O Obamela Modimo Ofe?
BATHO mo lefatsheng lotlhe ba ka araba potso eo ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Moaposetoloi Paulo o ne a akgela jaana: “Go na le medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi,” mme gompieno medimo e e rapelwang e balwa ka dimilione. (1 Bakorintha 8:5) Lefa go ntse jalo, a o ne o itse gore batho ba bantsi ba obamela modimo o o farologaneng le o ba akanyang gore ba a o obamela? Mme a o lemogile gore bontsi jwa balatolamodimo ba ineetse mo bodumeding go gaisa bao ba dumelang mo modimong mongwe? Ka tsela efe?
Mme gone, bokao bongwe jwa kobamelo ke “go leba ka tlotlo e kgolo tota, le eleng ka tsela e e kwa godimo thata, go tlotla, kana boineelo.” Mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Bibela, mafoko a a dirisediwang kobamelo a akantsha tiro nngwe kana go ikoba fa pele ga mongwe. Re akantse ka seno, a re boneng kafa batho ba dirang phoso ka gone ka motho kana sengwe seo tota ba se obamelang.
Kobamelo E E Tlhakaneng
Tsaya sekai sa Basamaria ba bogologolo. Bontsi jwa bone bo simologile e le basele bao Baasiria ba neng ba ba tlisa mo Palesetina go tla go nna kwa go neng go nna ditso tse di lesome tsa kwa bokone tsa Iseraela gone. Pele ga foo, ba ne ba latela medimo ya seheitane, mme jaanong ba ne ba dira boiteko jwa go ithuta ka Jehofa, Modimo wa Baiseraele. A jaanong ba ne ba tlogela tumelo ya bone ya bogologolo? Nnyaa. Bibela e bega jaana: “Me ba diha yaka mokgwa oa bōnè oa pele. Yalo merahe euō ea boiha Yehofa, ea ba ea dihèla dichwanchō tsa bōnè tse di setilweñ.” (2 Dikgosi 17:40, 41) Ka jalo, lemororo Basamaria ba ne ba dumela mo go Jehofa, ba ne ba direla medimo ya bone ya bogologolo, ka gone kobamelo ya bone e ne e le e e tlhakaneng.
Go ne ga diragala selo se se tshwanang fa barongwa ba ne ba lere tumelo ya Roma Katoliki kwa Amerika Borwa. Ba ne ba sokolola bontsi jwa baagi, mme fela jaaka Basamaria ba bogologolo, baagi bao ga ba a ka ba lebala medimo ya bone ya pele. Ka gone, kwa Brazil “Bakeresete” ba santse ba na le meletlo ya seheitane ya boloi, fela jaaka ba na le meletlo ya go tlotla medimo ya bogologolo, jaaka modimo wa sesadi Iemanjá. Dilo tse di tshwanang di a diragala mo dinageng dingwe tsa kwa Amerika Borwa.
Mo godimo ga moo, bodumedi joo barongwa bao ba neng ba bo lere kwa Amerika Borwa ka bojone e ne e le jo bo tlhakaneng. Bontsi jwa dithuto tsa jone, jaaka Tharonngwe, molelo wa dihele, le go sa sweng ga moya, di ne tsa tswa mo ditumelong tsa seheitane le mo matlhaleng a jone. Eleruri di ne di seyo mo Bibeleng. Ka mo go tshwanang, meletlo ya jone—go akaretsa Keresemose le Easter—ga e a simologa mo Bokereseteng.a A go a kgonega go keteka meletlo e e ntseng jalo ya seheitane le go dumela dithuto tse di ntseng jalo tse eseng tsa Bokeresete mme o bo o nna o obamela Modimo wa Bibela, yo a neng a re: “U se ka ua nna le medimo epè e sele ha e se nna”? (Ekesodo 20:3) Eleruri ga o a tshwanela!
“Ikiheñ mo Medimoñ ea Disetwa”
Tlhokomela tsela e nngwe eo batho ba tsieditsweng ka yone mo kgannyeng eno ya kobamelo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.” (1 Yohane 5:21) Go na le batho ba ba ka nnang dimilione di le sekete bao go balwang e le ba Labodumedi, mme bano ba tsaya gore ba obamela Modimo oo o neng o obamelwa ke Johane. Lefa go le jalo, makgolokgolo a dimilione tsa bone a obamela ditshwantsho tsa “baitshepi,” tsa ga Jesu, le tsa lekgarebane Maria.
Go na le mefuta e mengwe e e iphitlhileng ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Ka ngwaga wa 44 C.E., Kgosi Herode Ageripa o ne a bua phatlalatsa le batho mme ba ne ba kgatlhega thata mo ba neng ba tlhaeletsa jaana: “Ke lencwe ya Modimo moñwe, ga se ya motho.” (Ditihō 12:21, 22) Ee, ba ne ba obamela Herode, ba mo dira modimo. Dilo tse di tshwanang di a diragala gompieno. Mo malatsing a thubakanyo fa Bo-Nazi bo ne bo busa kwa Yuropa, fa go ne go tlhaelediwa go twe “Heil Hitler” eleruri e ne e le go mo obamela. Ba bantsi ba ne ba iketleeditse go lwa le go swela Führer jaaka ekete e ne e le modimo, mmoloki wa morafe. Lefa go le jalo, bontsi jwa bao ba neng ba mo obamela ka tsela eo e ne e le ba dikereke tsa Labodumedi!
Pele le morago ga ga Hitler, baeteledipele ba bangwe ba dipolotiki le bone ba ne ba ikisa kwa godimo ba ipaya mo maemong a go nna baboloki mme ba batla gore ba obamelwe ka tsela e e feletseng. Ba ba neng ba le boikobo ba ne ba dira banna bano medimo, go sa kgathalesege gore tumelo ya “baobamedi” bao e ne e le efe kana gone gore ba ne ba ipolela gore ke balatolamodimo. Tlotlo eo bagaka ba metshameko, dinaledi tsa dibaesekopo, le ba bangwe ba boitlosobodutu ba e newang ke batho bao ba ba ratang e tshwana fela le kobamelo.
Go Obamela Madi
Mo godimo ga moo, akanya ka bokao jwa mafoko ano a ga Jesu: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi: ka a tla ila eo moñwe, me a rate eo moñwe; goñwe a ñaparèle eo moñwe, me a nyatse eo moñwe. Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.” (Mathaio 6:24) A o itse mongwe yo e leng wa tumelo nngwe mme selo se a se kgatlhegelang thata mo botshelong e le go dira madi? Eleruri motho yoo o direla mang, a o direla Modimo kana dikhumo? Ke batho ba bakae bao ba sa dumeleng ba o ba itseng bao ba batlang madi ba tlhagafetse tota? Eleruri le bone ba obamela madi, gongwe ebile ba tlhoafetse go gaisa badumedi ba bantsi.
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa molaomotheo o o tshwanang fa a ne a kwala jaana: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula, le pelotshètlha, tse e leñ tihèlō ea medimo ea disètwa.” (Bakolosa 3:5) Fa re nna pelotshetlha ka sengwe mo e leng gore re tsaya matsapa otlhe go se bona, gongwe re bo re tlola le molao fa re dira jalo, he selo seo mo go rona ke modingwana wa disetwa, ke modimo. (Baefesia 5:5) Paulo o ne a kwala jaana mo lokwalong lo longwe ka badirabosula bangwe: “Ke ba modimo oa bōnè e leñ mpa hèla.” (Bafilipi 3:19) Fa boikaelelo jwa rona mo botshelong e le go itumedisa rona ka borona fela, re tlatsa dimpa tsa rona jaaka go ka tualo, he re medimo ya rona ka borona. O itse batho ba bakae ba ba rapelang modimo wa mofuta ono?
Ee, ke fela jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala jaana: “Go na le medimo e le mentsi le barèna ba le bantsi.” Mme mo makgetlong a mantsi, baobamedi ba yone ba tshwana fela le Basamaria ba bogologolo, ba direla modimo mongwe ka mafoko a bone mme ba direla yo mongwe ka ditiro tsa bone. Lefa go le jalo, go na le Modimo o le mongwe o re tshwanetseng go o obamela. A o itse gore ke mang? Mo godimo ga moo, go na le selo se le sengwe seo se kopanyang kobamelo ya medimo e mengwe kwantle ga gagwe. Ke eng seo? Re tla bona mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ditsebe 212-13, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.