LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/1 ts. 15-20
  • A O Nna O le Phepa ka Ditsela Tsotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Nna O le Phepa ka Ditsela Tsotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bophepa jwa Mmele: Selo se se Tlang Pele
  • Go Tila go Kgotlelwa Tlhaloganyo
  • “Go Itisa” gore o Nne o le Phepa mo Boitsholong
  • Ipoloke o le Phepa Semoyeng
  • A O Tla Nna o le Phepa?
  • Go Ntlafadiwa re le Setšhaba, re Ntlafalediwa go Dira Ditiro Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Batlhanka ba Modimo ba Tshwanetse go Nna Phepa
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Modimo o Rata Batho ba ba Phepa
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Nna Phepa mo Mogopolong le mo Mmeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/1 ts. 15-20

A O Nna O le Phepa ka Ditsela Tsotlhe?

“Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.”​—ISAIA 52:11

1. (a) Taolo ya segosi e ile ya letlelela dijana tsa a Jehofa jang go busediwa kwa Jerusalema? (b) Dingwe tsa dijana tseo di ne di itshekolotswe jang?

KA BOFEFO fela ba ne ba gololesegile​—morago ga dingwaga tse 70 tsa bokgoba! Taolo ya segosi mo e ka nnang ka 538 B.C.E. e ne ya letlelela morafe wa Sejuda go boa go tla go ‘fagaj ntlo e e mo Yerusalema ea ga Yehofa, Modimo oa lseraela.” (Esere 1:2, 3) Gape, tiragalo e nngwe e e gakgamatsang ke gore: “Kgosi Kuruse (wa Peresiaj a ntsha dilwana tsa ntlo ea ga Yehofa, tse Nebukadenesare o kileñ a di gapa a di tsaea kwa Yerusalema. (Esere 1:7, 8) Mo gare ga tseno go ne go na le dijana tse di boitshepo tse Beleshasare le magosana a gagwe ba neng ba di itshekolotse mo bosigong jwa go wa ga Babelona ba di dirisa ka tshotlo ka go galaletsa medimo ya bone ya maaka! (Daniele 5:3, 4) Jaanong ba e neng e le ditshwarwa ba ne ba ka busetsa dijana tseno kwa Jerusalema go ya go dirisiwa mo go galaletseng Jehofa!

2. (a) Ke boperofeti bofe jwa ga Isaia jo ba ba neng ba boa ba neng ba tla bo gakologelwa? Bo ne bo tla dira mo go bomang? (b) Ke eng fa ba ne ba kgothadiwa gore ba seka ba ama sepe se se itshekaloeilene?

2 Jaaka ba ipaakanyetsa go bothologa ka matlhagatlhaga, Bajuda ba ba boang kwantle ga pelaelo ba ne ba gakologelwa mafoko a ga moperofeti Isaia: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.” (Isaia 52:11) Legale, Baleñ tota ba ne ba rwele dijana. (Dipalō 1:50, 51; 4:15) Lefa go ntse jalo, Isaia o ne a boleletse-pele gore botlhe ba ba boang e tla bo e le batshola-dijana ba ba tlotlegang. Ka gone botlhe ba ne ba tshwanetse go nna phepa. Ba ne ba sa tshwanela go amoga Bababelona dilo tsa bone tse di botlhokwa jaaka Baiseraele ba ne ba dira fa ba ne ba tswa mo Egepeto. (Bapisa Ekesodo 12:34-38.) Ba ne ba tshwanetse go gololesega gotlhelele mo tlhotlheletsong ya boikgagapeledi kana ya go rata dilo tse di bonalang fa ba boa. Fa e le kaga “medimo . . . ea disetwa” ya Babelona, go e ama fela go ne go tla dira gore motho a itshekologe!a (Yeremia 50:1, 2) Go nna phepa ka ditsela tsotlhe go ne go tla dira gore Bajuda ba tsamaye ka “tsela ea boitshèpō” go boela kwa Jerusalema.​—Isaia 35:8, 9.

3. Ke bomang gompieno ba ba tshotseng “diyana” tsa ga Jehofa? Ke eng fa e le kgwetlho mo go bone go nna ba le phepa?

3 Gompieno Basupi ba ga Jehofa ka mo go tshwanang ba tshwanetse go nna phepa jaaka batshodi ba “diyana” tsa ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ile a tsopola mafoko a ga Isaia mme a a dirisa mo Bakereseteng ba motlha wa gagwe, ka gore: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (2 Bakorintha 6:17–7:1) Mo godimo ga go tshela mo lefatsheng le le seng phepa, re tshwanetse go lwantshana le ditshekamelo tsa rona tse di phoso tse re di ruileng. (Genesise 8:21) Yeremia 17:9 gape e re gakolola jaana: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?” Bangwe ba a itsietsa ba bo ba tsietse le ba bangwe ka go dumela gore matshelo a bone a phepa ebile a amogelesega mo Modimong, fa boammaaruri e le gore ga go a nna jalo. Ba dira mofuta mongwe wa boitimokanyo. Ka gone mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go botsa ka gore, ‘A ke dira boiteko jotlhe mo go nneng phepa fa pele ga ga Jehofa ka ditsela tsotlhe?’ Go re thusa go dira jalo, a jaanong re lebeng mo dintlheng tse nne tsa bophepa.

Bophepa jwa Mmele: Selo se se Tlang Pele

4. (a) Ke eng fa bophepa jwa mmele e le se se tleng pele mo bathong ba ga Jehofa? (b) Ke eng fa go ka nna thata ka dinako tse dingwe go boloka selekanyo se ee kwa godimo sa bo hepa?

4 Bophepa jwa mmele ke selo se se tlang pele gareng ga batho ba ga Jehofa gompieno jaaka go ne go ntse mo metlheng ya bogologolo. (Ekesodo 30:17-21; 40:30-32) Tota ebile, a re ne re tla bo re tsaya ‘dijana tsa ga Jehofa’ ka tlotlo fa meriri ya rona, diatla tsa rona, difatlhego tsa rona, meno a rona, kana dinala tsa rona di le leswe, kana re nkga monko o o bosula mo mmeleng? Lefa go le jalo, go motlhofo go leseletsa ditekanyetso tse di kwa tlase tsa lefatshe go re tlhotlheletsa.​—Baroma 12:2.

5. (a) Ke eng fa go le botlhokwa go le alo go boloka ditekanyetso tsa rona tse bophepa di le kwa godimo? Neela dikai tsa lefelo la lona tsa ka moo kgakololo eno e ka dirisiwang ka gone. (b) Bagolwane ba ka thusa jang?

5 Re ka tlhomologa jang re farologane le lefatshe fa re ineela mo ditekanyetsong tse di kwa tlase tsa lefatshe? A legae le le leswe kana lefelo la kobamelo le le boatla le ka seke le dire gore “lehoko ya Modimo le se tlhapadiwe”? (Tito 2:5) Mme fa re itlhokomela sentle mo mmeleng, re sela matlakala kwa lefelong la kopano, re thusa mo go baakanyeng Holo ya Bogosi, le go boloka magae a rona​—le eleng a a nyatsegang thata​—a baakantswe sentle a le phepa, re tlisetsa Modimo kgalaletso! (Bapisa 1 Petere 2:12.) Bagolwane, bontshang sekao sa botho se se molemo sa bophepa. Lo seka lwa ‘itsemeletsa’ mo go neeleng kgakololo e e tshwanetseng fa go tlhokafala.​—Ditihō 20:20.

6. Tekanyetso ya rona ya go apara kwa dipokanong le tirelo ya tshimo e tshwanetse go nna efe?

6 Go tweng ka diaparo tse re di aparang fa re obamela kwa dipokanong tsa rona le fa re le mo tirelong ya tshimo? A ga di a tshwanela go nna tse di ‘leka-lekaneng le tse di baakantsweng sentle’? (1 Timotheo 2:9; Bahebera 10:23-25) O seka wa akanya gore re patelesega go apara sentle fela fa re na le karolo mo pokanong. Go apara mo go feteletseng ga go bontshe teka-tekanyo mme ga go a tshwanela kobamelo. Dikgetsi tsa dibuka tse di onetseng le Dibibela tse di malepelepe le tsone di ka itaya tsebe molaetsa wa Bogosi.

Go Tila go Kgotlelwa Tlhaloganyo

7. Re tlhoka eng se se olo gore re nne phepa mo mosogolong, go ya ka Bafilipi 4:8?

7 Mo go Bafilipi 4:8 Paulo o gakolola ka gore: “Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō eotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.” Lefa go le jalo, gongwe le gongwe re tlhotlhelediwa ke dithaelo go okomela mo “[dilong] tse di boteñ tsa ga Satane.”​—Tshenolō 2:24.

8. Dikotsi tse di tlisiwang ke mefuta e e farologaneng ya boitloso-bodutu di ka tshwantshiwa jang? Neela dikai tsa lefelo la ga eno.

8 Ka sekai, go bonwa motlhofo ga didirisiwa tsa ditshwantsho tsa batho ba ba sa aparang le bothubaki jo bo feteletseng go ile ga felela ka mathata a a masisi mo badirising bangwe ba dikhasete tsa video. Kwa Yuropa, mokaulengwe mongwe yo o nyetseng o ne a lebelela ditheipi tse di sa siamang morago ga mosadi wa gagwe a ya go robala. Peo ya go dira bosula e ne ya jalwa ya nitama, mo go neng ga felela ka boaka. (Bapisa Yakobe 1:14, 15.) Mo lefatsheng lengwe la Afrika, setlhopha sa basha ba Basupi ba ne ba adima ditheipi tse di seng phepa mo ditsaleng tsa sekolo mme ba di lebelela fa batsadi ba bone ba seyo. Lefa go ntse jalo, mogolwane mongwe kwa Nigeria o tlhalosa jaana: ‘Kotsi e kgolwane gantsi e nna. ka go lebelela dithulaganyo tsa TV tse di bontshang bothubaki jo bo tshwanang, bokebekwa le ntwa, dipono tsa lorato, le lonyatso lwa bothokgami jwa lonyalo.’ Dipampiri tsa dikgang tse di tlhwatlhwa e e kwa tlase tse di kgalang, dimakasine tsa batho ba ba sa aparang dibuka tse di tsosang dirwe tsa bonna le bosadi, dibaesekopo, le mmino o o sa siamang ke dikotsi tsa letsatsi le letsatsi.

9. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tlhopha mabapi e se re se reetsang, se re se lebelelang, le se re se balang? (b) Re tshwanetse go arabela jang fa re tshoganediwa ke dilo tse di sa siamang?

9 Re ka seke re kgone go tlatsa megopolo ya rona leswe ka dilo tse “di[tlhabisang] ditlhoñ le di bolèlwa hèla.” (Baefesia 5:12) Ka gone tlhopha seo o se reetsang, seo o se lebelelang, le seo o se balang. Itise mme o dire ka bofefo go gana dilo tse di sa siamang! (Pesalema 119:37) Seno se tla batla boitshwaro jwa mmatota, gongwe ka tshwantshetso ‘o ikgoba mmele le go o laola jaaka lekgoba!’ (1 Bakorintha 9:27) Lefa go le jalo, gakologelwa ka metlha gore se re se lebelelang mo sephiring se tlhokometswe ke “èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:27) Ka gone gana se se sa siamang. “Lo nntse lo lekèla go lemoga se se kgatlhañ Morèna.”​—Baefesia 5:10.

“Go Itisa” gore o Nne o le Phepa mo Boitsholong

10. (a) Lebaka le le lengwe fela ke eng la gobo ba le bantsi jaana ba kgalemelwa kana ba kgaolwa ngwaga le ngwaga? (b) Boitshwaro jwa rona mo malatsing a boikhutso le kwa tirong bo tshwanetse go laolwa ke molao-motheo ofe wa Bibela?

10 Mo go Baefesia 5:5 Paulo o tlhagisa ka gore: “Gonne mo loa go itse ka tlhōmamō, ha go se seaka, leha e le motho eo o mashwè, leha e le moiphetlhi, eo e leñ moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo o ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.” Lefa go le jalo, diketekete tsa batho ngwaga le ngwaga ba a kgalemelwa kana ba kgaolwa ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa ka fa dikobong—​‘ba leofela mmele.’ (1 Bakorintha 6:18) Gantsi, ya bo e le fela matswela a go sa ‘itlhokomeleng go ya ka lefoko la Modimo.’ (Pesalema 119:9) Ka sekai, bakaulengwe ba le bantsi ba repisa go itisa ga bone mo dinakong tsa malatsi a boikhutso. Ba itlhokomolosa bokopano jwa bolegodimo, ba ikopanya le botsala jwa selefatshe kwa malatsing a boikhutso. Ka go akanya gore bano ‘ke batho ba ba molemo tota,’ Bakeresete bangwe ba ile ba kopanela le bone mo ditirong tse di belaetsang. Ka mo go tshwanang, bangwe ba ile ba feteletsa botsala jwa bone le badiri-mmogo. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a tsalana thata le modiri-ka-ene wa mosadi mo eleng gore o ne a tlogela lelapa la gagwe mme a ya go nna le ene! Go ne ga felela ka gore a kgaolwe. Abo mafoko a Bibela a le boammaaruri jang ne, “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentle”!​—1 Bakorintha 15:33.

11. Ke eng fa dikokoano tsa Bokeresete di tshwanetse go laolwa ka tshwanelo?

11 Go tswa kwa Afrika Borwa go tla pego eno: “Kotsi e nngwe e e tshosetsang go tlhomama ga boitsholo ga bontsi ke meletlo e megolo . . . e mengwe ya yone e neng e tshwarwa morago ga dithulaganyo tsa kopano ya kgaolo.” Lefa go ntse jalo, dikokoano tse dinnye tsa Bokeresete tse di laolwang sentle ga se gantsi di senyegela mo go nneng “ditlhapèlō.” (Bagalatia 5:21) Fa dino tsa tagi di dirisiwa, dira jalo kafa tlase ga tlhokomelo le teka-tekanyo. “Boyalwa yoa mofine ke moshotli,” mme kafa tlase ga tlhotlheletso ya jone, bakaulengwe bangwe ba ile ba repisa go itisa ga bone kana ba tsosolosa bokoa jo bo ba koafatsang. (Diane 20:1) Ka gone, badiredi ba ba botlana ba babedi ba ne ba kopanyelediwa mo ditirong tsa bosodoma morago ga go nwa dino tsa tagi thata.

12, 13. (a) Bangwe ba ile ba siamisa jang boitshwaro jo bo maswe? Ke eng fa kakanyo e e ntseng jalo e le kotsi? (b) Re ka itisa jang kgatlhanong le matshosetsi a boitsholo jo bontle?

12 Fa o raelwa go dira molato, gakologelwa gore, go sa kgathalesege gore re lebega re le phepa jang ka kwantle, ke se re leng sone mo teng se se leng mosola. (Diane 21:2) Go lebega bangwe ba ikutlwa gore Modimo o tla lebala melato e e boelelwang mo boitshwarong jo bo maswe ka ntlha ya gore ba bokoa. A mme seno ga se “[go] hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè”? (Yude 4) Ebile bangwe ba akanya gore “Yehofa ga a re bone.” (Esekiele 8:12) Lefa go le jalo, gakologelwa gore “ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.”​—Bahebera 4:13.

13 Ka gone nna o itisitse kgatlhanong le matshosetsi a boitsholo jo bo molemo! “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanèlañ.” (Baefesia 5:3, 4) “Ilañ se se boshula,” go sa kgathalesege gore se ka tswa se ipedisa go le kana kang mo nameng.​—Baroma 12:9.

Ipoloke o le Phepa Semoyeng

14, 15. (a) Bangwe ba ile ba ipaya jang mo go kgotlelweng semoyeng? (b) Batenegi ba dirisa jang ‘melomo ya bone go senya ba ga bone’? (c) Batenegi ga ba phepa tota ka ditsela dife, mme ba lebetse eng?

14 Bangwe ba ile ba ipaya mo ba ka nnang ba kgotlelwa semoyeng ka go reetsa dikgaso tsa radio le tsa thelebishene tsa bodumedi. Mo lefatsheng lengwe la Afrika, bangwe ba ile ba lebelela ka kamogelo diterama tsa TV tse di bontshang tumelo-botlhodi tsa bodumedi jwa ngwao jwa gore moya o tshela o farologane le mmele. Lefa go le jalo, moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa ka kotsi e eleng kgolo thata​—banna ba batenegi bao ba neng ba “ribegeditse tumèlō ea bañwe.” (2 Timotheo 2:16-18) Batho ba ba ntseng jalo ba santse ba le gone! (2 Petere 2:1-3) Mme ka dinako tse dingwe ba ile ba atlega mo go kgotleleng go akanya ga bangwe. Jaaka Diane 11:9 e re: “Motho eo o sa reñ Modimo sepè o senya oa ga gabō ka molomo oa gagwè.”

15 Gantsi batenegi ba ikuela mo boikgodisong, ba iphaka gore re rontshiwa kgololesego ya rona, go akareletsa le kgololesego ya go utlwisisa Bibela ka mo re bonang ka gone. (Bapisa Genesise 3:1-5.) Boammaaruri ke gore, bano ba ba tla nnang ba ba itshekololang ga ba neele sepe fa e se go boela kwa dithutong tse di bodisang tsa “Babelona o Mogolo.” (Tshenolō 17:5; 2 Petere 2:19-22) Bangwe ba ikuela mo nameng, ba kgothaletsa ba ba kileng ba bo ba kopanela le bone go ‘kgoba kgetsi’ ka gore tiro ya maemo a a kwa tlase ya go rera ka ntlo le ntlo ‘ga e botlhokwa’ kana ‘ga se ya Dikwalo.’ (Bapisa Mathaio 16:22, 23.) Ke boammaaruri, bao ba ba maleme a borethe ba ka nna ba lebega ba le phepa ka kwantle mo mmeleng le mo boitsholong. Mme mo teng ga ba phepa semoyeng, ba ile ba ineela mo boikgodisong le go akanya ga boitaolo. Ba lebetse gotlhe mo ba go ithutileng kaga Jehofa, leina la gagwe le le boitshepo le dikgono tsa gagwe. Ga ba sa tlhole ba lemoga gore gotlhe mo ba go ithutileng kaga boammaaruri jwa Bibela​—tsholofelo e e galalelang ya Bogosi le lefatshe la paradaise le go latofadiwa ga dithuto tsa maaka, tse di tshwanang le Tharo-nngwe, go sa sweng ga moya, tlhokofatso ya bosakhutleng, le pakatori—​ee, tsotlhe tseno di ne tsa ya kwa go bone ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.”​—Mathaio 24:45-47.

16. Basiami ba gololwa jang “ka kico”?

16 Se se kgatlhisang, molebedi mongwe wa potologo kwa Fora o ne a tlhalosa jaana: “Bakaulengwe bangwe ba a tsiediwa ka ntlha ya go bo ba sena kitso ya boammaaruri.” Ke gone mo eleng gore Diane 11:9 e tlhalosa ka gore: “Me mosiami o tla gololwa ka kico.” Seno ga se reye go reetsa batenegi kana go itshunya mo mekwalong ya bone. Mo boemong jwa moo, go raya go ‘nna le kitso ya boammaaruri ya masaitsiweng a a boitshepo a Modimo’ ka go nna le thuto ya botho e e tlhagafetseng ya Bibela le dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng tsa Mokgatlho. Fa o na le kitso eno ya boammaaruri, a o ka kgatlhegela le eleng go tshwara dibuka tsa mafoko a batenegi? A motho ope a se ka a lo “hora ka bohacwa yoa puō”! (Bakolosa 2:2-4) Boipapatso jwa bodumedi jwa maaka go tswa motsweding ope fela bo tshwanetse go tilwa jaaka more o o bolayang! Ruri, ereka Morena wa rona a dirisitse “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” go fetisetsa kwa go rona “mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ,” ke eng fa re ka batla go leba go sele?​—Yohane 6:68.

A O Tla Nna o le Phepa?

17, 18. Ke eng fa go le botlhokwa go tlhagolela (a) bophepa jwa mmele, (b) bophepa jwa tlhaloganyo, (c) bophepa jwa boitsholo, le (d) bophepa jwa semoya?

17 Ka gone go kopanyelediwa go le gontsi mo go nneng o le phepa fa pele ga ga Jehofa Modimo. Go boloka mebele ya rona e le phepa, magae a rona, diaparo tsa rona, le diholo tsa rona tsa Bogosi go kgabisa molaetsa wa rona wa Bogosi. Go ipoloka re le phepa mo tlhaloganyong go re thusa go nna re le phepa mo boitsholong le mo semoyeng. Seno se dira gore re reetse tlhagiso ya ga Paulo mo go Bafilipi 4:8, go boloka megopolo ya rona mo dilong tse eleng tsa boammaaruri, tse di itshekileng, le tse di tlotlegang

18 Gape re ka lemoga go feta le eleng pele gore re tshwanetse go nna re le phepa mo boitsholong ka go bua le ka ditiro. Jehofa o re tlhagisa thata gore bao ba tshwaregang mo mofuteng ope wa boitsholo jo bo maswe ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Go sa kgathalesege gore dilo tse di seng phepa tseo di lebega di ipedisa go le kana kang, fa re jalela nama, re tla roba sebodu mo nameng. (Bagalatia 6:8) Labofelo, go na le kgang ya go nna phepa semoyeng, go nna le thuto e e phepa. Bophepa joo bo re thusa go boloka dipelo tsa rona le megopolo ya rona di itshekile. Ka gone re tlhotlhelediwa ka metlha go batla megopolo ya Modimo mo dikgannyeng​—eseng ya rona.

19. Ke eng se se ka thusang batlodiwa gammogo le “boidiidi yo bogolo” mo go nneng ba le phepa ka ditsela tsotlhe?

19 Mo bogautshwaneng ene yo o godisang bomaswe​—Satane Diabolo​—gammogo le badimo ba gagwe, ba tla latlhelwa mo moleting o o boteng. Go fitlhelela ka nako eo, ekete batlhanka ba ga Jehofa botlhe​—ba ba tloditsweng le “boidiidi yo bogolo”​—ba ka nna ba le phepa jaaka batshola-dijana tsa ga Jehofa. (Tshenolō 7:9, 13-15; 19:7, 8; 20:1-3) Ntwa ke e e tswelelang-pele le e e thata. Lefa go le jalo, gakologelwa gore Jehofa o neela ‘moya o o boitshepo’ wa gagwe kwantle ga tuelo. (Baroma 1:4) Phuthego ya gagwe e e phepa, ka bagolwane ba yone, le yone e eme e iketleeleditse go re thusa ka go re neela kgakololo e e dirang ya Dikwalo. Ka thuso e e ntseng jalo le boikaelelo jwa rona, re ka sala re ntse re le phepa ka ditsela tsotlhe!

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Lefoko la Sehebera la medimo ya disetwa gil·lu·limʹ, e ne e le lefoko la lonyatso le pele le neng le raya ‘dibi tsa boloko’​—eleng sengwe se se nmkgapha mo Bajudeng.​—Duteronome 23:12-14; 1 Dikgosi 14:10; Esekiele 4:12-17.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Ke eng fa Bajuda ba ba neng ba boa ba tswa Babelona ba ne ba tshwanetse go nna phepa?

◻ Re ka elatlhoko bophepa jwa mmele jang?

◻ Re ka sireletsa megopolo ya rona jang mo go kgotlelweng?

◻ Re ka itisa jang mo dikotsing tsa boitsholo?

◻ Re ka boloka jang bophepa jwa rona jwa semoya?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Magae a rona a tshwanetse go nna dikao tsa bophepa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bakeresete ba tshwanetse go dirisa katlholo e e siameng mo go tileng ditheipi tsa video le dithuaganyo tsa TV tse di ka kgotlelang mogopolo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Dikokoano tse dinnye di ka agelela mo boitsholong

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Basupi ba ba tlhagafetseng ba nna ba le phepa semoyeng mme ba bona tshireletsego le boipelo ka thuto ya Bibela e e tlhagafetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela