‘Ke ne ka Fofa ka Diphuka Jaaka Bontsu’
Jaaka go boletse Ingeborg Berg
KE NE ka tsholwa ka June 5, 1889, dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, gaufi le Fredensborg Castle, kafa bokone jwa Copenhagen. Fa lelapa la segosi la Denmark le ne le na le baeng, go akareletsa dikgosi le babusi ba dinaga tsa Yuropa, basadi ba magae a maemo a a kwa godimo ba Fredensborg ba ne ba lalediwa go tla go thusa ka dijo le go fepa batho. Ke ne ke tlhola ke ya koo mme ke letlwa go tshameka le go siana mo kagong eo ya phemelo fa ke ne ke santse ke le mosetsanyana.
Ke santse ke gakologelwa sentle Czar Nicholas II wa Russia le lelapa la gagwe. Kafa ntle ga kamore ya gagwe ya borobalo go ne go eme modisa wa gagwe wa lesole la Mo-Russia le tshotse lerumo. Masole a Ba-Russia a ne a rata bana, mme mongwe wa bone ka nako nngwe o ne a re o leka go nkampa. Ka a ne a ntshositse, segolo bogolo ka ditedu tsa gagwe tse dikgolo, ke ne ka tshaba ka mekgwatlha e meleele ya ntlo eno ya phemelo.
Ka nako nngwe, Czar Nicholas II, Mmusimogolo wa Jeremane Wilhelm II, le morwa wa ga Queen Victoria, yoo moragonyana a neng a nna King Edward VII wa Ennyelane, ba ne ba etetse kgosi ya Denmark Christian IX. Fa ba ntse ba tsamaya mo mebileng ya Fredensborg ba bua ka bopelonomi fela le batho, Czar Nicholas o ne a ntshwara mo tlhogong fa ke ne ke ikoba ka go mo tlotla. Go ne go le kagiso ka nako eo mme, baeteledipele ba merafe ba ne ba sa boife jaaka gompieno.
Kagiso e ne ya Tsewa
Ke ne ka simolola go dira jaaka mooki kwa South Jutland ka 1912, ke direla batho ba Denmark ba ba neng ba le kafa letlhakoreng la molelwane la Jeremane. South Jutland e ne e le kafa tlase ga puso ya Bajeremane fa esale ka ntwa ya 1864 e e neng e le fa gare ga Denmark le Prussia. Ke ne ke thusa bommè ba ba sa tswang go tshola bana mme ke ne ka tlwaelana thata le malapa a mantsi a batho ba babotlana.
Ke ne ka nyalana le modisa mongwe wa kwa molelwaneng ka 1914 mme ka tla go nna kafa letlhakoreng le le kafa Denmark la molelwane. Ntwa e ne ya tlhagoga go ise go e kae morago ga foo. Moragonyana e ne ya bidiwa Ntwa e Kgolo mme kgabagare ya bidiwa Ntwa ya Lefatshe I. Mo mosong mongwe go ne ga tsenngwa terata e e tlhabang go bapa le molelwane eo e neng e thibela go o tshela ka kgololesego. Kagiso le polokesego tseo re neng re kile ra nna le tsone di ne di ile.
Bosetlhogo le boeleele jwa go tsenelela mo ntweng di ne tsa re ikatametsa fela thata fa re ne re utlwa gore borre ba babotlana ba malapa otlhe a nkileng ka a etela ba ne ba bilediwa bosoleng. Mme botlhe kwantle ga a le mongwe ba ne ba swela kwa Western Front kwa Marne! Go ne go utlwisa botlhoko go akanya ka batlholagadi ba babotlana, bao ba neng ba latlhegetswe ke banna ba bone le bana ba bannye ba ba neng ba sena borraabo. Basadi ba babotlana bano ba ne ba tla tlhokomela ditshimo tsa bone jang? “Modimo o kae?” ke ne ka botsa jalo.
Ka nako ya ntwa, gantsi maemo kwa molelwaneng a ne a utlwisa botlhoko jaaka batshabi ba ne ba leka go tshela. Ke ne ka abelwa go phuruphutsha basadi bao ba neng ba belaelwa bogodu. Gantsi ba ne ba tshotse dijo, mme ke ne ke ba itlhokomolosa fela ke ba lesa ba tsamaya. Ntwa e ne ya fela ka 1918, mme South Jutland e ne ya tshwaraganngwa le Denmark ka 1920.
Go Dumela mo Modimong
Lefa tumelo ya me mo Modimong e ne e koafetse ka ntlha ya go tlhokega ga tshiamo gotlhe go ke neng ke go bona, ke ne ke ntse ke batla go itse gore tota botshelo bo kaya eng. Gantsi, nna le monna wa me Alfred, re ne re tle re ye kwa kerekeng, mme dipotso tsa rona di ne di sa arabiwe.
Re ne ra fudugela kwa motsaneng mongwe wa batshwari ba ditlhapi ka 1923, kwa Flensburg Fjord, mme Alfred o ne a simolola go dira jaaka motshwari wa ditlhapi. Go ise go e kae, re ne ra tlwaelana le lelapa lengwe la Basabata. Lefa re ne re le Balutere, tsatsi lengwe re ne ra dumela fa ba ne ba re laleletsa puo ya Bibela kwa Ferry Inn kwa Egernsund. Pele re ya koo, ke ne ka khubama ka mangole ka rapela jaana: “Fa go na le Modimo, tsweetswee reetsa thapelo ya me!”
Puo eo e ne e le kaga mosadi mongwe kwa sedibeng sa Sikara, mme e ne ya ntira gore ke eletse go bala Bibela. Ga felela ka gore ke fetoge motho yo mosha jaaka go ne go ka bolelwa! Ke ne ka kwalela mmè jaana: “O ne o tlhola o mpolelela gore ke sokologele mo Modimong, ke akanya gore seo se diragetse jaanong; ke ne ke ntse ke boifa go go bolelela ke tshaba gore boitumelo joo ke bo itemogelang jaanong bo tla nyelela. Mme bo santse bo le gone!”
Nakonyana morago ga foo, ka 1927, ke ne ka bona bukana nngwe ya setlhogo se se reng Freedom for the Peoples mo kamoreng ya rona e e kwa godimo. E ne ya goga tlhokomelo ya me, mme ke ne ka simolola go e bala ka bo ka lebala gore ke fa kae le gore nako ke mang. Ke ne ka tlogela go e bala fela fa bana ba ne ba goroga mo gae ba tswa sekolong, mme ba batla dijo.
Fa Alfred a tla gae maitseboa ao, ke ne ka mmolelela seo ke neng ke se badile ka matlhagatlhaga. Ke ne ka mo raya ka re fa e le gore seo bukana eno e neng e se bolela e ne e le boammaaruri, he go raya gore kereke ga se ntlo ya Modimo, mme re tshwanetse go tswa mo go yone mme re e tlogele ka yone nako eo. Alfred o ne a akanya gore ke dira seno ka bonako, mme o ne a bo a bua jalo. Re ne ra dumalana go kwalela ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Copenhagen lokwalo mme re kope dibuka tse di oketsegileng.
Fa ba araba kopo ya rona, ba ne ba romela molebedi yo o etang Christian Rømer, go tla go re etela. Re ne ra mo naya boroko mo kamoreng ya bana mme ra baya malao a bana kwa kamoreng e e kwa godimo. Mo mosong le mo thapameng, Mokaulengwe Rømer o ne a tswa a ya go rera ka ntlo le ntlo, mme o ne a ithuta le rona mo maitseboeng mangwe le mangwe. O ne a nna le rona malatsi a le manè mme re ne ra itumelela nako eo. Fa a tsamaya, ke ne ka kopa Alfred gape gore re tswe mo kerekeng. Ka nako eno o ne a dumela ka matlhagatlhaga.
Ka jalo Alfred o ne a ya kwa moruting ka makwalo a rona a go tswa mo kerekeng. Moruti o ne a akanya gore Alfred o ne a tlile ka go bo go ne go na le lesea le lengwe gape le le tshwanetseng go kolobediwa. Lefa go ntse jalo, fa a tla go itse lebaka la go bo Alfred a tlile kwa go ene, o ne a sa dumele. “Ke eng se se phoso ka kereke?” o ne a batla go itse. Alfred o ne a umaka dithuto tsa Tharonngwe, go sa sweng ga moya, le go bogisiwa ka bosakhutleng. “Bibela ga e rute dilo tseno,” Alfred o ne a rialo. Fa moruti a bua ka go kgobega marapo gore ga a kitla le ka motlha a tlhola a bua ka dilo tseno mo bathong ba ba kgonang go ikakanyetsa, Alfred o ne a bua a gagametse a re: “Re batla go tswa mo kerekeng!”
Go Tshwarwa ka Tshoganetso le Kolobetso
Go ne go tla nna le kopano mo Copenhagen, mme re ne re sena madi ka gone re ka seka ra kgona go duelela loeto. Ke ne ka rapela Jehofa gore a re supetse gore re ka ya jang koo, ereka re ne re batla go kolobediwa. Pele fela ga kopano, Alfred o ne a tswa ka seketswana sa gagwe go ya go tshwara ditlhapi. O ne a tshwara tse dintsi mo eleng gore mokoro o ne wa tlala, mme re ne ra kgona go duelela loeto lwa rona. Batshwari ba ditlhapi ba mo lefelong leo ba ne ba gakgametse, ereka go ne ga seka ga tshwarwa ditlhapi tse dintsi mo ngwageng oo. Ebile tota le eleng morago ga dingwaga tse di fetang 50 batshwari bao ba ditlhapi ba ne ba santse ba bua ka “kgakgamatso eo.” Re ne ra di bitsa ditlhapi tsa ga Petere. Ka jalo re ne ra kolobediwa ka August 28, 1928.
Kolobetso ya rona e ne e farologane le kolobetso ya gompieno. Lekadibana la kolobetso le ne le le kafa morago ga garetene. Fa garetene e bulega go ne ga tlhaga Mokaulengwe Christian Jensen, yo a neng a setse a ipaakantse sentle go ka kolobetsa. O ne a apere jase e e mogatla, a eme fa gare ga lekadibana la metsi a mo fitlha fa lothekeng. Rona bakolobediwa re ne re apere diaparo tse ditelele tse ditshweu. Go ne go kolobediwa banna pele mme morago basadi.
Mo kopanong ya kwa Copenhagen, re ne re nna le batsadi ba me. Fa re ne re goroga kwa gae maitseboa ao, rre o ne a botsa gore re ne re ile kae.
“Re ne re ile kwa pokanong,” ke ne ka bua jalo.
“Go ne go dirwa eng koo?”
“Re ne ra kolobediwa,” ke ne ka araba jalo.
“Lo ne lwa kolobediwa?” o ne a bua jalo ka bogale. “A kolobetso e o e amogetseng fa o santse o le ngwana e ne e sa lekana?”
“Nnyaa, rra,” ke ne ka araba jalo. O ne a nkitla ka lebole mo tsebeng, a goela kwa godimo a re: “Ke tla go kolobetsa ka bonna!”
Ke ne ke le dingwaga di le 39, ke le mmaagwe bana ba batlhano fa rre a nkitla labofelo mo tsebeng, lemororo tota e ne e le motho yo o molemo ebile a le pelonomi. Ka lesego, Alfred o ne a ise a tle gae, mme ke ne ka mmolelela tiragalo eo dingwaga di le dintsi morago ga foo.
Nako ya go Fefera
Fa re fitlha kwa gae, ke ne ka etela mongwe yoo ke neng ke mo leba jaaka kgaitsadi mme ka mmolelela ka botlhaga ka kopano le ka go kolobediwa ga rona. O ne a didimala fela mme a re: “Ao, ke go tlhomogela pelo Kgaitsadi Berg. O seka wa tlhola o dumela seo. Letsatsi lengwe mokaulengwe yo o tswang kwa Flensburg o tla tla, mme o tla re tlhalosetsa boammaaruri.”
Ke ne ka tswalega molomo. Ke ne ke sa kgone le go pagama baesekele go ya gae. Go ne go lela tshipi ya kereke fa gaufi, mme modumo mongwe le mongwe wa yone e ne ekete ke utlwa o re “loso, loso” mo ditsebeng tsa me. Mo teng ga me ke ne ke goela kwa go Jehofa gore a nthuse, mme ke ne ka gakologelwa mafoko ano a Pesalema 32:8, 9: “Ke tla gu laea ke gu ruta tsela e u tla tsamaeañ ka eōna; ke tla gu gakolola leitlhō ya me le nntse le le mo go wèna. Se nneñ yaka pitse, leha e le yaka mule, tse di senañ tlhaloganyō: tse go apara ga cōna e chwanetseñ go nna tshipi le dikgōlè go di thiba, ka di ka tla tsa gana go gu atamèla.”
Fa ke fitlha kwa gae, ke ne ka tsaya Bibela ya me mme ka bala Thapelo ya Morena. Ke ne ka tlhomamisega gape. Ke ne ka gakologelwa setshwantsho sa perela e e tlhwatlhwakgolo. (Mathaio 13:45, 46) Bogosi bo ne bo tshwana le perela eo. Ke ne ke batla go ntsha sotlhe se ke nang le sone gore ke bone Bogosi. Dikakanyo tseno di ne tsa nkgomotsa. Mme go ne go na le masego a mangwe gape.
Ka 1930 makasine wa The Golden Age (o jaanong eleng Tsogang!) o ne wa simolola go gatisiwa ka Se-Denmark ka leina The New World. Mo ngwageng o o latelang, rona Baithuti ba Bibela re ne ra itumelela go amogela leina Basupi ba ga Jehofa. Re ne re sekae fela mo lefelong la rona ka nako eo, mme nako le nako dipokano di ne di tshwarelwa mo legaeng la rona. Ereka leina la mmila o re neng re nna mo go one o ne o bidiwa The Staircase, re ne ra bidiwa Phuthego ya Staircase.
Go Itshokela Diteko tse Dingwe Gape
Ke ne ka dirwa karo e kgolo ka 1934 mme ka felela ke sule mofama. Ke ne ka lala mo diphateng dingwaga tse pedi le sephatlo, mme dingaka di ne di bonela pele gore ke ne ke tla dirisa setulo sa maotwana botshelo jwa me jotlhe. E ne e le nako e e bokete thata mo go nna, mme lelapa la me le ne la nthusa tota.
Alfred o ne a nthekela Bibela e e kwadilweng ka ditlhaka tse ditona, mme morwaarona yo mmotlana o ne a ntirela setlhomo gore ke kgone go e bala ke le mo bolaong. Mme gape ke ne ke batla go rera, ka jalo Alfred o ne a baya borotonyana fa tseleng eo e neng e itsise ka dimakasine tsa rona tse disha. Ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba tsena go tla go mpona, mme ke ne ke bua le bone. Borotonyana eno e ne ya dira gore batho ba mo kgaolong ya rona ba bitse lelapa la rona Lefatshe le Lesha.
Balebedi ba ba etang ba ne ba nketela. Ka jalo ke ne ka tlwaelana le banna bano ba ba godileng le ba ba nang le boitemogelo, mme ba ne ba nkgothatsa tota. Gape, ke ne ke senya nako ke ithuta Bibela mme kitso ya yone e ne ya ntshegetsa. Ke ne ke ikutlwa ekete ke ‘fofa ka diphuka jaaka ntsu.’—Isaia 40:31.
Ka 1935, fa go ne go phepafala gore “boidiidi yo bogolo” ke bomang, bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefelong la rona go akareletsa le morwaarona yo mogolo le morwadiarona ba ne ba tlogela go ja le go nwa kwa Segopotsong. Lefa go ntse jalo, ba sekae ba rona ga re ise re ko re belaele pitso ya rona ya selegodimo. Lefa go le jalo, re ne re itumelela gape go tlhaloganya boikaelelo jo bogolo jwa Modimo ka boidiidi jo bogolo le tuelo ya bone ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Tshenolō 7:9; Pesalema 37:29.
Boitekanelo jwa me bo ne jwa tokafala ka bonya ka bonya, go farologana le seo dingaka di neng di se boletse, mme ke ne ka kgona go nna le seabe se se tletseng gape mo tirong ya go rera le go ruta.
Ntwa ya Lefatshe II le Morago ga Yone
Re ne re kgona go bona Jeremane ka kwa moseja ga naganyana e e neng e tseneletse mo lewatleng, mme re ne re simolola go utlwa tlhotlheletso ya Bo-Nazi. Bangwe ba baagelani ba rona ba ile ba nna Ba-Nazi, mme ba ne ba re tshosa jaana: “Emang fela Hitler a tle. Mme lo tla felela kwa dikampeng tsa pogisetso kana lo latlhelwa mo setlhaketlhakeng se se omeletseng!”
Re ne ra akanya gore go botoka gore re fuduge, mme batho bangwe ba ba botsalano ba ne ba re thusa go bona ntlwana kwa Sønderborg, toropo e kgolwane gaufinyana le foo. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola ka September 1939; re ne ra fuduga ka March 1940; mme masole a Jeremane a ne a tla mo Denmark ka April 9. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore Bajeremane ga ba a ka ba tlhorontsha Basupi ba ga Jehofa ka gope mo Denmark.
Fa toro ya ga Hitler ya go fenya e ne e nyelela, ke ne ke na le dithuto tsa Bibela le Bajeremane ba bantsi ba ba neng ba nna kwa Sønderborg. Abo go ne go ipedisa jang ne go bona bontsi jwa baithuti bano ba Bibela ba neela Jehofa matshelo a bone mme le bontsi jwa bana ba me le bana ba bone ba tlhagafetse mo tirong ya go rera ya Bokeresete.
Monna wa me o ne a tlhokafala ka 1962, mme setlogolwana sa me ka 1981, le morwadiake yo mogolo ka 1984. Go nna ke le tlhaga mo tirelong ya ga Jehofa go ne ga nthusa mo dinakong tseno tsa kutlobotlhoko.
Go ile ga itumedisa tota go bona go tswelela pele ga tiro ya Bogosi mo Denmark go tloga fa ke simolola ka 1928. Ka nako eo re ne re na le baboledi ba ka nna 300, mme jaanong go na le ba ba fetang 16 000! Ke leboga go bo ke santse ke le tlhaga mo tirelong lefa ke le dingwaga di le lekgolo. Eleruri ke ile ka itemogela go diragadiwa ga mafoko ano a a mo go Isaia 40:31: “Ba ba lebèlèlañ mo go Yehofa ba tla shahatsa thata ea bōnè; ba tla tlhatloga ka diphuka yaka boncwi ba ba tona; ba tla siana, ba sa lape; ba tla tsamaea ka dinaō, ba sa idibale.”