LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/15 ts. 27-29
  • Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo mo Bosheng Jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo mo Bosheng Jwa Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshabela Kgakala le Dithaelo tsa Lefatshe
  • Go Naya Katiso E E Kgethegileng
  • Nna Le Boikaelelo mo Botshelong
  • Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Basha, a lo Ikagela Isagwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • O ka Thusa Jang Ngwana wa “Sesinyi”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/15 ts. 27-29

Gakologelwa Mmopi wa Gago yo Mogolo mo Bosheng Jwa Gago

“BASHA ba ba sa Kgotsofalang: Ke Bothata jwa Mafatshefatshe.” Seo e ne e le mafoko a setlhogo sa dikgang mo go The Star ya Gouteng, ya Afrika Borwa. Kakgelo nngwe mo setlhogong seo e ne ya balega jaana: “Ka go na le palo e ntsi ya basha e jaanong e senang ditshono tse dintsi tseo di bileng di ntse di fokotsegela kwa pele ka ntlha ya go wela kwa tlase ga itsholelo mo lefatsheng ka bophara, basha ba ba sa kgotsofalang mo ditoropong tse dikgolo tseo di ntseng di gola ke bothata jo bo bonwang ke mongwe le mongwe jwa mafatshefatshe. Mo dikhuduegong tsa kwa Miami, kwa San Salvador, kwa Managua, kwa Teheran le kwa Cape Town go ne go na le ntlha e le nngwe e e tshwanang mo go tsone tsotlhe—batho ba ntlha bao ba neng ba bolaya le go bolawa e ne e le basha.”

Seno se ne sa gatisiwa dingwaga di le lesome tse di fetileng, mme boemo bo ne jwa nna maswe le go feta fa esale ka nako eo. Ke ka ntlhayang fa basha ba lefatshe lotlhe ba sa itumela? Go reketlela pele ga tsamaiso eno ya dilo eleruri ke gone go bakang seno. Go tlhoka ditiro go fitlhile kwa boemong jo bo kwa godimodimo. Mme jaaka botshelo jwa lelapa bo senyega ka bofefo jo bo kana, batho ba babotlana ba tla sirelediwa ke eng? Ga go gakgamatse go bo bangwe ba bone ba lwa le lefatshe leo ba ka se kgoneng go le fenya. A seno ga se ka gonne ba tlhoka tsholofelo e e nonofileng eo ba ka lebelelang fela mo go yone?

Motho o ne a ka lebelela gore ditumelo tsa lefatshe di mo neye tsholofelo e e ntseng jalo. Lefa go le jalo, mosha mongwe o ne a kwala jaana: “Ke tlhakatlhakane tota. . . . Ke na le ditsala tse dintsi, tseo eleng tsa ditumelo tse dintsi tse di farologaneng, mme di tshwana fela le nna. Eleruri ke tsietsegile mme ga ke sa tlhole ke itse gore ke dumele eng. Tsweetswee, a ga lo kake lwa mpha kgakololo epe?” O ka naya mosha yo o ntseng jalo kgakololo efe?

Basha bao ba kgomarelang Lefoko la Modimo le phuthego ya Bokeresete jwa boammaaruri ba sirelediwa gore ba se ka ba tshwenyega le go utlwa botlhoko jalo mo pelong. Lefa bontsi jwa basha bo sena tsholofelo ya mmatota ya isagwe, basha ba Bakeresete ba ikanya Jehofa Modimo le Lefoko la gagwe le le tlhomameng la boammaaruri. Ka gone, ba lebeletse pele go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le botshelo jo bosakhutleng. Morago ga foo, ba tla nna mo lefatsheng leo le senang tshiamololo le boikepo, mme ba tla nna karolo ya motheo wa “lehatshe ye lesha” leo “go tla agañ tshiamō mo go [lone].” (2 Petere 3:13; Yohane 17:3) Gore ba bone ditebelelo tse di galalelang tseo, batho ba basha ba kgothalediwa gore ba ‘gakologelwe Mmopi wa bone yo Mogolo.’ (Moreri 12:1) Mme kgakololo e e molemo go gaisa eo ba ka e newang ke gore ba fetoge ba bo ba nnele ruri karolo ya motheo ya phuthego ya Bokeresete. Ke ka ntlhayang fa go tualo?

Bontsi jwa lona batho ba basha bao ba leng mo phuthegong ya Bokeresete lo na le batsadi ba ba dumelang bao ba lo ratang ba bile ba lo tlhokomela. Phuthego nngwe le nngwe e na le bagolwane ba yone ba ba tlhophilweng, bao ba kgatlhegelang boitekanelo jwa lona jwa semoya tota. Thuso e e ntseng jalo le tlhokomelo ga e a tshwanela go lebelwa kwa tlase. Boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, mmogo le kaelo ya bolegodimo, di tla lo sireletsa, di lo golole mo go tshwenyegeng, mme di lo neye tsholofelo ya mmatota ka isagwe. Sotlhe seo se tla go thusa gore o ‘tshegetse tumelo le segakolodi se se molemo’ mme o kgomarele tsholofelo e e jaaka tshetledi e e tshegetsang sekepe gore se se ka sa thubega mo mawatleng a a tletseng makhubu.—1 Timotheo 1:18, 19; bapisa Bahebera 6:19.

Tshabela Kgakala le Dithaelo tsa Lefatshe

Lefa go na le masego a a menaganeng gantsintsi a semoya ao lona basha lo ka a itumelelang mo phuthegong ya Bokeresete, ba le bantsi ba latela ditsela tsa lefatshe. Ke fela jaaka ekete ba ikutlwa ekete go na le sengwe se se mosola thata seo se ka bonwang fela kwa lefatsheng ka kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. Mme a eleruri lefatshe le na le sengwe se se molemo se se le neelang?

Morago ga go senya dingwaga tse di fetang 40 mo bodiheding jwa nako e e tletseng, mongwe wa batlhanka ba Modimo o ne tlhalosa seno ka tsela eno: “Karolo e le nngwe fela ya botshelo jwa me eo ke e ikotlhaelang ke karolo eo ke neng ka e tshela pele ke bona boammaaruri. Ka nako eo ke ne ke le karolo ya lefatshe. Ke ne ke tshelela lefatshe fela. Fa ke na le dingwaga di le 18 mme ke lebelela botshelo jwa me, ke ne ka lemoga gore bo lolea. Ke ne ke sena mokgele, ke sena boikaelelo, mo botshelong jwa me. Menate ya lefatshe eo ke neng ke akanya gore ke ne ke e ipelela tota e ne e ntlisetsa fela matshwenyego le kutlobotlhoko. Ke ne ka simolola go batla boammaaruri. Ke ne ka bo bona mme ngwaga morago ga foo ka simolola go nna le seabe mo tirelong ya nako e e tletseng. Ke ne ke sena madi, ke ne ke na le boitemogelo jwa ngwaga fela ke le mo boammaaruring le tumelo ya gore Jehofa o tla ntshegetsa. Jaanong fa ke lebelela kwa morago mo botshelong jwa me, joo bobediborarong jwa bone ke bo sentseng mo tirelong ya nako e e tletseng, ke itumetse eleruri. Ga nkake ka ananya seo ke se boneng mo go direleng Jehofa ka sepe fela seo lefatshe le ka se nayang.” Eleruri, seno se re bontsha maikutlo a diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa.

Jalo ke ka ntlhayang fa o eletsa dilo tseo Bakeresete ba bangwe ba di tlogetseng? Ke ka ntlhayang fa o eletsa dilo tsa lefatshe leo le lebileng kwa tshenyegong? (1 Yohane 2:15-17) Jaaka motho yo mmotlana, gongwe o ikutlwa gore go direla Jehofa go gagametse thata le gore go tla go dira gore o latlhegelwe ke boipelo joo lefatshe le bo nayang. Mme a go botlhale go leba batsadi ba gago le bagolwane jaaka batho ba ba gagametseng thata fa ba batla go go thusa gore o ipedise Jehofa mme o iponele botshelo jo bosakhutleng?

Fa mmè a roma ngwana wa gagwe kwa lebenkeleng le le mo tikologong a bo a mo gakolola gore a eme mme a lebe matlhakore oomabedi pele a tshela tsela, a o mo leba jaaka yo o gagamatseng thata? Go na le moo, a ga a leke go sireletsa ngwana wa gagwe ka lorato? Fa ngwana yoo a ne a ka itlhokomolosa tlhagiso eo mme a thulwa ke koloi a bo a swa? A o ne o santse o ka ikutlwa gore mmè yoo o ne a gagametse thata? Fa go ntse jalo, o ka akanya gore o ne a tshwanetse a bo a ne a ile a tsaya dikgato dingwe go sireletsa botshelo jwa ngwana wa gagwe! Ka mo go tshwanang, dikgakololo tse di mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe di newa ka lorato, mme eseng jaaka dithibedi mme ke tse di re sireletsang.

Go golela mo lelapeng la Bokeresete ga go a lekana go go dira gore o kgone go emelana le dikgatelelo tsa lefatshe leno. Le wena o tshwanetse go tlhatswega pelo ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Go tlhatswega pelo go go ntseng jalo ka namana le go rata Mmopi ke motheo wa gore o tle o neele botshelo jwa gago mo Modimong. Go tlhatswega pelo gono ka namana gape go a tlhokega gore o tle o kgone go femela tumelo ya gago fa pele ga ba bangwe. (1 Petere 3:15) Go kaelwa ke Lefoko la Modimo ke motheo tota wa go atlega mo botshelong. (Yoshue 1:8; Pesalema 119:9) Mme gore o atlege mo botshelong, o tlhoka katiso e e molemo.

Go Naya Katiso E E Kgethegileng

Eleruri, lona batsadi ba Bakeresete lo ne lo ka itumelela go bona bana ba lona ba emela boammaaruri ba tiile mme ba nna ba utlwana le lona mo kobamelong ya boammaaruri. Rre o na le boikarabelo jo bogolwane jwa go godisetsa bana mo “koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Mme a lo kgona go bona mafelo ao lo tlhokang go tokafatsa mo go one fa lo ba katisa? A lo senya nako e e lekaneng le bana ba lona? A lo dira dilo jaaka lelapa? Mme a lo ipelela boitlosobodutu jo bo molemo mmogo?

Lo se ka lwa lebala gore go baya sekao se se molemo go ka ama bana thata. Fa o batla gore ba tseye boammaaruri masisi, he ke yone tsela eo o tshwanetseng go bo leba ka yone. (3 Yohane 2-4) Mme fa o batla gore ba tlotle phuthego ya ga Jehofa le bagolwane, he o tshwanetse wa bo o na le boikutlo jo bo ntseng jalo le wena ka metlha.

Lefa go katisa bana segolobogolo e le tiro ya batsadi, bagolwane le bone ba na le boikarabelo mo go ba babotlana mo phuthegong. Mo go tlhokomeleng letsomane la Modimo, balebedi gape ba tlhoka go tlhokomela dikonyana. (1 Petere 5:1-3) Abo Jehofa a re beetse sekao se se molemo jang ne ka go tlhokomela ka lorato le eleng ba babotlana! (Isaia 40:11) Fa ba etsa sekao sa gagwe, badisa ba babotlana ba Bakeresete ba tla batla gape gore ba bontshe batho ba basha kgatlhego e e bothitho, e e lorato, mme ba ba dire gore ba ikutlwe gore ke karolo ya phuthego. Basha ba bangwe ba ile ba bontsha gore ba eletsa ekete bagolwane ba ka bua le bone ka mo go oketsegileng le go ba thusa mo bodiheding jwa tshimo.

Go katisa motho yo mmotlana go raya mo gogolo go na le go mo naya kitso fela ya Dikwalo. O tshwanetse go ila seo Modimo a se ilang mme a rate se Modimo a se ratang go tswa mo pelong. (Amose 5:14, 15) E le gore a gakologelwe Mmopi wa gagwe mo bosheng jwa gagwe, o tshwanetse gore a kgalemelwe go ya ka Dikwalo gore a tsamaye mo tseleng ya ga Jehofa ya tshiamo. (Diane 22:6; 2 Timotheo 3:16) Batsadi ga ba a tshwanela go se otlhaye bana ba bone. Batsadi ba bangwe bao ba batlang go nna le botsalano le bana ba bone ba sekamela mo go tlodiseng diphoso tse ba di dirang matlho, ba di dira ekete ga di masisi. Ba tlhotlhelediwa ke go lesa dilo fela ga lefatshe. Mme ke motsadi yo o lorato fela yoo a tla reetsang dipego tsa gore ngwana wa gagwe o ne a sa itshwara sentle mme a bo a mo naya kotlhao e e tshwanetseng e a e tlhokang. (Diane 13:24) Eleruri, ke motsadi ofe wa Mokeresete yo a tla batlang go nna le botsalano le ngwana wa gagwe ka go mo tlogelela fela mme a bo a latlhegelwa ke ngwana wa gagwe ka ntlha ya go tlhoka go mo otlhaya ka tshwanelo?—Diane 22:15.

Nna Le Boikaelelo mo Botshelong

Jehofa Modimo o re dirile ka tsela ya gore re kgone go bona boipelo jo bo gaisang le kgotsofalo ka go mo direla. Akanyang ka tshimo e kgolo eo lona basha lo nang le yone e lo ka e lemang. Mo e ka nnang halofo ya baagi ba lefatshe ba na le dingwaga di le 20 le kwa tlase. Basha bano ba kgaratlha mo lewatleng leno la batho. Lefa go ntse jalo, ga ba na tsholofelo, mme lona basha ba Bakeresete lo na le tsholofelo e e tiileng le sengwe se se molemo seo le ka se ba abelang. Ka boitsholo jwa lona jo bo molemo jwa Bokeresete le go tlhagafala ga lona mo tirelong ya ga Jehofa, lo ka gogela bontsi jwa bone mo boammaaruring. Ka gone lo ka ba thusa go tsena mo tseleng e e isang botshelong.

Ke mokgele ofe oo o leng molemo go gaisa o o ka nnang nao o o gaisang wa go neela botshelo jwa gago mo go direleng Jehofa Modimo? A o ile wa akanya ka go dira tiro e e bolokang botshelo ya go rera ka nako e e tletseng? Gongwe o ka nna le seabe mo go gaseng mafoko a a molemo jaaka mmulatsela, kana o ka direla kwa ofising nngwe ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower koo go gatisiwang dibuka tsa Bibela gone. Le eleng fa o ka se ka wa dira jalo, a ga o a tshwanela go dira kobamelo ya ga Jehofa selo seo botshelo jwa gago bo ikaegileng ka sone, ka gone o gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo? O na le tiro e e molemo thata go e dira. Ka gone, go fitlha tsamaiso eno ya dilo e senngwa, ikemisetse go ‘dira go le gontsi mo tirong ya Morena.’—1 Bakorintha 15:58.

Ka jalo gatelang pele lona basha ba Bakeresete. Gakologelwang Mmopi wa lona yo Mogolo jaanong, mme o tla lo boloka fa a senya lefatshe leno le le boikepo. Ee, Jehofa o tla lo sireletsa ka nako eo mme a lo segofatse ka isagwe e e sa khutleng, e e galalelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela