Lo A Amogelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batshodi Ba Lesedi”
LESEDI leo le neng la bonesetsa lefatshe le ne la dirwa ka letsatsi la ntlhantlha la popo. Fa re bala re utlwa gore Jehofa Modimo o ne a re: “A go nnè lesedi.” Mme “ga nna lesedi.” (Genesise 1:3) Seo se dumalana le seo moaposetoloi Johane a neng a se kwala: “Modimo ke lesedi, me ga go na lehihi lepè mo go ōna.”—1 Yohane 1:5.
Ereka Morwa Modimo a dumalana le Rraagwe, ga go gakgamatse go bo Jesu a kile a re: “Ke . . . lesedi ya lehatshe.” (Yohane 9:5) Re ka tswa mo lefifing mme ra tsena mo leseding ka go dumela mo go Jehofa Modimo le mo go Morwawe. Gape Jesu o ne a supa seno: “Ke tsile mo lehatshiñ ke le lesedi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go nna a se ka nna mo lehihiñ.” (Yohane 12:46) Ka jalo, Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka tshwanelo kaga balatedi ba gagwe: “Ke lona lesedi ya lehatshe. . . . A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.”—Mathaio 5:14, 16.
Abo e le lesego jang ne go itse boammaaruri, go tlhaloganya Lefoko la Modimo jaaka re le tlhalosediwa ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”! (Mathaio 24:45-47) Ga re tlhole re tlhakanngwa tlhogo ke tumelo ya Tharonngwe; ga re tlhole re akabadiwa ke gore ke ka ntlha yang fa Modimo o o maatla otlhe ebile a le lorato a letleletse boikepo le thubakanyo; ga re tlhole re etsaetsega ka gore boemo jwa baswi ke bofe. Lesedi le re neetse tsholofelo, tsholofelo ya Bogosi. Le re senoletse gore Modimo ke Mmopi yo o molemo tota. Lesedi la boammaaruri le dirile gore re nne le boikaelelo mo botshelong, go dira seo re neng re se bopetswe kwa tshimologong, go galaletsa Modiri wa rona ebong Jehofa Modimo. Re dira seno ka go nna batho ba ba tshotseng lesedi. Go nna batshodi ba lesedi ke tlotla e kgolo ebile ke tshiamelo, mme gape go re rwesa boikarabelo jo bo masisi. Go dira boikarabelo joo, re tlhoka go dirisa thuso yotlhe eo Jehofa a e neelang. Ka jalo abo go tshwanela jang ne gore dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa 1992 di bidiwe Dikopano tsa Kgaolo tsa “Batshodi ba Lesedi”!
Go tokafatsa bokgoni jwa rona le go anaanela ga rona seabe sa rona jaaka batshodi ba lesedi, re tla batla go nna gone kwa go bobotlana e le nngwe fela ya dikopano tseno, re nna gone fa pina e e bulang e opelwa re bo re nna go fitlha go rapelwa thapelo e e konelang. Gape re tla batla go reetsa ka kelotlhoko tsotlhe tse di buiwang mo seraleng, e ka tswa e le ka dipuo, ka dipotsolotso, ka maitemogelo, kana ka terama. Go tsaya dintlha go re thusa gore kwa morago go bo go na le seo re ikgopotsang ka sone mme gape go thusa thata gore motho a tlhome mogopolo mo go seo se bolelwang. Ee, mo thulaganyong yotlhe ya kopano, re tla batla go ‘itisa kafa re utlwang ka gone.’—Luke 8:18.