LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 6/15 ts. 28
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Sekopololo sa go Bona Boitumelo?
  • Bothata jo Bogolo jwa Kolobetso
  • Dithibela-Pelegi le Makatoliki
  • Kolobetso ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Ke O Kolobediwe Gape?
    Tsogang!—1994
  • A go Thibela Pelegi go Phoso?
    Tsogang!—2007
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 6/15 ts. 28

Go Lemoga Dikgang

A Ke Sekopololo sa go Bona Boitumelo?

“Dingwaga di le pedi o goga boima, o bo o itumela goyagoile.” Seno, go ya ka lekwalo-dikgang la Japane eleng Yomiuri Shimbun, ke moano wa sesheng jaana mo gare ga baithuti ba Matšhaena ba kwa Japane. Ka go bo ba lebeletse gore ba tla huma, baithuti bano ba adima madi a go ya kwa Japane, koo ba dumelang gore pula ya gone e na madi go tswa kwa legodimong. Ba solofela gore fa ba bereka dingwaga di le pedi mo ditirong tseo di sa tseyeng letsatsi lotlhe mme ba ntse ba tsena sekolo, ba ka nna ba boloka diyene di le dimilione di le pedi (mo e ka nnang R39 200) mme morago ba boele gae go ya go tshela ka boitumelo goyagoile.

Go ikaega ka madi jalo jaaka one sekopololo sa go bona boitumelo go tumile lefatshe ka bophara. Patlisiso ya bosheng jaana mo gare ga basha ba ba mo dinageng tse 9 mo go di le 11 e ile ya senola gore “‘madi’ ke one a a neng a le kwa godimodimo mo lenaaneng” la dilo tseo ba tshwenyegileng ka tsone le tseo ba amegileng ka tsone, go rialo Asahi Evening News.

A go ikanya dikhumo eleruri go tla bula mojako wa go bona boitumelo? Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhagisa gore “eo o ratañ selefera ga a ketla a kgora selefera.” (Moreri 5:10; 7:12) Go eteletsa madi kwa pele ga go felele ka kgotsofalo ya boammaaruri, ebile ga go bolele gore motho o tla nna le isagwe e e bolokesegileng. Ka sekai, Bibela e bolela jaana: “Go le selefera sa bōnè, le gouda ea bōnè, ga di kake tsa ba golola mo motlheñ oa bogale yoa ga Yehofa.” (Sefania 1:18) Lefa go le jalo, phapaanong le seo mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Go itumela motho wa senatla yo o ikanyang Jehofa.” Go ikanya mo go Jehofa, eseng mo mading, ke sone sekopololo sa go nna le boitumelo ka bosakhutleng.—Pesalema 40:4, NW; Isaia 30:18.

Bothata jo Bogolo jwa Kolobetso

Mathata a mabedi a a malebana le go kolobediwa ga masea a ile a tsoga mo metlheng ya bosheng jaana mo Church of England. Jwa ntlha bo malebana le go kolobediwa “ka go se tlhaole,” go moruti mongwe a neng a go tlhalosa jaaka mofuta mongwe wa “moento wa semoya.” Jwa bobedi ke lebaka la go bo palo e e golang ya baruti ba gana go kolobetsa bana bao batsadi ba bone ba sa tshegetseng Church of England ka botlalo.

Baruti ba le bantsi ba lemoga gore batsadi gantsi ga ba eletse go nna gone kwa kerekeng ebile ga ba kitla ba batla gore bana ba bone ba dire jalo le bone. Ke ka ntlhayang he fa go kolobediwa masea? “Ba batla go dira bana ba bone Bakeresete ka go ba kolobetsa,” go akgela jalo The Times, “fela jaaka fa ba batla go fa ba bangwe dimpho tsa malatsi a botsalo kana go di amogela, go kgabisa matlo a bone ka Keresemose . . . Ke karolo ya setso sa bone: ga go tlhokege gore go nne le lebaka la go dira jalo.”

