O Lalediwa go Tla kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego”
KGANG ya kgololesego e ile ya tlotliwa go gaisa pele fa esale ka November 1989. Batho ba dinaga tsa kwa Yuropa Botlhaba segolobogolo ba ntse ba ipelela kgololesego e e oketsegileng ya sepolotiki go gaisa e ba kileng ba nna nayo mo dingwageng di le 40 le go feta.
Mme go na le kgololesego nngwe e e botlhokwa thata go gaisa kgololesego ya sepolotiki. Re bala ka yone mo Lefokong la Modimo eleng Bibela. Jesu Keresete o kile a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Ee, Bakeresete ba ba ineetseng ga ba bolo go gololwa mo go boifeng motho le mo bokgobeng jwa boleo le loso jaaka re bala mo go Baroma 6:18, 22. Re bala gape gore “kwa Mōea oa Morèna o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsègō.” (2 Bakorintha 3:17) Ebile tota, Lefoko la Modimo le solofetsa “go re, lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.
Fa motho ope fela a eletsa go bona kgololesego ya Bokeresete jaanong, o tshwanetse go iteka ka natla tota. Eleruri ga se kgang fela ya go nna o thubile kobo segole. Mme go tswelela o ipelela kgololesego go batla maiteko a a oketsegileng, fa go akanngwa ka masomosomo a a batlang go re amoga kgololesego eno: Satane Diabolo, lefatshe la gagwe le le boikepo, le go rata go dira boleo goo re go ruileng. Jehofa Modimo o re neile thuso ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, ka moya wa gagwe o o boitshepo, le ka phuthego ya gagwe e e bonalang.—Luke 11:13.
Dikopano tsa ngwaga ono tsa Basupi ba ga Jehofa tsa kgaolo di tla bua ka setlhogo se se reng “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” go thusa batho botlhe ba ba ratang kgololesego go ngaparela kgololesego ya bone thata. Dikopano tseno di tla tsaya lobaka lwa malatsi a le mararo, go simolola ka Labotlhano mosong ka 9:30 le go tswelela go fitlha ka 4:00 p.m. ka Sontaga. Botlhe ba ba tlang kwa dikopanong tseno ba tla lapolosiwa tota semoyeng mme ba agiwa ke dipolelo tse di gwetlhang tota, dipotsolotso tse di kgatlhang, le dipontsho tse di mosola, le terama ya segompieno e e amang maikutlo tota; re sa tlhokomologe go ipelela botsalano jo bo omosang pelo ruri jwa ditsala tsa rona tsa bogologolo le tse disha, le boitumelo jwa go opela dipina tsa rona tsa Bogosi le diketekete tse dingwe, mmogo le go kopanela mo dithapelong tse di rapelwang go tswa mo pelong tse di rapelelwang botlhe.
A batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba se ka ba letla sepe go ba kgoreletsa go nna teng ka Labotlhano mo mosong fa dikopano di simolola. Mme tlhomamisa gore o se ka wa tla fela le Bibela le buka ya dipina mme o tle gape le pene le buka ya go kwalela gore o tle o kwale dintlha. Tlaya gape o nyoretswe dilo tsa semoya tota jaaka mongwe wa batho ba ba gololesegileng.—Mathaio 5:3.