A O Iketleeleditse go Reetsa Modimo?
FA RE bala Bibela, re lemoga ka bonako fela gore seemo sa batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga se ne se tshwana le sa rona gompieno ka ditsela di le dintsi. Go ne go na le boitsholo jo bo sa siamang jo bontsi le go sa ikanyegeng, segolo bogolo gareng ga baagelani ba Baiseraele bao ba neng ba sena boitsholo, bao mo go bone boitsholo jo bo sa siamang gantsi e neng e le karolo ya bodumedi. Botshelo bo ne bo sa tlhomamisege mo bathong ba ba humanegileng, ebile go ne go na le mathata a sepolotiki. Ka ngwaga wa 66 C.E., Iseraele le Roma di ne tsa tsenelela mo ntweng e e feletseng. Mo metlheng eo, fela jaaka gompieno, batho ba ne ba tlhoka thuso.
Ka tsela ya sedumedi, go na le dilo di le dintsi thata tsa metlha eo tse di tshwanang le tsa motlha wa rona. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba le boitimokanyo. (Mathaio 23:15; Luke 20:46, 47) Mo merafeng ya batho bao e neng e se Bajuda, go ne go na le tlhakantsuke ya maikutlo a a simologang ka go sa tshepeng sepe go ya go tumela-botlhodi gammogo le go tlhagafalela bodumedi ka mo go feteletseng. (Bapisa Ditihō 14:8-13; 19:27, 28) Le eleng le mo phuthegong ya Bokeresete eo e neng e se ntšha mo go kalo, dilo tsotlhe di ne di sa apara tshiamo. Kwa bokhutlong jwa lekgolo leo la dingwaga, moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa jaana: “Batsietsi ba le bantsi ba cwetse mo lehatshiñ.” (2 Yohane 7) Ee, le mo nakong eo ya bogologolo, go ne go neelwa dikgakololo tse dintsi tseo di seng tsa boammaaruri malebana le kgang ya bodumedi. Lefa go le jalo go ne go na le thuso e e ka ikanngwang.
A O Ka Bo O Ile Wa Reetsa Jesu?
Mo metlheng eo Jesu ke ene yo o neng a neela kgakololo e e utlwalang. E ne e tlhotlheletsa mo eleng gore re bala jaana kaga phelelo ya yone: “Batho ba gakgamalèla thutō ya gagwè.” (Mathaio 7:28) Mme gareng ga boidiidi joo jwa batho ke ba sekae fela bao tota ba neng ba reetsa seo a neng a se bua. Jesu o ne a dira ditiro tse di gakgamatsang a bo a tlhoma sekao se se molemo sa botshelo jwa bomodimo le boitshwaro. Lefa go le jalo, le eleng baeteledipele ba ba neng ba tshwanetse go bo ba ne ba rutegile go gaisa ba bangwe ba ne ba gana go bona botlhokwa jwa seo a neng a se bolela. Ka ntlhayang?
Thata-thata, e ne e le kgang ya go tlhaola batho. Ba bangwe ba ne ba nyatsa Jesu ka gonne a ne a tswa kwa Nasaretha. Ba bangwe ba ne ba mo gana ka gonne a ne a sa tsena dikolo tsa bone ebile a ne a sena kamano epe le batho ba maemo a segosi. (Yohane 1:46; 7:12, 15, 47, 48) Mo godimo ga moo, e ne e se ka metlha Jesu a neng a bua seo batho ba neng ba batla go se utlwa. O ne a bua ka boammaaruri fela, mme ka sekai, Bafarisai gantsi ba ne ba kgopisiwa ke mafoko a gagwe. (Mathaio 15:12-14) Eleruri, morago ga go rera dingwaga di le tharo le sephatlo, baeteledipele ba Bajuda ba bodumedi ba ne ba dira gore a bolawe. (Luke 23:20-35) Abo ba ne ba latlhegelwa ke tshono e e molemo jang ne, ereka Jesu a ne a na le “mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ”!—Yohane 6:68.
Fa o ne o nna kwa Jerusalema ka nako eo, a o ka bo o ile wa sala baeteledipele ba bodumedi le boidiidi jwa batho ba bangwe morago? Kana a o ka bo o ne wa nna le mogopolo o o bulegileng mo o ka bong o ile wa kgona go lemoga ntlha ya seo Jesu a neng a se bua? Fa go ntse jalo, o ka bo o ile wa tshwana le mosadi yo o kgatlhang yo Jesu a neng a kopana nae fa a ne a le mo maetong a gagwe.