Moruti mongwe o ne a rola tiro ka gonne a ile a fitlhelela tshwetso ya gore masea ga a tshwanela go kolobediwa. O ne a re: “Motho a le mongwe fela yo o ka dirang itlamo eo mo go Keresete ke ene motho yoo ka boene.” A ka bo a ile a oketsa ka go re Jesu Keresete o ne a le bogolo jwa dingwaga di le 30 fa a ne a kolobediwa le gore lefoko la Segerika le le rayang kolobetso, ba·ptiʹzo, le raya go ina kana go nwetsa. Morago ga gore Jesu a kolobediwe mo Nokeng ya Joredane, o ne a “tlhatloga mo metsiñ.” (Mareko 1:10; Mathaio 3:13, 16) Ga go na gope mo Bibela e buang ka go kgatsha masea ka metsi gone. Ereka kolobetso e le letshwao la gore motho o ineela mo Modimong jaaka yo o tla gatang mo Keresete a gatileng gone, ga se tshwetso eo lesea le ka e dirang.

Dithibela-Pelegi le Makatoliki

Lebaka la go bo Kereke ya Katoloki e gana thibela-pelegi le ne la tlhomamisiwa ke John Paul II kwa Kopanong ya Bobedi ya Meraferafe E E Kaga Thuta-Bomodimo ya Boitshwaro eo e neng ya tshwarwa kwa Roma ka November ngogola. Go ya ka lekwalo-dikgang la Motse wa Bomopapa, eleng L’Osservatore Romano, o ne a re: “Ga se thuto eo e itlhametsweng ke motho. E kwadilwe ke seatla se se bopileng dilo sa Modimo a e kwala go ya ka tsela eo a tlhodileng motho ka yone. Go e gana go tshwana lefa re ne re gana go utlwa Modimo ka megopolo ya rona,” mme ka jalo, o a oketsa, “ga e kake ya ganediwa ke baithuta-bomodimo ba Katoliki.”

Mme lekwalo la bomopapa la Humanae Vitae leo Mopapa John Paul a neng a lebisa go lone mme e le leo le neng la kwalwa ke Paul VI dingwaga di le 20 tse di fetileng “le ne la ganediwa ka bonako ke baithuta-bomodimo ba le bantsi thata,” go ne ga tlhalosa jalo lekwalo-dikgang la Italy eleng La Stampa, mme la kgapelwa kwa thoko ke “bontsi jwa Makatoliki.”

Ka phepafalo, go se batle go utlwa sepe ka kgang ya go laola pelegi ga kereke eno go ile ga dira gore baithuta-bomodimo ba se utlwane mme go ile ga tshwenya Bakatoliki ba ba dipelo di ikanyegang thata. Go se utlwane go go ntseng go tsweletse gono go go malebana le go dirisiwa ga mofuta lefa e le ofe wa thibela-pelegi go ne ga ba ga tlhotlheletsa John Paul gore a tlhagise baithuta-bomodimo gore ba bue “puo e le nngwe fela” botlhe. Lefa go le jalo, phapaanong le seo Mopapa a se bolelang sa gore boemo jwa kereke malebana le thibela-pelegi bo ne jwa “kwalwa ke seatla se se bopileng dilo sa Modimo,” lekwalo-dikgang la Italy la La Repubblica le ne la bolela gore “ga go na temana epe mo Dikwalong tsa Efangele kana mo Tesetamenteng E Kgologolo eo e neng ya tsopolwa go tshegetsa thuto eno.”

Ga go na gope mo Bibela e tlotlang gone ka ga go dirisiwa ga dithibela-pelegi kana go laola pelegi mo lenyalong, ebile ga e bolele gore Bakeresete ba patelesega go nna le bana. Lefoko la Modimo le tlogelela kgang eno ya go rulaganya lelapa mo digakoloding tsa banyalani bangwe le bangwe ba Bakeresete. Ka go baya molao wa yone o o malebana le go laola pelegi, Kereke ya Katoliki e ile ya “hetèla kwa pele ga dilō tse di kwadilweñ.”—1 Bakorintha 4:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela