‘Go Lekiwa ga Bopeloephepa jwa Lorato lwa Lona’
MAFOKO a a fa godimo a go gakolola eng? Pogiso le pitlagano? Go swela tumelo? Mafoko ao a ne a kwadiwa lantlha ke moaposetoloi Paulo mo lokwalong lo lo neng lo ya kwa Bakereseteng ba Korintha wa bogologolo. A botlhokwa fela thata mo bathong ba ga Jehofa gompieno ka gore ‘bopeloephepa jwa lorato lwa bone’ bo lekwa ka go tshwana. Jang? Go araba, a re tlhatlhobeng gore Paulo o ne a bua mafoko ano mo seemong se se ntseng jang.
Motheo wa go Lekiwa
Dingwagasome tse pedi morago ga go tlhomiwa ga Bokeresete, phuthego mo Jerusalema e ne e na le mathata a madi. Ka ba ne ba nna koo go neng go na le pogiso le go tlhaolwa ke Bajuda gone, Bakeresete mo dingwageng tseno ba ne ba ile ba nna le “ntwa e kgolo ea ditlhokohaco,” le eleng go itemogela ‘go gapelwa dithoto.’ (Bahebera 10:32-34) Ba ne ba tlhoka thuso e e tswang ka kwantle.
Eleruri, bakaulengwe ba bone ba Baditšhaba ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhotlheletsega go ba thusa mo go tlhokeng ga bone. Mo godimo ga moo, ba ne ba na le “molato” o o kgethegileng go Bakeresete ba kwa Jerusalema. A mafoko a a molemo a ne a sa phatlaladiwa go tswa kwa Jerusalema go ya go Baditšhaba? Paulo o ne a akanya jaana: “Gonne ha Badichaba ba dihilwe baabedwi ba dilō tsa bōnè tsa semōea, le bōnè ba chwanetse go ba dihèla ka dilō tsa bōnè tsa senama.”—Baroma 15:27.
Go Rulaganya Dithuso
Paulo o ne a laetswe ke setlhopha se se laolang gore a “gakologèlwè bahumanegi [ba Bakeresete].” (Bagalatia 2:10) Ka jalo o ne a romela molaetsa kwa Bakereseteng ba ba kwa Yuropa le kwa Asia Minor malebana le boemo mo Jerusalema. Ditaolo tsa ga Paulo ke tseno: “Me yana, kaga madi a a phuthèlwañ baitshepi, yaka ke laotse diphuthègō tsa Galatia, le lona lo dihè yalo. E re ka letsatsi ya ntlha ya weke, a moñwe le moñwe oa lona a beèlè señwe ha thokō, kaha o bonyeñ go bapala ka gōna, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha.”—1 Bakorintha 16:1, 2.
Ka go beela madi kwa thoko ka tsela eno, ga go ope yo a neng a tla ikutlwa a patelelwa kana a gatelelwa fa dithuso tse di jalo di ne di phuthiwa. Bakaulengwe ba ne ba sa boife gore madi a bone a ne a ka seka a dirisiwe sentle kana a senngwe. Ke fela ‘banna ba ba tshwanetseng’ bao ba neng ba letlelelwa go isa madi a a phuthilweng ano, mme Paulo o ne a tla tsamaya le bone ka boene fa go ne go tlhokega.—1 Bakorintha 16:3-5.
Bakorintha ba ne ba arabela jang? Lefa bakaulengwe go lebega ba ne ba arabela kgothatso eno ya ga Paulo sentle, dithuso tseo ga di a ka tsa romelwa. (2 Bakorintha 8:6, 10, 11) Gongwe bagolwane ba ne ba tshwaregile ka go khutlisa makoko mo phuthegong, boitsholo jo bo sa siamang, le mathata a mangwe ao Paulo a neng a ba kwaletse ka one.
‘Ba Aba ka Bopelotlhomogi’
Lefa go le jalo, Paulo o ne a ba kwalela lokwalo lo longwe lo lo neng lo re: “Gapè ba ga echo, re lo itsise tshegohacō ea Modimo e e neilweñ ba diphuthègō tsa Makedonia; Yaka e rile mo tekoñ e kgolo ea pitlaganō, botlalō yoa boitumèlō yoa bōnè, le khumanègō ea bōnè e kgolo, ga penologa letlōtlō ya go aba ga bōnè. Gonne ke shupa ha ba ntshitse ka pelo tsa bōnè, kaha nonohoñ ea bōnè, E, le go hetisa nonohō ea bōnè. Ba re rapèla ka thapèlō e kgolo kaga tlhōgōnōlōhaco e, le kaga go kōpana le rona mo go diheleñ baitshepi: Me ba diha mo, e señ yaka re ne re sholohetse, me bōnè ka sebele sa bōnè ba inaea Morèna pele, ba ba ba inaea rona ka go rata ga Modimo. Ra ba ra tla ra laea Tito, go re, yaka a na a simolotse galè, le gōna a tlè a wetsè le yeōna tlhōgōnōlōhaco e mo go lona. Me yaka lo na le letlōtlō mo diloñ cotlhe, eboñ mo tumeloñ, le mo puoñ, le mo kicoñ, le mo tlhōahaloñ eotlhe, le mo go re rateñ ga lona, lo bōnè gore lo nnè le letlōtlō le mo tlhōgōnōlōhacoñ e le eōna.”—2 Bakorintha 8:1-7.
Sekao sa ba ba kwa Makedonia ba ba neng ba intsha setlhabelo se ne sa naya Bakorintha sengwe seo ba neng ba tla akanya ka sone ka bomasisi. Korintha e ne e bolelwa gantsi ka letlotlo, letlepu, le kgwebo. Bangwe ba bakaulengwe koo ba ne ba humanegile, lefa go le jalo, ka kakaretso, phuthego e ne e dira botoka go na le Bakeresete ba kwa Makedonia bao ba neng ba ‘humanegile fela thata.’ Lefa go le jalo, ba ba kwa Makedonia ba ne ba ntshitse “go hetisa nonohō ea bōnè.” Paulo ga a ka a ba emelela go ntsha dithuso. Ebu, ba ne ba ‘kopa’ Paulo ‘ka go mo patelela’ gore a tseye sengwe mo dithusong tseo! Seno e ne e le bosupi jwa gore Bakeresete ba Makedonia eleruri ba ne ba ‘ineetse mo Moreneng [ba sa itshadisetsa sepe] le mo go [Paulo le ditsala tsa gagwe],’ ba ineetse mo kaelong ya bone ya bolegodimo.
Lorato le go Aba ga Bone di ne tsa Lekiwa
A Bakorintha ka go tshwana ba ne ba tla tlhotlheletsega go ‘aba ka bopelotlhomogi’? Fa a ne a etela Korintha lantlha, Paulo o ne a patelesega gore a itshedise ka go dira ditante. (Ditihō 18:1-3) O ne a tswelela pele ka tiro eno ya go itshedisa le eleng lefa phuthego eo e ne e ntse e gola koo, o ne a tila go dirisa “tshiamèlō,” ya gagwe ya go amogela tshegetso ya madi mo go bone jaaka moefangele wa nako e e tletseng.—1 Bakorintha 9:3-12.
Mokwadi mongwe wa dikgang tsa Bibela Thomas Scott o bua jaana: “Go lebega, a ne a bone dilo dingwe mo boikutlong jwa Bakeresete ba Bakorintha, joo lantlha bo neng jwa mo dira gore a seka a dumela go amogela thuso epe mo go bone.” Gongwe ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke bogagapa mo dilong tse di bonalang tseo ba neng ba na natso, go lebega Bakeresete ba ba neng ba humile ba Korintha e ne e se ba ba nayang. Paulo a ka nna a bo a ile a boifa gore Bakorintha bao ba neng ba sekametse thata kafa kgwebong ba ne ba tla belaela boikaelelo jwa gagwe fa a ne a ka amogela tshegetso epe fela ya madi mo go bone. Go ka nna ga tswa go ne go na le ba bangwe bao, jaaka bangwe kwa Thesalonika, ba neng ba le ditshwakga mme ba batla go dira seno seipato sa go tshela ka Bakeresete-ka-bone.—2 Bathesalonia 3:7-12.
Lefa go ne go le jang, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba itlhophela go itshedisa, ‘gore ba seka ba kgoreletsa mafoko a a molemo a ga Keresete ka gope.’ (1 Bakorintha 9:12) Lefa go le jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Paulo o ne a nna le mathata a madi, mo mafoko a gone a ileng a fitlha kwa Bakereseteng bao ba humanegileng bao ba neng ba nna kwa Filipi. Paulo o ne a raya Bakorintha a re: “Ka thukhutha diphuthègō tse diñwe, ka amogèla tuèlō mo go cōna, gore ke dihèlè lona; Me ke rile ke le mo go lona, me ke tlhōka señwe, ga kea ka ka imèla motho opè; gonne e rile ba ga echo ba cwa kwa Makedonia [go lebega e le kwa Filipi], ba ntlaletsa kaha selekanyoñ sa go tlhōka ga me; me mo diloñ cotlhe ke na ka ithiba gore ke se lo imele, me ke tla nna ke ithiba yalo.”—2 Bakorintha 11:8, 9; bapisa Bafilipi 4:15, 16.
Eleruri, Paulo o ne a dumela ka boene gore o ne a ka seka a amogela ‘thuso epe’ go Bakorintha. Mme fa Paulo a ne a leka go gana go ya kwa ntlong ya mosadi mongwe wa Mofilipi ebong Lidia, ‘o ne a ba patelela.’ (Ditihō 16:15) A Bakorintha le bone ba ne ba bontsha kamego e e jalo ya go ganelela mo go amegeng ka seo Paulo a neng a se tlhoka? Mongwe a ka nna a ipotsa jalo. Lefa go le jalo, Paulo o ne a lemoga boemo jo bo neng bo ama phuthego ya Jerusalema mme seo se ne sa mo naya tshono ya go leka gore a Bakorintha e ne e le batho ba ba timanang kana e ne e le batho ba ba nayang. Ka gone o ne a ba kgothatsa jaana:
“Ga ke bue ka mokgwa oa taolō, mme go leka bopeloephèpha yoa loratō loa lona ka tlhōahalō ea ba bañwe. Me go mo ga ke go bue gore ba bañwe ba imololwè, le lona lo imèlwè: Ha e se gore, go lekalekanè; ke gore botlalō yoa lona bo tlatsè botlhōkwa yoa bōnè mo bakeñ seno; gore le botlalō yoa bōnè bo tlè bo tlatsè botlhōkwa yoa lona; gore go tlo go nnè tekatekanō: Yaka go kwadilwe, ga twe, Eo o bapetseñ segolo ga a ka a salèlwa ke sepè; le eo o bapetseñ sebōtlana ga a ka a tlhaèla gopè.”—2 Bakorintha 8:8, 13-15.
Go lebega gore Bakorintha ba ne ba falola teko eo. Nako nngwe moragonyana Paulo o ne a bega jaana: “Gonne go kgatlhile ba Makedonia le ba Akaia [koo Korintha e neng e le gone] go acwa bahumanegi ba ba mo baitshepiñ ba ba kwa Yerusalema.”—Baroma 15:26.
Go Thulana le Teko Gompieno
Lefa go ntse jalo, a rona, re falola diteko tsa go supa lorato le go aba tseo di nnang gone gompieno? Re tshela mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang.’ (2 Timotheo 3:1-5) Bontsi jwa rona bo na le mathata a madi. Mme ka dinako tse dingwe “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō” di a re gatelela. (1 Yohane 2:16) Abo go le motlhofo jang ne go nna bao ba ikakanyetsang re le nosi, ba ba sa reng sepe ka seo ba bangwe ba se tlhokang!
Ka kakaretso fela, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ile ba thulana le diteko tsa go supa lorato lwa bone lwa bokaulengwe ka tsela e e tlhomologileng. Ka sekai, ka March 3, 1985, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe kwa Santiago, kwa Chile. Makgolokgolo a bakaulengwe a ne a latlhegelwa ke magae a bone le dithoto. Ka bonako fela, diphuthego di ne tsa rulaganya maiteko a go ba thusa. “Mo nakong ya dioura fela,” go bega jalo bakaulengwe, “bangwe ba ne ba simolola go goroga ka dijo, diaparo, dikobo, le didirisiwa tse dingwe tsa botlhokwa.” Meneelo e ne ya tla go tswa lefatsheng lotlhe. Ditiragalo tse di tshwanang di ile tsa nna tsa diragala ka makgetlo a le mmalwa go ralala dingwaga.
Mme ga re a tshwanela go emela gore go nne le kotsi nngwe gore re supe lorato lwa rona lwa bokaulengwe. Fa Mokeresete-ka-rona a na le mathata a madi, re tshwanetse go tlhokomela seo a se tlhokang, re dira seo se fetang fela go bua re re, “Tsamaeañ sentlè, lo thuthahalè, lo kgorè.” (Yakobe 2:15, 16) Mme go tweng ka bao ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng bao ‘ba tshelang ka mafoko a a molemo.’ Jaaka Paulo, bao ga ba batle ka patelelo kana lefa e le go lebelela gore bao ba ba direlang ba ba thuse ka madi. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba ile ba tlhotlheletsega go bontsha go aba ga bone go bao ba ‘jalang dilo tsa semoya’ mo boemong jwa bone.—1 Bakorintha 9:11, 14.
Mme go tweng ka ditlhokafalo tsa phuthego ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa? 1989 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e bega gore “mo ngwageng wa tirelo wa 1988 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa dirisa madi a a ka nnang R74 586 692,43 mo go tlhokomeleng babulatsela ba ba kgethegileng, barongwa, balebedi ba ba etang mo dikabelong tsa bone tsa tirelo ya tshimo.” Go ne ga nna le ditshenyegelo tse dintsi gape mo go tlhokomeleng le mo go rekeng didirisiwa tsa makala, fenitšhara, metšhine, pampiri—go sa umakiwe ditshenyegelo tsa lelapa lotlhe la Bethele mo kgolokweng, leo jaanong le nang le maloko a a fetang 9 000! Mo godimo ga moo, go na le dithulaganyo tsa go aga tse di ka nnang 18 tseo jaanong di dirwang mo makaleng a a farologaneng, le di le 19 mo ntlongkgolo ya rona kwa Brooklyn, New York. A o nna le seabe mo go tshegetseng ka madi tiro eno e e dirwang mo kgolokweng yotlhe?
Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, botlhe ba tsaya karolo mo go tlhokomeleng boikarabelo jono, go akareletsa le bao ba senang madi a a kalo, bao, ka meneelo ya bone e mennye, ba ileng ba itshupa ba tshegetsa Mokgatlho ka madi. Ba bangwe ba bona go thusa go latela molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 16:2 ka go beela madi a mangwe a bone kwa thoko le go a neela kwa Holong ya mo lefelong la bone ya Bogosi. Ba bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ba dire meneelo ya bone ya madi ka tlhamalalo go Mokgatlho wa Watch Tower kwa 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising nngwe ya lekala la one.
Tlhomamisega gore Jehofa o tlhokomela bao ba supang bopeloephepa jwa lorato lwa bone ka go aba. O seka wa dira gore o se bone masego! Paulo o ne a solofetsa jaana: “Modimo o nonohile go lo totahaletsa tshegōhaco eotlhe; gore e tle e re lo nntse lo na le mo go lekanyeñ ga dilō cotlhe, lo bo lo totahalèlè tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Bakorintha 9:8.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
KA MOO BA BANGWE BA DIRANG MENEELO YA TIRO YA BOGOSI KA GONE
◻ DIMPHO: Meneelo ya boithatelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho ya mo lefelong la lona. Dithoto jaaka dikago le eleng maje a a tlhokegang kana dilo dingwe fela tseo e leng tsa boleng, le tsone go ka neelanwa ka tsone. Lokwalo lo lokhutshwane lo lo supang gore seo ke moneelo wa tlhamalalo lo tshwanetse go tla le meneelo eno.
◻ MENEELO E E NANG LE DITHULAGANYO TSEO DI NANG LE MABAKA A A RILENG: Madi a ka nna a fiwa Mokgatlho wa Watch Tower gore o a tshole mo go one, ka tumalano ya gore fa mong a a tlhoka, o tla a busediwa.
◻ INSHORENSE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka umakiwa jaaka o o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana madi a fa motho a tlogela tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go bolelelwa ka dithulaganyo tseno.
◻ DITERASETE: Diakhaonte tsa polokelomadi tsa banka di ka bewa jaaka terasete tsa Mokgatlho. Fa seno se dirwa, tswee-tswee itsise Mokgatlho. Madi a a bolokilweng, dibonto, le dikago le tsone di ka nna tsa neelwa kafa tlase ga thulaganyo eno go solegela mong molemo fa a santse a tshela. Mokgwa ono o dira gore go seka ga nna le ditshenyegelo kana dilo tseo di ka nnang tsa tlhaga fa go tlhomamisiwa wili, mme di tlhomamisa gore Mokgatlho o amogela dithoto tseno fa mong wa tsone a tlhokafala.
◻ DIWILI: Dikago kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng kafa molaong. Sekaelo sa yone se tshwanetse go romelelwa Mokgatlho (Mo Afrika Borwa diwili di tshwanetse tsa romelwa go Jehovah’s Witnesses of South Africa.)
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng le kgakololo mabapi le dikgang tseno, kwalela Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740, kana ofisi ya lekala ya Mokgatlho ya mo lefelong la lona.