LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/15 ts. 24-25
  • “Cotlhe Hèla Lo Di Dihèlè Kgalaleco ea Modimo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Cotlhe Hèla Lo Di Dihèlè Kgalaleco ea Modimo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega Kutlwano le go Nna Phepa mo Boitsholong
  • Akanyetsa Ba Bangwe
  • Bontsha Tlotlo O Bo O Latele Thulaganyo
  • Dira Dilo go Galaletsa Modimo ka Metlha
  • Buka ya Bibela ya bo 46—1 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Itekeñ ka Losi Bo Lo mo Tumeloñ”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go sa Tsene mo Lenyalong—Sebaka sa go Dira o sa Akgaakgege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/15 ts. 24-25

“Cotlhe Hèla Lo Di Dihèlè Kgalaleco ea Modimo”

Dintlhakgolo go Tswa go Bakorintha wa Ntlha

BATHO botlhe ba ba obamelang Jehofa Modimo ka “mōea le ka boamarure” ba amegile thata ka kgalalelo ya gagwe. (Yohane 4:23, 24) Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ka ene ba kwa Korintha wa bogologolo jaana: “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Gore re dire seno re tlhoka go amogela tsela ya ga Jehofa ya go rarabolola mathata mo lefatsheng leno le le ratang dilo tse di bonalang, la boitsholo jo bo sa siamang le le tseneletseng thata mo bodumeding jwa maaka.

Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba tlhoka thuso ya bomodimo go rarabolola mathata a bone, ka go bo ba ne ba nna mo motseng o o neng o atlegile tota mo dilong tse di bonalang, wa boitsholo jo bo sa siamang le o o tletseng bodumedi jwa maaka. Ereka Korintha e ne a le fa gare ga Gerika le Peloponnisos, e ne e le moshate wa Akaia eo e leng porofensi ya Roma mme e ne e na le baagi ba ba ka nnang 400 000. Paulo o ne a tlhoma phuthego koo mo e ka nnang ka 50 C.E.—Ditihō 18:1-11.

Bakorintha ba ne ba kwaletse Paulo ba mmotsa ka lenyalo le go ja nama e e neng e iseditswe medimo ya disetwa. (7:1) O ne a tshwenyegile tota ka gonne go ne go na le dikgaogano le kgang nngwe ya boitsholo jo bo maswe tota mo gare ga bone. Ba ne ba tlhoka kgakololo ya tsela e e siameng ya go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ba ne ba tshosediwa gape ke botenegi, mme phuthego e ne e tlhoka go gakololwa kaga lorato. Paulo o ne a kwalela Bakorintha lokwalo lwa gagwe lwa ntlha lo lo tlhotlheleditsweng a le kwa Efeso mo e ka nnang ka 55 C.E., ka ntlha ya mabaka a a ntseng jalo. Mme le rona lo ka re solegela molemo.

Go Tlhokega Kutlwano le go Nna Phepa mo Boitsholong

Fa re ‘dira tsotlhe kgalaletsong ya Modimo,’ ga re kitla re latela ope yo a batlang go tsosa dikgaogano mo phuthegong—eleng bongwe jwa mathata ao Bakorintha ba neng ba lebane le one. (1:1–4:21) Paulo o ne a ba kgothaletsa gore ba nne ‘puo nngwe fela botlhe, le mogopolo o le mongwe fela.’ Re tla utlwana fela fa re ka latela kgakololo eno mme re tlhagolela dinonofo tsa semoya. Go na le go ikgantsha ka motho mongwe yo o nang le boleo, re tshwanetse go gakologelwa gore lemororo re ‘jala re bo re nosa, Modimo ke one o ungwisang’ mo semoyeng. Batho ba ba ikgantshang ba kwa Korintha ba ne ba sena sepe se ba sa se fiwang; ka jalo a ka motlha re se ka ra iteba re le botoka mo badumeding ka rona. Moya o o ntseng jalo wa boikokobetso o tla re thusa gore re utlwane.

Gore kutlwano e nne gone, bagolwane ba ba tlhophilweng ba tshwanetse go tsaya dikgato go tshola phuthego e le phepa semoyeng. (5:1–6:20) Ereka “sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe,” bagokafadi ba ba sa ikwatlhaeng, batho ba ba bogagapa, baobamedi ba medimo ya disetwa, bakgadi, matagwa, kana baikgagapeledi ba tshwanetse go kgaolwa. Boitsholo jo bo maswe, joo bo leswefatsang tempele ya Modimo, ga bo a tshwanela go lesiwa fela mo bathong ba ga Jehofa. Go na le moo, ba tshwanetse go dira dilo tseo di galaletsang Modimo.

Akanyetsa Ba Bangwe

Re tlhoka go dirisa kgakololo ya ga Paulo kaga lenyalo le go se tsene mo lenyalong fa re ‘dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo.’ (7:1-40) Ba ba nyalaneng ba tshwanetse go akanyetsana mabapi le tshwanelo ya tlhakanelodikobo. Mokeresete yo o mo lenyalong ga a tshwanela go kgaogana le molekane wa gagwe yo o sa dumeleng, ka gonne go nna mmogo go ka thusa yo mongwe go bona poloko. Lemororo lenyalo le ka lere matshwenyego a a oketsegileng, motho yo o ratang go thusa ba bangwe mo semoyeng a direla Morena a sena dikgoreletsi a ka solegelwa molemo fa a nna a sa tsene mo lenyalong.

Bakeresete botlhe ba le mo lenyalong kana ba se mo go lone, ba na le boikarabelo jwa go akanyetsa boitekanelo jwa ba bangwe jwa semoya. (8:1–10:33) Ka gone, Bakorintha ba ne ba gakololwa gore ba se ka ba kgopisa ba bangwe ka go ja dijo tse di neng di isediwa medimo ya disetwa. Paulo ga a ka a dirisa tshwanelo ya gagwe ya go bona thuso ya dilo tse di bonalang fela ka go bo a ne a tila gore a se kgoreletse ope go amogela mafoko a a molemo. Gape o ne a ‘ikgoba mmele, a o baya mo taolong: e se re kgotsa ka mokgwa mongwe, e tla re a sena go rerela ba bangwe Mafoko a a Molemo, ene ka nosi a ganwa.’ Fa re tsaya tsia seo se diragaletseng Baiseraele baleofi ba ba neng ba le kwa nageng go tla re thusa gore re tile kobamelo ya medimo ya disetwa le go dira diphoso. Mo godimo ga moo, ‘go dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo’ go tla re thusa go tila go kgopisa motho ope fela.

Bontsha Tlotlo O Bo O Latele Thulaganyo

Re tlhoka go bontsha tlotlo ka tshwanelo fa re ‘dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo.’ (11:1-34) Mosadi wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mokeresete o ne a supa go tlotla botlhogo ka go rwala mo tlhogong fa a ne a rapela kana a perofesa mo phuthegong. Basadi ba bomodimo gompieno ba tlotla botlhogo ka tsela e e tshwanang. Mo godimo ga moo, gore o se ka wa tshwana le Bakorintha bao ba neng ba tlhoka kgakololo, rotlhe re tshwanetse go tlotla Sejo sa Morena sa Maitseboa.

Re tshwanetse go latela thulaganyo fa re tshwara dipokano tsa rona fa re ‘dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo.’ (12:1–14:40) Fa Bakeresete ba pele ba ne ba kopana, dineo tse di ntseng jalo tsa semoya jaaka go bua ka diteme di ne di tshwanetse go dirisiwa ka tlotlo ebile go anaanelwa motswedi wa tsone le boikaelelo jwa tsone. Lemororo jaanong re sena dineo tseno, re galaletsa Modimo ka go bontsha lorato, leo le di fetang kgakala. Re galaletsa Jehofa gape ka gonne dipokano tsa rona di rulagantswe sentle, mme re dirisa kgakololo eno ya ga Paulo ka tlotlo: “A dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō.”

Re tlhoka go dira tumalanong le kafa Bibela e rutang ka gone le go nna re nonofile semoyeng fa re ‘dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo.’ (15:1–16:24) Bangwe mo phuthegong ya kwa Korintha ba go lebegang ba ne ba tlhotlheleditswe ke botlhale jwa Segerika ba ne ba bua jaana: “Ga go na go coga ga bashwi.” (Bapisa Ditihō 17:18, 32.) Ba ka nna ba bo ba ne ba na le kgopolo ya botenegi ya gore baswi ga ba kake ba tsoga mo isagweng mme gore Bakeresete ba ba tshelang ba ne ba setse ba bone tsogo ya baswi ya tshwantshetso ya semoya. (2 Timotheo 2:16-18) Paulo o ne a tshegetsa tsholofelo ya boammaaruri ka go umaka tsogo ya ga Jesu gape o ne a bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go swa gore ba tle ba tsosediwe kwa botshelong jwa bosasweng jwa selegodimo. Mafoko a gagwe a re thusa go tila botenegi le go ‘ema ka tlhomamo mo tumelong’ ka ditsela tse dingwe gape.

Dira Dilo go Galaletsa Modimo ka Metlha

Kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bakorintha wa Ntlha e santse e le mosola thata gompieno jaaka e ne e ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. E tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa ba motlha ono go direla Modimo ka kutlwano jaaka batho ba ba phepa. Mafoko a moaposetoloi a tshwanetse go re tlhotlheletsa go akanyetsa ba bangwe le go supa tlotlo. Seo Paulo a se buileng se ka re nonotsha gape gore re emelane le botenegi mme re emele tumelo ya boammaaruri re nonofile.

Eleruri, motlhanka mongwe le mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa o eletsa go tswa mo pelong gore a mmake, a itsise Bogosi jwa gagwe, le go galaletsa leina la gagwe le le boitshepo. (Pesalema 145:1, 2, 10-13) Ebile tota, lokwalo lwa ntlha lwa ga Paulo lo a lo kwaletseng Bakorintha lo re thusa go ‘dira dilo tsotlhe go galaletsa Modimo.’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

A TLHOMAMISEGILE GORE O TLILE GO SWA: Paulo o ne a bua ka go swela mo patlelong ya metshameko ka makgetlo fa a ne a kwalela Bakorintha. Ka sekai, o ne a kwala jaana: “Gonne kea gopōla, go re, Modimo o ntshitse rona baaposetoloi go bōnwa kwa moragō ga botlhe, yaka batho ba ba laolecweñ go shwa: gonne re dihilwe segakgamalèlō sa lehatshe, le sa baengele, le sa batho.” (1 Bakorintha 4:9) Paulo a ka tswa a ne a akantse ka metshameko ya bestiarii (banna ba ba neng ba lwa le dibatana) le ya diganka (banna ba ba neng ba lwa le ba bangwe). Bangwe ba ne ba lwela go bona madi, mme dinokwane tsone di ne di patelediwa go lwa. La ntlha ba ne ba letliwa go dirisa ditlhabano mme morago magolegwa ano a ne a tlisiwa gore a lwe a sa apara, a sa itshireletsa ka sepe, ebile e le gore ba tlile go swa.

Mo ponong ya “‘baengele” le “batho” (eseng fela ya “lefatshe” la batho) go ne go tshwana fela le gore baaposetoloi ba tla tloga ba swa e le segakgamalelo e le tlotlo ya bone ya bofelo. Paulo o ne a re o “lole le dibatana kwa Efeso,” mme bangwe ba belaela gore a tota moagi wa Roma o ne a ka dirwa jalo mme ba bolela gore o ne a bua ka baganetsi ba dikadibatana. (1 Bakorintha 15:32) Lefa go le jalo, puo ya ga Paulo ya gore Modimo o ne o ‘mo golotse mo losong lo lo kalo’ mo kgaolong ya Asia (koo Efeso e neng e le gone) e tshwanela sentle boitemogelo jwa go lebagana ka mmatota le dibatana tse di tlhaga mo lefelong la metshameko go na le kganetso ya batho.—2 Bakorintha 1:8-10; 11:23; Ditihō 19:23-41.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

NNA O AKANTSE KA MOKGELE: Paulo o ne a dirisa dikarolo dingwe tsa metshameko ya kwa Gerika wa bogologolo go tshwantsha dintlha tsa botlhokwa. (1 Bakorintha 9:24-27) Mo dikgaisanong tse di jaaka Isthmian Games tseo di neng di tshwarwa dingwaga dingwe le dingwe tse pedi gaufi le Korintha, go ne go sianwa, go itaanwa ka mabole, go dirwa le dilo tse dingwe mo thulaganyong ya tsone. Fa ba ipaakanyetsa dikgaisano tseno, basiani le boramabole ba ne ba tshwanela go ikgapa mo dilong dingwe, ba ja dijo tse di sa nontsheng, ba nna ba sa nwe beine ka dikgwedi di le lesome. Lefa go ntse jalo, go na le gore a lwele go bona dithunya tsa mophaene kana tsa morara tse di swang tseo di neng di newa bafenyi ba Isthmian Games, Mokeresete yo o tloditsweng o gagamalela go bona serwalo sa botshelo jwa bosasweng se se sa senyegeng. Go gapa mokgele oo, o tshwanetse go tlhoma matlho a gagwe mo go one, mme a ikgape. Molaomotheo o o tshwanang o dira le mo Basuping ba ga Jehofa ba ba nang le tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela