Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ A go siame gore Mokeresete a ka ya go tsoma kana a tshwara ditlhapi?
Ditsela tse go tsoma go lejwang ka tsone di a farologana mme go ama maikutlo a a boteng. Ka gone go molemo thata gore Mokeresete a leke go tlhaloganya le go dirisa tsela eo Modimo o lebang seno ka yone jaaka e fitlhelwa mo Bibeleng.
Modimo o ne wa naya batho taolo mo godimo ga diphologolo tsa “dibatana, [“diphologolo tsa naga,” NW]” le “dikgomo [“diruiwa tsa mo gae,” NW].” Lantlha, batho ba ne ba sa letlelelwa ke Mmopi, kana gongwe mebele ya bone e tlhoka jalo, gore ba bolaye diphologolo go nna dijo tsa bone. (Genesise 1:24, 29, 30) Ke fela morago ga Morwalela Modimo o neng wa naya motho tshiamelo ya go ja nama ya phologolo eo e neng e ntshitswe “botshelō [“moya,” NW] yoa eōna bo e leñ madi a eōna.” (Genesise 9:3, 4) Seo e ne e ka nna nama ya diruiwa tsa mo gae kana tsa naga.
Baiseraele ba ne ba rua diphologolo, jaaka dinku le dikgomo tseo di neng di ka bolawa go jewa fa ba ne ba eletsa nama. Ba ne gape ba tsoma le go tshwara ditlhapi go di ja. (Duteronome 12:20-24; 14:4-20) Seno se dumalana le seo Modimo o neng wa se bua ka tsela ya tshwantshetso fa a re ‘o tla roma batshwari ba ditlhapi go tshwarela batho ba gagwe ditlhapi le batsomi ba le bantsi go ba tsomela.’ (Yeremia 16:16) Moragonyana, Jesu o ne a tlhopha bangwe ba batshwari ba ditlhapi go nna baaposetoloi ba gagwe mme ebile o ne a thusa mo tshwarong ya ditlhapi.—Mathaio 4:18-22; 17:27; Luke 5:2-6; Yohane 21:4-7.
Fa tlhogo ya lotso e e tsofetseng Isake e ne e kopa mogopo wa nama e e monate, morwawe Jakobe o ne a mo apeela dijo ka go mmolaela dipotsane di le pedi. Lefa go le jalo, Esau, o ne a ya go tsoma phologolo ya kwa nageng gore a tle a neye rraagwe nama ya phologolo. Tlhokomela gape gore lefa go ne go na le nama ya diruiwa tsa mo gae, Isake o ne a kopa nama ya phologolo ya kwa nageng. Tlhokomela gape gore barwa boobabedi ba ne ba bolaya diphologolo tseo e neng e tla nna dijo, eseng tsa bone, mme tsa mongwe o sele.—Genesise 27:1-19.
Diphologolo di ka bolaelwa mabaka a mangwe go na le fela go ja nama ya tsone. Matlalo a tsone gape a ka dirisediwa diaparo. (2 Dikgosi 1:8; Mareko 1:6; Bahebera 11:37) Diphate le megopo di ne di dirwa ka matlalo a diphologolo, le eleng lefa diphologolo tseo di ne di sa itsheka go ka jewa ke Baiseraele.—Ekesodo 39:33, 34; Dipalō 24:7; Baatlhodi 4:19; Pesalema 56:8.
Taolo ya Modimo ya gore madi a phologolo e e bolailweng a tshololwe e tshwanetse go gakolola batsomi gore botshelo jwa diphologolo ke jwa gagwe ka jalo bo tshwanetse gore bo tlotliwe, eseng gore ba di tshware ka tsela e e setlhogo. (Lefitiko 17:13) Go lebega Nimerode a ne a bolaya diphologolo mme gape a itlotlomatsa ka botswerere jwa gagwe jwa go tsoma, ka selekanyo kana ka palo ya tseo a di bolaileng, kana ka dijana dingwe tsa go mo tlotlomatsa tseo gonwe a neng a di dirile ka tsone. E ne e le “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa.”—Genesise 10:9.
Go ikgatlha go go ntseng jalo ka go tsoma kana ka go bolaya diphologolo, kana ka go tshwara ditlhapi tse dintsi, go ka nna ga nna gone mo Mokereseteng. Batsomi ba bantsi kana batshwaraditlhapi bao ba ileng ba sekaseka dipelo tsa bone ba ne ba fitlhela gore ba ne ba tshwaeditswe ke ‘go ipelela se ba se bolaileng.’ Go kgatlhega go go ntseng jalo go amana thata le go sa tlotleng botshelo. Ka jalo lefa go se phoso go tsoma kana go tshwara ditlhapi (fa se se bolailweng kana seo se tshwerweng se tla jewa ke mongwe kana se dirisediwa boikaelelo bope fela jo bongwe jo bo tshwanelang), go tla bo go siame go dira jalo fa Mokeresete a sena moya o o tshwanang le wa ga Nimerode. Mme go na le dikotsi tse dingwe go na le fela go ikgatlha ka seo o se boneng, o se bolaileng, kana sejana seo o tlotlomadiwang ka sone.
Tora ya Tebelo ya January 1, 1984, e ne ya tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa tshole kana ba sa nne le ditlhobolo go di dirisa kgatlhanong le batho ba bangwe kana go itshireletsa mo bathong ba bangwe. (Ditsebe 26-30) Go tlhatlhanya ka kgakololo eo go ile ga dira gore Basupi ba le bantsi ba sekaseke go bona gore a go ka ne go siame gore ba nne le ditlhobolo tsa go tsoma. Ba le bantsi ba ile ba tlhopha go latlha ditlhobolo tsa bone gotlhelele kana go tila go di baya jaaka mekgabisa kana foo ba ka kgonang go di tsaya motlhofo fela go di dirisa fa ba di tlhoka ka bonako. Bakeresete bano ka gone ga ba kitla ba itlotlomatsa ka ditlhobolo tsa bone kana ba di ikanya. Mo godimo ga moo, kotsi e ka nna ya tlhaga fa o na le ditlhobolo tsa go tsoma kana o na le tsone fa gaufi. Ka gone bana ga ba kake ba tsaya ditlhobolo tse di bolayang tseno mme ka kotsi fela ba gobatsa kana ba bolaya mongwe, lefa e le gone gore ditlhobolo tseo di ka nna gaufi le motho mongwe yo o boifang thata kana yo o tshwenyegileng thata mo boikutlong.—Bapisa Diane 22:3.
Bakeresete bangwe ba ka eletsa go ja nama nngwe ya phologolo kana tlhapi, mme tsela e e molemo ya go bona dijo tse di ntseng jalo ke ka go di tsoma kana go ya go di tshwara. Bangwe ba ipelela moya o o phepa le itshidilommele eo ba e bonang ka go tsamaya ba tsoma mo nageng, kana ba fitlhela gore dioura tseo ba di senyang ba tshwara ditlhapi di a ritibatsa. Bibela ga e bue kgatlhanong le seno, ka jalo ga go tlhokege gore o atlhole ba bangwe gore a ba ipelela dilo tse di ntseng jalo kana nnyaa. Mme sekai sa ga Isake le bomorwawe se bontsha gore ga go tlhokege gore go tsosiwe kgang ya gore a go tshwanetse ga jewa nama ya phologolo kana ya tlhapi.—Mathaio 7:1-5; Baroma 14:4.
Moaposetoloi Petere go lebega a ne a rata go tshwara ditlhapi thata. Ka go dirisa ditlhapi tseo di neng di le fa go bone, Jesu yo o neng a tsogile mo baswing o ne a mo thusa go sekaseka sentle boikutlo jwa gagwe kaga go tshwara ditlhapi kana kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Jesu o ne a mmotsa a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata bogolo go ba [“tse,” NW]?”—Yohane 21:1-3, 9-15; bona Tora ya Tebelo, November 1, 1988, tsebe 31.
Ka mo go tshwanang, Mokeresete yo o nang le segakolodi se se molemo yo a tswang a ya go tsoma kana a ya go tshwara ditlhapi o tshwanetse go tlhokomela dilo tseo a di tsayang di le botlhokwa thata gore ke dife. Ka sekai, fa e le gore nako ya go tsoma le ya go tshwara ditlhapi e ne e tla simolola ka nako eo dipokano tsa phuthego di neng di rulaganyeditswe ka yone, o ne a tla dira eng? Kana a motlotlo wa gagwe o bontsha gore o ipelafatsa ka botswerere jwa gagwe jwa go tsoma kana jwa go tshwara ditlhapi? Abo go le molemo jang ne fa Mokeresete yo o godileng sentle, yo ka dinako dingwe a rulaganyetsang go ya go tsoma kana go tshwara ditlhapi a ka bua jaana ka go tlhatswega pelo: “E, Morèna, ua itse ha ke gu rata [go gaisa dilo tseno tseo ke di latelelang].”—Yohane 21:16.