Go Neela Bosupi mo Mafelong a Kgwebo—Mokgwa wa Sejapane
TAOLO ya ga Jesu Keresete ya go dira tiro ya go naya bosupi “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe” e tshwanetse go akareletsa mafelo a kgwebo. (Ditihō 1:8) Kwa Japane, go neela bosupi ka Bogosi go batho ba ba dirang mo diofising tsa botlhe le diofisi tsa dikhampani tse dikgolo go lere kgwetlho eleruri. Baboledi ba Bogosi mo phuthegong nngwe ba ne ba bona tetla ya go naya bosupi ka dimakasine mo kagong ya diofisi mo toropokgolong nngwe ka nako ya dijo tsa motshegare. Baboledi ga ba a ka ba rapela Jehofa fela gore a ba nee bopelokgale mme ba ne ba tlhokomela go apara ga bone le ka moo ba itshwarang ka gone le eleng go baakanya dikarata tse di supang maina a bone le tse di supang gore ke Basupi ba ga Jehofa.
Mosupi o ne a atamela modiri, a bo a re: “Intshwarele, ke neilwe tetla ya go bua le batho fano. A o ka rata go ntheetsa o ntse o ja?” Basupi ba ne ba tshwanela go nna kelotlhoko tota le go dirisa mafoko a a ‘lokilweng ka letswai.’ (Bakolosa 4:6) Mo loetong lwa bone lwa ntlha, ba ne ba tsamaisa dimakasine di le 39, mme go ne ga tsaya maeto a le manè go akaretsa kago eo ya matlhatlaganyane a le robedi koo go dirang batho ba le 1 500. Ba ne ba tsamaisa dimakasine tse di fetang lekgolo mme ba ne ba kgona go simolola ditselana tsa makasine ba bo ba dira maeto a go boela.
Mongwe wa baboledi o ne a boela go manejara mongwe. Fa a ne a utlwa lokwalo longwe lo balwa go tswa go New World Translation, o ne a re: “Bibela eno e motlhofo go tlhaloganngwa. E nkileng ka e bala ya Sejapane sa bogologolo e ne e sa balege bonolo.” O ne a tlisediwa sekaelo sa New World Translation mo bekeng e e latelang.
A o ka dira mo go oketsegileng mo tshimong ya phuthego ya lona go rera mafoko a a molemo go “batho botlhe,” go akareletsa ba ba leng mo dikgaolong tsa kgwebo?—Bapisa 1 Timotheo 2:4.