LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 27-28
  • “Mo Mokolokong wa Phenyo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mo Mokolokong wa Phenyo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Nkgisa Lonko Lo Lo Monate Iwa Kitso ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Didirisiwa tse di Atolositsweng go Lepa-lepana le Koketsego ya Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 27-28

“Mo Mokolokong wa Phenyo”

MOKOLOKO wa phenyo e ne e le moletlo o o kgatlhang thata wa go fenya mmaba. Nngwe ya dilo tse dikgolo tseo Senate ya Roma e neng e ka tlotla molaodi wa masole ka yone e ne e le go mo letla go keteka phenyo ya gagwe ka mokoloko o o rulagantsweng o o jang madi a a kwa godimo. Moaposetoloi Paulo o ne a umaka mokoloko wa phenyo gabedi mo dikwalong tsa gagwe. Lefa go ntse jalo, pele re ka sekaseka mafoko a gagwe, a o ko o leke go akanya gore mokoloko oo o ne o ntse jang. Akanya ka boidiidi jwa batho bo eme fa thoko ga mebila fa o ntse o tsamaya ka bonya go iphaphatha le Via Triumphalis o bo o tlhatlogela kwa tempeleng ya Jupiter kwa godimo ga Thota ya Capitoline ya kwa Roma.

“Monko o o monate o o tswang mo diloking tse di shang o ne o phatlalala le tempele le mebila, di nkgisa moya ka lonko lwa tsone lo lo monate,” go ne ga kwala jalo mokanoki James M. Freeman. “Mo mokolokong ono go ne go na le senate le baagi ba maemo a a kwa godimo ba naga, bao ba neng ba tlotla mofenyi ka go nna gone. Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di thopilweng kwa ntweng jaaka gouta, selefera, dibetsa tsa maina a a farologaneng le tsa mefuta yotlhe, dilo tsa botaki tse di sa bonweng bonolo le tsa madi a a kwa godimo, le sengwe le sengwe seo se neng se lejwa se le botlhokwa ke mofenyi kana bathopiwa, di ne di tsholediwa mo motsemogolong o o tletseng batho oo. Bagolegwa bano ba ntwa ba ne ba patelediwa go tsamaya mo mokolokong. Molaodi wa masole, yoo tlotlo eno ya phenyo e neng e neelwa ene, o ne a tsamaya ka koloi ya ntwa e e sa tlwaelegang e e gogwang ke dipitse di le nnè. Seaparo sa gagwe sa kafa ntle se ne se kgabisitswe ka gouta, mme se se kafa teng ka dithunya. O ne a tshotse kala ya laurel ka letsogo la moja, mme ka la molema a tshotse thobane; mme mo phatleng e le dithunya tsa laurel ya Delphi. Mofenyi o ne a tsamaisiwa go ralala mebila masole a tsositse modumo batho le bone ba opa diatla a isiwa kwa tempeleng ya ga Jupiter, koo go neng go dirwa ditlhabelo gone, morago go bo go dirwa moletlo kwa tempeleng.”

Paulo o ne a dirisa mokoloko wa phenyo jaaka setshwantsho fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha lokwalo lwa bobedi ka ngwaga wa bo 55 wa Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. O ne a re: “Me a Modimo o lebogwè, o o nntseñ o re ètèlèla pele ka phenyo mo go Keresete, o bile o utlwatsa ka rona lonkō loa kicō ea gagwè mo maheloñ aotlhe. Gonne re lonkō lo lo monate loa ga Keresete mo Modimoñ, mo go ba ba bolokwañ, le mo go ba ba latlhègañ; Mo go ba bañwe e le lonkō loa losho lo isa loshoñ; me mo go ba bañwe e le lonkō loa botshelō lo isa botsheloñ.”—2 Bakorintha 2:14-16.

Fano Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng ba emetswe ke batho ba ba ineetseng ba Modimo, “mo go Keresete.” Ba tshwantshiwa e le barwa, balaodi, le masole a a mo mokolokong ba setse Jehofa morago ebile ba gogwa ke ene mo mokolokong wa phenyo mo tseleng e e nkgisitsweng monate. (Bona Tora ya Tebelo, July 15, 1990, ditsebe 10-15.) Tiriso eno ya mokoloko jaaka setshwantsho gape e bontsha gore bao ba ganang mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ba ka lebelela fela loso. Mme abo seo se farologane jang ne ka balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng! Ba na le tsholofelo ya go bolokelwa kwa botshelong jwa bosasweng kwa legodimong le Keresete. Mme go tweng ka ditsala tsa bone tse di ikanyegang le tseo di ineetseng mo Modimong? Di na le tsholofelo e e ipedisang ya go tshela mo lefatsheng la paradaise koo Modimo ‘o tla phimolang dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, loso lo sa tlhole lo le gone, le gone go sena bohutsana, lefa e le selelo le botlhoko.’ (Tshenolō 21:1-4; Luke 23:43) A o mongwe wa boidiidi jono jo bo itumetseng?

Paulo o re naya setshwantsho se se farologaneng le seo mo go Bakolosa 2:15, koo a neng a kwala jaana gone: “Me o rile a sena go itlhotlhora magōsana le bathati, a ba shupa mo pōnatshegoñ [“mo mokolokong wa phenyo,” NW].” Fano dipuso tsa baba le balaodi ba ba busiwang ke Satane Diabolo di supiwa e le bathopiwa le magolegwa mo mokolokong wa phenyo. Jehofa wa Mofenyi o ba apola diaparo tsotlhe tsa bone mme o ba supa phatlalatsa jaaka ba ba fentsweng. Ba fentswe ka “ōna,” ke gore, “mokgōrō.” O ne a kgona go tlosa seo “lokwalō” (kgolagano ya Molao) lo thailweng mo go sone ka go swela mo mokgorong mme a kgonisa Bakeresete gore ba gololwe mo botlhankeng jwa maatla a bosatane a lefifi. (Bakolosa 2:13, 14) Abo re tshwanetse go anaanela kgololesego eo ya Bokeresete jang ne!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela