe tse dingwe tsa ntwa di le diketekete tse di dirisiwang ke merafe e le 52 mo nakong eno. Mo godimo ga tseo go na le dibetsa tse di phuthetsweng tse di senang palo tse di bogale. Batho ga ba ise ba ko ba ‘gakatse’ lewatle mo go kotsi go le kana.

Batho gape ba fitlhile kwa “letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ.” Dibetsa tse di itirisang di thesimogela kwa lefaufaung pele ga di itaya mo dilong tseo di lebagantsweng le tsone. Difofela loaping di tsene mo dibokela-tsatsing tsa ba tsa di pot a ka kwa. Merafe e ikaegile fela thata ka disatelaete tse di itiretsweng ke motho tseo di dikologang lefatshe. Disatelaete tsa mawatle le tsa loapi di ba thusa go lebaganya dibetsa tsa bone ka go opa kgomo lonaka. Disatelaete tsa dipuisano le tsa botlhola le tsone di dirisiwa fela thata. “Disatelaete,” go tlhalosa jalo Michael Sheehañ mo bukeng ya gagwe The Arms Race, “di fetogile matlho, ditsebe, le mantswe a masole a mebuso e megolo.”

Sekai sa bosheng ke go tlhaselwa go tswa loaping ga Libya. Aviation Week & Space Technology e bega jaana: “Ditshwantsho. . . tsa satelaete ya U.S. di ne tsa dirisiwa mo dipaakanyetsong tsa go tlhasela le ditshekatshekong tsa morago ga tlhaselo. Defense Meteorological Satellite Program e ne ya bolelela batlhasedi seemo sa maemo sa bosa mme go ne ga dirisiwa sefofelaloaping sa dipuisa no tsa sesole mo go ntsheng ditaolo le mo go laoleng.” Ka baka la seabe sa botlhokwa seo se dirwang ke disatelaete tsa sesole, mebuso e megolo ka bobedi e na le dibetsa tseo di thibelang disatelaete. Go lemotshega sentle fa mmuso o mongwe o mogolo o ikaeletse go baya dibetsa tsa one kwa loaping go ya ka thulaganyo eo e itsegeng jaaka Star Wars. Gore a mebuso e megolo e tla tlhabanela kwa loaping kana nnyaa, go tla itsege fa nako e ntse e tsamaya.

Ka nako e e tshwanang, jaaka go boleletswe pele, “batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Bokebekwa, borukhutlhi, go koafala ga itsholelo, kgotlelo ya dikhemikhale, le megare ya marang a a tswang kwa madirelong a dibetsa tsa nuklea, mmogo le matshosetsi a a golang a ntwa ya nuklea ke dilo tsotlhe tseo di bakang “poihō.” Makasine wa Britane ebong New Statesmeñ o bega gore basha ba naga eo “ba ba fetang sephatlo” ba ikutlwa gore ntwa ya nuklea e tla diragala mo motlheng wa botshelo jwa bone, mme 70 lekgolong ya bone ba dumela gore go tlhomamisega gore e tla diragala letsatsi lengwe.”

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Sesupo—Se Kaya Eng?

Dimilione tsa batho, morago ga go sekaseka sesupo ba se bapisa le hisitori ya lekgolo la bo-20 la dingwaga, ba tlhatswegile pelo gore se tla diragala. (Bona gape Mathaio, kgaolo 24 le Mareko, kgaolo 13.) Eleruri losika lwa 1914 ke 10 10 tshwailweng. Ke lone loo lo kopanyelediwang mo tiragatsong ya bobedi ya mafoko a ga Jesu a a reng: “Losika lo, ga lo ketla lo heta go tsamaee dilō cotlhe di dihale pele.” (Luke 21:32) “Dilō cotlhe” di akareletsa go gOlolwa mo mathateng a a akabatsang a setho.

Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore: “E tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atametse. . . . Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” Bogosi jwa Modimo, eleng puso ya lefatshe eo e fetang ya mot ho ka maatla, e tla fetolela lefatshe feno mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe. Ka gone, fela jaaka go le boammaaruri gore sesupo se diragetse jalo kgololo le yone e tla tla.—Luke 21:28, 31; Pesalema 72:1-8.

Gongwe ga o ise o ko o akanyetse sesupo sa polelelopele go le pele. Re go kgothaletsa go tswelela o tlhatlhobisa Lefoko la Modimo. Go dira jalo go tla go kgonisa go tlhaloganya mo go oketsegileng kaga maikaelelo a Modimo ka setho. Ka gone o tla ithuta seo Jehofa Modimo a se tlhokang mo go bao a tla ba ‘gololelang’ mo Paradaiseng e e tlang ya lefatshe.—Pesalema 37:10, 11; Sefania 2:2, 3; Tshenolō 21:3-5.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Courtesy of Germañ Railroads Information Office, New York

Eric Schwab/WHO

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Jerry Frank/United Nations

U.S. Air Force photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela