LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 2-3
  • O ka Kgona go Bona Dikhumo tse di Tlhwatlhwa-kgolo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Kgona go Bona Dikhumo tse di Tlhwatlhwa-kgolo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega Maiteko
  • Nna o Hukutsa Jaaka fa o ka Batla Dikhumo tse di Fitlhilweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Bona Matlotlo a a ‘Subilweng ka Kelotlhoko mo go Ene’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Re na Le Matlotlo a a Botlhokwa A re Ka a Abelang ba Bangwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • “Jehofa o Aba Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 2-3

O ka Kgona go Bona Dikhumo tse di Tlhwatlhwa-kgolo!

“A O KGONA go bona sengwe?” ga botsa Moesemane mongwe yo O humileng. “Ee, ke bona dilo tse dintlentle,” ga araba jalo moithuti mongwe wa dilo tsa bogologolo tsa Baegepeto. Ngwaga a ne e le wa 1922, mme Howard Carter o ne a sa tswa go okomela mo lebitleng la ga Faro Tutankhamen mo Mokgatsheng wa Dikgosi wa Egepeto. Mafoko ono a ga Carter a supa boitumelo:

“Fa matlho a me a ntse a tlwaelana le lesedi, dilo tse di leng teng mo kamoreng di ne tsa simolola go bonala sentle mo mouwaneng, diphologolo tse di sa tlwaelegang, ditshwantsho tse di tlhomilweng, le gauta—gongwe le gongwe go ne go phatsima gauta. Ka nakonyana—eo a tshwanetseng a ne ya lebega ekete ke nako a telele mo go boo ba neng ba letile—ke ne ka a tlhoka a le ganong ka ntlha ya go gakgamala . . . ga re ise re ko re akanye ka go bona sengwe se se tshwanang le seno, kamore e e tletsenggo ne go lebega ekete ke Mosiamo o o tletsengdilwana.” Carter o ne a dumela gore o ne a tletse ka “tebelelo . . . ya batho ba ba batlang dikhumo.”

Thibololo eo a ne ya tlisa dikhumo tse di molemo fela thata tse di neng di fitlhilwe mo e ka nnang dingwaga tse 3 000 tse di fetileng. Mme Modimo o batla gore re tswe letsholo la go batla dikhumo tse di molemo go gaisa. Ke keletso e e duelang go feta fa o ka batla majana a a tlhokegang, gauta, kana selefera. Letsholo leno la go batla dikhumo ke go batla botlhale jwa bomodimo, xnme nngwe ya dilo tsa yone tsa botlhokwa ke botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 17:3.

Go Tlhokega Maiteko

Go tlhokega boiteko jo bogolo go fatolola lefelo la marope a bogologolo. Ga go motlhofo go epa mo nageng e e sa nneng ope kana go tsena kafa tlase ga metsi a a boitshegang koo khumo e fitlhilweng, a subilweng, kana a nwetseng gone. Mme batho ba ba tlhagafaletseng go batla dikhumo ba dira maiteko ao ka boitumelo. Gantsi ba itshokela mathata a a masisi mme ba kgona go fenya dikgoreletsi tseo di lebegang di ka seka tsa kgonwa. Ebu, a go bath botlhale jwa bomodimo ga go bade maiteko a a bileng a feta le eleng ao?

Re ka iponela dikhumo tse di tlhwatlhwakgolo fa re dira maiteko a a tlhokegang go ithuta Bibela le dikgatiso tsa Bokeresete jwa boammaaruri tseo di diretsweng go re thusa go batla majana a a tlhokegang a kitso e e leng mo go tsone. Go tlhokega gore re iteke ka metlha. Ga re kake ra huma fa re simolola go epa dikhumo tsa senama re bo re tlogela morago ga go fatafata fela fa godimo. Go ne go tla nna fela jalo fa re ne re ka simolola go epa dikhumo tsa semoya mme re bo re tlogela ka bofefo re akanya gore go tswelela go ka re lapisa. “Botlhale yo bo cwan kwa godimo” bo bonwa ke boo ba dirang ka natla go bo bona. (Yakobe 3:17) A ga o a tshwanela go dira boiteko jo bo tlhokegang gore o iponele dikhumo tseno tsa bomodimo tse di tlhwatlhwakgolo?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover and page 3 photo: K. Scholz/H. Armstrong Roberts

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela