LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/1 ts. 14-15
  • Codex ya Washington ya Diefangele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Codex ya Washington ya Diefangele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mekwalo ya Seatla ya Bogologolo—Re Itse Jang Gore e Kwadilwe Leng?
    Tsogang!—2008
  • Codex Bezae—Mokwalo o o sa Tshwaneng le Ope
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Vatican Codex—Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Letlotlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/1 ts. 14-15

Codex ya Washington ya Diefangele

CHARLES L. FREER, ramadirelo wa Moamerika yo o humileng le motho yo o rekang dilo tsa botaki, o ne a reka mekwalo mengwe ya bogologolo mo morekising mongwe wa Moarabia a bidiwa Ali, kwa Giza, kwa Egepeto ka December 1906. Ali o ne a bolela gore di ne di tswa kwa White Monastery gaufi le Sohâg, mme go ne go lebega gore di ne di bonwe kwa matlotleng a Monaseteri wa Vinedresser, gaufi le piramiti ya Giza kwa Nile Delta.

Freer o ne a fiwa mekwalo e meraro eno le “mokgobe wa mekwalonyana e e ntshofetseng, e e senyegileng, e e neng e le thata ebile e robega kafa ntle jaaka sengaparisi.” E ne e le boleele jwa disentimetara di le 17, e le bophara jwa disentimetara di le 11, le disentimetara di le 4 ka bokima mme e ne ya rekisiwa le mekwalo eo fela ka gonne e ne e na le yone, mme yone e ne e sena boleng bope. Go ne go le bokete, go tlhatlhamolola mokgobe ono wa matlhare a a tshwaraganeng le ao a robegang bonolo, mme kgabagare go ne ga ntshiwa matlhare a le 84, otlhe e le a codex ya lekgolo la botlhano kana la borataro la dingwaga C.E. la makwalo a ga Paulo.

Lengwe la makwalo a le mararo a a setseng e ne e le buka ya Duteronome le Joshua. Lengwe e le la Dipesalema, le le tswang mo thanolelong ya Septuagint ya Segerika. Lefa go ntse jalo, go ne go na le la boraro leo e neng e le la botlhokwa mo go one otlhe, eleng mokwalo wa Diefangele tse nnè.

Mokwalo ono o o umakilweng morago o ne o na le matlhare a le 187 a sekwalelo se se boleta, seo gantsi eleng sa letlalo la nku, a a kwadilweng ka ditlhaka tse di sekameng tsa Segerika (tse dikgolo). Ga go dirisiwe matshwao a puo thata, mme gangwe le gape go na le diphatlha tse dinnye fa gare ga dipolelwana. Bothoko jwa mekwalelo bo ne bo senyegile thata, mme ditlhaka di ne di sa senyega. Moragonyana o ne wa fiwa Freer Gallery of Art of the Smithsonian Institution, kwa Washington, D.C. Ka o ne o bidiwa Codex ya Washington ya Diefangele, o ne wa tlhaolwa ka tlhaka “W.”

Sekwalelo seno se ne sa kaiwa e le sa kwa bokhutlong jwa lekgolo la bonè kana mo tshimologong ya lekgolo la botlhano la dingwaga C.E., ka jalo ga se kgakala thata le mekwalo e meraro e e botlhokwa thata ya Sinai, Vatican, le Alexandria. Diefangele (tseo di feletseng kwantle ga ditsebe tse pedi tse di latlhegileng) di tlhomagana ka thulaganyo e e bidiwang ya Bophirima ya Mathaio, Johane, Luke, le Mareko.

Fa o bala mekwalo eno o fitlhela ditemana di kwadilwe ka mefuta e e farologaneng, nngwe le nngwe e emelwa ke dikarolo dingwe tse dikgolo tse di tswelelang. Go lebega e ile ya kwalwa go tswa mo dikarolwaneng tsa mekwalo e le mmalwa, eo nngwe le nngwe e nang le mefuta e e farologaneng ya ditemana. Porofesa H. A. Sanders o akantsha gore seno se ka nna sa bo se dirilwe fa Mmusi Diocletian a ne ka tshoganetso fela a bogisa Bakeresete mo ngwageng wa 303 C.E., yoo ka taolo ya gagwe dikaelo tsotlhe tsa Dikwalo go neng ga laolwa gore di tshubiwe. Re itse go tswa mo direkotong tsa hisitori gore mekwalo e mengwe e ne ya fitlhwa ka nako eo. Masomesome a dingwaga moragonyana, go lebega gore motho mongwe yo o sa itsiweng o ne a kopisa dikaelo dingwe tsa mekwalo e e farologaneng gore go tle go nne le ditemana tse di mo Washington Codex. Moragonyana, matlhare a ntlha a Johane (Yohane 1:1 go ya go 5:11) a ne a latlhega mme a ne a tshwanelwa ke gore a kwalwe gape mo lekgolong la bosupa la dingwaga C.E.

Go na le dipharologano dingwe tse di kgatlhisang mo ditemaneng le go okediwa ga Mareko kgaolo 16 goo go sa tlwaelegang mme ga go dumelwe, goo gongwe go simologileng e le kakgelo fela ya kafa thoko. Botlhokwa jo bo kgethegileng jwa mokwalo ono bo bonwa mo go dumalaneng ga one le dithanolelo tse di kgologolo tsa Selatine le Se-Syriac. Go tshelegelwa ga mokwalo ono ke kerese go supa gore o ne o dirisiwa thata.

Go sa kgathalesege pogiso le kganetso le mathata a nako eo, Bibela e ne ya bolokiwa ka mo go gakgamatsang e le mo mekwalong e mentsi. Eleruri, “lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ.”—1 Petere 1:25; Isaia 40:8.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Courtesy of Freer Gallery of Art, Smithsonian Institution

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela