Bophepa mo Boitsholong ke Mokgabo wa Basha
“Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; . . . me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago, le mo ponoñ ea matlhō a gago: me u bo u itse ha Modimo o tla gu isa tshekoñ kaga dilō tse cotlhe hèla.”—MORERI 11:9.
1, 2. (a) Ke eng seo Jehofa a se batlelang basha? (b) Ke eng fa go se botlhale go latelela sengwe le sengwe se se kgatlhang pelo le matlho?
“BOSHA, matlhagatlhaga, bonana, di ntse jaaka malatsi a letlhabula. Go na le go ngongorega . . . gore malatsi a tsone a makhutshwane, leka go di ipelela.” Go ne ga kwala jalo mmoki mongwe wa Mojeremane wa lekgolo la bo-19 la dingwaga. Mafoko ao a kgakololo a lona ba banana a boeletsa ano a a neng a kwadiwa diketekete tsa dingwaga pele ga foo mo bukeng ya Bibela ya Moreri: “Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau [kana, bokgarebe] yoa gago, me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago, le mo ponoñ ea matlhō a gago.” (Moreri 11:9a) Jalo Jehofa ga a lebe dilo tse di kgatlhang basha di sa siama. O batla gore o ipelele nonofo le maatla a bosha jwa gago ka botlalo.—Diane 20:29.
2 Lefa go le jalo, a seno se raya gore o ka dira sengwe le sengwe se se ratwang ke pelo ya gago le matlho a gago? Ga go a nna jalo le eseng! (Dipalō 15:39; 1 Yohane 2:16) Lokwalo loo lo tswelela pele go bua jaana: “Me u bo u itse ha Modimo o tla gu isa tshekoñ kaga dilō tse cotlhe hèla [dilo tse o tlhophang go di latela go kgotsofatsa dikeletso tsa gago].” (Moreri 11:9b) Ee, ga o kake wa falola diphelelo tsa ditiro tsa gago; ba babotlana, fela jaaka ba bagolo, ba tlile go atlholwa ke Jehofa.—Baroma 14:12.
3, 4. (a) Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo jo bo phepa? (b) Ke kgatelelo efe eo o nang le yone e e ka dirang gore o latlhegelwe ke boemo jwa gago jo bo phepa le Modimo, mme go tsosiwa dipotso dife?
3 Go atlholwa ga rona ke Jehofa re siame ga go ise fela kwa botshelong jo bo sa khutleng mme kwa kamanong e e atamalaneng le Modimo jaanong. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa go nna phepa mo boitsholong. Pesalema 24, ditemana 3 go ya go 5, e baya seno ka tsela eno: “E mañ eo o tla tlhatlogèlañ mo thabaneñ ea ga Yehofa? Me mañ eo o tla èmañ mo heloñ ga gagwè ga boitshèpō? Ke eo o diatla dintlè, le pelo e e itshekileñ; eo o se kañ a choleletsa mōea oa gagwè kwa boithamakoñ, me a sa ikana ka go tsietsa. Èna o tla amogèla letlhōgōnōlō mo go Yehofa, le tshiamō mo Modimoñ oa polokō ea gagwè.” Ee, o montle fa pele ga matlho a ga Jehofa fa o tshegetsa bophepa mo boitsholong.
4 Lefa go le jalo, go na le kgatelelo ya ka metlha go go dira gore o latlhe boemo jwa gago jo bo phepa le Modimo. Jaaka metlha eno ya bofelo e ya kwa bokhutlong jwa yone, go na le kgogodi ya bolwetsi jwa boitsholo jo bo maswe le ditlhotlheletso tse di seng phepa. (2 Timotheo 3:1-5) Kgwetlho ya go tshegetsa bophepa mo boitsholong ga e ise e ko e nne kgolo jaana mo basheng le ka motlha. A o thulana le kgwetlho eo ka katlego? A o tla tswelela o dira jalo?
Kgwetlho e o Lebaneng Nayo
5. Ke ditlhotlheletso dife tse di seng phepa tse di dirang gore go se nne motlhofo go tshegetsa boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo?
5 Metswedi ya boitlosobodutu e tlhasela basha ka dilo tse di kgaphelang kwa thoko seo se tlotlegang mme e galaletsa seo ka phepafalo fela se leng leswe. Ka sekai, fa go ne go gololwa nngwe ya difilimi mo motseletseleng wa tse di tletseng thubakanyo le tse di leswe, motlhatlhobi mongwe wa dibaesekopo o ne a kwala jaana: “Ditshwantsho tseno di tletsetletse fela ka tlhakanelo-dikobo e e tshosang, polao e e tshosang, le bomaswe jo bo tshosang fela thata. Fa e le gore e ka oka batho ba le bantsi, e tla nna tshupo nngwe gape ya kwelo-tlase e kgolo ya . . . tlhopho ya dibaesekopo tse di ratiwang.” Mo godimo ga dibaesekopo tse di ntseng jalo go na le dipina tse di nang le mafoko a tlhakanelo-dikobo ka tlhamalalo le dithulaganyo tsa thelebishene tseo di galaletsang tlhakanelo-dikobo e e sa siamang. A o ka leba ditshwantsho tse ka tsela e e kgethegileng di tshwantshang ‘tlhapelo e e feteletseng’ mme wa nna o tshegeditse boemo jwa gago jo bo phepa fa pele ga Modimo? (1 Petere. 4:4) Ke fela jaaka Diane di re: “A motho o ka tsaea molelō mo sehubeñ sa gagwè, me diaparō tsa gagwè di sa she?”—Diane 6:27.
6. Basha ba lebane le kgatelelo efe go tswa mo balekaneng ba bone?
6 Kgatelelo ya gore o latlhegelwe ke boemo jwa gago jwa boitekanelo e ka tswa gape mo motsweding o mongwe—balekane ba gago. Mosetsana mongwe wa lefatshe wa dingwaga tse 17 o ne a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ke ne ka tlhakanela dikobo ka mabaka a a phoso: ka gonne mosimane yo ke neng ke ratana le ene o ne a pateletsa jalo le ka gonne ke ne ke akanya gore mongwe le mongwe o a go dira.” Ga go ope yo a batlang go tshegiwa. Ke ga tlholego fela go batla go ratwa ke ba bangwe. Mme fa o emela boitsholo jwa Bibela, basha ba bangwe ba ka go sotla. Go batla go se farologane, go batla go amogelwa ke balekane ba gago, go ka go baya kafa tlase ga kgatelelo ya go dira sengwe se o itseng gore se phoso.—Diane 13:20.
7. Ke ka ntlhayang fa go lwa le ditlhotlheletso tse di seng phepa go le bokete segolo bogolo mo basheng, mme ke eng seo diketekete tsa ba babotlana mo phuthegong ya ga Jehofa di ileng tsa itshupa di le sone?
7 Go lwa le ditlhotlheletso tse di ntseng jalo go bokete tota segolo bogolo fa o le mo ‘nakong tsa bosha,’ fa keletso ya tlhakanelo-dikobo e nonofile thata. (1 Bakorintha 7:36, NW) Ga go gakgamatse go bo thulaganyo nngwe ya patlisiso e ne ya konela jaana: “Ke motho yo mmotlana yo o tlhomologileng fela yo a ka fitlhang mo dingwageng tse 19 a ise a ko a tlhakanele dikobo pele ga lenyalo.” Lefa go le jalo, diketekete tsa lona batho ba babotlana ba lo leng mo phuthegong ya ga Jehofa di ile tsa itshupa di tlhomologile. Lo fenya kgwetlho mme lo tshegetsa bophepa mo boitsholong.
8. Ke ka ntlhayang fa basha ba bangwe ba Bakeresete ba ile ba letla boikutlo jwa lefatshe leno ka boitsholo go fetela mo go bone, mme seno se ne sa felela ka eng?
8 Lefa go le jalo, se se utlwisang botlhoko, ke palo nngwe ya Bakeresete ba basha e e ileng ya letla boikutlo jwa lefatshe leno jwa boitsholo jo bo sa siamang go fetela mo go bone. Lefa ba ipolela gore ba rata se se molemo, ga ba ile se se bosula; tota-tota ga ba se ile ka mo go lekaneng. (Pesalema 97:10) Mo makgetlong a mangwe, go lebega ekete ba a di rata. Ke fela jaaka Pesalema 52:3 e bua jaana ka seno: “U rata boshula bogolo go molemō; le go aka bogolo go go bua tshiamō.” Ba bangwe ba ya bokgakaleng jwa gore ba gane ka tlhamalalo fela kaelo ya phuthego ya ga Jehofa mo dilong tse di jaaka go ratana, boitlosobodutu, le boitsholo. Go felela ka gore gantsi ba lere kutlobotlhoko mo go bone gammogo le mo batsading ba bone. Gape ba latlhegelwa ke mokgabo wa bone mo matlhong a Modimo.—2 Petere 2:21, 22.
Thuso mo go Thulaneng le Kgwetlho
9. Go tlhokega eng go thulana le kgwetlho ya go nna phepa mo boitsholong?
9 O ka thulana le kgwetlho ya go nna o ntse o le phepa mo boitsholong jang? Mopesalema o ne a botsa potso eno e e tshwanang: “Ana, motho oa lekau o tla ntlahatsa tsela ea gagwè ka eñ?” Morago o ne a araba jaana: “Ka go e tlhōkōmèla kaha lehokuñ ya gago.” (Pesalema 119:9) Ee, o tlhoka kaelo e e ntseng jalo e e tswang mo Lefokong la Modimo. Mme Rraarona yo o lorato wa selegodimo o ile a tlhokomela gore phuthego ya gagwe e re neye kaelo e e ntseng jalo go re thusa go ganela dikgatelelo tse di seng phepa tsa lefatshe.
10, 11. (a) Ke dikgatiso dife tseo di ileng tsa baakanyediwa go thusa batho ba babotlana go itshola ba le phepa mo boitsholong? (b) Basha ba bangwe ba ile ba thusiwa jang ke motseletsele wa “Young People Ask . . . ”? (c) O ile wa solegelwa molemo jang ka bowena ke motseletsele wa “Young People Ask . . . ”?
10 Go kgabaganya dingwaga go ile ga baakanngwa dikgatiso di le mmalwa go akantswe segolo bogolo ka batho ba babotlana, tse di jaaka buka Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone. Fa esale ka 1982, motseletsele wa “Young People Ask . . . ” mo makasineng wa Awake! o ne wa naya kgakololo e e thusang tota mo dilong tse di jaaka dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelo-dikobo, dibuka tsa lerato, le go itshola sentle fa batho ba ratana. A tshedimosetso e e ntseng jalo eleruri e ne ya thusa batho ba babotlana? Tlhokomela sekai seno. Ditlhogo di le mmalwa mo motseletseleng ono di ne tsa tlotla ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo-dikobo, di bontsha gore mokgwa o o ntseng jalo o tsosa ‘keletso ya tlhakanelo-dikobo’ e e ka nnang ya dira gore motho a wele motlhofo mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo.a (Bakolosa 3:5) Go ne ga neelanwa ka dikakgelo tse di mosola tsa ka moo o ka lwang kgatlhanong le tlwaelo eno ka gone le gore o ka dira jang gore o se boele gape mo go yone. Fa ba arabela ditlhogo tseno, basha bangwe ba ne ba kwala jaana: “Ke ile ka nna le bothata jwa go itshwaratshwara dirwe tsa me tsa tlhakanelo-dikobo fa esale ke le dingwaga di le 12. Jaanong ke na le di le 18, mme ke o tlogela ka bonya ka bonya, ke leboga ditlhogo tsa lona.” “Ka jaana ke tsere kgakololo e e neetsweng ke ditlhogo tseno, jaanong ke fitlhela tlhaloganyo ya me e le mo boemong jo bo botoka thata. Ke ikutlwa ke le phepa go gaisa pele.”
11 Go tsaya nako go bala le go ithuta tshedimosetso e e ntseng jalo, mme go dira jalo go ka go thusa go itshola o le phepa mo boitsholong. A o dirisa dikgang tse di phatlaladitsweng tseo ka botlalo? Fa a arabela setlhogo sa “Young People Ask . . . ” se se neng se re “Tlhakanelo-Dikobo Pele ga Lenyalo—Ke ka Ntlhayang e sa Tshwanela?”b mosetsana mongwe yo mmotlana, yo a neng a ithuta Bibela o ne a kwala jaana: “Ke itse ka boikutlo jwa gone jo bo bosula, go ikutlwa o le molato, le go ikutlwa o le lefufa morago ga go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, mme ke ikwatlhaya fela thata. Ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi go bo a nkamogetse ebile a intshwaretse. Ke solofela gore setlhogo sa lona, se tla thusa ba bangwe pele ba dira seo ke se dirileng. Go utlwisa botlhoko eleruri. Jaanong ke tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa Jehofa Modimo a batla gore re ‘ithibe mo kgokafalong.’”—1 Bathesalonia 4:3.
12. Ke eng se se tla re kgoromeletsang gore re batle go itumedisa Jehofa?
12 Seno se re tlisa mo sengweng gape se se tla go thusang gore o thulane le kgwetlho eo ka katlego: O tshwanetse go lemoga gore Jehofa ke Molaodi wa Lobopo le gore o tshwanetse go reediwa. (Tshenolō 4:11) Lefa go le jalo, e santse e le Rre wa selegodimo yo o lorato, mme o re kgatlhegela thata mo pelong. (Diane 2:20-22; Isaia 48:17) Boikaelelo jwa melao ya gagwe ke go re sireletsa, eseng go re thibela fela go sa tlhokege. Ka gone go e reetsa ke tsela e e botlhale. (Duteronome 4:5, 6) Go tlhaloganya ka phepafalo gore ke ka ntlhayang fa Jehofa a ganelela gore re nne phepa mo boitsholong go tla go thusa go bona bontle jwa gone jwa mmatota mme go tla go tlhotlheletsa gore o batle go mo itumedisa.—Pesalema 112:1.
13. O ne o ka tlhalosa jang gore molao wa Modimo o o thibelang kgokafalo o supa go re kgatlhegela ga gagwe go tswa mo pelong?
13 Elatlhoko ntlha ya gore Modimo o letlelela fela tlhakanelo-dikobo mo bathong bao ba nyalaneng mme o thibela kgokafalo ka mo go gagametseng. (Bahebera 13:4) A go reetsa molao ono go go amoga sengwe se se molemo? A Rre yo o lorato wa selegodimo a ka dira molao o o tla dirang gore o seka wa ipelela botshelo? Eleruri nnyaa! A o ko o lebe se se diragalang ka matshelo a balekane ba gago bao ba itlhokomolosang molao wa Modimo wa boitsholo. Go ima go go sa batlegeng gantsi go ba dira gore ba ntshe dimpa, gongwe, ba nyalwe e ise e nne nako. Mo makgetlong a mantsi go raya go godisa ngwana kwantle ga rre. Mo godimo ga moo, basha ba ba gokafalang ba ‘leofela mebele ya bone’ mme ba ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelo-dikobo. (1 Bakorintha 6:18) Mme fa mosha yo o ineetseng mo go Jehofa a gokafala, go tshwenyega mo boikutlong go ka nna gogolo fela thata. Go leka go ritibatsa go tshwenngwa ke segakolodi se se molato go ka dira motho gore a tshwenyege le go tlhoka boroko bosigo. (Pesalema 32:3, 4; 51:3) A ga go a papamala he, gore molao wa Modimo o o thibelang kgokafalo o diretswe go go sireletsa? Go na le melemo ya mmatota mo go tshegetseng bophepa jwa boitsholo!
14. Mabapi le boiphako jwa gore o sireletsegile fa o nyalwa o le mo dingwageng tsa bolesome, tlhalosa gore re tshwanetse go leba jang mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 7:9 le 7:36 (NW).
14 Ga go kake ga itlhokomolosiwa gore ga go motlhofo go itshwarelela ka melao e e gagametseng ya Modimo ya boitsholo. Ka ntlha ya seno, basha bangwe ba ne ba swetsa ka gore gore o sireletsege botoka ke fa o ka nyala o le mo dingwageng tsa bolesome. ‘Mo godimo ga moo,’ ba bua jaana, ‘a 1 Bakorintha 7:9 ga e re: “Ha ba retelèlwa ke go ichōka, a ba nyalè: gonne go molemō go nyala bogolo go go babalèlwa”?’ Lefa go le jalo, pono e e ntseng jalo ga e bonele dilo kwa pele. Mafoko ao a ga Paulo ga a a lebisiwa go ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome mme go bao ba setseng ba ‘fetile nako ya bosha.’ (1 Bakorintha 7:36, NW) Bao ba santseng ba le mo nakong ya bosha ga ba ise ba gole mo go lekaneng mo boikutlong le mo semoyeng gore ba ka kgona go dirisana le dikgatelelo le boikarabelo joo bo tlisiwang ke lenyalo. Journal of Marriage and the Family e bega jaana: “Batho ba ba nyalang ka bonako ba itemogela kgotsofalo e nnye fela mo lenyalong ka gonne ba ne ba ise ba ipaakanyetse seo se dirwang mo lenyalong. Fa o sa dire sentle mo lenyalong o kgotsofala go le gonnye fela, mme seo se tla dira gore lenyalo le seka la tlhomama.” Ka jalo karabo ke gore o seka wa nyala o le mmotlana, mme itshole o itshekile o le motho yo o sa nyalang go fitlha fa o setse o godisitse dinonofo tsotlhe tse di tlhokegang gore lenyalo le atlege.
Itshole o le Phepa!
15. Ke dikgato dife tse di gagametseng tseo di tlhokegang gore o itshole o le phepa mo boitsholong?
15 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō.” (Bakolosa 3:5) Ee, go tlhokega dikgato tse di gagametseng; o tshwanetse wa bo o ikemiseditse go nna o le phepa mo boitsholong. Fa e akgela ka lediri le le dirisitsweng jaaka “bolaeañ,” The Expositor’s Bible Commentary e bua jaana: “Le akantsha gore ga re a tshwanela go itshoka kana go laola fela ditiro tse di bosula le boikutlo. Re tshwanetse go di phimola, re nyeletsa gotlhelele tsela ya bogologolo ya botshelo. ‘Go bolaya ka mmatota’ go ka nna ga tlhalosa maatla a gone. . . . Bokao jwa lediri leo gammogo le maatla a modiriso di akantsha tiro e e dirwang ka maatla, le tiro e e seng monate ya boikemisetso jwa botho.”—Bapisa Mathaio 5:27-30.
16. Go re o tle o itshole o le phepa mo boitsholong, ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go dira ka natla go itshola o le phepa mo mogopolong, mme o ka atlega jang mo go direng jalo?
16 Lefa go le jalo, o ka “bolaya ka mmatota” kana wa ‘phimola’ ditiro tse di seng phepa le boikutlo jang? Jesu o ne a fitlhelela kwa moding wa bothata jono fa a ne a re: “Gonne mo teñ, mo dipeduñ tsa batho, go cwa megopolō e e boshula, le dikgokahalō, . . . Le boaka, le bopelotshètlha.” (Mareko 7:21, 22) Pelo ya tshwantshetso e akareletsa dinonofo tsa go akanya, e leng lebaka leo e amanngwang le “megopolō.” Go itshola o le phepa mo boitsholong, he o tshwanetse gore o ganelele go nna o le phepa mo mogopolong. Jang? Ereka mogopolo o fepiwa ka go utlwa, o tshwanetse go disa se o se lebang ka matlho a gago, o tila dibuka, dithulaganyo tsa TV, kana dibaesekopo tseo di supang kana di mpampetsang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo. Gape, o tshwanetse go elatlhoko se o se reetsang ka ditsebe tsa gago, o sa reetse dipina tse di buang ka tlhakanelo-dikobo. Go tsaya boemo jo bo ntseng jalo go tlhoka bopelokgale, segolo bogolo fa o lebane le balekane ba gago, mme go dira jalo go tla go thusa gore o nne o le phepa mo boitsholong mme o tshegetse boitlotlo jwa gago.
17. Ke ka ntlhayang fa go sa nneng phepa mo boitsholong go sa tshwanela le eleng go umakiwa mo gare ga rona?
17 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola gape jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi.” (Baefesia 5:3; bona gape le temana 12.) Jalo go se nne phepa mo boitsholong ga go a tshwanela go umakiwa, ke gore go seka ga akanngwa ka gone kana ga dirwa metlae ka gone. Ka ntlhayang? Ke fela jaaka mokanoki wa Bibela William Barclay a ne a bua jaana ka gone: “Go bua ka sengwe, go dira metlae ka sone, go nna o ntse o bua ka sone ka metlha ke go se tsenya mo mogopolong wa gago, mme ke go se tlisa gaufi thata le go se dira.” (Yakobe 1:14, 15) Go batla boikemisetso eleruri go ‘kganela molomo wa gago ka mogala,’ segolo bogolo fa basha ba bangwe ba bua metlae e e leswe kana ba dirisa puo e e leswe go tlhalosa ditiro tsa tlhakanelo-dikobo. (Pesalema 39:1) Mme fa o nna o ntse o thokgame o bile o le phepa, o tla itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Pesalema 11:7; Diane 27:11.
18. (a) Go fenya ntwa kgatlhanong le go se nne phepa mo boitsholong, ke ka ntlhayang fa go sa lekana go gana fela dikgopolo le puo e e seng phepa? (b) Re ka solegelwa molemo jang mo kgakololong ya ga Paulo e e yang kwa go Bafilipi?
18 Go fenya ntwa kgatlhanong le go se nne phepa mo boitsholong, ga go a lekana fela go gana megopolo le puo e e seng phepa. Seane sengwe sa Ba-China se bua jaana: “Mogopolo o o senang sepe o bulegetse dikakantsho tsotlhe.” (Bapisa Mathaio 12:43-45.) Paulo o ne a lemoga tlhokafalo eno ya go tlatsa megopolo ya rona ka dikakanyo tse di mosola, le tse di phepa. Ka gone, o ne a kgothatsa Bafilipi jaana: “Dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse [‘akanyang ka tsone ka kelotlhoko’c].”—Bafilipi 4:8.
19. Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhagafalo, mme seno se tla go thusa go nna o le phepa mo boitsholong ka tsela efe?
19 Seno se raya go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhagafalo. (Yoshue 1:8; Pesalema 1:2) Seno se tla nonotsha tlhaloganyo ya gago le pelo mme se tla go thusa go godisa kamano ya botho e e atamalaneng le Jehofa. Ka gone o tla bo o le mo seemong se se botoka sa go ka ganela dithaelo le go tsenelela mo boitsholong jo bo seng phepa. Ga o kake wa ipaya mo kotsing ya go sa tlotleng leina la ga Jehofa le go leretse lelapa la gaeno le phuthego kgobo. Go na le moo, o tla dirisa maatla a gago le nonofo ya gago ya bosha ka tsela eo o ka sekang wa e ikwatlhaela morago. Ee, o tla latela tsela ya boitsholo jo bo phepa, mokgabo eleruri wa basha ba ba fitlhelwang ba direla Jehofa!—Diane 3:1-4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona ditokololo tsa Awake! tsa September 8, 1987, ditsebe 19-21; November 8, 1987, ditsebe 18-20; le ya March 8, 1988, ditsebe 20-3.
b Awake! ya December 8, 1985, ditsebe 10-12.
c The Expositor’s Greek Testament.
Basha—Lo ne lo ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa lo tshwanetse go tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo tsa bophepa mo boitsholong?
◻ Ke dikgatelelo dife tseo di dirang gore go tshegetsa boemo jo bo phepa le Modimo e nne kgwetlho?
◻ Ke eng se se ka thusang go thulana le kgwetlho ya go nna o le phepa mo boitsholong?
◻ Ke dikgato dife tse di gagametseng tseo di tlhokegang gore o itshole o le phepa?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bontsi jwa bao ba santseng ba le mo dingwageng tsa bone tsa bosha ba santse ba le bannye thata go rwala boikarabelo jwa botsadi