Dipotso Tse Di Sa Arabiwang Kaga Botshelo Morago ga Loso
“HA MONNA a shwa a o tla ba a tshela?” (Yobe 14:14) Potso eno, eo tlhogo ya lotso Jobe a saleng a e botsa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, e ile ya nna ya akanngwa ke batho ba le bantsi mo mafelong otlhe go ralala dingwaga, mme dikarabo tsa yone di ne tsa nna dintsi.
Bagerika ba bogologolo ba ne ba bolela gore meya ya batho ba ba suleng e ne e tswelela e tshela. E ne e kgabaganngwa noka ya Styx ka sekepe e isiwa kwa lefelong le legolo le le kafa tlase le le bidiwang lefatshe la baswi. Baatlhodi ba ne ba atlholela meya eno go bogisiwa mo kgolegelong ya mabota a a kwa godimo kana ba e atlholela go ya kwa monateng mo masimong a ga Elysium. Batho bangwe ba bogologolo ba ne ba akanya gore meya e ne e fetoga dinaledi kana mefuta mengwe ya dinaledi. Bangwe gape ba ne ba akanya gore meya e ne e kgona go bonesa ka gone e ne e tlhatlogela kwa ngweding; e ne e fetisediwa kwa letsatsing kgwedi nngwe le nngwe fa ngwedi e nna o o tletseng.
Gompieno, dithuto kaga botshelo morago ga loso di ntse di oketsega. Bahindu le Babuda ba dumela gore moya o ka tsalwa gape. Bamoselema ba dumela gore moya o tswelela o tshela fa mmele o swa mme ka nako ya katlholo ya bofelo o tla ya kwa paradaiseng kana kwa diheleng. Baporotesetanta ba bantsi ba rutiwa gore meya e tswelela go tshela morago ga loso e ya go ipelela menate kwa legodimong kana e ya go bogosiwa kwa molelong wa dihele. Mo ditiragalong tseno tsotlhe Bakatoliki bone ba oketsa ka Limbo le pakatori.
Mo dinageng tse dingwe, ditumelo kaga meya e go akanngwang gore ke ya baswi di kopantswe ka mo go gakgamatsang le ngwao le ditumelo tse go tweng ke tsa Bokeresete. Ka sekai, ka tlwaelo, fa mongwe a sena go swa, Bakatoliki le Baporotesetanta ba kwa Afrika Bophirima ba khurumetsa diipone gore ope a se ka a di leba mme a bona moya wa motho yo o suleng. Malatsi a a masome a manè morago ga loso lwa mongwe yo ba mo ratang, balosika le ditsala ba dira moletlo go keteka go tlhatlogela ga moya oo kwa legodimong. Morago ga foo, gantsi ka Keresemose kana ka Letsatsi la Ngwaga o Mosha, balosika ba etela kwa mabitleng ba bo ba tshela bojalwa mo mabitleng. Ba bua le baswi, ba ba kopa gore ba ba direle melemo mengwe le go ba bolelela dikgang tsa lelapa.
Go phepafetse gore ditumelo tsa lefatshe ga di dumalane thata kaga se se diragalang morago ga loso. Lefa go le jalo, go na le selo se le sengwe sa motheo seo ba dumalanang ka sone: go sa sweng ga moya wa motho. Dithuto tse dintsi kaga botshelo morago ga loso ke menangwana fela e e farologaneng e e tswang mo setlhogong seno se le sengwe.
Lefa go ntse jalo, go tsoga dipotso dingwe tse di tshwenyang di le mmalwa: Totatota kgopolo ya gore moya ga o swe e tswa kae? A e gone mo Dikwalong? Fa go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa le ditumelo tse eseng tsa Bokeresete di e ruta? Tseno ga se dipotso tse di tshwanetseng go itlhokomolosiwa. Go sa kgathalesege gore bodumedi jwa gago ke jwa mofuta ofe, loso ke ntlha nngwe e go tshwanetsweng ga itebaganngwa le yone. Ka gone dikgang tseno di go ama tota ka namana. Ka jalo re go laletsa gore o sekaseke dikgang tseno ka maikutlo a a phutologileng.