Go Fedisetsa Ruri Kganetsano ya Lobopo
“Yehofa a le kaha lecogoñ ya gago ye legolo, o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè.”—PESALEMA 110:5.
1, 2. Ke tiragalo efe e e neng ya diragala ka 70 C.E. e e ka tswang e ne ya dira gore go belaelwe bolaodi jwa ga Jehofa Modimo jwa lobopo, mme ka nako eo, tshiamelo eo e ne e neetswe bomang?
BOLAODI jwa lobopo lotlhe jwa Mmopi wa legodimo le lefatshe ke jone kganetsano e kgolo fa pele ga batho le baengele. Go ise go e kae, kganetsano eno e tla fedisediwa ruri, mme baba ba ga Jehofa ba ile ba mo gwetlha ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga. Eleruri, go senngwa ga motse wa Jerusalema le tempele e e neng e neetswe Jehofa ka 70 C.E., go ka tswa go ne ga dira gore go belaelwe bolaodi jwa Mmopi jwa lobopo lotlhe. Lefa go ntse jalo, go ne go na le lebaka le le utlwalang go bo Jehofa a ne a nna Modimo wa motlhabani a lwela Baiseraele ba nama.
2 Lebaka e ne e le lefe? Jehofa Modimo ka nako eo o ne a lebisitse tlhokomelo ya gagwe go morafe o mosha, Iseraele wa semoya, “Iseraele oa Modimo,” jaaka moaposetoloi Paulo a bitsa phuthego ya ga Jesu Keresete. (Bagalatia 6:16) Lefa go le jalo, go fitlha jaanong, mo Motlheng ono o o bidiwang wa Bokeresete, Jehofa ga a ise a lwele Iseraele wa semoya jaaka Modimo wa motlhabani ka tsela e e tshwanang le e a neng a lwela Baiseraele ba tlholego ba ba neng ba le kafa tlase ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe. O ne a lesa le eleng masole a Baroma, a a neng a tlhotlhelediwa ke Bajuda, go bolaya Jesu Keresete ka go mo pega mo mokgorong kwa Golegotha. E ne e le dingwaga di le 37 pele ga go senngwa ga bobedi ga Jerusalema ke Baroma ka 70 C.E.
3, 4. Modimo o ile wa itshupa e le motlhabani jang go tloga mo metlheng ya ga Moshe go fitlha ka motlha wa ga Kgosi Hesekia, mme go lwa ga gagwe, le go lwa ga Iseraele wa semoya go ile ga nna go go ntseng jang?
3 Jehofa Modimo o ne a lwela morafe wa Iseraele ka mo go gakgamatsang go tloga mo metlheng ya ga moperofeti Moshe go fitlha mo pusong ya ga Kgosi Hesekia wa Jerusalema, ebile Baiseraele ba ne ba lwa ka ditlhabano tse di bolayang ba kaelwa ke ene. (Duteronome 1:30; 3:22; 20:3, 4; Yoshue 10:42) Mme ga go a nna jalo ka Iseraele wa semoya! Modimo ono wa motlhabani ga o ise o lwe ntwa ya mmatota o lwela Iseraele wa Modimo, fa esale go tloga ka loso lwa ga Jesu Keresete kwantle ga Jerusalema go fitlha mo Metlheng eno ya rona e e Tlwaelegileng. Ka mo go tshwanang gape ga o ise o ko o letle Baiseraele ba semoya bao ba dirang phuthego ya Bokeresete go lwa ntwa ka dibetsa tsa ntwa tsa mmatota. Bakeresete ba lwa ntwa ya mofuta o o farologaneng.
4 Tumalanong le seno, mongwe wa masole a magolo a a lwelang tumelo ya Bokeresete o ne a kwalela Bakeresete ka ene kwa Korintha, kwa Gerika jaana: “Gonne dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama, me di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata;—Re diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo, re gapèla megopolō eotlhe mo kgolegoñ ea go utlwa Keresete; Re bile re iketleeleditse go busholosa botlhōka kutlō yotlhe, kutlō ea lona e sena go dihala.” (2 Bakorintha 10:4-6) Pelenyana mo go lone lokwalo loo, Paulo o ne a bua ka “dibolaō tsa tshiamō tsa kaha lecogoñ ye legolo le tsa kaha go ya molèma.”—2 Bakorintha 6:7; bona gape Baefesia 6:11-18.
Jehofa o Tlile go Lwa ka Hara-Magedona
5. Jesu o ne a leba go itshireletsa ka dibolao jang kwa tshimong ya Gethesemane, mme barutwa ba gagwe ba dira jang?
5 Jesu Keresete fa a ne a le mo lefatsheng ga a ise a ko a itshireletse ka ditlhabano tse di bolayang. Morutwa wa gagwe yo o ineetseng thata Simone Petere o ne a ntsha tšhaka ya gagwe mme a kgaola tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo wa Bajuda mo bosigong jwa go okiwa ga gagwe kwa tshimong ya Gethesemane. Mme Jesu o ne a busetsa tsebe eo ka kgakgamatso a bo a re: “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka. Kgotsa a ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hela yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa? Me hoñ dikwalō di ne di tla dihala yañ, ka di re, Go na le go nna yana?” (Mathaio 26:52-54) Baetsi ba boammaaruri ba Morwa Modimo yo o intshitseng setlhabelo ba boloka bothokgami lefa ba lebane le seno, ka tlhamalalo le mo eseng ka tlhamalalo, fa go tla mo dintweng tsa selefatshe.—Yohane 17:16; 18:36.
6. Basupi ba ga Jehofa ba tla tsaya boemo bofe mo ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mogodimodimo ka Hara-Magedona?
6 Jaanong he, a merafe e itsisiwe gore Basupi ba ga Jehofa ga ba kake ba nna le seabe “mo ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa “heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona, mo puoñ ea Sehebera.” Ba tla e tlogelela Modimo wa motlhabani, “Yehofa oa mashomōshomō,” mmogo le masomosomo a baengele ba gagwe ba eteletswe pele ke Jesu Keresete.—Tshenolō 16:14-16; 19:11-21; Pesalema 84:12.
Jehofa o Tla Tloga A Tsweledisa Ditiro tsa Gagwe tsa Bosole
7. Jehofa o ne a itsiwe ka leina lefe jaaka Modimo wa motlhabani, mme a o santse a itsiwe jalo le gompieno?
7 Modimo wa Baiseraele ba bogologolo o ne a itsiwe ebile a bidiwa Jehofa tseva·’ohthʹ, kana Jehofa wa masomosomo. (1 Samuele 1:3, 11) Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala mo go Baroma 9:29 a lebisitse go Isaia 1:9 jaana: “Ha Yehofa oa mashomōshomō a ka bo a se ka a re sadisetsa bañwenyana ba losika, re ka bo re chwana le Sodoma, me ra ba ra dihwa yaka Gomora.” Morutwa wa Mokeresete Yakobe le ene o ne a kwala jaana: “Go gala ga ba ba robileñ, go tsenye mo ditsebeng tsa Morèna oa mashomōshomō.” (Yakobe 5:4) Ka jalo Paulo le Jakobe ba ne ba bitsa Modimo Jehofa wa masomosomo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Modimo ga o a ka wa lwela Baiseraele ba semoya, Iseraele wa Modimo, mo makgolong a a 18 a dingwaga a a latelang ka tsela e a neng a lwela Baiseraele ba bogologolo ka yone, mme lefa go le jalo e santse e le Jehofa wa masomosomo.
8-10. (a) Ke mang yo a neng a letla gore go nne le ntwa kwa legodimong, mme ke ka ntlhayang fa Mikaele a ne a tshwanela thata go lwa mo go yone? (b) Ntwa ya kwa legodimong e ne ya felela jang, mme go setse lobaka lo lo kana kang pele ntwa ya letsatsi le legolo la ga Jehofa e tla?
8 Go ne ga nna ntwa kwa lefelong la selegodimo la ga Jehofa Modimo fa Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tsalwa ka 1914 kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba.” (Luke 21:24) Ke mang yo a neng a letlile gore ntwa eo e nne gone? Jehofa Modimo ka boene. O ne a romela Morwawe yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi mo ntweng a bidiwa Mikaele ka gonne Yono e ne e le ene fela yo o neng a tshwanela go araba potso e e neng e bodiwa ke leina la gagwe e e reng “Ke mang yo o tshwanang le Modimo?” Mikaele o ne a tsaya kgato ka bonako mme a lwa e le moemedi wa ga Jehofa wa masomosomo.
9 Go dumalana le seo, re bala jaana mo go Tshenolō 12:7-10: “Me ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naeō. Me ka utlwa lencwe ye legolo mo legodimoñ, le re, Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna: gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa ha pele ga Modimo oa rona motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse.”
10 Jaanong, dingwaga tse di fetang 70 morago ga ntwa eo go setse ‘lobaka lo lokhutshwane’ pele ntwa ya letsatsi le legolo la ga Jehofa e tlhagoga lefa Modimo o bontsha kokomana ya jaanong ya batho ka botlalo gore ke Jehofa wa masomosomo.—Tshenolō 12:12; Sekaria 14:3.
Motlhabani yo o Lwelang Gore Jehofa a Tlotlomadiwe
11. Masalela a letsomanyane mmogo le boidiidi jo bogolo ba emetse nako efe e e tlhomilweng, mme ke eng seo ba tlileng go se itumelela?
11 Kgosi Solomone yo o botlhale wa Iseraele wa bogologolo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaèlèlō boñwe le boñwe tlhatse ga legodimo . . . motlha oa ntwa, le motlha oa kagishō.” (Moreri 3:1-8) Barutwa ba ba mo lefatsheng ba Kgosi e e busang e ‘kgolo go feta Solomone’ ba emetse nako le motlha oo E tla etelelang baengele ba ba fenyang ba selegodimo pele go tsena mo ntweng kwa Hara-Magedona. (Mathaio 12:42; Tshenolō 19:11-16) Ke gone koo a tlang go “busa [merafe] ka tsamma ea tshipi” a e “thubakanya ka tsamma ea tshipi.” (Tshenolō 19:15; Pesalema 2:9) Abo barutwa ba gagwe ba ba ratang kagiso le ba ba sireleditsweng bao ba tla mmaka jang ne ka go ba golola goo go go boitshegang! Bano ba tla akaretsa masalela a Bogosi a babusi mmogo nae a “lecomanyane” mmogo le “boidiidi yo bogolo” jwa gagwe jwa “dinku di sele” joo bo nang le tsholofelo ya go rua lefatshe la Paradaise mo pusong ya gagwe ya kagiso ya dingwaga tse di sekete. (Luke 12:32; Tshenolō 7:9-17; Yohane 10:16) Ka boitumelo jo bogolo, ba le “ha tlhatse ga moruti oa Mothataeotlhe,” ba tla goeletsa phenyo ya Kgosi ya Modisa, Jesu Keresete, ba goletsa bolaodi jwa ga Jehofa Modimo jwa lobopo.—Pesalema 91:1.
12. Ntwa e e tsogelang merafe e tswa kae, mme e tla felela jang go ya ka Pesalema 68:1, 2?
12 Go ka bolelwa fela go sa fetelediwe jaanong gore ntwa e e tswang kgakala le lefelo leno la motho e go tla dirisiwang ditlhabano tse di sa foseng tse di nonofileng go gaisa dibomo tsa nuklea mo go yone e gomagomela merafe yotlhe ya lefatshe e ka tswa e le leloko la mokgatlho wa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng kana e se lone. Reetsa: “A Modimo o nanogè, a baba ba ōna ba haladiwè; le ba ba o ilañ a ba tshabè ha pele ga ōna. Yaka mosi o tlo o higitlhediwe, ba higitlhetsè yalo: yaka makgaga a tle a tlhapologe ha pele ga molelō, a baikepi ba nyelèlè yalo ka sebonalō sa Modimo.”—Pesalema 68:1, 2.
13. Jaaka go ntse go baakanyediwa ntwa, mafoko a a mo go Pesalema 45:1-6 a lebisitswe go mang ka tsela e e mo nakong sentle?
13 Ntwa e kgolo mo dintweng tsotlhe e ntse e baakanyediwa le jaanong. Motlhabani yo mogolo wa Modimo, Lesole la ga Jehofa, le le lwelang go tlotlomadiwa ga gagwe le tlhalosiwa jaana mo mafokong a a latelang a a tlhamilweng ke leloko lengwe la morafe wa Iseraele: “U montlè thata go gaisa bana ba batho; bopelochweu bo tshecwe mo dipounameñ tsa gago: ke gōna ka mo Modimo o gu segōhaditseñ ka bosakhutleñ. Gatlha chaka ea gago kaha nokeñ ea gago, wèna senatla, kgalalèlō ea gago le borèna yoa gago. Me mo boreneñ yoa gago u pagamèlè pele ka go rañwa ke dilō, ka ntlha ea boamarure, le bopelonōlō, le tshiamō: me seatla sa gago se segolo se tla gu ruta dilō tse di boitshègañ. Mecwi ea gago e bogale; dichaba di wèla ha tlhatse ga gago; e mo peduñ ea baba ba kgosi. Setulō sa gago sa bogosi se nntse ka bosenabokhutlō le ka bosaeeñkae; thōbane ea bogosi yoa gago ke thōbane ea tekatekanyō.”—Pesalema 45:1-6.
Merafe E Phuthega Mmogo Kgatlhanong le Jehofa
14, 15. Morago ga go gololwa mo kgolegelong, baaposetoloi ba ne ba tsopola mafoko afe a a neng a diragaditswe go tswa mo go Pesalema 2, mme ba ne ba kopa Modimo eng?
14 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba lemoga tiragatso ya Pesalema 2:1, 2, ka pele fela morago ga go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete ka Pentekosete 33 C.E. Lokwalo lono lo balega jaana: “Ana merahe e shakgaletseñ, le dichaba di tlhatlhanyetsañ selō sa boithamakō? Dikgosi tsa lehatshe dia ikemisa, le balaodi ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwè.” Fa baaposetoloi ba Motlodiwa wa ga Jehofa ba sena go tsenngwa mo kgolegelong le go bogisiwa ke baba ba Bajuda lantlha, ba ne ba kopana le Bakeresete ka bone mme ba tsopola mafoko ano a a tlhamileng ke Kgosi Dafide a a mo go Pesalema 2. Ditihō 4:23-30 e bega kgang eno ka go bua jaana:
15 “Me ea re ba sena go lesiwa ba tla kwa leshomoñ ya bōnè, me ba bolèla cotlhe tse ditlhōgō tsa baperisiti le bagolwane ba di buileñ nabō. Me bōnè, ea re ba utlwa, ba tlhatloseletsa mancwe a bōnè goñwe kwa Modimoñ, ba re, Morèna, wèna eo u dihileñ legodimo le lehatshe le lewatlè, le cotlhe tse di mo go cōna: Eo u kileñ ua bua ka Mōea o o Boitshèpō, ka molomo oa ga rra echo Dafide, motlhanka oa gago, ua re, Ana Badichaba ba ne ba shakgalèlañ, le merahe e ne e tlhatlhanyetsañ dilō tsa boithamakō? Dikgosi tsa lehatshe tsa ipaakanya, le balaodi ba phuthèga, e le go tlhabana le Yehofa le Motlodiwa oa gagwè. Gonne amarure, Herode le Ponto Pilatwe, ba na le Badichaba, le batho ba Iseraela, ba le mo motsiñ o, ba ne ba phuthegetse Yesu Motlhanka oa gago eo o boitshèpō, eo u nu u mo tloditse, Go tla ba diha señwe le señwe se seatla sa gago le go rata ga gago go se laotseñ galè gore se dihalè. Me yana Morèna, bōna dipōpō tsa bōnè: me u neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla; Le wèna u nntse u ōtlōlōla lecōgō ya go hodisa; me u mmè dichupō le dikgakgamaco di dihwè ka leina ya ga Yesu Motlhanka oa gago eo o boitshèpō.”
16, 17. (a) A go na le sengwe seo se kileng sa diragala seo se ka tshwantshiwang le seo se simolotseng go diragala ka 1914? Tlhalosa. (b) Merafe e tswelela go dira eng, mme ka gone, e pateletsa Jehofa Modimo go kwala eng mo ‘lokwalong lwa dintwa tsa gagwe’?
16 Lefa go ntse jalo, fa go tla mo merafeng e e fuduegileng, go phuthega ga dikgosi, go phuthega ga babusi ba dipolotiki mmogo kgatlhanong le Jehofa le Motlodiwa wa gagwe, Jesu Keresete, ke eng seo mo hisitoring ya motho se ka bapisiwang le seo se simolotseng dingwaga tse 76 tse di fetileng ka 1914? E ne e se fela ngwaga oo ntwa ya ntlha ya lefatshe ya batho botlhe e neng ya tlhagoga ka one mme segolobogolo e ne e le ngwaga oo metlha ya Badichaba, “metlha [e e tlhomilweng, NW] ea Badichaba,” e neng ya khutla ka one! (Luke 21:24) Pesalema 2 e ne ya diragadiwa ka phepafalo le mo gogolwane go simologa ka ngwaga oo.
17 Kwa bokhutlong jwa metlha ya Baditšhaba ka 1914, ga go morafe ope—le eleng merafe e e bidiwang ya Labodumedi, eo bontsi jwa baagi ba yone ba itebang ka sedumedi e le Baiseraele ba semoya—bao ba neng ba batla go amogela Motlodiwa wa ga Jehofa, Jesu Keresete, fa a ne a tlhomiwa mo setulong sa bogosi sa go busa lefatshe. Mme jaanong, dingwaga di ka nna 71 morago ga gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a simolole go “rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe,” go tloga ka 1919 go ya pele, merafe e e mo teng le e ka kwantle ga Labodumedi eleruri ga e kake ya goletsa Kgosi e e sa bolong go goelediwa ya ga Jehofa le go dira kgolagano le yone ka go tlogela go busa lefatshe. (Mathaio 24:14) Go na le gore ba dire seo, jaanong ba fitlhile mo nakong eo mo go yone ba pateletsang Jehofa gore a kwale, jaaka go ne go ka buiwa, konelo e kgolo ya ‘lokwalo lwa Dintwa tsa ga Jehofa.’—Dipalo 21:14.
Phenyo e e Galalelang ya Modimo wa Motlhabani
18. Ke kgato efe e e tla reng Jehofa a e tsaya re bo re se mo kotsing, mme jaaka go ne go ka buiwa, ke bomang ba ba tla nnang mo letlhakoreng la gagwe, ba diragatsa Pesalema 110?
18 Tsena mo tlhabanong he, wena Jehofa wa masomosomo le Morwao wa kgosi, Jesu Keresete! Yoo mafoko ano a seperofeti a lebisitsweng mo go ene: “A go busè wèna mo gare ga baba ba gago. Yehofa, a le kaha lecogoñ ya gago ye legolo, o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè. O tla atlhola mo merahiñ, o tla tlatsa mahelō ka ditoto tsa bashwi; o tla phololetsa eo e leñ tlhōgō mo mahatshiñ a le mantsi.”—Pesalema 110:2, 5, 6.
19. Mabapi le ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe e e tla tlogang e tla, re rapelela eng mo boemong jwa boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele?
19 Wena Jehofa wa masomosomo, a batlhanka ba gago ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng e nne basupi ba ba itumeletseng phenyo e e ka sekang ya tshwantshiwa le epe ka Kgosi ya gago ya motlhabani, Jesu Keresete, ka nako ya letsatsi le legolo la ntwa ya Modimo Mothatayotlhe kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera! (Tshenolō 16:14) A masalela a boammaaruri a semoya a Iseraele mmogo le boidiidi jo bogolo jwa ba seka dinku jo bo ‘tlhatswitseng dikobo tsa bone bo di sweufaditse mo mading a ga Kwana’ ba ‘falole pitlagano e kgolo’ go tla go nna basupi ba gago ba mo lefatsheng ka bosakhutleng! (Tshenolō 7:14) A ba falole ba ntse ba tshela ba le mo tlhokomelong ya gago e e lorato, ba falolele mo lefelong le le senang ntwa la ga Morwao yo o fentseng, yoo a tla busang mo lefatsheng le le phepafaditsweng leo le tla fetolelwang go nna paradaise e ntle, tumalanong le boikaelelo jwa gago jwa kwa tshimologong. A ba nne bosupi jo bo bonalang mo go botlhe ba ba tsositsweng mo baswing ba tlotlomatsa bolaodi jwa lobopo joo e leng jwa gago ka tshwanelo! Re a go leboga ka o tla bo o fediseditse kganetsano ya lobopo ruri, ee, ka bosakhutleng!
A O A Gakologelwa?
◻ Ke kganetsano efe e kgolo e e leng fa pele ga baengele le batho?
◻ Ke pharologano efe e e leng gone fa gare ga go lwela ga ga Jehofa Iseraele wa bogologolo le Iseraele wa semoya?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba tla tsaya boemo bofe ka Hara-Magedona, mme ka ntlhayang?
◻ Pesalema 2:1, 2 e ne ya diragadiwa lantlha leng?
◻ Kganetsano ya lobopo e tla fedisediwa ruri jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
“Boidiidi yo bogolo” bo tla baka Kgosi ya Modimo ya Modisa e e fentseng