Re tla Duela Jehofa Jang?
FA MONGWE a bontsha kgatlhego ya mmatota, le e e bothitho mo go rona, gongwe a re direla sengwe se se re solegelang molemo, re itshwara jang? Bopelonomi le moya wa go aba gantsi di re dira gore re itshware ka tsela nngwe, a ga go jalo? Go tweng he, ka maikutlo a rona ka Modimo wa rona, Jehofa, mabapi le bopelotlhomogi jwa gagwe jwa ka metlha jo bo lorato mo go rona?
Go motlhofo gore jaaka re pitlagantswe ke dikgatelelo tsa malatsi otlhe tsa botshelo, re tseye bopelonomi le lorato lwa ga Jehofa motlhofo, ka dinako dingwe le eleng go itshwara jaaka ekete eleruri ga re mo leboge. Ka jalo, re tla bo re dira sentle go iketla le go tlhokomela potso eno ya ga mopesalema: “Ke tla ntshetsa Yehofa eñ, ka ntlha ea masegō aotlhe a gagwè a o a ntihetseñ?” (Pesalema 116:12) Re tla dira sena ka ditsela dife?
Masego a a Tswang kwa go Jehofa
Abo re ka bo re latlhegile jang ne, fa e ne e se ka neo ya ga Jehofa ya Lefoko la gagwe Bibela! Banna le basadi ba ba pelokgale mo makgolong a a fetileng a dingwaga ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ka go nna le buka eno gammogo le go e bala, mme re tlhaloganya gore ke ka ntlhayang. Banna ba Modimo ba sale ba ntse ba lebogela Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, ba itse kafa di leng molemo ka gone go “ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.”—2 Timotheo 3:16.
Lefa go ntse jalo, re itse gore go re re “iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō,” re tlhoka se se fetang fela go itse Bibela fela ka tlhogo. (2 Timotheo 3:17) Re solegelwa molemo mo matshelong a rona ka maatla a Modimo a moya o o boitshepo, mme ntlha eno e tlisiwa mo tlhokomelong ya rona ka mafoko a ga Jehofa ka moperofeti wa gagwe Isaia: “Me yanoñ Yehofa o nthomile, le mōea ea gagwè. Go bua yana Yehofa, Morekolodi oa gago, Moitshepi oa Iseraela, are, Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.” (Isaia 48:16-18) Jehofa o re dira gore re solegelwe molemo, ka moya wa gagwe o o boitshepo, gammogo le ka Lefoko la gagwe, mme sena se felela ka kagiso le tshiamo.
Mo godimo ga moo, maatla a ga Jehofa a a di rang a re solegela molemo ka go bo thulaganyo e setse e dirilwe, phuthego ya selefatshe, eo moya o o boitshepo o dirang ka yone. Mo go 1 Bakorintha kgaolo 12, Paulo o tshwantsha phuthego ya Bokeresete le mmele jaaka a bua jaana mo temaneng ya 7: “Me moñwe le moñwe o nèwa pōnatshègō ea Mōea, gore a tlè a thusègè le ba bañwe botlhe ka eōna.” O tswelela pele go bontsha gore re solegelwa molemo jang ka go nna karolo ya phuthego ya selefatshe ya Modimo.
Dingwaga di le tlhano kana go feta morago ga go kwala mafoko ao, o ne a kwala lekwalo la gagwe leo le yang kwa phuthegong ya Efeso moo a bontshang ka mo go oketsegileng ka melemo e e tlang ka go kopanela le paakanyetso eo ya selefatshe. Lefa seo a se buileng pele se ne se dira fela mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, a ba “boidiidi yo bogolo” le bone gompieno ga ba ‘itekanedisiwe mo tirong ya bodihedi,’ ba fetoga ‘bañ na ba ba godileng sentle’ mo semoyeng, ba ba nonofileng mo tumelong, ‘e sa tlhole e le banyana,’ mme ‘ka lorato ba golela ene mo dilong tsotlhe yo e leng tlhogo, ebong Keresete’? (Tshenolō 7:9; Baefesia 4:12-16) Rotlhe re na le lebaka le le molemo la go leboga.
Phuthego ya Bokeresete e na le motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale, yoo tiro ya gagwe, ya go re fepa semoyeng, e leng bosupi jo bongwe gape jwa gore Jehofa o re direla molemo. (Mathaio 24:45, 46) Gone jaanong jaana re fitlhile mo nakong e e boleletsweng pele ya go nna gone ga Morena. A “motlhanka” o dira tiro ya gagwe? Lefa ‘metlha ya rona ya bofelo’ e sa solofetse sepe a rona re tletse tsholofelo? A re na le boikaelelo jwa mmatota mo botshelong? (2 Timotheo 3:1-5; Baroma 5:5; 1 Timotheo 4:10) Ee! Tsholofelo ya rona ke e e sa etsaetsegeng mme ke go tlhatswega pelo goo go theilweng mo tumelong eo le yone e theilweng mo bosuping jo bo nonofileng.—Bahebera 11:1.
Go phepafetse, he, gore Jehofa, Modira-molemo wa rona yo Mogolo, o re file go le gontsi goo re ka go lebogelang. Go latela jaanong potso e e utlwalang:
Ke tla Duela Jehofa ka Eng?
Lantlha, re tshwanetse go dumela gore Jehofa ga a tlhoke sepe go tswa mo go rona. Ke ene yo o reng, “Selefera ke ea me, le gouda ke ea me, go bua Yehofa oa mashomōshomō,” ka mo go tshwanang “le dikgomo tse di nnañ mo dithabeñ tse di makgolo a le shomè.” (Hagai 2:8; Pesalema 50:10; Yobe 41:11) Seno se raya gore ga go tsela epe eo ka yone re ka “rekang” kamogelo ya ga Jehofa ka yone; lefa go le jalo re kgothalediwa go mo direla meneelo ya boithatelo. (Bapisa 1 Ditihalō 29:14.) Lefa go ntse jalo, go na le maemo a mangwe, ao ka one re letlelelwang go naya Jehofa dimpho ka one.
“Ke tla ea ha pele ga Yehofa ka eñ, ke ikōba ha pele ga Modimo wa bogodimo? a ke tla ea ha pele ga ōna ka dichupèlō tse di hisiwañ, ka dinamane tse di ñwaga o le moñwe hèla? A Yehofa o tla itumèlèla makgolo a makgolo a diphelehu, kgotsa dinoka tsa loukwane di le makgolo a kgolo? a ke tla ntshetsa tlolō ea me ñwana oa me eo mogolo, louñō loa mmele oa me kaga boleo yoa mōea oa me? O gu shupeditse se se molemō motho ke wèna: gapè Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwelō botlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo oa gago?”—Mika 6:6-8.
Go tswa mo go sena re ithuta gore gantsi se Jehofa a se tlhokang se a utlwala ebile gant si ke seo re ka se fitlhelelang. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bontsha gore go re dithapelo tsa rona di amogelwe kamano ya rona le Jehofa gammogo le bangwe-ka-rona go tlhokega gore e bo e siame. (Mathaio 5:23, 24) Morago ga go thaya motheo o o siameng, jaanong re ka bona gore rotlhe re na le sengwe seo re ka se nayang Jehofa, re anaanela bomolemo jwa gagwe mo go rona.
Re ka Dirisa se re Nang le Sone Jang?
Go tlhoka nako, le maiteko, mme le eleng madi, mme abo e le tshiamelo jang ne go emela Jehofa mo tirong ya go rera! Tshupelo eno ya pako ke sengwe seo rotlhe re ka se nayang Jehofa. Fano ke ka moo mogolwane mongwe wa mmulatsela yo o nang le bana ba bararo ba babotlana a ikutlwang ka gone:
“Go arola mo tshiamelong eno ya bodihedi jwa nako e e tletseng go feta setlhabelo sepe fela sa botho—mme go feta moo—ka go bo ke yone tsela e e molemolemo ya go baka Rraarona wa selegodimo. Gape, e nkgonisa go mo lebogela boutlwelo botlhoko jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang joo a bo mpontshang ka selekanyo se se rileng.”
Mosadi wa gagwe o oketsa jaana: “Go thusa monna wa me go bulatsela ke tshiamelo eleruri. Go kgonisa lelapa lotlhe go nna le seabe se se oketsegileng mo bodiheding, mme go bona thuso e e lorato ya ga Jehofa mo dilong tsa semoya le tsa senama go re dira gore re mmake le go feta.”
Mokgatlho wa Watch Tower o sale o ntse o phatlalatsa Dibibela le dibuka tsa Bibela ka boithaopo ka dingwaga tse di fetang lekgolo mme o ne wa gatisa tseno mo metšhineng ya one fa esale ka 1920. Nako le maiteko a baithaopi ba ba dirang kwa Bethele go tlhagisa dikgatiso tsotlhe tse re nang le tsone gompieno, mmogo le a baboledi ba babulatsela a go di aba, di okeletsa mo go aroleng mo tirong eno e e botlhokwa ya go rera.—Mathaio 24:14.
Gape, Bakeresete ba ba nnang mo mafatsheng a a itsholetseng mo go tsa madi ba ka itumelela go itse gore meneelo ya bone e e dirwang ka bopelonomi ya madi, e ba e romelang kwa lekaleng la Mokgatlho wa Watch Tower la lefelo la bone e thusa bakaulengwe ba bone ba bantsi mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe go senya nako yotlhe ya bone mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Barongwa ba ba tswang kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade, balebedi ba potologo le ba kgaolo, le babulatsela ba ba kgethegileng botlhe ba thusiwa go tswelela mo tirelong ya nako e e tletseng ka meneelo eno ya bone ya boithatelo.
Gongwe ga go kgonege gore o direle kwa Bethele kana jaaka leloko la Thulaganyo ya Badiri ya Baithaopi ya Merafeyotlhe ya go Aga. Mme gongwe o ka bo o na le madi a go tshegetsa bao ba tsayang karolo mo tirong eo ba ba tlhokang madi a a “salang” a ba ka ithusang ka one. Ka jalo go lekalekanya mo go thusang go ka nna ga dirwa, jaaka go tlhalositswe mo go 2 Bakorintha 8:14. Makwalo a a tlang le meneelo eo a ne a akareletsa lengwe le le tswang go kgaitsadi mongwe yo o godileng yo o kwadileng jaana:
“Ke lebogela mas ego ao Jehofa a nnayang one fela thata, mme ka metlha ke rapelela dithulaganyo tsa go aga le phu the go.”
Kgaitsadi yo mongwe o ne are: “Bogolo madinyana ana a mannye a ka dira molemo mongwe mo tirong ya bolegodimo go na le go nna fela mo bankeng ya me e e tlileng go wa go ise go e kae!”
Mokaulengwe mongwe o ne a itlhalosa ka mafoko ana: “Go re kgothaletsa ga ga Jehofa go dirisa dilo tsa rona go mo galaletsa ke tsela e nngwe gape ya go re sireletsa mo kgwebong e e bogagapa, ebong ‘karolo ya boraro’ ya tsamaiso eno ya ga Satane e e boikepo ya dilo. Mma ke tsee sebaka sena go bolelela ka moo ke itumetseng ka gone go neelana ka sengwe go akofisa koketsego eo Jehofa a re fang yone, mme ke mo lebogela go bo a nkgonisitse gore ke dirisiwe.”
Dimpho go Tswa go Bagolo le Bannye
Go a kgothatsa go bala ka boikemisetso jo bo sa reketleng jwa ba ba godileng bao, lefa ba solofela go tshela go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno, ba nt se ba tlhomamisa ka go dira wili e e tshwanetseng gore tiro ya Bogosi e solegelwa molemo, fa ba tlhokafala. Dikakgelo dingwe tsa ba ba kgaoganyang dithoto go ya ka diwili, bao ba neng ba akgela ka boikutlo jo bo siameng jwa bao ba dirileng diwili tseo, di akareletsa eno:
“Abo e ne e le motho yo o pelonomi jang ne mo go botlhe, mo botshelong jotlhe jwa gagwe . . . O ne a rata Jehofa le dibopiwa tsa gagwe.”
“Ka metlha, o ne a baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele.”
“O ne a bona tuelo ya gagwe ya bolegodimo morago ga go direla ka boikanyegi ka dingwaga di le 70 . . . ka metlha o ne a batla go tsweledisa boammaaruri ka dithoto tsa gagwe.”
Re ipelela go utlwa gape ka maikaelelo a ba bannye, a go dirisetsa Jehofa dilo tsa bone tse di bonalang. Lokwalo longwe lo lo amogetsweng ke ofisi ya Mokgatlho kwa Britane le ne le tswa go mmoledi yo o santseng a tsena sekolo. O ne a tlhalosa gore o ne a gapile sekgele sa ntlha mo kgaisanong ya go kwala tlhamo. O ne a romela madi otlhe a o a gapileng. Dikgatiso tsa Mokgatlho e ne e le tsone motswedi fela wa boikitsiso jwa tlhamo ya gagwe ya “Tlamego ya Mokeresete,” ka jalo o ne a ikutlwa gore ka tshwanelo madi otlhe ke a ga Jehofa.
Morago ga go ipotsa gore o tla duela Jehofa jang, mokwadi wa Pesalema ya 116 o tswelela ka go bua jaana mo ditemaneng tsa 13 le 14: “Ke tla tsaea senwèlō sa polokō, me ke tla bitsa leina ya ga Yehofa. Ke tla lehèla Yehofa maikanō a me, E, ha pele ga batho botlhe ba gagwè.” Ka go anaanela mpho e e tlhwatlhwakgolo ya ga Jehofa ya poloko ka Morwawe, re ikutlwa re tlhotlheletsega, fela jaaka go dirile mopesalema, go Mmaka le go boloka ditsholofetso tsa rona mo go Ene.
Jehofa o re segofaditse fela thata, mme sengwe le sengwe se re ka se dirang se lebega se le sennye fela fa se lekanngwa. Abo go tshwanela jang ne, he gore ka go bontsha tebogo, re dire sotlhe se re ka se kgonang, ka ditsela tsotlhe! “Ke tla gu isetsa setlhabèlo sa tebogo, me ke tla bitsa leina ya ga Yehofa.”—Pesalema 116:17.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
KA MOO BANGWE BA NTSHETSANG TIRO YA BOGOSI MENEELO
◻ DIMPHO: Meneelo ya madi ya boithatelo e ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising ya Je ka la ya Mokgatlho ya mo lefelong la Jona. Dithoto tse di jaaka dithuo, majana a a tlhokegang kana dingwe fela tsa boleng jo bo kwa godimo, le tsone di ka ntshiwa moneelo. Lekwalonyana le lekhutshwane le le tlhalosang gore seo ke moneelo o o tlhamaletseng le tswanetse go romelwa gammogo le meneelo eno.
◻ THULAGANYO YA MADI A A BUSEDIWANG MONG FA AA TLHOKA: Madi a ka nna a neelwa Mokgatlho wa Watch Tower go nna motlhokomedi wa one, mme e le gore mo mabakeng a fa motho a a tlhoka, o ka a busediwa.
◻ INSHORENSE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka nna wa kwalwa jaaka mongwe yo o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a penshene e e fiwang mogodi yo o lesitseng tiro. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka thulaganyo epe fela e e jalo.
◻ DITERASETE: Diakhaonte tsa bobolokelo-madi tsa Banka di ka nna tsa beelwa Mokgatlho jaaka terasete. Fa sena se dirwa, tswee-tswee itsise Mokgatlho. Disetoko, dibonto, le dithoto dingwe fela di ka nna tsa ntshiwa moneelo ka thulaganyo eno go sotegela motho motemo fa a santse a tshela. Mokgwa one o tlhofofatsa ditshenyegelo le sengwe se se ka nnang sa diragala go dira gare wili e seka ya dira, go bile go tlhomamisa gore Mokgatlho o tla amogela dithoto tseo fa mong a ka tlhokafala.
◻ DIWILI: Dikago kana madi di ka nna tsa fiwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e dirilweng ka fa molaong. Sekaelo se tshwanetse go romelelwa Mokgatlho. (Mo Africa Borwa diwili di tshwanetse go romelwa go Jehovah’s Witnesses of South Africa)
Go bona boikitsiso jo bo oketsegileng le kgakololo mabapi le dikgang tseo, kwalela go Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana ofisi ya lekala ya Mokgatlho ya mo lefelong la lona.