LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 1/15 ts. 5-7
  • A o Amogela Megopolo e Mesha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Amogela Megopolo e Mesha?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa Baberea
  • Tlhopha!
  • Ke ka Ntlhayang fa o Tshwanetse go Amogela me olo a Meshes?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Japane e Newa Mpho E e Sa e Lebelelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Ithuta Bibela?
    Tsogang!—1991
  • O Ne “A ba Ruta Ka go Ba Thusa go Tlhaloganya Dikwalo”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 1/15 ts. 5-7

A o Amogela Megopolo e Mesha?

BATHO bangwe ba gana go amogela mogopolo ope fela o mosha. Ba ka nna ba o gana ka baka la go bo o farologana le pono ya bone. Ka motlhala, mosadi mongwe mo Denmark o ne a kwalela lokwalopaka lwa beke le beke eleng Hjemmet mme are: “Re tshwenngwa ke Basupi ba ga Jehofa gangwe le gape mo magaeng a rona. Ba ntshera fela thata, mme ga ke itse gore ke ka dira jang fela gore ke ba kobe. . . . A molao o ka se thibele go re tlhodia ga bone?”

Mo Majapaneng a bogare jwa lekgolo la bo-19 la dingwaga, go kokota fa kgorong ya bone ga batho ba Bophirima le gone go ne go lebiwa jaaka “go tlhodia.” Go ya ka pono ya ba le bantsi ba bone, sengwe le sengwe seo se neng se amana le batsenelela se ne se sena mosola kana ebile se ka gobatsa. Jaaka seane sengwe sa botlhabagare se bolela, “Pelaelo a dira gore motho a bone bodimo mo lefifing.” Tsela ya go akanya ya bontsi jwa Bajapane a ne ya tshwantshiwa sentle mo ditshwantshong tsa bone tsa ga Commodore Perry. Mo go tse 50 tse di santseng di le teng, ke tse pedi fela kana tse tharo tseo di mo tshwantshang jaaka mokgweetsi wa dikepe yo o tlwaelegileng wa U.S. Tse dingwe di mo tshwantsha jaaka sepoko se se nko telele kana jaaka dimo yo o setlhafetseng sefatlhego, jaaka go tshwantshitswe fano.

Lefa go ntse jalo, fa ba sena go bula melelwane ya bone, Bajapane ba ba bulegileng megopolo ba ne ba simolola go lemoga gore batswakwa e ne a se batho ba ba sa tlhabologang. Mo mangweng a maeto a ntlha a Bajapane go ya kwa United States, go ne ga nna jaaka ekete ke gone ba budulogang fa ba ne ba iponela tlhabologo ya Bophirima ka bobone. Basimegi ba maemo a a kwa godimo ba ne ba nnela go ngongoregela kafa Baamerika ba neng ba sena maitseo ka teng go ya ka pono ya Bajapane. Mme batho ba basha ba ne ba leba tlhabologo ka tsela e e lekalekaneng.

Mothusamosimegi mongwe wa maemo a a kwa godimo wa dingwaga tse 19 o ne a kwala jaana morago: “Bontsi jwa barongwa ba ba 70 ba Bajapane ba ba neng ba le mo loetong leno ba ne ba tenwa kana ba ila [Maamerika]. Lefa go ntse jalo, fa bangwe gareng ga rona ba ne ba bona kafa tota maemo a ntseng ka teng, ba ne ba lemoga gore ba ne ba le phoso mme ba ikwatlhaela go bo ba nnile le maikutlo ao. Go tsaya batswakwa jaaka dilo tse eseng tsa sepe jaaka dintsa kana dipitse le go ba tlhapatsa go ne go ba tiisetsa fela gore re batho ba ba senang kutlwelobotlhoko le ba ba sa siamang.” A o bulegile mogopolo mo o ka kgonang go leba megopolo a mesha ka boikutlo jwa go sa ganeleng dilo kgakala jaaka mothusi yo mmotlana yono a ne a dira?

Sekao sa Baberea

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Bajuda ba le bantsi ba ne ba ganela dithuto tsa Bokeresete kgakala kwantle ga lebaka. Ka ditsela tse dingwe, go ne go tshwana le go ganela dilo kgakala ga Bajapane ba ba neng ba itomolotse mo mafatsheng a mangwe. ‘Gongwe le gongwe Bokeresete bo a ganediwa,’ go ne ga khutsa jalo Bajuda ba Roma wa bogologolo. (Ditihō 28:22) Malebana le Bakeresete ba motse wa Thesalonia, Bajuda bangwe bao ba neng ba le ditshele ba ne ba goa ba re: “Batho ba, ba ba tshelepantsen lehatshe, le mono ba tsile.”—Ditihō 17:6.

Lefa go ntse jalo, go ne go na le batho ba ba neng ba ikemiseditse go tlhokomologa go ganela dilo kgakala ga bone. Ka sekai, baagi ba Berea ba ne ba arabela jang mo mafokong a a molemo ao a neng a rerwa ke moaposetoloi Paulo le molekane wa gagwe Silase? Mabapi le Baberea, mokwaledi wa Bibela Luke o ne a re: “Bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba ba kwa Thesalonika, ka ba amogetse lehoko ka pelo e e etleetsegilen, ba lotolotsa mo dikwalon ka malatsi aotlhe, ha di16 tse di nntse yalo.” (Ditihō 17:11) A o “tsalegile” jaaka Baberea?

Tswee-tswee akanyetsa kgang ya ga Masaji. Ka nako nngwe, o ne a ila Bokeresete fela thata. O ne a tshwana le baitomolodi bao ba neng ba ganana le go bulwa ga melelwane ya Japane. Fa mosadi wa gagwe, ebong Sachiko, a ne a simolola go ithuta Bibela, o ne a mo ganetsa fela thata. O bile a bo a akanya go bolaya balelapa la gagwe mme morago ga moo a bo a ipolaya. Ka baka la go lwa ga gagwe, balelapa la gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go tshabela kwa lelapeng la ga kgaitsadia Sachiko yo motona kwa bokone jwa Japane.

Kwa bokhutlong, Masaji o ne a dira phetso ya gore a bule mogopolo wa gagwe go sekae a bo a tlhatlhobise bodumedi jwa mosadi wa gagwe. Morago ga go bala dibuka dingwe tsa Bibela, o ne a bona fa go tlhokega gore a dire diphetogo dingwe. Jaaka a ntse a ithuta Dikwalo, boikutlo jwa gagwe jwa go lwa bo ne jwa fetoga go nna jo bo neng bo supa maungo a moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Masaji o ne a etsaetsega go ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka go bo a ne a tshaba gore Basupi gongwe ba ne ba ka ipusolosetsa mo go lwantshaneng ga gagwe le bone. Mme fa kgabagare a ne a etela kwa Holong ya Bogosi, o ne a amogelwa ka mo go itumedisang mo a neng a thunya ka selelo.

Ee, go fenya go ganela dilo kgakala le go tlhatlhobisa megopolo a mesha go ka atolosa kutlwisiso ya rona gape go ka nna ga re solegela molemo ka ditsela tse dingwe. Lefa go ntse jalo, a seo se raya gore re tshwanetse go amogela mogopolo mongwe le mongwe o mosha o o tlang?

Tlhopha!

Fa go itomolola ga Bajapane go sena go khutla, megopolo a mesha a ne ya tshelegela mo nageng eo. Mengwe ya eno a ne ya solegela Bajapane molemo, mme ba ka bo ba ne ba dirile botoka kwantle ga a mengwe. “Phapaanong le maikaelelo a ga Commodore Perry,” ga bolela jalo mogolwane wa masole a U.S. Douglas MacArthur fa a ne a amogela go ineela ga Japane morago ga Ntwa ya Lefatshe II, “Japane o ne a dirisa kitso ya Bophirima jaaka sedirisiwa sa go gatelela le bokgoba.” A itshwantshanya le bakaedi ba gagwe ba Bophirima, Japane o ne a tsaya tsela eo a neng ya mo gogela kwa dintweng tse dintsi. Tseno di ne tsa felela ka Ntwa ya Lefatshe II, eo kwa bokhutlong jwa yone dibomo tse pedi tsa atomiki di neng tsa latlhelwa mo Japane.

Re ka ithuta eng mo go seno? Gore re tshwanetse go tlhopha megopolo a mesha. Re tla bo re dira sentle fa re etsa Baberea ka go “lotolotsa mo dikwalon ka malatsi aotlhe, ha dilo tse [tse di neng di rutwa ke Paulo] di nntse yalo.” (Ditihō 17:11) Lefoko la Segerika leo le ranotsweng fano ka gore “lotolotsa” le raya “go tlhatlhobisa ka kelotlhoko le ka tlhomamo jaaka go dirwa mo tshekong.” (Word Pictures in the New Testament, ya ga A. T. Robertson) Go na le go amogela mogopolo mongwe le mongwe o mosha o o bewang pele ga rona ka boeleele, re tshwanetse go tlhatlhobisa ka kelotlhoko le ka tlhomamo, fela jaaka moatlhodi a dira fa a reeditse kgang.

Fa re le batho ba ba tlhophang, ga re kitla re heheutliwa ke feshene nngwe le nngwe e e fetang kana ke megopolo a mesha a tota e gobatsang. Ka motlhala, seo se neng se bidiwa boitsholo jo bosha jwa dingwaga tsa bo-1960 se ne se lebega a le mogopolo o mosha o o neng o ikuela go batho bangwe. Mme fa o ka bo o ne wa tlhatlhobisiwa ka kelotlhoko o ka bo o supegile fa a ne a le boitsholo jo bo sa siamang jo bogologolo jo bo gobatsang bo bidiwa ka leina le lesha. Gape, mo Jeremane wa bo-1920 eo a neng e na le mathata a itsholelo, kwantle ga pelaelo batho ba le bantsi ba ne ba tsaya fa bo-Nazi e ne a le mogopolo o mosha o o kgatlhisang, mme a bo o ne wa lere mahumapelo jang ne!

Ka mo go itumedisang, Modimo o baakanyeditse ka tekanyetso eo re ka a dirisang go tlhatlhobisa megopolo a mesha. Ke Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng eleng Bibela. Go dirisa melawana ya lone mo boitsholong jwa lelapa le mo dikamanong tsa botho go tla re thusa go tlhatlhobisa megopolo a mentsi a mesha eo a utlwiwang gompieno go tswa go baithutaloago, baithutatlhaloganyo ya motho, le ba bangwe ba ba iphakang fa a le bomankge mo dintlheng tseno. (Baefesia 5:21-6:4; Bakolosa 3:5-14) Kgakololo ya Bibela e e mabapi le kamano ya rona le Modimo le baagelani ba rona a re thusa kafa re ka tlhatlhobisang ka teng bontsi jwa megopolo a mesha eo a anamisiwang ka bodumedi. (Mareko 12:28-31) Kitso e e siameng ya Bibela a tla re thusa go lemoga fa mogopolo mongwe o mosha a le o o nang le mosola kana nnyaa. Ke gone he re tla kgonang go ‘tlhomamisa dilo tsotlhe mme re tshwarelele mo go se se molemo.’—1 Bathesalonia 5:21.

Basupi ba ga Jehofa ba etela baagelani ba bone go ba kgothaletsa go ithuta kaga Bibela mme ka gone ba kgone go atlhola megopolo e mesha sentle. Gape Basupi ba lemotsha megopolo ya Bibela eo a leng mesha go ba le bantsi. Gareng ga eno ke boammaaruri kaga dipaka tseo re tshelang mo go tsone le seo isagwe tota e se tsholetseng setho. (Mathaio 24:3-44; 2 Timotheo 3:1-5; Tshenolō 21:3, 4) Jalo o seka wa nna le boikutlo jwa go itomolola fa Basupi ba go etela kwa legaeng la gago. Go na le moo, ke ka ntlhayang o sa ba bulele kgoro ya gago mme wa reetsa seo ba se buang? O seka wa gana go amogela megopolo e e ka go solegelang molemo ka bosakhutleng.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Library of Congress photo LCUSC62-7258

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela