Fa re Dira go Rata ga Modimo, ga a Kitla a re Latlha
Jaaka go boletse Grete Schmidt
KE TSHOLETSWE kwa Budapest, kwa Hungary ka 1915. Ntwa ya ntlha ya ee fa ne a ntse a Iowa, mme rre e ne a le mongwe wa masole a a tlhabanelang Austria le Hungary. Fa a sena go tlhokafala ngwaga moragonyana, Mme o ne a boela le nna kwa Yugoslavia, koo balosika lwa gagwe ba neng ba nna gone.
Ereka Mme a ne a se kile a nyalwa gape, o ne a tshwanelwa ke go ya go senka tiro, ka jalo ke ne ka nna le kgaitsadie wa mosadi go nkgodisa. Mmemogolo o ne a na le polasi e e ka nnang dikilometara di le tlhano go tswa mo motseng wa Maribor kwa bokone jwa Yugoslavia. Ke koo ke neng ka nna dingwaga di le dintsi ka boitumelo gone, ke ntse ke lebeletse pele ka metlha Sontaga fa Mme a tla go nketela a tswa kwa Maribor. Ka nako e e tshwanang, ke ne ka eletsa thata go nna le rre.
Kamano le Rre
Balosika lwa me a ne a le Bakatoliki, mme ereka legodimo le dihele a ne a le tsone tsa botlhokwa mo bodumeding jwa Katoliki, ke ne ka simolola go tshwenyega mo mogopolong. Ke ne ke sa ikutlwe ke siametse go ka ya legodimong, mme ke ne ke ikutlwa gore ga ke bosula go ka bogisiwa kwa diheleng. Ke ne ke tlotla bothata jono jwa me le mongwe le mongwe, go simolola ka mmemogolo go fitlha ka moruti wa mo motseng.
Mme Mme ke ene yo ke neng ke mo tshwenya thata. Ka jalo morago ga dikgwedi di sekae, o ne a ntlela bukana e e neng a kwadilwe ka se-Slovene, Baswi ba Kae?, eo a neng a e bone kwa toropong. Mme o ne a sa a bala, mme o ne a akanya gore a ka araba dipotso tsa me.
Mo botshelong jwa me ga ke ise ke ko ke bale buka epe fela kgapetsa kgapetsa jaaka bukana eo! Ga e a araba dipotso tsa me fela mabapi le botshelo le loso mme a Re ya mpontsha gore nka dira kamano e e atamalaneng le Rre wa me wa selegodimo jang. Ke ne ka otara dibuka tse tlhano ka maikaelelo a go di anamisa mo kerekeng.
Mo motseng wa rona basadi ke bone ba neng ba tsena mo kerekeng ka Sontaga, mme banna bone ba sala ka kwantle ga yone ba ipuela dikgang tsa bone kaga leruo le masimo. Ka jalo, a ne a re fa moruti a ntse a rerela basadi mo kerekeng, nna ke bo ke rerela banna kwantle. Ke ne ke le dingwaga di le 15 fela, mme go bonala ba ne ba kgatlhwa thata ke matlhagatlhaga a me a bosha, ka go bo ba ne ba duelela dibukana, mme ke ne ke dirisa meneelo ya bone go bona tse dingwe.
Go ise go a kae moruti o ne a utlwalela kaga tiro a ke neng ke a dira mme a tla go bua le mmemogolo. Mo Sontageng e e latelang, o ne a tlhagisa jaana a le kwa seraleng sa therelo: “Eleruri, ga go ope mo motseng ono wa rona yo o tla nnang lesilo go dumela dipolelwana tsa ngwana fela yo mmotlana.” Go ne ga felela ka gore mongwe le mongwe mo motseng a ntlhanogele. Le eleng mmemogolo o ne a tlhajwa ke ditlhong a bo a bolelela mme gore a ka se tlhole a kgona go nna le nna.
Ke ne ka ikutlwa ke latlhegile tota, ke ne ka rapela Jehofa, mme ka bona kgomotso le nonofo. Ke ne ka ya go nna le mme kwa Maribor, mme re ne ra itumelela go nna mmogo. Lefa a ne a sa kgatlhegele dilo tsa semoya jaaka nna, o ne a ntetla go ya dipokanong tsa phuthego e nnye ya koo. Ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo Modimong ka kolobetso ya metsi, ka August 15, 1931.
Se se neng sa nkutlwisa botlhoko thata, mme o ne a tshwarwa ke bolwetse ka tshoganetso fela mme dibeke di le mmalwa morago ga foo a tlhokafala. Mafoko a gagwe a bofelo a nna a ntse a le mogopolong wa me: “Gretel, ngwanaka, o tshwarelele mo tumelong ya gago. Ke tlhomamisegile gore ke boammaaruri.” Morago ga loso lwa gagwe, ke ne ka ikutlwa ke latlhegile gape, mme kamano ya me le Rraarona wa selegodimo Jehofa a ne ya ntshegetsa.
Banyalani bangwe ba ba neng ba sena bana ba ne ba ntsaya, mme ke ne ke dira jaaka moithuti mo madirelong a bone a go roka diaparo ao mosadi wa gagwe a neng a a okametse. Ke ne ke sa tlhoke sepe mo dilong tse di bonalang, mme pelo ya me a ne a eletsa go direla Modimo ka nako e e tletseng. Mo phuthegong ya rona a potlana mo Maribor, batho botlhe ba ne ba tlhatswegile pelo gore nako e e setseng ya tsamaiso eno a ne a le khutshwane thata. (1 Bakorintha 7:29) Ke ne ka kopa Jehofa mo sephiring ka thapelo go diegisa bokhutlo go fitlha ke bo ke wetsa dithuto tsa me. Ke ne ka fetsa ka June 15, 1933, mme mo letsatsing le le latelang, ke ne ka tswa mo gae go simolola go bulatselal Ka ntlha ya bosha jwa me—ke le dingwaga di le 17 fela—le eleng bakaulengwe bangwe ba ne ba leka go nthibela, mme ke ne ke ikemiseditse.
Malatsi a me a Ntlha a Bobulatsela
Kabelo ya me ya ntlha a ne a le kwa Zagreb, motse o o neng o na le baagi ba ka nna 200 000 gaufi le Maribor. Phuthego a ne a na le baboledi ba le barataro fela. Ke ne ka ithuta go le gontsi fa ke dira le Mokaulengwe Tucek, yo e neng a le mmulatsela wa ntlhantlha mo Yugoslavia. Moragonyana, ke ne ka bulatsela ke le nosi mo a ka nnang ka sebaka sa ngwaga. Lefa go ntse jalo, ka bonya ka bonya, babulatsela ba ba oketsegileng ba ne ba tla go tswa kwa Jeremane, ereka tiro ya go rera a ne a sa tswa go thibelwa ke puso ya Nazi koo.
Ke ne ka thusa banyalani ba le bantsinyana ba babulatsela ka go ba ranolela. Go dira le Bakeresete bano ba ba godileng a ne ya nna maitemogelo a a molemo thata mo go nna. Kitso ya me le go tlhaloganya ga me di ne tsa gola, mme go anaanela ga me tshiamelo eno ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi go ne ga tswelela pele go gola.
Fa nako a ntse a ya, re ne ra nna setlhopha se segolo sa babulatsela ba le 20 ba ba neng ba direla mo Dinageng tsa Balkan. Mokgele wa rona o o tshwanang wa go itsise Lefoko la Modimo o ne o re kopanya, mongwe le mongwe a iketleeleditse go thusa yo mongwe fa a tlhoka. Rotlhe re ne re tlhotlhelediwa ke go ithaopa goo go bonwang fela gareng ga batho ba Modimo. ‘Sebofo’ se se kgethegileng seno sa lorato, se ntse se le gone mo go bao ba santseng ba tshela gompieno ba setlhopha seo.—Bakolosa 3:14.
Botshelo jwa mmulatsela bo tletse maitemogelo mme a farologana fela jaaka maru mo loaping. Re ne ra nonotshiwa ke maitemogelo a go itse mafatshe le batho bao pele re neng re sa ba itse, go akareletsa le mekgwa le ditsela tsa bone tsa botshelo. Kwantle ga moo, re ne ra itemogela ka moo Jehofa a tlamelang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka gone, fela jaaka Paulo a re tlhomamisetsa jaana mo go Baefesia 3:20: “O [nonofile] go diha segolo thata bogolo go cotlhe tse re di lopafi le tse re di gopolafi, kaha nonohon e e dihafi mo go rona.”
Tlhokomelo ya ga Jehofa e e lorato a ne ya bonala fa Mokaulengwe Honegger a ne a re etetse go tswa Switzerland mme a tlhokomela gore re ne re tsamaya dikilometara di le 40 go fitlhelela metse e e kwantle le e e dikologileng Zagreb. O ne a lemoga gore re ne re rola ditlhako tsa rona re di sikara mo magetleng fela fa re tswa ka toropo gore di seka tsa fela disola. Jalo o ne a re rekela dibaesekele di le 12, lemororo, jaaka a ne a bua moragonyana, di ne tsa tsaya madi otlhe a a neng a na nao! Eleruri Jehofa o tlhotlheletsa dipelo tsa ba ba siameng. Dibaesekele tseno, jaaka mpho e e tswang kwa legodimong, di ne tsa nna ditsala tsa rona tse di ikanyegang mo dingwageng tse 25 tsa tirelo ya rona ya bobulatsela.
Ka nako nngwe, nna le Willi le Elisabeth Wilke re ne ra fitlha kwa motseng o mogolo wa Croatia, koo mongwe le mongwe a neng a dira a le nosi—go tswa kwa bofelong jwa motse go ya kwa bogareng jwa one. Re ne re aba bukana Righteous Ruler, eo a neng a tshwantshitswe Jesu Keresete mo tsebeng e e kafa ntle. Mo e ka nnang ngwaga fela pele ga foo, ka 1934, kgosi ya Yugoslavia, Alexander, a ne ya bolawa mme morwawe Peter o ne a tshwanetse go busa morago ga gagwe. Lefa go ntse jalo, batho ba motse ba ne ba batla boipuso go na le kgosi e e tswang kwa Serbia (mo borwa jwa Yugoslavia).
Morago ga dioura di sekae re ntse re rera, re ne ra utlwa modumo o mogolo kwa bogareng jwa motse. Koo, nna le Mokaulengwe Wilke re ne ra fitlhela Kgaitsadi Wilke a dikaganyeditswe ke setlhopha sa banna le basadi ba ka nna 20, bangwe ba tshotse disekele, bangwe ba tshuba dibukana tsa rona. Kgaitsadi Wilke o ne a sa kgone go bua puo ya bone sentle go tlosa pelaelo ya batho bano ba motse.
“Bomma le borra” ke ne ka tlhaeletsa, “lo dira eng?”
“Ga re batle Kgosi Peter!” ba ne ba araba ka lentswe le le lengwe fela.
“Le rona ga re mmatle,” ke ne ka araba.
Ba gakgametse, batho ba ne ba supa setshwantsho se se leng mo bukaneng mme ba botsa, “Jaanong ke ka ntlhayang fa to mmuelela jaana?” Ba ne ba akanya gore Jesu Keresete ke Kgosi Peter!
Go sa tlhaloganyeng goo go ne ga fedisiwa, mme go ne ga neelwa bosupi jo bo oketsegileng ka Kgosi Jesu Keresete. Bangwe ba ba neng ba tshubile dibukana tsa bone jaanong ba ne ba batla tse disha. Re ne ra tloga mo motseng oo re itumetse, re utlwa gore letsogo la ga Jehofa la tshireletso le ile la re babalela.
Moragonyana re ne ra ya go rera mo Bosnia, eleng karolo e e mo botennyeng jwa Yugoslavia. Koo, mo a ka nnang halofo ya baagi ke Bamoselema, mme re ne ra kopana gape le mekgwa le tumelabotlhodi a ntsi. Batho ba metsana eo, ba ne ba ise ba ko ba bone mosadi a palame baesekele, ka jalo kgorogo ya rona e ne ya tsosa modumo o montsi, a dira gore ba botse dipotso. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba anamisitse magatwe a gore mosadi fa a palame baesekele o tlisetsa motse bomadimabe. Morago ga foo re ne ra simolola go tlogela dibaesekele tsa rona kwa ntle ga moue mme ra tsena ka maoto.
Ereka dikgatiso tsa rona jaanong di ne di thibetswe, gantsi mapodisi a ne a re tshwara. Gantsi, re ne re kobiwa mo kgaolong eo. Mapodisi a mabedi a ne a tshwanetse go re disa go fitlha kwa molelwaneng, o o leng sekgala sa dikilometara di ka nna 50 go ya go 100. Ba ne ba gakgamala go bona re itse go palama dibaesekele re bile re kgona go tsamaya sentle fela le bone lefa re ne re tshotse diaparo le dibuka gammogo le setofo sa parafene. Bapati ba rona gantsi ba ne ba itumelela go tsena mo lebentleleng la dijo le le fa tseleng, mme gantsi ba ne ba re fa se se nowang kana le eleng dijo tsa bone. Re ne re ipelela dipaka tseno, ereka madinyana a re neng re na le one a ne a sa letle gore re ka ipelela dilo tsa go nna jalo. Legale, re ne re dirisa nako eno go ba bolelela ka tsholofelo ya rona, mme gantsi, ba ne ba amogela dikgatiso tseno tse di “thibetsweng.” Mme gantsi re ne re kgaogana re le ditsala.
Jaanong go ne ga tla ngwaga wa 1936. Re ne re rera mo Serbia fa re ne re utlwa dikgang tsa gore go na le kopano ya merafeyotlhe e e tla tshwarwang kwa Lucerne, kwa Switzerland, ka September. Go ne go tla nna le bese e e kgethegileng eo a neng a tla tloga kwa Maribor, moo a neng a le dikilometara tse di ka nnang 700 go tswa foo re neng re le teng—loeto to loleele ka baesekele! Lefa go le jalo, re ne ra simolola go kokoanya madi mme, moragonyana mo ngwageng oo, ra tsaya loeto loo.
Re ne re tla re kopa boradipolasi go re fa boroko mo matlwaneng ao ba beelang dijo tsa diruiwa tsa bone gone go na le go duela madi a mantsi mo bogorogelong jwa baeng. Mo mosong, re ne re kopa go reka mashi mo go bone, mme gantsi ba ne ba a re fa mahala ba bo ba re naya gape le dijo tsa mo mosong. Re ne re aga re bontshiwa bopelontle, mme seno a santse a le sengwe sa dilo tse di itumedisang tse re di gakologelwang mo bobulatseleng jwa rona.
Pele re tloga mo Maribor go leba Lucerne, go ne ga goroga babulatsela ba ba oketsegileng go tswa Jeremane. Mongwe wa bone a ne a le Alfred Schmidt, yoo a neng a setse a diretse mo Bethele ya kwa Magdeburg kwa Jeremane ka dingwaga di le robedi. Ke ne ka nna mohumagadi wa gagwe ngwaga morago ga foo.
Mo a ka nnang babulatsela botlhe mo Yugoslavia ba ne ba kgona go ya kopanong kwa Lucerne. E ne a le kopano ya me ya ntlha, mme ke ne ka kgothadiwa thata ke lorato le tlhokomelo tseo bakaulengwe ba rona ba kwa Switzerland ba neng ba di re bontsha, kwantle ga moo ke ne ke kgatlhwa gape ke motse wa Lucerne. Ke ne ke sa itse gore a tla re dingwaga di le 20 morago ga foo, ke tla bo ke bulatsela koo!
Go Direla Kafa Tlase ga Dithibelo
Fa re boela kwa Yugoslavia re tswa Switzerland a ntle, re ne ra akofa ra bogisiwa tota. Re ne ra tshwarwa mme ra tsenngwa mo kgolegelong a kgolo kwa Belgrade. Mokaulengwe yo a neng a tlhokometse tiro mo Yugoslavia o ne a kopa gore a re etele mme o ne a seka a dumelelwa go re etela. Lefa go ntse jalo, o ne a bua le modisakgolegelo ka lentswe le legolo moo re neng re kgona go mo utlwa, mme modumo wa lentswe la gagwe fela a ne a le kgothatso e kgolo mo go rona.
Morago ga malatsi a sekae, re ne ra tsewa re golegilwe matsogo ra isiwa kwa molelwaneng wa Hungary; dibuka tsa rona le madi a rona di ne tsa tsewa mo go rona. Ka jalo, re ne ra goroga kwa Budapest re sena lefa a le sente, mme re ne re tletse dinta tse di neng di kgomaretse mo go rona jaaka sesupo sa go tswa mo kgolegelong. Ka bonako fela re ne ra kopana le babulatsela ba bangwe mme ra kopanela le bone mo tirong ya go rera koo.
Ka Mmantaga mongwe le mongwe rona babulatsela botlhe ba Budapest re ne re kopana kwa botlhapelong jwa Se-Turkey, mme jaaka re tla bo re tlhapa mebele ya rona, bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgaogane ba ne ba ipelela go ‘gomotsana . . . mongwe ka tumelo ya yo mongwe.’ (Baroma 1:12) Go kopana ka metlha gono go ne go re thusa gore re lemoge fa yo mongwe a lwala kana a tshwerwe.
Re ne re ise re tlwaele tikologo ya rona thata, fa tetlelelo ya rona ya go nna mo Hungary a ne a fela fa morago ga dikgwedi di le thataro. Ka nako eo, nna le Alfred re ne re setse re nyalane. Jaanong re ne ra laelwa gore re batle tetlelelo ya go nna kwa Bulgaria. Banyalani ba babulatsela ba ba neng ba le koo ba ne ba kobilwe, mme dibukana tse di ka nnang dikete di le lesome tseo ba neng ba di otorile di ne di le gone kwa bogatisetsong jo bobotlana kwa Sofia. Dikgatiso tsa banyalani bano di ne di tshubilwe, ka jalo re ne re itse gore re ka solofela go tshwarwa jang.
Kgabagare re ne ra bona tetlelelo ya dikgwedi di le tharo ya go nna kwa Bulgaria. Re ne re feta ka Yugoslavia go le bosigo, mme mokaulengwe mongwe o ne a kopana le kwa re neng re dumalane ka gone a tshotse madi a go reka dibukana. Kwa bofelong, re ne ra fitlha sentle kwa Sofia mme ra bona kamorenyana nngwe e e siameng.
Sofia a ne a le motse wa segompieno wa batho ba ba ka nnang 300 000 mme go ne go sena Basupi koo. Letsatsi morago ga go goroga ga rona, re ne ra ya kwa bogatisetsong jwa dibuka. Mong o ne a setse a utlwile kaga go thibelwa ga dikgatiso tsa rona le go kobiwa ga banyalani ba ba neng ba otorile dibukana tseo, jalo fa a ne a utlwa gore re tlile go di reka, o ne a batla a re atla. Re ne ra tsaya dibukana tseo ra di tsenya mo dikgetsaneng tse di senang sepe mme ra tsamaya re feta mapodisi a mantsi, bao, ke itumelelang go bua ke re ba ne ba sa kgone le go utlwa dipelo tsa rona tse di neng di beletsa ka pele!
Bothata jwa rona jo bo latelang a ne a le gore re tla baya dibukana tseno kae le gore re tla tsamaisa jang dibukana tse dintsintsi jaana mo lobakeng lwa dikgwedi di le tharo fela. Eleruri ke ne ke boifa one mokoa oo fela wa dibukana! Ke ne ke ise ke ko ke di bone di le dintsi jalo. Mme Jehofa a ne a le Mothusi wa rona. Re ne ra atlega tota, re tsamaisa dibukana di ka nna 140 ka letsatsi, mme mo nakong ya dibeke di sekae, Mokaulengwe le Kgaitsadi Wilke ba ne ba goroga go tla go re thusa.
Lefa go ntse jalo, letsatsi lengwe, dilo di ne tsa batla go seka di tsamaya sentle. Ke ne ke rera mo lefelong la kgwebo koo mo lebating lengwe le lengwe go neng go le lematsana la tshipi le le nang le leina la Ngaka Semangmang. Morago ga mo a ka nnang dioura di le pedi, ke ne ka kopana le monna mongwe yo o godileng yo o neng a ntlhotlhomisa ka go mpelaela. O ne a mpotsa gore a ke itse fa ke leng gone.
“Ga ke itse sentle gore kago a ke leng mo go yone eno ke ya mofuta mang, mme ke lemogile gore boramolao bangwe botlhe ba ba molemo ba kopantse diofisi tsa bone fano,” ke ne ka araba jalo.
“O mo dikagong tsa Lefapha la tsa Selegae,” a araba.
Lefa ke ne ka bath go kgaoga pelo, ke ne ka mo araba jaana ka bonolo: “Ebu, ke sone se banna botlhe bano ba neng ba le botsalano jaana mo go nna!” Karabo eno a ile ya mo nolofatsa, mme o ne a nnaya paseporoto ya me morago ga go a tlhatlhoba ka kelotlhoko. Ke ne ka tloga foo ke wetse dibete, ke lebogela Jehofa go bo a ntshireleditse.
Kwa bofelong, dibukana tsotlhe di ne di tsamaisitswe, mme letsatsi la go tlogela “lefatshe la ditshese” eleng Bulgaria le ne la fitlha. Go ne go se motlhofo go kgaogana le batho ba ba botsalano bao, mme re ne ra nna ra ba gakologelwa ka metlha yotlhe.
Ereka re ne re na le dipaseporoto tsa Jeremane, re ne ra kgona go boela kwa Yugoslavia, mme re ne ra letlelelwa go nna gone ka lobaka to lonnye fela. Morago ga foo, a le gore re seka ra tshwarwa, re ne re tshwanela go robala mo lefelong le le farologaneng bosigo bongwe le bongwe. Re ne ra tshela ka tsela eno mo a ka nnang ka dikgwedi di le thataro. Morago ga foo, mo karolong ya bofelo ya 1938, re ne ra amogela lokwalo go tswa kwa ofising ya Mokgatlho kwa Bern, kwa Switzerland, loo to neng to re laela go leka go tla kwa Switzerland. Masole a Ba-Nazi a ne a setse a fitlhile kwa Austria, mme kgatelelo ya sepolotiki a ne e gola koo. Totatota, puso ya Yugoslavia a ne e setse a neetse Ba-Nazi babulatsela bangwe ba Majeremane.
Ka jalo nna le monna wa me re ne ra ya kwa Switzerland re kgaogane, Alfred o ne a feta ka Italy mme nna ka tsamaya ka Austria. Re ne ra itumela fa re ne re kopana mme ra fiwa tiro ya go direla mo polasing ya Mokgatlho, Chanelaz, mme morago mo Bethele mo Bern. Jono a ne a le boitemogelo jo bosha mo go nna gotlhelele. Ke ne ke tshwanela go ithuta go tlhokomela ntlo jaaka Ba-Swiss mme ke ne ke anaanela phuthego ya ga Jehofa go gaisa pele.
Maatla a ga Jehofa a a Tshegetsang
Morago ga go direla mo Bethele ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone, nna le Alfred ra boela gape go tsenela tiro ya bobulatsela ka 1952, eleng tiro e e neng a betlile botshelo jwa rona. Ga re ise re ko re nne le bana ba a leng ba rona, mme fa dingwaga di ntse di tsamaya, re ne re amogela ditebogo tse di lorato go tswa go bana ba rona ba semoya. Ka sekai, re ne ra amogela lokwalonyana lono to to latelang, ka February 1975:
“Ke gopola letsatsi lengwe fa monna mongwe yo o tlhogopududu yo o botlhale a etetse mogakolodi wa Evangelical Church yo o tlhogoethata mme a re o ka mo direla thuto ya Bibela. Re sa batle a bile re ipatelela fela, nna le lelapa la me re ne ra dumela mme ra tlhatlhoba ntlha nngwe le nngwe jaaka Baberea, go fitlha re bo re dumela gore o re tliseditse boammaaruri. . . . Abo Jehofa Modimo a le Rre yo o lorato jang ne! A tlotlo le kgalalelo le tebogo di isiwe kwa go ene ka go bo a le pelotlhomogi le lorato. Mme re rata go le leboga le Iona, Alfred le Gretel ba ba rategang, go tswa mo botennye jwa dipelo tsa rona ka bopelotelele le matsapa tse to di re bontshitseng. A Jehofa a to segofatse fela thata. Re solofela gore le rona o tla re naya maatla a go tswelelapele.”
Monna wa me ebong Alfred o ne a tlhokafala ka tshoganetso ka November 1975 morago ga go tshwarwa ke pelo. Re ne re setse re diretse Jehofa ka dingwaga di le 38 re le mmogo, re itshoketse mathata a bobulatsela. Seno se ne se dirile kamano ya rona go nna e e atamalaneng thata. Lefa go ntse jalo, fa a sena go tlhokafala maikutlo ale a go ikutlwa ke latlhegile a ne a ntlela gape. Mme ka go bona botshabelo mo go Jehofa, ke ne ka gomotsega gape.
Kamano ya me le Rraarona wa legodimo e He ya ntshegetsa mo dingwageng tse di fetang 53 tsa tirelo ya gagwe ya nako e e tletseng. Mme maikutlo a me a tshwana fela le ano a ga Jesu Keresete: “Ga ke nosi, ka ke na le Rara.”—Yohane 16:32.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Alfred le Frieda Tucek ba bulatsela mo Yugoslavia ba tshwere thoto yotlhe ya bone, ka 1937
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Alfred le Grete Schmidt ba bulatsela mo Mostar, karolo ya Bamoselema ya Yugoslavia, ka 1938