LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 1/15 ts. 3-4
  • Ke ka Ntlhayang fa o Tshwanetse go Amogela me olo a Meshes?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlhayang fa o Tshwanetse go Amogela me olo a Meshes?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke eng seo se Neng sa Gogela kwa go Itomololeng ga Japane?
  • Bokhutlo jwa go Itomolola
  • A o Amogela Megopolo e Mesha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A go Bereka ka Natla go Tlisetsa Boitumelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kafa Motsana wa go Tshwara Ditlhapi o Ileng wa Nna Toropokgolo ka Teng
    Tsogang!—2008
  • Japane e Newa Mpho E e Sa e Lebelelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 1/15 ts. 3-4

Ke ka Ntlhayang fa o Tshwanetse go Amogela me olo a Meshes?

JAAKA mouwane o o neng o mo sirile o ntse o apoga, moeteledipele wa setlhopha sa dikepe wa Moamerika ebong Matthew C. Perry o ne a bona Mount Fuji a le mo bonnong jwa sekepe sa gagwe se se neng se fofisa folaga, eleng Susquehanna. O ne a ntse a batla thata go bona Japane mme o ne labofelo a fitlhile kwa go yone ka July 8, 1853, morago ga go tsamaya ka sekepe lobaka lwa dikgwedi di le supa. Moeteledipele yono wa setlhopha sa dikepe o ne a tlhatlhobisitse pego nngwe le nngwe e e neng e le gone ka naga eo. Ka ntlhayang? Ka gonne o ne a solofela go amanya “lefatshe leno le le itomolotseng” le mafatshe a mangwe.

Le ne le itomolotse eleruri! Dingwaga di fetes 200 pelenyana, Japane o ne a kgaotse dikgolagano tsa papadisano le ngwao le dinaga tsotlhe tse dingwe kwantle ga China, Korea, le Holland. Go tswa foo morafe oo o ne wa itulela ba sena letsapa le le ba fisang pelo. Mo boemong joo, o ne o tshwana le batho ba bantsi bao ba gananang le megopolo a mesha ba bile ba gana go reetsa megopolo e e farologaneng le yes bone. Ka ditsela tse dingwe, seno se ka nna sa gomotsa, ka gonne megopolo a mesha a ka dira gore motho a nne a kokobetse, le eleng go mo tshosa. A mme boemo jwa go nna jalo ke jo bo botlhale? Ebu, akanyetsa diphelelo tsa maikemisetso a Japane a go itomolola.

Ke eng seo se Neng sa Gogela kwa go Itomololeng ga Japane?

Japane o ne a seka a itomolola kwantle ga lebaka. Ka 1549, morongwa mongwe wa moJesuit ebong Francis Xavier o ne a goroga mo Japane a tla go anamisa bodumedi jwa gagwe. Mo lobakeng to lokhutshwane, tumelo yes Roma Katoliki a ne yes anama thata mo lefatsheng leo. Babusi ba nako eo ba ne ba kile ba tsuologelwa ke ba bodumedi jwa lekoko la Babuda mme ba ne ba bona fa selo se se tshwanang se ka diragala ka Bakatoliki. Ka gone, Bokatoliki bo ne jwa thibelwa, lemororo thibelo eo a ne a sa gagamadiwa thata.

Ka go bo ba ne ba iphaka fa Japane a le “morafe wa bomodimo,” babusi bao ba ne ba sa ikaelela go letlelela bodumedi bope jwa “Bokeresete” go tshosetsa tsamaiso yes bone. Ke ka ntlhayang, he, fa ba ne ba sa gagamatse thibelo yes Bokatoliki? Ka gonne barongwa ba Katoliki ba ne ba tla ka dikepe tsa papadi tsa Mapotokisi, mme puso a ne a rata thata merokotso eo dikepe tseo di neng di e e leretse. Lefa go le jalo, go boifa gore Bakatoliki ba ne ba ka tlhotlheletsa Bajapane ka bonya go ne ga nna ga hupetsa keletso yes babusi bao yes papadi ka bonya. Ka jalo, ba ne ba ntsha melao e e neng a gagamatsa go laolwa ga papadisano le merafe a sele, mesepele, le “Bakeresete.”

Fa “Bakeresete” bao ba neng ba bogisiwa ba bile ba gatelelwa ba ne ba tsuologela mogolwane mongwe wa tsa tuelo wa lefelo leo, ba ne ba kgomile go sele. Ereka ba lephata la tsamaiso yes selegae yes puso yes ga Shogunate ba ne ba leba dikhuduego tseo jaaka phelelo e e tlhamaletseng yes dithuto tsa Bokatoliki, ba ne ba koba Mapotokisi ba bo ba thibela Bajapane go yes kwa mafatsheng a sele. Fa molao ono o sena go ntshiwa ka 1639, go itomolola ga Japane a ne yes nna selo sa mmatota.

Batho ba Bophirima ba le bosi bao ba neng ba letlelelwa go tswelela ba bapadisana le Japane e ne a le Ma-Dutch, bao ba neng ba agile ka go pitlagana mo Dejima, eo ka nako eo a neng a le setlhaketlhake se se botlana se se neng se le kwa boemeladikepeng jwa Nagasaki. Mo dingwageng tse 200, ngwao ya bophirima a ne ya tsena ka monokela mo Japane ka Dejima fela eo jaanong a buseditsweng beng ba yone. Ngwaga le ngwaga mokaedi wa lefelo la papadisano wa setlhaketlhake seo o ne a ntsha “Pego ya Ma-Dutch,” eo a neng a itsise puso kaga seo se neng se diragala mo mafatsheng a mangwe. Mme puso ya ga Shogunate a ne ya tlhomamisa gore go seka ga nna ope o sele yo o neng a ka bona dipego tseo. Jalo Majapane ba ne ba nna ba ntse ba itomolotse go fitlhelela Commodore Perry a kokota mo mojakong wa bone ka 1853.

Bokhutlo jwa go Itomolola

Fa dikepe tsa ga Perry tse dikgolo tse dintsho di ne di atamela fa Edo Bay, di ne di kgwa mosi, di tseanya batshwari ba ditlhapi ba lefelo leo bao ba neng ba akanya gore tseno a ne a le makgwamolelo a a tsamayang. Baagi ba Edo (eo jaanong e leng Tokyo) ba ne ba tshoga, mme bontsi jwa bone ba ne ba tshaba ba tshotse difenitshara tsa bone. Khuduga eno a ne a le kgolo mo puso e neng ya ba ya ntsha kitsiso ya kafa molaong ya go kokobetsa dipelo tsa batho bao.

Batho bao ba ba neng ba itomolotse ba ne ba seka ba akabadiwa ke dikepe tseo di neng di tsamaya ka metsi tseo di neng di eteletswe pele ke Commodore Perry mme gape le dimpho tseo a neng a di lere di ne tsa ba akabatsa. Ba ne ba gakgamadiwa ke melaetsa e e neng a tswa kagong a nngwe go ya go a nngwe. Narratiue of the Expedition of an American Squadron to the China Seas and Japan, eo a neng ya kwalwa e okametswe ke Perry, a bolela kafa basimegi ba Japane ba neng ba sa kgone go itshwara go tlolatlola mo tereneng ya kwa Lilliput eo “e neng a sa kake ya pega ngwana wa dingwaga tse thataro.” Le eleng “mosimegi yo o tlotlegang wa China” o ne a itshwarelela ka borulelo jwa yone “diaparo tsa gagwe di akgega mo phefong.”

Kgabagare Japane o ne a amana le mafatshe a mangwe ka botlalo ka loeto lwa bobedi lwa ga Perry mo ngwageng o o latelang. Ka go bo a ne e gateletswe, puso eo a ne ya bula melelwane ya naga ya yone. Batlhoafalela go itomolola bao ba neng ba batla gore Japane a nne a ntse a itomolotse ba ne ba simolola borukhutli, ba bolaya tona ya puso eo, ba bo ba tlhasela batswakwa. Baeteledipele bangwe ba baitomolodi bao ba ne ba hula dikepe tsa batswakwa. Lefa go ntse jalo, ditlhaselo tsa bone kgabagare di ne tsa kokobela, mme mmusimogolo o ne a tsaya puso mo go Tokugawa Shogunate.

Fa Perry a ne a simolola go amanya Japane le mafatshe a mangwe, merafe ya Bophirima a ne e setse a tseneletse mo Diphetogong tsa Ditlhabololo. Ka gonne Japane a ne a itomolotse, o ne a saletse kwa morago fela thata. Dinaga tse di tlhabologileng di ne tsa dirisa maatla a moya wa metsi, ka bo-1830, dienjene tse di dirisang moya wa metsi le metshine e e neng a dirisa maatla a moya wa metsi di ne di dirisiwa fela thata. Maikemisetso a Japane a go itomolola a ne a dirile gore a salele kwa morago fela thata mo ditlhabololong. Seno se ne sa lemogiwa fela thata ke lekoko la ntlha la Japane go etela kwa Yuropa. Kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe kwa Lontone ka 1862, Bajapane ba ne ba supa dilo tsa pampiri le tsa logong tseo eketeng di ne di “ka bewa mo marekisetsong a dilo tsa bogologolo,” go ya ka mongwe wa ba lekoko leo yo o neng a swabile.

Makoko a Bajapane a a neng a ya kwa Yuropa le kwa United States ba ne ba bona fa go tlhokafala thata go tlhabolola naga ya bone mme ba ne ba tlhoafalela go dirisa diphitlhelelo tsa segompieno le megopolo. Dingwaga di le masome a marataro le bone morago ga loeto lwa ntlha lwa ga Perry, leloko la bofelo le le santseng le tshela la lekoko la gagwe o ne a etela kwa Japane mme a re: “Ke gakgamaditswe fela thata ke kafa Japane a gatetseng pele ka teng mo dingwageng tse di fetang masome a marataro fela.”

Ka gone, maikemisetso a Japane a go itomolola a ne a kgoreletsa thata kgono ya gagwe ya go gola. Go amogela megopolo a mesha ga gagwe go ne ga itshupa fa go solegela morafe oo molemo ka ditsela di le dintsi. Lefa go ntse jalo, gompieno bangwe mo Japane ba tshwareletse mo “go itomololeng ka mogopolo” ga batho mme ba dira gore seno a nne bothata jo bo tlhokang go rarabololwa. Eleruri, go fenya tshekamelo ya go ganana le go amogela megopolo a mesha ke kgwetlho eseng fela go Bajapane ba segompieno mme le eleng go batho botlhe. Go tweng ka wena le kgang ya “go itomolola ka mogopolo”? A o tla solegelwa molemo ke go amogela megopolo e mesha, jaaka Japane a ne a dira bogologolo ka bo-1850?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela