Go Nkgisa Lonko Lo Lo Monate Iwa Kitso ya Modimo
“Me a Modimo o lebogwè, o o nntseñ o re ètèlèla pele ka phenyo mo go Keresete, o bile o utlwatsa ka rona lonkō loa kicō ea gagwè mo maheloñ aotlhe.”—2 BAKORINTHA 2:14.
1. Re bua ka lonko lofe lo lo monate fano, mme tshiamelo ya go le nkgisa e tshwanetse go lejwa jang?
DUPA, dupa gape! M-m-m-m! A o utlwa lonko lo lo monate? Fano ga re bue ka lonko lwa dithunya mme, go na le moo, ka lonko lwa tshwantshetso lo lo tswang mo dikwalong tse di kwa godimo thata mo lefatsheng. Dikwalo tseno ga se tse di itlhametsweng ke batho fela mme ke ngata ya dithunya tsa tshwantshetso tse di tlhotlheleditsweng ke Yoo ebileng e le ene a bopileng lonko lwa dithunya tse di kgabisang lefatshe. Tshiamelo ya go nkgisa lonko lwa kitso ya Modimo ke letlotlo le legolo. Ee, ke tirelo e e tlhotlhwakgolo tota—e e sa bonweng ke botlhe, le e batho ka kakaretso ba sa nneng le seabe mo go yone.
2. Barutwa ba ga Keresete ba ne ba simolola go nkgisa lonko lo lo monate lono lwa tshwantshetso leng, mme go ne ga felela ka eng?
2 Letlotlo le le tlhotlhwakgolo leno le ne la newa balatedi ba ga Keresete fa ba ne ba bolelelwa ka go direla Jehofa Modimo ka botlhaga ka letsatsi la Pentekosete ka ngwaga wa 33 wa Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Ereka ba ne ba tladitswe ka moya o o boitshepo, ba ne ba simolola go nkgisa lonko lono lo lo monate lwa tshwantshetso, ba tlhalosa “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditihō 2:1-4, 11) Lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo lo ne lwa nkgela ba bangwe, eseng Bajuda ba tlholego fela ba ba rupileng mme gape le merafe e e sa rupang, ditso, batho, le dipuo. (Ditihō 10:34, 35) Barutwa ba boammaaruri ba ne ba leba tirelo eno jaaka e e botlhokwa go gaisa dikhumo dipe fela tse di bonalang tse batho ba di ikgobokanyetsang.
3. Tiro ya go nkgisa lonko lo lo monate lono lwa kitso ya Modimo e dirwa ka selekanyo sefe, mme re tlhoka go ipotsa potso efe?
3 Gompieno, tiro e kgolo ya go nkgisa lonko lono lwa kitso ya Modimo e ntse e dirwa mo lefatsheng ka bophara—ka selekanyo se se fetang pele mo hisitoring ya motho. E akaretsa go neela bosupi mo bathong botlhe ka Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo kafa tlase ga Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng, Jesu Keresete. (Mathaio 6:10; Ditihō 1:8) A o leba tirelo ya go itsise Kgosi le Bogosi jwa gagwe jaaka letlotlo la tlhotlhwa e e ka sekang ya lekanngwa? Jesu Keresete, yo a neng a eteletse pele go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi joo, o ne a bo leba ka tsela eo, a tlhoma tsela e bo ka rerwang ka yone.—Mathaio 4:17; 6:19-21.
Go Nkgisa Lonko Lo Lo Monate mo Tseleng ya Mokoloko wa Phenyo
4. Go ya ka 2 Bakorintha 2:14, Modimo o etelela batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng pele jang, mme mafoko a ga Paulo a buela mo godimo ga eng se se neng se dirwa bogologolo?
4 Ke ka ntlhayang fa go direla Modimo e le selo se se ka tsewang se le botlhokwa thata? Lebaka le lengwe ke gore le eleng jaanong bao ba direlang Jehofa ba na le tshiamelo e e molemo thata ya go etelelwa ke Modimo pele mo mokolokong o mogolo wa phenyo. Go ya ka New International Version, 2 Bakorintha 2:14 e bua jaana: “A Modimo o lebogwe, yo o re etelelang pele ka metlha mo mekolokong ya phenyo mo go Keresete yoo a gasang lonko lwa kitso ya gagwe [“o dira gore kitso ya gagwe e re nang le yone e nkge mo lefatsheng jaaka lonko lo lo monate!” Phillips] ka rona gongwe le gongwe.” Mafoko ao a ga moaposetoloi Paulo a lebega a bua ka selo se se neng se dirwa bogologolo sa go dira mekoloko ya phenyo.a
5, 6. (a) Go ne go diragala eng mo mekolokong ya bogologolo ya phenyo ya Roma, mme lonko lo lo monate lo ne lo kaya eng mo go ba bangwe? (b) Setshwantsho se se mo go 2 Bakorintha 2:14-16 se ka dirisiwa jang ka tsela ya semoya?
5 Mo metlheng ya repaboliki ya Roma, dingwe tsa ditsela tseo Lekgotla le legolo le neng le tlotlomatsa molaodi mongwe yo o fentseng e ne e le go mo letla gore a keteke phenyo ya gagwe ka mokoloko wa madi a a kwa godimo wa phenyo. Mokoloko wa Roma o ne o tsamaya ka bonya go bapa le Via Triumphalis o bo o tlhatloga ka tsela e e itsoketsang go ya kwa tempeleng ya Jupitere e e kwa godimo ga Capitoline Hill. Dikgosi, dikgosana, le balaodi ba ba thopilweng mo ntweng, mmogo le bana ba bone le bathusi ba bone, ba ne ba tsamaisiwa ba golegilwe ka diketane, gantsi ba bile ba sa apara, e le go ba sotla le go ba tlhabisa ditlhong.
6 Fa mokoloko o ne o tsamaya o kgabaganya motse wa Roma, batho ba ne ba latlhela dithunya fa pele ga kara ya ntwa ya mofenyi, mme maswalo a a shang a ne a nkgisa tsela yotlhe monate. Lonko lo lo monate lono lo ne lo raya gore masole a a fentseng ano a ne a tlotlomadiwa ebile a tla kgona go tshela a bolokesegile. Mme lo ne lo kaya loso mo bathopiweng ba ba sa itshwarelweng ba ba neng ba tlile go bolawa kwa bokhutlong jwa mokoloko ono. Seno se sedifatsa go dirisa ga ga Paulo setshwantsho se se mo go 2 Bakorintha 2:14-16 ka tsela ya semoya. Setshwantsho seo se supa gore Paulo le Bakeresete ka ene ke babusiwa ba ba ineetseng ba Modimo, “mo go Keresete,” botlhe ba latela mo motseletseleng wa Modimo wa phenyo ebile ba eteletswe pele ke Ene mo mokolokong o mogolo wa phenyo mo tseleng e e nkgisitsweng monate.
Lonko Lo Lo Monate lwa Botshelo le Monko wa Loso
7, 8. (a) Basupi ba ga Jehofa ba nkgisa lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo jang? (b) Jaaka Basupi ba nkgisa lonko lono lwa tshwantshetso, bao ba bolokiwang ba araba jang? (c) Bao ba nyelelang ba araba jang?
7 Basupi ba ga Jehofa fa ba phatlalatsa boammaaruri jwa Bibela jo bo kaga Bogosi jwa Modimo ka Keresete gongwe le gongwe ba nkgisa, le go tlatsa gongwe le gongwe lonko lo lo monate lwa kitso ya boutlwelobotlhoko jwa Modimo oo boammaaruri jwa one bo ba golotseng mo bodumeding jwa maaka. Ba tsamaya ka phenyo mmogo mo tirelong ya ga Jehofa. Tirelo e ba e neelang jaaka Basupi ba gagwe le ba Kgosi ya gagwe e tshwana le maswalo a a nkgang monate mo go Jehofa. Ka gone, re kgona go lemoga gore moaposetoloi o ne a kaya eng fa a ne a re: “Gonne re lonkō lo lo monate loa ga Keresete mo Modimoñ, mo go ba ba bolokwañ, le mo go ba ba latlhègañ; Mo go ba bañwe e le lonkō loa losho lo isa loshuñ; me mo go ba bañwe e le lonkō loa botshelō lo isa botsheloñ [“lonko lo lo monate lwa botlhokwa lo lo nayang botshelo,” The New English Bible; “lonko lo lo monate lo lo lapolosang lwa botshelo tota,” Phillips].”—2 Bakorintha 2:15, 16.
8 Batho ba ba ikanyegang ba seka dinku ba utlwa monate wa kitso ya ga Jehofa jaaka o nkgisiwa ke Basupi ba gagwe. Tiro ya go supa mo bathong ba ba ntseng jalo e nkga jaaka lonko lwa boitekanelo le botshelo, lwa boammaaruri jo bo utlwalang le jo bo nayang botshelo. Ba leboga Jehofa le Kgosi ya gagwe, bao ba tsenang mo mokolokong wa bone wa phenyo, mme ba tlhaeletsa kwa godimo ba re: “Poloka e nnè ea Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tshenolō 7:10) Ba hema moya o o renang wa boammaaruri jwa Bogosi, oo eleng lonko lo lo lapolosang lwa botshelo lo lo monate lo lo isang botshelong. Mme Satane le badimona ba gagwe ba sentse nonofo ya go dupa ya bao ba santseng ba kgomaretse bodumedi jwa maaka, moo ba tshwarang dinko tsa bone gore di se ka tsa dupa mme ba gana boammaaruri ka go bo kgala. Mo go “ba ba latlhègañ,” boammaaruri le batho ba ba ikanyegang ba ba bo tshotseng ke lonko lwa loso lo lo isang loso. Kana jaaka New International Version e baya seno: “Mo go ba bangwe re lonko lwa loso.” Thanolelo ya ga Phillips e baya seno jaana: “Mo go ba bangwe lo utlwala jaaka lonko lo lo bolayang lwa go senngwa.”
9. Paulo o botsa potso efe jaanong, mme o ne o ka e araba jang, mme ka ntlhayang?
9 “Me emañ eo o lekanyeñ dilō tse?” moaposetoloi o a botsa. (2 Bakorintha 2:16) Ke gore, “ke mang yo o tshwanelegang go dira tiro e e ntseng jaana?” (The Jerusalem Bible) “Mme ke mang yo o ka dirang tiro e e ntseng jaana ka matsetseleko?” (Weymouth) Dikwalo di araba jaana: Ke Basupi ba ga Jehofa! Ka ntlhayang? Ka gonne batho ba ba tshwanelegelang tiro eno ya go nkgisa lonko lwa kitso ya Modimo ke fela ba ba ineetseng ba ba ikanyegang, ba ba tlhoafetseng le ba ba sa ineeleng mo bodumeding jwa maaka.”—Bakolosa 1:3-6, 13; 2 Timotheo 2:15.
10. Ke ka ntlhayang fa baruti ba sa tshwanele tiro ya go nkgisa lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo?
10 Baruti ba Labodumedi, bao ba batlang gore lefatshe leno le ba amogele, ga ba tshwanele ebile ga ba kake ba dira tiro eno e e senang bogagapa ka matsetseleko. Ka ntlhayang? Ka gonne ba palelwa ke go fitlhelela selo seno se se tlhokegang seo Paulo a buang ka sone mo polelong eno: “Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo: me re bua mo go Keresete yaka e le ka bopeloephèpa, yaka e le ka Modimo, yaka e le mo ponoñ ea Modimo.” (2 Bakorintha 2:17) Kana jaaka New International Version e baya seno: “Go farologana le ba bantsi, ga re bapale ka lefoko la Modimo go bona morokotso. Go na le moo, re bua mo go Keresete fa pele ga Modimo ka tlhoafalo, jaaka banna ba ba romilweng ke Modimo.”
11, 12. (a) Ke ka ntlhayang fa Basupi e se “ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo” ka ntlha ya fa ba amogela meneelo? (b) Ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba se neelang se se farologanang le dilo dingwe tsa Bokeresete tse di leswefaditsweng?
11 Basupi ba ga Jehofa ba romilwe ke Modimo, mme ba dira tiro ya bone ya go neela bosupi ba lebilwe ke Modimo. Lemororo ba naya batho ba ba kgatlhegang dibuka tse di mosola thata le dikgatiso tse dingwe tseo di tlhalosang Lefoko la Modimo ba bo ba amogela meneelo ya boithatelo go e dirisetsa tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng ka bophara, go dira jalo ga se go bapala kana go senya Lefoko la Modimo. Ebile tota, meneelo e e ntseng jalo e thusa fela mo go anamisetseng kitso ya Modimo mo go ba bangwe gape.
12 Ba bantsi gompieno, ba itse kana ba sa itse, ba ile ba reka dilo dingwe tse di leswefaditsweng tsa Bokeresete, fela ka go bo di tsamaelana le dikeletso tsa bone tsa bogagapa mme ebile di sa kgoreletse mokgwa o ba tshelang ka one. Ba dumela gore Modimo o a ba amogela ka gonne ba iphaka gore baa mo rata mo dipelong tsa bone. Lefa go ntse jalo, fa Lefoko la Modimo le sa dumalane le ditumelo tsa bone le boitsholo jwa bone, ba sokamisa Dikwalo gore ba ise dikgopolo tsa bone tsa botho kwa godimo ga kafa Bibela e tshwanetseng go tlhaloganngwa ka gone ka tshwanelo. (Mathaio 15:8, 9; 2 Petere 3:16) Mme Basupi ba ga Jehofa ba bolela boammaaruri jo bo itshekileng, jo bo sa leswefadiwang jo bo tswang mo Bibeleng, mme ka gone ba nkgisa lonko lo lo monate lo lo amogelwang ke Modimo le baobamedi ba gagwe ba boammaaruri. Ka gone ba tlosa dingwao tsotlhe tsa bodumedi le dikgoreletsi dipe fela tse di dirang gore ba se nne le kitso ya Modimo ya boammaaruri.
13. Kwantle ga Bakeresete ba ba tloditsweng, ke bomang gape ba ba leng mo mokolokong wa Modimo wa phenyo, mme ke eng se ba se dirang gongwe le gongwe kwa ba yang gone?
13 Ka boammaaruri, go nna mo mokolokong wa Modimo wa phenyo mmogo le Keresete ke tshiamelo e e ka se kang ya tshwantshiwa le epe e e ipelelwang eseng fela ke Bakeresete ba ba tloditsweng mme gape le ke “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” le eleng jaanong, ka go bo Bogosi joo bo tla tloga bo fenya. (Tshenolō 7:4, 9; Yohane 10:16) Fa re ntse re lebeletse pele gore Kgosi ya rona e fenye ka mo go oketsegileng, re nkgisa lonko lwa kitso e e nayang botshelo ya Modimo jaaka senkgisamonate, kana jaaka leswalo le le tlhotlhwakgolo gongwe le gongwe kwa re yang gone mo bathong bao dipelo tsa bone di eletsang boammaaruri le tshiamo. Abo seno e le tshiamelo jang ne mo go bao ba tshwanelegelang go dira tiro e e tlhomologileng eno!—Yohane 17:3; Bakolosa 3:16, 17.
Go Newa Tetla ya go Nkgisetsa Batho Monate
14. Ke ka ntlhayang fa bao ba nkgisang lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo ba sa tlhoke setefikeiti se se ba letlang go dira jalo go tswa mo bathong?
14 Mme a bao ba nkgisang lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo le Bogosi jwa gagwe ba tlhoka dipoloma nngwe kana setefikeiti sa tetla go tswa mo bathong? Nnyaa! Re setse re romilwe, kana re tlhomilwe, jaaka Basupi ba Mogodimodimo yo Mogolo wa lobopo. Ka gone, ga re a tshwanela go diega go tsena mo tshimong re nkgisa lonko lo lo monate lwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Gakologelwang gore Jehofa o re eteletse pele. Jesu o ne a dira bodihedi jwa gagwe a lebane le “baleohi ba ba ikganetsañ.” (Bahebera 12:3) Lefa go le jalo, rekoto ya tirelo ya ga Jesu ya tshimo, jaaka e fitlhelwa mo Bibeleng, e santse e le boammaaruri, mme tiro ya gagwe ya tshimo e bua sentle kaga gagwe mme e ntsha mabaka e tshegetsa gore ke modihedi wa boammaaruri wa ga Jehofa Modimo.
15. Moaposetoloi Paulo o ne a supa jang gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhoke ‘dikwalo tse di ba hakang’?
15 Moaposetoloi Paulo o ne a kopana le boemo jo bo tshwanang jo bo gwetlhang mo motlheng wa gagwe ka go baya mabaka jaana: “A re bile re simolola gapè go iphaka? kgotsa a le rona re tlhōka, yaka bañwe, dikwalō tse di re hakañ, tsa go ea kwa go lona ka cōna, kgotsa tsa go cwa kwa go lona? Ke lona lokwalō loa rona, lo lo kwadilweñ mo peduñ tsa rona, e le lo lo itsiweñ lo balwa ke batho botlhe; Ka lo bōnatshegile ha lo le lokwalō loa ga Keresete, lo lo dihilweñ ka rona, lo lo kwadilweñ e señ ka inka, e le ka Mōea oa Modimo o o tshedileñ; e señ mo matlapeñ a dimatla, e le mo dimatleñ tse e boñ dipelo tsa nama.”—2 Bakorintha 3:1-3.
16. Ke mofuta ofe wa lokwalo oo Basupi ba ga Jehofa ba o supang jaaka bosupi jwa gore bodihedi jwa bone bo tswa kwa Modimong?
16 Babusi ba lefatshe ga ba amogele gore re romilwe jaaka Basupi ba ga Jehofa. Mme a tiro ya rona ya go nkgisa lonko lwa kitso ya ga Jehofa e ipuelele! Tiro eno ga e kake ya phimolwa, lemororo batho ba bangwe ba gana go bala lokwalo lono lwa bosupi jwa bodihedi jwa rona. Baruti ba supa dikwalo tsa bone tsa ditifikeiti tse di tswang mo ditlhopheng tse di okametseng tsa baruti. Lefa go ntse jalo, tseo ke dikgemetswana fela tsa dipampiri, ke lefoko la batho. Kwantle ga go tsopola Lefoko la Modimo jaaka le le ba tshegetsang, Basupi ba ga Jehofa ba eme jaaka bosupi jo bo tshelang. Boidiidi jo bogolo jwa batho jwa dinku di sele jo bo setseng bo fitlheletswe ka mafoko a a molemo a Bogosi gape bo phuthetswe kafa letlhakoreng le le siameng la Kgosi ya ga Jehofa. (Mathaio 25:33, 34) Botlhe bano ke lokwalo lo lo re supelang, lokwalo loo rona jaaka Basupi ba ga Jehofa re tsamayang ka lone gongwe le gongwe lo le mo dipelong tsa rona le mo megopolong ya rona ebile re lo supa fela re sa boife. Botlhe ba ba emelang bolaodi jwa Modimo jwa lobopo ba bo ba nna le seabe mo go direleng Modimo mmogo le Basupi ba ga Jehofa bone ka bobone ke lokwalo lo lo ba supelang loo batho ba ka sekeng ba tlhoka go le bala le go itse ka lone.
17. “Lokwalo loa ga Keresete” lwa rona lo kwalwa jang, mme ke ka ntlhayang fa Paulo a bolela gore lo kwadilwe mo dipelong tsa rona?
17 Ee gone le galefisa le go tsosa letlhoo mo go ba bodumedi jwa maaka fa ba lo bala. Lefa go ntse jalo, boidiidi jo bogolo jo bo oketsegang jwa dinku di sele ke lokwalo lo lo re supelang lo lo tswang kwa go Jesu Keresete, Modisa yo o Molemo, yoo a dirisang Basupi botlhe ba ga Jehofa mo tirong eno ya go ruta. O re dirisa jaaka pene, kana sedirisiwa sengwe sa batho go kwala lokwalo lono. Lokwalo lono ga lo a kwalwa ka inka e e ka kgonwang go phimolwa, mme le kwalwa ka maatla a a dirang, kana moya, wa Modimo, o o dirang mo go rona. Ga go jaaka go ne ga nna ka Moshe fa taolo ya Melao e e Lesome e ne e kwalwa ka monwana wa Modimo mo dikwalelong tse pedi tsa leje. Lokwalo lwa rona lo kwadilwe mo sekwalelong sa nama ya dipelo tsa batho, ereka bodihedi jwa rona jwa semoya bo fetola megopolo le dipelo tsa ba ba amogelang lonko lo lo monate lwa mafoko a a molemo.
18. Ke eng se se felelang ka go dira ba ba amogelang mafoko a a molemo lokwalo lo lo re buelelang?
18 Tiro ya rona ka Lefoko la Modimo e ile ya kgatlha ba ba anaanelang ba ba amogelang mafoko a a molemo mme e ile ya dira diphetogo tse di bonalang. Tshwetso ya bone ya go direla Modimo e ile ya itshupa e se e e dirilweng ka tshoganyetso fela ka ntlha ya go kgoberiwa maikutlo ke moefangele mongwe yo o gogomogileng maikutlo. Go na le moo, e emela go fetolelwa ruri ga matshelo a bone goo go thailweng mo boammaaruring jo bo phepa tota jwa Bibela e e Boitshepo. Ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo wa boammaaruri, Jehofa, gore ‘ba apole motho oa bogologolo, le dithato tsa tsietso mme ba apare motho yo mosha,’ yoo a bontshang “louñō loa Mōea.” (Baefesia 4:20-24; Bagalatia 5:22, 23) Ka gone, go felela ka gore go ba dire lokwalo lo lo ba buelelang. Lo bua ka phepafalo fela go na le lokwalo lope fela lo re ka lo kwalang kana lwa phuthego epe fela e e bonalang e e neng e ka re roma.
19. Paulo o tlhalosa dinonofo tsa “badihedi ba kgōlaganō e ncha” jang, mme tiro ya bone e ne ya ama boidiidi jo bogolo jang?
19 Paulo o tswelela jaana mo go 2 Bakorintha 3:4-6: “Me re na le boikanyō yo bo nntseñ yalo ntlheñ ea Modimo ka Keresete: E señ go re, re lekanye ka rosi go kaea sepè yaka ekete se cwa mo go rona; me go lekana ga rona go cwa mo Modimoñ; O le ōna o re neileñ go lekana yaka re le badihedi ba kgōlaganō e ncha.” Lemororo masalela a a tloditsweng e le one fela “badihedi ba kgōlaganō e ncha,” tiro ya bone e ile ya ama boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele, mme e santse e tla ama bontsi jo bongwe gape jo bo ka sekang jwa balwa jwa dinku di sele tse di santseng di tla phuthiwa. Seno ke kafa Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tlhomamisegileng ka gone mo go Jehofa Modimo ka Keresete Jesu. Masalela a itumelela go kgothatsa boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele go tsaya karolo ka pelo yotlhe mo bodiheding jwa go ‘kwala dikwalo’ joo Jesu Keresete a bo boleletseng pele mo go Mathaio 24:14 le Mathaio 28:19, 20.
20. (a) Pego ya Yearbook e bontshang ka bao ba nkgisang lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo? (b) Ke eng seo rotlhe re ka se bolelang kaga go tshwanelegela ga rona bodihedi jwa go kwala dikwalo?
20 Seo ke se ba se dirileng, jaaka se bonala mo pegong ya 1990 Yearbook eo mo go yone Basupi ba ga Jehofa ba supiwang fa ba nkgisa lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo mo dinageng di le 212. Palo ya bone ke baboledi ba ba tlhaga ba ba fetang 3 787 000, mme ba ne ba senya diura di ka nna 835 000 000 mo go rereng mafoko ano a a molemo a Bogosi mo ngwageng o o fetileng fela o le osi. Kwa Sejong sa Morena sa Maitseboa ngwaga o o fetileng, go ne ga tla ba le 9 479 064. Masalela a a tloditsweng mmogo le maloko a boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele ba kgona go bua jaana: “Modimo ke ene a re dirang gore re tshwanele.” Kana ke jaaka The Jerusalem Bible e baya seno jaana: “Modimo ke one o bolelang fa re tshwanelegela seno.”
21. Re tshwanetse ra bo re dira eng rotlhe, mme ka ntlhayang?
21 Ka gone, nkgisang lonko lo lo monate, lo lo nayang botshelo lwa kitso ya Modimo gongwe le gongwe! Dirang gore moya o o renang mo tshimong ya phuthego ya lona o nkge tota ka lonko lo lo monate lwa kitso ya ga Jehofa. He, jaaka Molaodi wa selegodimo yo o fentseng o tla lo etelela pele mo mokolokong wa phenyo ya gagwe jaaka Basupi botlhe ba gagwe ba ntse ba gatela pele mo bodiheding jwa motlha ono wa segompieno jwa kgalalelo!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 1128-9, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke setshwantsho sefe seo Paulo a se dirisang mo go 2 Bakorintha 2:14-16?
◻ Go nkgisa lonko lo lo monate lwa kitso ya Modimo go ama ba bangwe jang?
◻ Ke bomang fela ba ba tshwanelang tiro eno, mme ka ntlhayang?
◻ Ke ka ntlhayang fa batho ba ba nkgisang lonko lo lo monate ba sa tlhoke makwalo a a ba buelelang mo tirong eno?