LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 9/1 ts. 7
  • “Se Tletse Maina a Tlhapaco”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Se Tletse Maina a Tlhapaco”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sebatana se se Mmala wa Bohibidu jo bo Letlhololo se go Buiwang ka Sone mo go Tshenolo 17 ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Rarabololwa ga Bosaitsiweng jo bo Boitshegang
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Karolo 8—Kgwanto e Telele ya Mebuso ya Lefatshe e Tloga e Khutla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Katlholo ya Seaka se se Tlhabisang Ditlhong
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 9/1 ts. 7

“Se Tletse Maina a Tlhapaco”

BUKA ya Bibela ya Tshenolō e tlhalosa ponatshegelo ya “sebatana señwe se se mmala o bohibidu yo bo letlhōlōlō, se bile se tletse maina a tlhapaco.” Se nna gone ka lobakanyana, se bo se tsena mo moleteng koo se tlhatlogang gone moragonyana. (Tshenolō 17:3, 8) Gangwe le gape, go ile ga supiwa mo ditsebeng tsa makasine ono gore sebatana seno se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, pele, e ne e le Lekgotla la Kgolagano ya Merafe mme, morago ga foo, ya nna motlhatlhami wa lone, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Mme ke ka ntlhayang fa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo seno se bolelwa fa se “tletse maina a tlhapaco”?

Lekwalo la ntlha la Tumalano ya Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, le le neng le thailwe mo kakantshong e e neng e kopanetswe ke Maesemane le Maamerika, le ne la itsisiwe phatlalatsa ka February 14, 1919. Mo letsatsing le le latelang, The Times ya Lontone e ne ya bua jaana mo setlhogong sa dikgang se se neng se re “Kgolagano ya Kagiso”: “Go lemoga tiro e kgolo eo e dirilweng le banna ba Maesemane mo Tumalanong eno ke selo seo go tshwanetsweng go se ipelela . . . Re ititeile sehuba go bua re re leno ke lokwalo lo lo botlhokwa-tlhokwa lwa boditšhabatšhaba lo lo kileng lwa gatisiwa.” George Thayer, moruti wa First Congregational Church ya Cincinnati kwa United States, o ne a le tlhalosa jaaka “kitsiso e e botlhokwatlhokwa ya go rata le keletso ya batho ba ba rutegileng mo lefatsheng e e kileng ya kwalwa.” Le ne la tlotlomadiwa gape ke boradikgang ba dinaga di sele. “Ga se Bibela,” go ne ga bua jalo pampiri ya dikgang ya Sefora L’Homme Libre, “mme le kgona go dira go e gaisa, ereka yone Bibela lefa e le Moefangele ope a se kile a kgona go thibela batho go bolaana. Seo e leng kgopolo fela se a diragala.” Pampiri ya dikgang ya Sefora Victoire e ne ya le tlhalosa jaaka “maiteko a magolo go gaisa a a kopanetsweng a go tlisa kutlwano le tshiamo mo lefatsheng a a kileng a dirwa fa esale ka tlholego ya lefatshe.”

Morago ga go tlhomiwa ga Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, Mogenerala Jan Smuts, mongwe yo o neng a emetse Boritane mo lekokong leno, o ne a kwala jaana: “Tumalano eno ke nngwe ya dikwalo tse dikgolo mo ditiragalong tsa motho. . . . E tshwanetse go atlega, ka go bo ga go na tsela e nngwe gape ya isagwe ya motho. . . . Batho ba ba santseng ba le kwantle ga tumalano eno ba tla tsena ka bongwe ka bongwe mo tshwaraganong eno eo batho ba tlileng go gatela pele go bona phenyo ya kagiso le tswelelopele ka yone.”

Ditebelelo tsotlhe tseo di ne tsa itshupa di se boammaaruri fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e tlhagoga ka 1939. Lekgotla leo la Kgolagano le ne la palelwa. E ne e le thulaganyo fela ya motho e e dirilweng ka batho ba ba sa itekanelang. Go ntse fela jalo le ka motlhatlhami wa lone, Lekgotla la Merafe e e Kopaneng. Lefa go le jalo, mo letsatsing leo UN Charter e neng ya saeniwa ka lone, setlhogo mo The New York Times se ne sa bua ka lone jaaka “setlhare sa kagiso” mme sa bua jaana, “Go tsetswe tsholofelo e ntšha . . . Dilo tse dikgolo di ka nna tsa tla.” Ka mo go tshwanang, baeteledipele ba dikereke ba ile ba bitsa UN “tsholofelo fela” le “tsholofelo ya bofelo” ya kagiso.

Go bolela gore makgotla a batho a ka diragatsa seo se ka fitlhelelwang fela ke Bogosi jwa Modimo ke tlhapatso. Ka jalo, Bibela e bolelela pele gore morago ga go nna ka nakonyana Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le tla “ea tatlhegoñ.” Bogosi jwa Modimo jo bo itekanetseng jwa selegodimo ke jone fela jo bo tla tlisetsang batho kagiso ya goyagoile.—Tshenolō 17:11, 12; Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela