Bokebekwa mo Lefatsheng le le Tlhakatlhakaneng
BOKEBEKWA ga bo simologe gompieno. Polao ya ntlha e ne ya nna dingwaga tse di diketekete tse di fetileng fa Kaine a ne a bolaya morwarraagwe Abele. Go betelela le bosodoma di a umakiwa mo Dikwalong tsa bogologolo tsa Sehebera. (Genesise 4:8; 19:4, 5; 34:1-4) Batho ba ne ba ntse ba tlhaselwa ke dikebekwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha ono wa rona O O Tlwaelegileng, jaaka setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo se supa. (Luke 10:29-37) Mme go a farologana gompieno.
Tsela eo batho ba ikutlwang ka yone mo metseng e mentsi e megolo mo lefatsheng, ba le kwa New York, London, Calcutta, kana Bogotá, ke gore bokebekwa bo gongwe le gongwe ebile bo tshosa tota. Pego nngwe mo go India Today e e neng e na le setlhogo se segolo se se reng “Kobamelo ya Thubakanyo” e bolela jaana: “Sengwe se se golang seo se tshwenyang thata se se tshosetsang go senya boitsholo le go lomagana ga loago goo go bofagantseng naga yotlhe ke thubakanyo, go ila kotlhao, le go tlola molao wa kobamelo.” Le eleng one mapodisi fa a lwa kgatlhanong le bokebekwa ka dinako tse dingwe a raelwa go tlola melelwane ya go dira batho gore ba obamele molao a bo a dirisa mekgwa mengwe ya bokebekwa. Pego e e fetileng e e tswang kwa India gape e bolela jaana: “Go utlwala dikgang tsa dintsho tsa batho ba ba golegilweng ke mapodisi.” Mme go ntse fela jalo le kwa dinageng tse dingwe.
Kgonego ya go tlhaselwa ke dikebekwa e lebega e oketsega thata. Pego nngwe go tswa kwa United States e bolela gore “legae le le lengwe mo go mangwe le mangwe a mane kwa Amerika le ne la amiwa ke bokebekwa kana la utswediwa ka 1988.” Mo godimo ga moo, batho jaanong ba dira bokebekwa jo bo maswe tota ba santse ba le bannye. Makasine wa Latin America Visión o bolela gore “sicarios [babolai ba ba thapiwang ka madi] ba le robong mo go bangwe le bangwe ba le lesome ke bana. [Ke] ‘bana’ totatota le go ya ka molao.” Bonokwane jo bo maswe thata jo bo dirwang ke bana ke selo se se tletseng mo lefatsheng lotlhe.
Bibela e ne ya perofesa jaana mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla di-paka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, . . . le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, . . . ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ . . . Batho ba ba bo-shula ba tla nna ba shulahalèla pele hèla ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.”—2 Timotheo 3:1-4, 13.
Go tloga ka 1914, bosupi jwa gore re tshela mo metlheng e e botlhoko bo ne jwa nna jwa ntsifala. Lefatshe leo le ileng la tlhaselwa ke dintwa tse pedi tsa lefatshe le dintwa tse dingwe tse dikgolo, ga le kgonwe go laolwa, le tletse ntwa. Bokebekwa bo tletsetletse. Mafelo a mantsi a metsemegolo a busiwa ke dikebekwa tseo di fetolang mokgwa o batho ba bantsi ba ba ikobelang molao ba tshelang ka one. Ke fela jaaka mosenate mongwe wa maemo a a kwa godimo wa U.S. a ne a bolela jaana: “Go na le dilo tse dintsi tse di tshwenyang jaanong, dilo tseo re neng re sa di boife pele. Ka dinako tse dingwe re boifa mo re fetogang magolegwa, fa bao ba ka bong ba golegilwe ba itsamaela fela ba gololesegile.”
Go felela ka gore, batho gompieno ba nne kelotlhoko ka dilo tse ba neng ba sa tlhoke go nna kelotlhoko ka tsone mo dingwageng tse 20 kana tse 30 tse di fetileng. Mejako e na le dilotlele tse pedi kana tse tharo ebile e tsentswe le ditshipi. Mo mafelong a mantsi batho ba tshola madi a a lekaneng go a naya batlhasedi ka tsholofelo ya gore ba tla tila go iteelwa go bo ba sa tshola sepe go se naya magodu. O ka fitlhela mebila e mentsi e sena ope fa letsatsi le sena go phirima, go tsamaya fela ba ba iseng ba tlhaselwe, ba ba dirang dilo ka boeleele, le bao maemo a ba pateletsang go tsamaya—ke bone bao ba kgonwang go tlhaselwa bonolo ke batho ba ba sasankang mo dikgweng tsa metsemegolo.
Re ka dira eng go tila go tlhaselwa ke dikebekwa mo lefatsheng leno le le tletseng ntwa le leo le tlhakatlhakaneng? Re ka dira ka tsela efe?