Motho Yo O Neng A Reetsa
O ne a kopana le mosadi yono fa a ne a le mo loetong go kgabaganya Samaria. O ne a ile a nna fa fatshe go bapa le sediba go ikhutsa, mme mosadi yono o ne a tla go ga metse fa a ne a le foo. Ga re itse leina la gagwe, mme Bibela e bega gore Jesu, lemororo a ne a lapile, o ne a dirisa tshono eo go bua le ene ka bodumedi.—Yohane 4:5-15.
Jaanong, go ne go na le mabaka a le mantsi a ka one mosadi yono a ka bong a ile a seka a tsaya Jesu tsia fa a ne a mo atamela. E ne e le wa bodumedi bo sele—tsela ya Basamaria ya kobamelo e ne e farologane le ya Bajuda. Gape, Bajuda ba ne ba tseela Basamaria kwa tlase ba bile ba gana go tsalana nabo. Gape, banna ba Bajuda e ne e se gantsi ba neng ba buisana le basadi bao ba neng ba sa ba itse. (Yohane 4:9, 27) Mo godimo ga moo, mosadi yono wa Mosamaria o ne a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang, mme o ka bo a ile a galefela gore o ne a ka nna a kgalwa kana gore dibe tsa gagwe di ne di ka nna tsa senolwa.—Yohane 4:18.
Lefa go ntse jalo, o ne a seka a itshwara ka tsela eo. Go na le moo, o ne a botsa dipotso tse di utlwalang a arabela katamelo ya ga Jesu e e botlhale, eo e neng ya tsosa kgatlhego. Fa motlotlo o ntse o tswelela, o ne a ama kgang nngwe e e thata, a lebisa go go sa utlwaneng ga Bajuda le Basamaria mo kgannyeng ya bodumedi. Jesu o ne a araba ka bopelonomi fela mme a sa potapote, a raya mosadi yoo a re: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ: rona re ōbamèla se re se itseñ.” (Yohane 4:19-22) Mme o ne a seka a kgopisega. Mogopolo wa gagwe o o bulegileng o ne o iketleeleditse go utlwa mo go oketsegileng.
Jalo Jesu o ne a tswelela ka go bua sengwe sa botlhokwa: “Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Moragonyana, mosadi yono yo o neng a bulegile mogopolo o ne a bontsha kanaanelo ka go bolelela baagelani ba gagwe ka tlhoafalo seo a neng a se ithutile. Bone, ka baka leo, ba ne ba batla tshedimosetso e e oketsegileng ka go reetsa mafoko a ga Jesu.—Yohane 4:39-42.
Re ka ithuta eng mo go seno? Ebu, fa re nna mo lefelong leo mo go lone go nang le go tlhaolana ka lotso, le morafe, kana ka bodumedi fela thata, re arabela jang fa motho wa lotso lo sele, morafe, kana bodumedi a re atamela? A re tswala melomo fela fa go buiwa ka dilo tseo di ka nnang tsa supa fa re le phoso? Kana a jaaka mosadi wa Mosamaria, re iketleeleditse gore bobotlana re bue?
A O Ka Bo O Ile Wa Reetsa Paulo?
Motho mongwe yo o neng a naya kgakololo e e molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le moaposetoloi Paulo. Nako nngwe Paulo le ene o ne a sa batle go amogela megopolo e sele. O ne a ipolela jaana: “Ke ne ke le mokgadi, le mmogisi, le mosenyi: leha go nntse yalo ka bōna boutlwèlō botlhoko ka ke go dihile ka go tlhōka go itse, ke sa dumèla.” (1 Timotheo 1:13) Lefa go ntse jalo, o ne a amogela boammaaruri kaga Jesu Keresete mme a latlha go atlholela dilo pele ga gagwe. Sekao sa gagwe se bontsha gore boammaaruri jwa Bibela bo ka thusa go “diga dikagō tsa phemèlō tse di thata” mo pelong fa dilo tsa go nna jalo di le kotsi mo botshelong jwa rona.—2 Bakorintha 10:4.
Fa Paulo a sena go nna Mokeresete, o ne a ya go anamisa mafoko a a molemo ao a neng a a ithutile ka bopelokgale. Mme jaaka go ne go ka lebelelwa, o ne a thulana le batho ba ba sa batleng go amogela megopolo e sele fela jaaka le ene a kile a bo a ntse—mme eseng mo makgetlong otlhe. Kwa Berea, kwa bokone jwa Gerika, o ne a fitlhela batho ba ba dipelo di bonolo bao e neng e le sekao se se molemo sa kafa kgakololo e tshwanetseng go reediwa ka gone. Batho bano ba ne ba lemoga fa mafoko a ga Paulo a na le boammaaruri. Ka gone, ‘ba ne ba amogela lefoko ka pelo e e etleetsegileng.’ Mme ba ne ba bulegile megopolo, ba sa tsietsege motlhofo fela. Ba ne ba “lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe, ha dilō tse di nntse yalo.” (Ditihō 17:11) Ba ne ba rata seo ba neng ba se bolelelwa, lemororo ba ne ba tlhatlhoba boammaaruri jwa sone go ya ka Bibela pele ga ba ka se dumela ka botlalo.
“Lekañ Dilō Cotlhe”
Mo motlheng wa rona, Basupi ba ga Jehofa ba senya bontsi jwa nako ya bone ba leka go abalana mafoko a a molemo a Bogosi le baagelani ba bone ba ditumelo tse dingwe. Basupi bano ba bona karabelo efe? Bontsi jwa batho ba ba botsalano bo itumelela go ba amogela. Mme ba le mmalwa ba a gana, ebile ba bangwe ba tenegela go bo Basupi ba ba etela.
Seno se utlwisa botlhoko, ka gonne seo Basupi ba ga Jehofa ba batlang go bua ka sone se bidiwa “Mahoko a a Molemō” mo Bibeleng. (Mathaio 24:14) Mo godimo ga moo, ba kgothaletsa batho gore ba nne le boikutlo jwa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a re: “Lekañ dilō cotlhe; shōna se se molemō lo se chwarè thata.” (1 Bathesalonia 5:21) Le eleng lefa motho a na le megopolo eo a dumelang mo go yone, eleruri, fela jaaka Baberea le mosadi wa Mosamaria, motho yoo o tshwanetse go bulega mogopolo mo a ka kgonang go buisana le ba bangwe ka Modimo.
Ke Ka Ntlhayang Fa O Tshwanetse go Nna le Mogopolo O O Bulegileng?
Ka boitumelo, batho ba le dikete tse di makgolokgolo ba dira fela jalo ngwaga le ngwaga. Ba le bantsi ba ithuta go lemoga botlhale jo Bibela e bo tshotseng, mme go felela ka diphetogo tsa mmatota, tsa lobaka lo loleele mo matshelong a bone. Ba bangwe pele ba ne ba tshwana le Janet, lekgarebe leo le nang le nako e telele le sa dirise diokobatsi le bojalwa ka tshwanelo leo la bofelo le neng la tlhotlheletsega go leka go ipolaya. Gompieno, Janet ke motho yo o itumetseng wa Mokeresete. Go ithuta ga gagwe Bibela go ne ga mo thusa go nna le nonofo ya go latela kgakololo ya ga Paulo e e reng: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.”—2 Bakorintha 7:1.
Vernon o ne a tshwakgotswe ke bojalwa, mme lenyalo la gagwe le ne le le mo kotsing ya go thubega. Mme go latela kgakololo ya Bibela go ne ga mo thusa go fenya mokgwa o o maswe oo mme a letlana le mosadi wa gagwe. (1 Bakorintha 6:11) Debra o ne a ila batho ba ditso le mebala e mengwe fela thata. Mme go ithuta ga gagwe Bibela le go kopanela le batho ba Bakeresete go ne ga mo thusa go baakanya go akanya ga gagwe. (Ditihō 10:34, 35) Mme ke mang yo o neng a ka dumela diphetogo tseo di neng tsa diragala mo botshelong jwa lekgarebe la seaka la kwa Netherlands fa, ka letsatsi lengwe, a ne a dumela go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa? Mo nakong e khutshwane, o ne a nna Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o tshelang botshelo jo bo phepa yo o bileng a tlhokomela bana ba gagwe ka boikanyego.
Maitemogelo a go nna jalo a diragala gantsi jaaka batho ba reetsa seo Bibela e se bolelang. Matshelo a bone a tokafala ka ditsela tseo bontsi jwa bone ba neng ba sa akanye fa go ka kgonega gore a nne jalo. Se ebileng se le botlhokwa go gaisa, ba nna le botsalano le Modimo, mo ba ka kgonang go mo rapela jaaka “Rra echo eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9) Mme ba na le tsholofelo e e tlhomamisegang, e e sa tshikhinyegeng kaga isagwe jaaka ba itemogela boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Jesu Keresete.”—Yohane 17:3.
Eno ke tshedimosetso eo Basupi ba ga Jehofa ba batlang go tlotla ka yone fa ba dira bodihedi jwa bone le fa ba etela baagelani ba bone. Go ka nna ga diragala gore ba go etele gape mo nakong e khutshwane. A o tla nna le mogopolo o o bulegileng mo o ka kgonang go ba reetsa?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mosadi wa Mosamaria o ne a seka a letlelela gore go tlhaola batho go mo thibele go reetsa Jesu. A o na le mogopolo o o bulegileng o o tshwanang le wa gagwe?