LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 3/1 ts. 30
  • Go Ikanyega ke Mokgwa O Montle Bogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanyega ke Mokgwa O Montle Bogolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matsapa a a Tserweng ke Kgosi Nngwe go Senka Botlhale
    Tsogang!—2007
  • Go Ikanyega go Raya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Boikanyegi Bo Buelela Tirelo ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 3/1 ts. 30

Go Ikanyega ke Mokgwa O Montle Bogolo

BIBELA e akgola go ikanyega thata ebile ke selo seo se batlegang mo Bakereseteng ba boammaaruri. (Mathaio 22:39; 2 Bakorintha 8:21) Mo godimo ga moo, eleruri go ikanyega ke mokgwa o montle bogolo jaaka fa go bontshiwa mo matshelong a ba le bantsi gompieno bao megopolo ya bone le dipelo tsa bone di ileng tsa fetolwa ke kitso ya boammaaruri ya Bibela. Sekai sa seno se tswa kwa Liberia.

Morago ga gore ba sekaseke seno thata ka thapelo, mogolwane mongwe wa Mokeresete le mosadi wa gagwe ba ne ba tswala lebenkele la bone la go roka. Ka ntlhayang? Ka gonne le ne le ja nako ya bone e ntsi ebile le kgoreletsa ditiro tsa bone tsa bodihedi le thuto ya botho. Ba ne ba dumalana gore ba kgotsofadiwe fela ke lotseno lo lo lekaneng lo ba neng ba le bona ka go rekisa mmasa wa diaparo. Lefa go le jalo, ka bonakonyana fela morago ga gore ba dire jalo, ditlhotlhwa tsa mmasa di ne tsa wela tlase mo mmarakeng wa bone. Jaanong lotseno lwa bone lo ne lo sa kgone go tlamela lelapa. Ba ne ba tla dirang?

Ba ne ba kopa setlamo seo se ba neelang mmasa gore ba fokotse ditlhotlhwa tsa bone, ka go dira jalo ba nne le lotseno lo lo botoka. Setlamo seno se ne sa gana go dira jalo. Lefa go le jalo, setlamo seno se ne sa bolela gore se tla ne se romela ditshupa-molato tse pedi, se sengwe se bontsha tlhotlhwa ya mmatota mme se sengwe se bontsha tlhotlhwa e e fokoditsweng eo ba neng ba tla e neela koo go duelwang Makgetho gone gore ba tle ba duele lekgetho le le kwa tlase. Seno se ne se letla mogolwane yono gore a ipelele lotseno lo lo seng kafa molaong lo lo ka na ka R5 200 mo go sengwe le sengwe seo a se amogelang.

Mokaulengwe yono o ne a gana go nna le karolo mo thulaganyong eo ya go sa ikanyege ebile e le eo e tsietsang puso. Batlhankela ba setlamo seno ba ne ba gakgametse. Ba ne ba kwala jaana: “Re tlotla segakolodi sa gago,” mme ba ne ba tlhopha mogolwane yono gore e nne ene fela moemedi wa di mmasa tsa bone kwa Liberia. Ereka jaanong ditlhokafalo tsa dilo tse di bonalang tsa lelapa leno di tlhokomelwa sentle, mogolwane yono le mosadi wa gagwe ba ile ba kgona go nna babulatsela ba ba thusang, ba bereka ka mo go atamalaneng le bakaulengwe gore ba age phuthego. Eleruri go ikanyega ga bone go itshupile e le tshegofatso mo go bone.

Alfonso, kwa Spain, le ene o ne a fitlhela gore go ikanyega ke mokgwa o montle bogolo. Mosimane yono o ne a tlogela legae la bone a le dingwaga di le 12, mme go ise go ye kae o ne a setse a rekisa diokobatsi, ebile a utswa mo dijanageng, mo magaeng, le mo mabenkeleng. Ka dinako tse dingwe o ne a utswa mo e ka nang mo mabenkeleng a le lesome ka letsatsi. Fa a le dingwaga tse 21, ditsala tsa gagwe tse nnè di ile tsa mo itaya botlhoko, mme tsa mo utswela diokobatsi tsotlhe tse a neng a na le tsone, mme tsa mo tshosetsa ka gore di tla mmolaya fa a ka itsise mapodise. Ereka mapodise a ne a mo itse sentle, o ne a ba a tshaba go ya kwa bookelong go ya go tlhokomelwa gone.

Fa a ntse a fola mabadi a gagwe, Alfonso o ne a sekaseka botshelo jwa gagwe ka tsela e e masisi. O ne a gakologelwa dilo tse di mo Bibeleng, le melao-metheo ya Bokeresete eo mmaagwe a neng a mmolelela yone fa e ne e santse e le ngwana. Ka jalo, o ne a sa utlwa mafoko a gagwe, mme jaanong o ne a kopa go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Mo dikgweding di le thataro o ne a setse a fetotse boitshwaro jwa gagwe le botho jwa gagwe gotlhelele mme a tshwanelega go ka kolobediwa.

Lefa go le jalo, ka letsatsi la pele ga a kolobediwa, o ne a amogela lekwalo la gore a tlhagelele fa pele ga kgotla-tshekelo ka tatofatso ya go utswa a tlhomeletse ka dibetsa. O ne a dirile tshenyo eno mo nakong e e fetileng. Mme lefa go le jalo, Alfonso o ne a ipolela fela ka tshosologo gore o dirile phoso eo mme o ne a tshwarwa fa a santse a letetse teko. Mmueledi wa gagwe o ne a mo kgothaletsa gore a bolele gore o ne a sa utswa sepe le gore o ne a sa tshwara sethunya. Mme Alfonso o ne a ganelela mo go bueng boammaaruri. Ka ntlha ya phoso eno le rekoto e e maswe eo a neng a na le yone le mapodise, moatlhodi o ne a mo atlholela dingwaga di le 13. Mme ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe jo bontle le boikutlo jwa gagwe jwa go ikanyega, o ne a newa dikgwedi di le thataro, eleng nako eo a setseng a e dirile fa a santse a letetse teko.

Jaanong Alfonso le mosadi wa gagwe ba direla Jehofa ka boikanyego, ba itumelela go bo ba bone boikaelelo jwa mmatota mo botshelong le go bo ba itemogetse ka bobone gore go ikanyega ke mokgwa o montle bogolo.

“Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa.”—Baefesia 4:28.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela