Jehofa o ile a nna Botshabelo jwa me le Kago ya me ya Phemelo
Jaaka go boletse Margaret West
AO KO o akanye o nna mo kagong ya phemelo koo Kgosigadi Anna Sophie wa Denmark a neng a rwesiwa serwalo sa bogosi gone ka ngwaga wa 1721. Bonno jono joo lelapa leno la segosi la Ba-Denmark le neng le nna mo go lone selemo, le le neng le le fa gare ga diphaka tse dintle, a ne e le koo ke goletseng gone. Dikamore tse dintlentle, matantabelo a a fitlhang kwa godimo, disiling tse di pentilweng ke ditswerere tsa bogologolo tsa Mafora, ka nako eo di ne di lebega a le dilo tsa ditoro fela.
Sekgala se sennye fela go tswa fa kagong eno ya phemelo go ne go na le kago a nngwe, eo a neng a le potlana fela thata, mme dingwaga tse 30 tseo ke neng ka di nna mo kagong eno di ne tsa humisa botshelo jwa me go gaisa. E ne a le Bethele ya Denmark, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya mo Denmark.
Mme mma ke go bolelele pele gore go tlile jang gore ke tle go nna mo Frederiksberg Castle mo Copenhagen. Rre, yo o neng a le kolonele wa masole a Denmark, o ne a okametse sekolo sa masole seo ntlokgolo ya sone a neng a le mo kagong eno ya phemelo. Maemo ano a ne a mo kgonisa go nna le balelapa la gagwe mo mafelong ano a a kgethegileng. Mo mosetsanyaneng yo monnye, botshelo jono a ne ekete jwa ditoro, ka a ne a sireleditswe mo matswenyegong mo teng ga kago a ntle eno. Ke ne ka akanya gore malatsi ano a a itumedisang, a a kgatlhisang a bonyana jwa me, ga a kitla a fela. Mme keletso eno a ne ya felela mo tseleng ka letsatsi lengwe leo ke se kitlang ke le lebala ka 1921.
Bana botlhe ba ne ba bilediwa mo kamoreng ya ga rre ya borobalo. Ke ne ke kgona go mmona a robetse foo, a setlhafetse fela thata, matsogo a gagwe oomabedi a beilwe mo godimo ga shiti. Mme o ne a re kampa. Ngaka ya rona, eo le yone a neng a le fa thoko ga bolao, a ne a lebega a hutsafetse thata. Mme o ne a bua jaana ka lentswe le le kwa tlase: “Rraalona o tlhokafetse.” Kakanyo ya me ya ntlha a ne ya nna go re: ‘Go ka seka ga nna jalo! Ga a ise a ko a lwale.’ E ne a le boite--nogelo jo bo utlwisang botlhoko thata mo ngwaneng wa dingwaga tse di lesome. Ke ne ke sa lemoge lefa a le go le gonnye fela gore loso lono lwa tshoganyctso to ne to tla ntira gore ke tlhaloganye boikaelelo jwa botshelo.
Loso lwa ga rre to ne lwa thsa phetogo e kgolo mo matshelong a rona. Kago eno ya phemelo a ne a le bonno jwa babereki, jalo Mme o ne a tshwanela go senka lefelo le lengwe leo re neng re ka nna mo go lone. E ne a le nako e e bokete tota, mme go re thusa go lebala tiragalo e e botlhoko eno, o ne a dira sengwe se se neng sa gakgamatsa balosika le ditsala. O ne a re ntsha rotlhe mo sekolong, mme re ne ra tsaya loeto lwa ngwaga re etela Yuropa yotlhe.
Go Batlisisa go a Duelwa
Lefa go ntse jalo, fa re boela kwa gae kwa Denmark, loso lwa ga Rre to ne to santse to le mo dikakanyong tsa rona, mme Mme o ne a tlhola a ipotsa nako le nako, go re, Ke ka ntlhayang? Ke ka ntlhayang? Ke ka ntlhayang? O ne a simolola go batlisisa mo matlhaleng a Botlhaba, go bona karabo mme seno sa seka sa utlwala mo mogopolong wa gagwe. Morago o ne a swetsa ka gore a lebe mo Bibeleng, a akanya a ka nna le dikarabo dingwe. Fa a re o tsaya Bibela go tswa mo rakeng ya dibuka, o ne a bona buka nngwe a khibidu fa thoko ga yone, buka e a neng a ise a ko a e bone. E ne a bidiwa The Divine Plan of the Ages. Kgaitsadiake o ne a sa tswa go a reka mo Moithuting mongwe wa Bibela yo a neng a re etetse.
Mme o ne a simolola go bala buka eno mme go ise go a kae o ne a tlhatswega pelo gore o ne a bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe. Ka nako eno, ke ne ke tsena sekolo kwa Fora, mme fa ke boela gae ka malatsi a boikhutso dikgwedi di sekae moragonyana ga foo, Mme o ne a mpolelela ka tlhagafalo ka khumo a ntsha e a e boneng. O ne a mpolelela ka Bogosi jwa Modimo—Bogosi jo bo thleng go busa lefatshe lotlhe bo ba bo khutlisa dintwa tsotlhe, Bogosi jo bo tla tlisetsang batho masego a a ka se kang a balwa, go akareletsa le tsogo ya baswi. Seno se ne se itumedisa tota. Kgabagare re ne re bone tharabololo ya go kaelelwa ga rona le go sa tlhomamisege.
Mo maitsiboeng ao fa ke ne ke ya go robala, ke ne ka rapela a le lantlha mo botshelong jwa me. Lelapa la rona le ne le ise le ko le nne la bodumedi, mme re ne re rutilwe Thapelo ya Morena kwa sekolong. Jalo ka bonakonyana fela ke ne ka simolola go rapela thapelo eno. Fa ke fitlha mo mafokong a a reng, “Bogosi yoa gago a bo tle . . . ,” pelo ya me ya tlala boitumelo. Jaanong ke ne ke tlhaloganya seo ke neng ke se kopa! Go setse go fetile dingwaga tse 60, mme ke santse ke gakologelwa sentle fela thata boitumelo jo bo ka se kang jwa lekanngwa jo ke neng ka bo utlwa mo bosigong joo.
Morago ga go fetsa sekolo mo Fora, ke ne ka ya kwa Ennyelane go ya go ithuta Seesemane ngwaga otlhe. Mme o ne a He a gatelela ka go re: “Mosetsana o tshwanetse go ithuta dipuo, mosimane a ithute dipalo.” Kgabagare, ke ne ka ithuta dipuo di le tlhano, tsotlhe tseo di neng tsa nthusa thata, mme mo dingwageng tsa moragonyana ke ile ka nna ka leboga Mme go bo a ile a nnaya tshono ya go dira seno.
Fa ke fitlha kwa Ennyelane ke ne ka fitlhela gore Mme o ne a tsentse buka ya The Harp of God mo sutukheising ya me. Ke ne ka a ithuta ka kelotlhoko mme ka simolola go neela bosupi ka dilo tse ke neng ke di ithutile mo lelapeng la maesemane le ke neng ke nna le lone. Mongwe wa losika wa lelapa leno o ne a etela legae leno ka nako nngwe, jalo ka mo neela bosupi. (Ke ne ke setse ke nna setswerere mo go tshamekeng ‘megala e e lesome’ ya “harepa” eno.) Ke ne ka kwalela ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower mo Lontone, ka mosadi yono a ne a batla buka eno mme ba ne ba nkaela kwa bakaulengwe ba mo tikologong eo ba neng ba le gone.
Ka jalo ke ne ka simolola go kopanela le setlhopha se sennye seno mo Wickford, Essex, seo se neng se kopanela mo legaeng la mongwe wa Baithuti ba Bibela. Kwa pokanong nngwe, go ne ga bolelwa gore go thle go tsewa “loeto to lokhutshwane” mo Sontageng e e latelang, mme le nna ke ne ka lalediwa. Ke ne ke lebeletse pele loetong to to itumedisang lwa go ya kwa mafelong a magae a mo lefelong leo, mme fa ke ne ke goroga koo, go ne ga rapelwa, mme ke ne ka fiwa dibuka mme ka romelwa le kgaitsadi mongwe yo o godileng go ya go rera.
Morago ga go boela kwa Denmark, ke ne ka tswelela go kopanela le Baithuti ba Bibela, mme ka kolobediwa ka 1929. Boitemogelo jo nka se kang ka bo lebala a ne a le kopano ya 1931 mo Copenhagen. Ke kwa go yone kopano eno koo re ileng ra tsaya leina Basupi ba ga Jehofa. E le gore re ka itsise babusi ka seno, puo ya ga Mokaulengwe Rutherford le maitlhomo a re neng ra a tsaya moragonyana kwa kopanong eo di ne tsa gatisiwa mo bukaneng The Kingdom, the Hope of the World. Re ne re tshwanetse go a isa ka namana kwa bathong botlhe ba maemo a a kwa godimo mo tikologong eo, go akareletsa le baatlhodi, maloko a puso, bagwebi ba ba itsegeng, gammogo le baruti botlhe.
Lekgarebe le Lennye le Bishopo
Kgosi ya Denmark a ne ya amogela sekaelo sa yone morago ga go reetsa molebedi wa lekala yo o neng a letlelelwa go buisana nayo. Ke ne ka fiwa mokoa wa dibukana, gammogo le diemfelopo tse di neng di na le maina le diaterese tsa batho ba ke neng ke tshwanetse go ya kwa go bone mo tlhabanong eno. Leina la ntlha le le neng le kwadilwe le ne la ntshosa thata. E ne e le la bishopo mongwe wa Luthere wa maemo a a kwa godimo yo o neng a itsege gore o kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa.
Bishopo yoo o ne a nna mo karolong e e kgethegileng ya Copenhagen, mme erile fa ke kokota, tota ke ipolela gore ke ne ka ikutlwa ke le mokhutshwane thata go gaisa boleele jwa me jwa mitara a le nngwe le sephatlo. Motlhokomedi o ne a bula setswalo, a nkeleka go tswa kwa godimo go ya kwa tlase ka pelaelo, mme a botsa: “Tswee-tswee, o batla eng?” “Kea leboga, ke kopa go bua le Bishopo,” ke ne ka araba jalo ke gatelela. Mme o ne a nkadimile jase e ntle ya boboa fa ke ne ke ya koo, mme ka gongwe ke yone e e ileng ya tlhatswa motlhokomedi yono pelo gore a utlwe kopo ya me, ka gonne morago ga go ema ka nako a telele eo e neng ekete ga a kitla a khutla, o ne a re: “A o ko o eme go se go nene.” O ne a boa ka bonako mme a ntsenya ka mokgwatha o moleele, a bula setswalo, mme bishopo o ne a ntse kafa morago ga tafole a kgolo. E ne a le monna yo moleele, yo mokima. O ne a nteba more a nyenya ka botsalano.
Ke ne ka ikgakolola gore Yo o fa morago ga me o ne a le mogolo go feta yo o fa pele ga me, ke fa ke mo tlhalosetsa boikaelelo jwa loeto lwa me, mme ka mo naya emfelopo. O ne a e tsaya a bo a e latlhaganya mo tafoleng jaaka ekete e ne a le molelo. A ema ka bonako, a ntshwara ka letsogo, mme a mpusetsa kwa morago ka mokgwatha o moleeleleele go fitlha kwa setswalong se se kafa pele. O ne a thubaganya setswalo fa morago ga me, mme ke ne ka nyenya ka re. Bukana a ne a le mo tafoleng ya gagwe; tiro ya me a weditswe.
Ke ne ka simolola go bulatsela ka 1933, ka gonne ke ne ke dumela gore a ne a le yone tsela fela ya go direla Jehofa ka botlalo. Ngwaga morago ga moo ke ne ka nyalana le Mokaulengwe Albert West, mokaulengwe wa Moesemane yo o neng a abetswe go direla mo Denmark dingwaga di sekae pele ga foo. Re ne ra direla mo legaeng la Bethele la Denmark mmogo ka dingwaga di le 30.
Go Thopiwa ke BaNazi
Ga nkitla ke lebala letsatsi la April 9, 1940. Ke ne ka thantshiwa ke modumo o o iketlileng wa sefofane seo se neng se utlwala ekete se fofa fela fa godimo ga me ka nako ya borataro mo mosong. Go ne go diragala eng? Denmark a ne e se mo ntweng. Kwantle, batho ba ne ba kgobokana mo mebileng, go ne go na le magatwe a mantsi, mme batho ba ne ba akabetse. Go tswa foo seromamowa se ne sa bega jaana: “Denmark a thopilwe ke masole a Majeremane.”
Bothata jwa ntlha a ne a le gore re tla dira eng ka dibuka tse re neng re di bolokile mo kagong eo. Bakaulengwe mo Copenhagen ba ne ba bontsha go bonela pele le go elatlhoko go go gakgamatsang. Ka bofefo fela dibuka di ne tsa phatlalalediwa mo bakaulengweng ba mo lefelong leo, mme direkoto tsa lekala di ne tsa neelwa kgaitsadi mongwe yo o botlhale yo o godileng, yo a neng a di baya kafa tlase ga bolao jwa gagwe fa ntwa a ntse a tsweletse.
Bothata jo bongwe a ne a le gore re tlile go dira eng ka dibukana tse 350 000 tse di neng di sa tswa go goroga. Go ne ga fediwa ka gore di tshwanetse go phatlaladiwa ka bonako. Ke ne ke sa dumele gore motho o ne a ka palama ditepisi tse dintsi jaana ka malatsi a mabedi fela. Sotlhe seno se ne sa dirwa kwantle ga go dira gore masole a Majeremane a a neng a tsamaya mo mebileng a belaele sepe. Fa ba ne ba feta, re ne re leka go ba dira gore ba akanye gore re leba dilwana mo mabenkeleng ka difensetere fela. Bakaulengwe botlhe, ba bannye le ba bagolo, ba ne ba tsaya karolo mo kabong eno e e neng ya dirwa ka bofefo, mme morago ga nako ya dioura tse 48 fela, dibukana tsotlhe tsa bo di le mo matsogong a batho.
Go dirisana le ntlokgolo kwa Brooklyn go ne ga khutlisiwa ke go thopiwa gono, mme go nna re otliwa ka dijo tsa semoya gone ga go a ka ga ema. Go ne go na le mokaulengwe a le mongwe kana ba le babedi ba ba neng ba direla mo tirelong ya boemedi, mme dithoto tsa bone di ne di sa phuruphudiwe. Jaaka ba ne ba etela kwa Sweden gangwe le gape, ba ne ba kgona go re leretse Tora ya Tebelo ka Se-Sweden. Ke ne ke itse Se-Sweden go le gonnye, jalo ke ne ka abelwa go ranolela tokololo nngwe le nngwe mo lolemeng lwa Se-Denmark. E ne a le kgwetlho e e tlhokang bopelokgale, mme ke ne ke ithuta mo gontsi ka mo ke neng ke ka kgona ka gone. Ka tsela eno, re ne ra nna le Tora ya Tebelo ka metlha mo nakong yotlhe ya ntwa.
Ebile tota, re ne ra kgona le eleng go romelela bakaulengwe ba rona ba ba kwa Norway dikaelo tsa Se-Denmark. Baofisiri ba Ba-Nazi ba ne ba romelelwa mabokose a mae go tswa Denmark go ya Norway. Ka jalo re ne re kgona go phuthela mae ka ditsebe tsa makasine wa Tora ya Tebelo wa Se-Denmark tseo bakaulengwe ba kwa Norway ba neng ba a phutholola ka kelotlhoko pele mae a ka fiwa Majeremane.
Bokopano jo bo sa Tlwaelegang
Fa ntwa a ntse a tsweletse, Mokaulengwe Eneroth, yo a neng a le motlhanka wa lekala la Sweden, o ne a letlelelwa go etela Denmark, mme Albert o ne a ya go mo kgatlhantsha kwa boemelong jwa mekoro. Fa Mokaulengwe Eneroth a ne a palama mapalamelo a sekepe, baofisiri ba babedi ba Majeremane ba ne ba tlhagelela mme ba kopa Albert le mokaulengwe Eneroth go tsamaya nabo.
Ba ne ba isiwa kwa Hotel Cosmopolite, eleng nngwe ya dintlokgolo tsa sesole tsa Jeremane, mme ba ne ba isiwa kwa ofising nngwe kwa matlhatlaganyeng a bobedi, koo ba neng ba kopana le Mojeremane mongwe yo a neng a ikaparetse diaparo tsa gagwe fela. O ne a bua le bone ka Seesemane se se tlhapileng, a re: “Jaaka to itse, ke nako ya ntwa. Ke rakgwebo kwa Hamburg mme ke rometswe mono jaaka motlhatlhobi. Ke tlhatlhobisa kwalelelano ya Watchtower Bible Society [fa gare ga Denmark le Sweden]. Ke sengwe seo a leng gore ga ke se rate, mme ga go se nka se dirang. Ke to akgolela makwalo a Iona, ao a buang boammaaruri ebile a itumedisa go a bala. Lo ka se ka lwa akanya ka go tsietsana goo ke go balang mo dikwalong tsa madirelo a mangwe.”
O ne a botsa bakaulengwe potso. “Poelo ke eng?” Albert o ne a tswelela ka go dira pontsho e khutshwane ya poelo, kana loeto lwa go boela, a dirisa Mokaulengwe Eneroth jaaka mong wa ntlo. Moofisiri o ne a wetsa puisano eno ka go re: “Banna, ke a leboga, ke sone sotlhe se ke neng ke batla go se itse.” Gongwe eno a ne a le yone tsela ya go tlhagisa bakaulengwe gore ba tlhokomele se ba se kwalang mo makwalong a bone.
Go Lalelediwa go ya Gileade
Kwa bokhutlong jwa 1945, re ne ra etelwa ke Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Henschel bao re neng ra ba amogela ka diatla tsoopedi. Mo loetong lono, nna le Albert re ne ra lalediwa go ya kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade, mme re ne re le mo setlhopheng sa bo-11 sa sekolo seno sa barongwa ka 1948. Morago ga katiso ya rona ya Gileade, nna le monna wa me re ne ra abelwa go dira tiro ya go potologa ka dikgwedi di le thataro kwa Maryland, Virginia, le Washington, D.C., pele re boela kwa Denmark.
Dingwaga di sekae moragonyana, Albert o ne a lwala, mme kgabagare go ne ga fitlhelwa gore bolwetse jwa gagwe a ne a le kankere. Ke ne ka mo tlhokomela ka dingwaga di le lesome fa ke ntse ke dira se nka se kgonang jaaka moranodi, go fitlha fa a tlhokafala ka 1963. Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka nna le boikarabelo jo bongwe gape joo ke neng ke tshwanetse go akanya ka jone. Mme jaanong o ne a le dingwaga tse 88 mme a tlhoka mongwe yo a ka mo tlhokomelang. Ka jalo, ka maswabi, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela tiro ya nako e e tletseng. Mme o ne a tshela go fitlha a le dingwaga tse 101 mme o ne a tswelela pele ka boikanyegi go fitlha kwa bokhutlong.
Go Tlogela Tiro mme ke Ntse ke Tshwaregile
Mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa ga mme, re ne ra fetsa dikgwedi tsotlhe tsa mariga mo Spain. Jalo fa a tlhokafala, ke ne ka swetsa ka gore ke nne koo. Ke ne ke setse ke ithutile se-Sepanishe mme gape ka bona gore ka tsela eno ke tla kgona go direla mo lefatsheng le sele. Lefa ke sa kgone go dira go le gontsi jaaka ke ne ke eletsa, ka ntlha ya bogolo jwa me le maikarabelo a mangwe ke santse ke kgona go dira jaaka mmulatsela yo o thusang wa ka metlha.
Ke feditse dingwaga tse di fetang 20 tsa botshelo jwa me ke tlhokomela monna wa me yo a neng a lwala le mme yo o neng a godile thata. Lefa go ntse jalo, ga ke ise ke lebe seno jaaka mokgweleo. Ke ne ke ntse ke ikutlwa ka metlha gore ba ne ba tshwanelwa ke tlhokomelo le go akanyediwa go go ntseng jalo, mme ke ne ke leba seno jaaka karolo ya tirelo ya me go Jehofa, yoo a neng a nthusa ka metlha go fenya bohutsana le diteko tseo ke neng ka tshwanela go di itshokela kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo.
Jaanong ke nna mo lefelong la bonno le lennye, leo le farologaneng fela thata le kago ya phemelo a ntle a ke tsaletsweng mo go yone. Mme dikago ga di kake tsa sireletsa motho, jaaka ke lemogile seo pelenyana mo botshelong jwa me. Kafa letlhakoreng le lengwe, ke ne ka bona tshireletso a kgolwane le kago a kgolwane ya phemelo, eo a neng a le gone ka metlha. Ka boammaaruri nka bua fela jaaka mopesalema, ka re: “Ke ena botshabelo yoa me, le kago ea me ea phemelo: Modimo oa me, o ke o ikantsefi.”—Pesalema 91:2.