Ke ne Ka Bona Kgomotso Tota Jaaka Motlholagadi
Jaaka go boletse Lily Arthur
Modihedi mongwe yo mmotlana wa Mosupi wa ga Jehofa o ne a tsamaya ka ntlo le ntlo mo karolong nngwe ya Ootacamund, kwa India. Go ya ka ngwao basadi ba ne ba sa bule mojako fa go tla motho yo ba sa mo itseng. Morago ga dioura di sekae, a lapile e bile ka tsela nngwe a kgobegile marapo, o ne a retologa a boela kwa gae. Mme o ne a ema, a utlwa a patelesega go tsena mo ntlong e e latelang. Akanya fela gore go ne ga diragala eng, jaaka go tlhalosa mosadi yo a neng a mmulela kgoro.
KE NE ka bula kgoro ka bonako mme ka bona motho yo ke sa mo itseng, ke kukile leseanyana la me la mosetsanyana la dikgwedi tse pedi ka mabogo le mosimanyana wa me wa dikgwedi tse 22 a le fa thoko ga me. Ke ne ke ile ka tshwenyega thata mo bosigong jo bo neng bo sa tswa go feta. Ke ne ke ile ka rapela jaana ke batla kgomotso: “Rara wa legodimo, tsweetswee nkgomotsa ka Lefoko la gago.” Jaanong ke ne ka gakgamadiwa ke fa motho yo ke sa mo itseng yono a ne a tlhalosa jaana: “Ke go tliseditse molaetsa wa kgomotso le o o nayang tsholofelo o o tswang mo Lefokong la Modimo.” Ke ne ka akanya gore e tshwanetse ya bo e le moperofeti yo o rometsweng ke Modimo. Mme ke eng se se neng se ntirile gore ke rapele jalo ke kopa thuso?
Go Ithuta Boammaaruri jwa Bibela
Ke tsholetswe kwa motseng wa Gudalur kwa Dithabeng tse dintle tsa Nilgiri kwa borwa jwa India ka 1922. Mmè o ne a tlhokafala fa ke na le dingwaga di le tharo. Moragonyana, Rre yo e neng e le moruti wa Moporotesetanta o ne a nyala gape. Rre o ne a ruta bokgaitsadiake le bonkgonne mmogo le nna go rapela, fela fa re simolola go bua. Fa ke na le dingwaga di le nnè, fa Rre a ne a nna fa tafoleng ya gagwe go bala Bibela, ke ne ke tlhola ke nna fa fatshe ke bala Bibela ya me.
Ke ne ka nna morutabana fa ke gola. Mme rre o ne a rulaganyetsa gore ke nyalwe fa ke na le dingwaga di le 21. Nna le monna wa me re ne ra segofadiwa ka morwa, ebong Sunder, mme moragonyana ka morwadi, ebong Rathna. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang ka nako ya fa Rathna a tsholwa monna wa me o ne a lwala thata mme o ne a tlhokafala ka bonako fela morago ga foo. Ka tshoganyetso fela ke ne ka nna motlholagadi ke na le dingwaga di le 24 le boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba babedi ba bannye.
Morago ga foo ke ne ka kopa Modimo gore o nkgomotse ka Lefoko la gagwe, mme mo letsatsing le le latelang leo ke ne ka etelwa ke modihedi wa Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka mo laletsa go tsena mme ka tsaya buka “Let God Be True.” Bosigo joo fa ke ntse ke e bala ke ne ke ntse ke bona leina Jehofa, le e neng e le selo se ke sa se tlwaelang tota. Moragonyana modihedi yono o ne a boa mme a mpontsha mo Bibeleng gore seno e ne e le leina la Modimo.
Ka bonako fela ke ne ka itse gore dithuto tse di jaaka Tharonngwe le molelo wa dihele di ne di sa tswe mo Bibeleng. Ke ne ka gomotsega ka bo ka nna le tsholofelo fa ke ne ke lemoga gore Bogosi jwa Modimo bo tla lere lefatshe la paradaise le gore batho ba re ba ratang ba ba suleng ba tla tsosiwa mo baswing. Se se botlhokwa thata, ke ne ka simolola go itse Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le go o rata, one oo o neng wa utlwa thapelo ya me mme wa nthusa.
Go Abalana Kitso E Ntšha
Ke ne ka simolola go ipotsa gore go tlile jang gore ke se ka ka bona ditemana tseo tsa Bibela tse di buang ka leina la Modimo. Le gore fa ke ntse ke bala Bibela, ke ka ntlha yang fa ke se kile ka bona tsholofetso e e phepafetseng ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise? Ke ne ke le morutisi mo sekolong seo se neng se tlhokomelwa ke barongwa ba Baporotesetanta, ka jalo ke ne ka bontsha mookamedi wa sekolo ditemana tseo tsa Bibela. (Ekesodo 6:3; Pesalema 37:29; 83:18; Isaia 11:6-9; Tshenolo 21:3, 4) Ke ne ka umaka gore ka tsela nngwe re ne re ile ra di tlodisa matlho. Mme se se neng sa nkgakgamatsa ke gore o ne a sa itumedisiwe ke seno.
Morago ga foo ke ne ka kwalela mogokgo yoo a neng a le kwa toropong e nngwe ke tsopola tsone ditemana tseno tsa Bibela. Ke ne ka mo kopa gore a nneye nako ya go bua nae. O ne a araba ka gore rraagwe, yo e neng e le moruti yo o itsegeng thata go tswa kwa Ennyelane o ne a tla tlotla le nna ka kgang eno. Kgaitsadia mogokgo e ne e le bishopo wa maemo a a kwa godimo.
Ke ne ka baakanya dintlha le dikwalo ka tsaya buka ya me “Let God Be True” le bana ba me mme ra ya kwa toropong e e latelang eo. Ke ne ka tlhalosa gore Jehofa ke mang, gore Tharonngwe ga e yo, le dilo tse dingwe tse ke neng ke di ithutile ka matlhagatlhaga. Ba ne ba reetsa ka lobakanyana mme ba se ka ba bua sepe. Morago moruti yo o tswang kwa Ennyelane yoo o ne a bolela jaana: “Ke tla go rapelela.” O ne a nthapelela a bo a ntaela gore ke tsamaye.
Go Neela Bosupi jwa Mmila
Letsatsi lengwe modihedi yono wa Basupi ba ga Jehofa o ne a ntaletsa go ya go neela bosupi jwa mmila ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke ne ka mmolelela gore seo ke selo se ke se kitlang ke bo ke tsamaya ke se dira. Wa bona, batho ba mo India ba atisa go akanya maswe tota ka mosadi yo o emang mo mebileng kana yo a tsamayang ka ntlo le ntlo. Go ne go tla lere kgobo mo mosading yono le mo lelapeng la gaabo. Ereka ke ne ke rata rre ebile ke mo tlotla thata, ke ne ke sa batle go mo leretse kgobo.
Mme modihedi yono o ne a mpontsha temana ya Bibela e e bolelang jaana: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) O ne a bolela jaana: “O ipedisa pelo ya ga Jehofa ka go supa phatlalatsa gore o mo letlhakoreng la gagwe le la Bogosi jwa gagwe.” Ereka ke ne ke batla go dira sengwe le sengwe go itumedisa pelo ya ga Jehofa, ke ne ka tsaya kgetse ya me ya dimakasine mme ka tsamaya le ene mo tirong ya go neela bosupi jwa mmila. Le gompieno ga ke kgone go akanya gore ke ne ka go dira jang. E ne e le ka 1946, dikgwedi tse di ka nnang nnè a sena go kopana le nna.
Go Kgothadiwa go Fenya Poifo
Ka 1947, ke ne ka ya go dira kwa ntle ga Madras, mo lotshitshing lo lo kafa Botlhaba lwa India, mme ke ne ka fudugela koo le banake. Go ne go na le setlhophanyana sa Basupi ba ga Jehofa ba le robedi seo se neng se kopana ka metlha mo toropong. Re ne re tshwanela go tsamaya dikilometara di le 26 go ya kwa dipokanong tseo. Bogologolo ka nako eo kwa India, basadi gantsi ba ne ba sa tsamaye ba le bosi. Ba ne ba isiwa ke banna. Ke ne ke sa itse gore bese e palangwa jang, thekete e rekwa jang, go fologiwa jang, jalo le jalo. Ke ne ke ikutlwa gore ke tshwanetse go direla Jehofa, mme jang? Ka jalo ke ne ka rapela jaana: “Jehofa Modimo nka se ka ka kgona go tshela ke sa go direle. Ga go kgonege tota mo go nna jaaka mosadi wa Moindia go tsamaya ka ntlo le ntlo.”
Ke ne ke solofela gore Jehofa o tla ntetla gore ke swe gore ke gololesege mo ntweng eno. Lefa go ntse jalo ke ne ka swetsa ka gore ke bale sengwe go tswa mo Bibeleng. Go ne ga diragala gore ke e bule mo bukeng ya ga Jeremia koo go bolelwang jaana gone: “Se re, Ke ñwanyana hèla; gonne leha e le bomañ ba ke tla gu romañ kwa go bōnè u na le go ea hèla, me leha e le eñ se ke se gu laolèlañ u na le go se bua hèla. U se ka oa boiha ka ntlha ea bōnè: gonne ke na nau go gu golola.”—Yeremia 1:7, 8.
Ke ne ka ikutlwa gore Jehofa eleruri o ne a bua le nna. Ka jalo ke ne ka nna pelokgale mme ka yone nako eo ka ya kwa motšhineng wa me wa go roka mme ka ithokela kgetse e ke tla tsenyang dimakasine mo go yone. Fa ke sena go rapela ke tlhoafetse, ke ne ka tsamaya ke le esi ka ntlo le ntlo, mme ka tsamaisa dibuka tsa me tsotlhe, ka bo ka simolola thuto ya Bibela mo go lone letsatsi leo. Ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla baya Jehofa kwa pele mo botshelong jwa me, mme ke ne ka mo ikanya le go solofela mo go ene ka botlalo. Tiro ya go rera phatlalatsa e ne ya nna selo se ke neng ke se dira ka metlha mo botshelong jwa me lemororo ke ne ke sotliwa. Ba bantsi ba ne ba kgatlhiwa ke tiro ya me lemororo ke ne ke ganediwa thata.
Seno se ne sa bontshiwa ke fa nna le morwadiake re ne re tsamaya ka ntlo le ntlo kwa Madras dingwaga tse dintsi morago ga foo. Monna mongwe wa Mohindu, yoo e neng e le moatlhodi wa Kgotlatshekelokgolo, o ne a bolela jaana ka a ne a tsaya gore ke mmotlana: “Ke sale ke itse dimakasine tseno o ise o bo o tsholwe! Dingwaga tse di masome a mararo tse di fetileng mosadi mongwe o ne a tlhola a ema mo Mount Road a di naya batho.” O ne a batla go dira peeletso.
Kwa ntlong e nngwe Moperesiti wa Mohindu, yo a neng a setse a tlogetse tiro, o ne a re laletsa go tsena a bo a bolela jaana: “Dingwaga tse dintsi tse di fetileng go ne go na le mosadi mongwe yo a neng a tlhola a tsamaisa Tora ya Tebelo mo Mount Road. Ke tla tsaya se lo se nnayang fela ka ntlha ya gagwe.” Ke ne ka nyenya gonne ke ne ke itse gore ke nna mosadi yoo ba neng ba bua ka ene boobabedi.
Go Nonotshiwa le go Segofadiwa
Ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing ka October 1947. Ka nako eo e ne e le nna fela mosadi wa Mosupi yo o buang Se-Tamil mo nageng yotlhe, mme jaanong go na le makgolokgolo a basadi ba ba ikanyegang ba Ba-Tamil, ba Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhaga koo.
Fa ke sena go kolobediwa ke ne ka ganediwa go tswa dintlheng tsotlhe. Kgaitsadiake o ne a nkwalela jaana: “O tlogetse sengwe le sengwe se se siameng le se se tlotlegang.” Ke ne ke ganediwa gape le kwa sekolong seo ke neng ke dira kwa go sone le mo motseng. Mme ke ne ka nna ka kgomarela Jehofa thata ka go nna ke rapela ke sa kgaotse le ka tlhoafalo. Fa ke ne nka thanya mo gare ga bosigo ke ne ke tshuba lantere ya me ya parafene mme ke simolole go ithuta.
Fa ke ntse ke nonofa ke ne ke kgona go gomotsa le go thusa ba bangwe. Mosadimogolo mongwe wa Mohindu yo ke neng ka ithuta le ene o ne a emela kobamelo ya ga Jehofa a nonofile. E ne ya re fa a tlhokafala, mosadi mongwe wa mo ntlong eo o ne a bolela jaana: “Seo se neng se re itumedisa ke boikanyego jwa gagwe mo Modimong o a neng a tlhophile go o obamela go fitlha fela kwa bokhutlhong.”
Mosadi mongwe yo ke neng ka ithuta le ene o ne a se ka a nyenya. Sefatlhego sa gagwe ka metlha se ne se supa go tshwenyega le bohutsana. Mme fa ke sena go mo ruta ka Jehofa, ke ne ka mo kgothaletsa go mo rapela, ereka a itse mathata a rona ebile a amega ka rona. Mo bekeng e e latelang sefatlhego sa gagwe se ne se phatsima. E ne e le la ntlha ke mmona a nyenya. “Ke ntse ke rapela Jehofa,” o ne a tlhalosa, “mme jaanong ke na le kagiso mo mogopolong le mo pelong.” O ne a neela Jehofa botshelo jwa gagwe mme o ntse a ikanyega lemororo a na le mathata a mantsi.
Go Diragatsa Maikarabelo Otlhe
Ke ne ka akanya gore ga nkitla ke kgotsofatsa keletso ya me ya go batla go direla Jehofa jaaka mmulatsela wa nako e e tletseng gonne ke ne ke tshwanela go tlhokomela bana ba babedi. Mme mofuta o mongwe wa tirelo o ne wa itlhagisa fa go ne go tlhokega mongwe go tla go ranolela dikgatiso tsa Bibela mo puong ya Se-Tamil. Ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona go dira kabelo eo, mme ka nako e e tshwanang, ke ntse ke dira jaaka morutisi, ke tlhokomela bana, ke dira tiro ya me mo lapeng, ke ya kwa dipokanong tsotlhe, ke nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Kgabagare, fa bana ba sena go gola, ke ne ka nna mmulatsela yo o kgethegileng, tshiamelo e ke ileng ka e ipelela ka dingwaga tse 33 tse di fetileng.
Ke ne ka leka go tsenya mo go Sunder le Rathna go rata Jehofa le keletso ya go dira dilo tse di mo kgatlhang pele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bone go tloga fela fa ba santse ba le bannye. Ba ne ba itse gore motho wa ntlha yo ba tshwanetseng go bua le ene fa ba thanya ke Jehofa, le gore e ne e le motho wa bofelo yo ba neng ba tshwanetse go bua le ene pele ba robala. Gape ba ne ba itse gore go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le tirelo ya tshimo go ne go sa tshwanela go tlhokomologiwa ka ntlha ya tiro ya sekolo. Lemororo ke ne ke ba kgothaletsa go dira bojotlhe mo tirong ya bone ya sekolo, ga ke ise ke ko le ka motlha ke gatelele gore ba bone maduo a a kwa godimodimo, ka ke ne ke boifa gore ba ka go dira selo se se botlhokwa thata mo matshelong a bone.
Fa ba sena go kolobediwa, ba ne ba bula tsela ka nako ya malatsi a sekolo a boikhutso. Ke ne ka kgothaletsa Rathna go nna pelokgale, a se ka a nna boi le ditlhong jaaka ke ne ke ntse. Fa a sena go wetsa dithuto tsa sekolo se segolo le katiso ya tiro ya kgwebo, o ne a simolola go bula tsela, mme moragonyana a nna mmulatsela yo o kgethegileng. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a nyalwa ke molebedi yo o etang, Richard Gabriel, yoo jaanong a dirang jaaka mogokaganyi wa Komiti ya Lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower mo India. Bone le morwadiabone Abigail ba dira ka nako e e tletseng mo lekaleng la India, mme morwaabone yo mmotlana, Andrew, ke mmoledi wa mafoko a a molemo.
Lefa go ntse jalo, Sunder o ne a utlwisa pelo ya me botlhoko tota fa a na le dingwaga di le 18 fa a ne a tlogela go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Dingwaga tse di latelang di ne tsa nna botlhoko thata mo go nna. Ke ne ke tlhola ke kopa Jehofa gore a intshwarele foo ke neng ka tlhaela gone fa ke ne ke mo godisa le gore a dire gore Sunder a itharabologelwe e le gore a ke a boe. Mme fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka felelwa ke tsholofelo. Mme letsatsi lengwe dingwaga tse 13 moragonyana o ne a tla mme a nthaya a re: “Mma, o se ka wa tshwenyega ke tla siama.”
Ka bonako fela morago ga foo Sunder o ne a dira maiteko a magolo tota gore a nonofe semoyeng. O ne a tswelela pele mo a bileng a newa boikarabelo jwa go okamela phuthego ya Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana o ne a tlogela tiro ya gagwe e e duelang thata mme a nna mmulatsela. Jaanong ene le mosadi wa gagwe, Esther, ba dira tiro eno mmogo kwa Bangalore mo karolong e e kwa borwa jwa India.
Kgomotso ya Botshelo Jotlhe
Gantsi ke leboga Jehofa go bo a ntetlile go boga le go nna le mathata mo dingwageng tse di fetileng. Kwantle ga boitemogelo joo ke ne ke ka se ka ka bona tshiamelo ya go bona selekanyo seo Jehofa a leng molemo ka sone, boutlwelobotlhoko jwa gagwe, le tsela eo a supang tlhokomelo e e lorato ka gone le lorato lo lo boteng. (Yakobe 5:11) Go omosa pelo tota go bala kafa Jehofa a tlhokomelang le go amega ka ‘lesiela le motlholagadi’ ka gone. (Duteronome 24:19-21) Mme seo ga se sepe fa se tshwantshiwa le kgomotso le boitumelo tseo motho a di bonang fa a mo tlhokomela le fa a amega ka ene.
Ke ile ka ithuta go ikanya Jehofa le go solofela mo go ene ka botlalo, ke sa ikaege ka tlhaloganyo ya me, mme ke ne ke mo tsenya mo ditseleng tsotlhe tsa me. (Pesalema 43:5; Diane 3:5, 6) Fa ke ne ke santse ke le motlholagadi yo mmotlana ke ne ke rapela Modimo gore o nkgomotse ka Lefoko la gagwe. Jaanong, ke na le dingwaga di le 68, mme nka bolela ka boammaaruri fela gore ke ne ka bona kgomotso e e ka se kang ya lekanngwa ka go tlhaloganya Bibela le go dirisa kgakololo ya yone.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lily Arthur le maloko a lelapa la gagwe