Go Leka go Fenya Bokebekwa mo Lefatsheng le le Tlhakatlhakaneng
AO BOIFA go tswela kwa ntle bosigo? A o tlhoka dilotlele tse pedi kana tse tharo mo mabating a gago le mo difensetereng? A o kile wa utswediwa kara kana baesekele? A radio ya gago e kile ya ntshiwa mo koloing ya gago? A o ikutlwa o boifa fa o le mo mafelong a mangwe?
Fa e le gore o araba potso epe fela ya tseno ka ee, he go raya gore o leka go fenya bokebekwa mo lefatsheng le le tlhakatlhakaneng leno. Ke eng se o ka se dirang ka seno? A Bibela e ka go thusa go fenya seno?
Kafa Dikebekwa Di Akanyang ka Gone le Tsamaiso ya Katlholo
Bokebekwa bo ama dikarolo di le tharo: dikebekwa, mapodisi, le ba ba tlhaselwang. Wena yo o ka nnang wa tlhaselwa o tshwanetse go dira eng go leka go fenya bokebekwa? A o ka kgona go tlhotlheletsa nngwe ya dikarolo tse tharo tseno? Ka sekai, a o ka fetola dikebekwa?
Gone mme, dikebekwa tse dintsi di dirile bokebekwa tiro ya bone. Ba bo tlhophile jaaka tsela e e motlhofo ya botshelo. ‘Ke ka ntlha yang fa o dira ntswa o ka tshela ka seo ba bangwe ba se diretseng?’ ba akanya jalo. Ba ba tlhaselang batho ba itse gore motho yo o tlhaselwang o tla ba naya madi a gagwe bonolo fela. Mme ereka ba ka nna ba se ka ba tshwarwa le go romelwa kwa kgolegelong, bokebekwa jwa bone bo a ba duela.
Mo godimo ga moo, thulaganyo e e latelwang mo dikgotlatshekelong e raraane ebile e ja nako e ntsi. Mo dinageng tse dintsi, dikgotlatshekelo, baatlhodi, le dikgolegelo di a tlhaela. Tsamaiso ya gone ga e kgone dikgetse tsa bokebekwa. Katlholo e dirwa ka bonya mo boemo bo ntseng fela jaaka Bibela e ne ya bo tlhalosa jaana dingwaga di le dikete di le tharo tse di fetileng: “Ereka katlholō kaga tihō e e boshula e sa dihahadiwe ka bonakō, ke gōna ka mouō pelo ea bana ba batho e tlhōmameñ mo go bōnè ka mokgwa o o tletseñ, go tla ba diha boshula.” Fela jaaka molaomotheo ono wa Bibela o supa, tsholofelo ya gore seno se ka rarabololwa ka go fokotsa palo ya dikebekwa kana ka go di tlhabolola e nnye tota.—Moreri 8:11.
Go tweng kaga karolo ya bobedi eleng mapodisi? A go na le tsholofelo ya gore mapodisi a tla kgona go laola boemo? Bone ka bobone ba tla araba jaana: Ereka gantsi melao e dirwa gore e atle dikebekwa, le babueledi ba ba sa reng sepe ka melaometheo ba dirisa molao go golola motho yo o molato, le ka gonne batho ba sa batle go rwala maikarabelo a ditshenyegelo tsa dikgolegelo tse dintsi le tse dikgolwane, le go tlhoka mapodisi a a lekaneng, ba dira tema e le nnye fela mo go lweng le bokebekwa jo bontsintsi jono.
Go sala karolo ya boraro eleng bao ba ka nnang ba tlhaselwa: rona, batho ka kakaretso. A go na le sepe se re ka se dirang gore re kgone go fenya boemo jono jo bo tlhakatlhakaneng?
Botlhale Jo Bo Nang le Mosola le go Dirisa Tlhaloganyo
Buka ya Bibela ya Diane e bolela jaana: “U chwarè botlhale yo bo itekanetseñ le pharologanyō. Yalo di tla nna botshelō mo moeeñ oa gago, le bontlè mo thamuñ ea gago. Hoñ u tla tsamaea mo tseleñ ea gago ka thagamō, le lonaō loa gago ga lo ketla lo kgocwa.” Kgakololo eno e ka dirisiwa mo maemong a a ka go dirang gore o tlhaselwe ke dikebekwa. O ka dirisa botlhale jono jo bo nang le mosola ka ditsela dife gore o solegelwe molemo mo ntlheng eno?—Diane 3:21-23.
Dikebekwa di tshwana le dibatana. Di batla sengwe se se bonolo go tlhaselwa. Ga di batle go kgaratlha le go tshwarwa fa di ka kgona go bona se se tshwanang motlhofo mo motlhaselweng yo o bonolo. Ka jalo di tlhasela batsofe, balwetsi, batho ba ba tlhakaneng tlhogo, le bao ba ka tswang ba sa lemoge fa go leng kotsi teng. Dikebekwa di tlhopha nako le lefelo le le di siametseng go tlhasela. Batho ba ba ka nnang ba tlhaselwa ba ka dirisa botlhale fano.
Ba ntse fela jaaka Bibela e tlhalosa gore batho bano ba rata go dira ditiro tsa bone tse di boikepo mo lefifing. (Baroma 13:12; Baefesia 5:11, 12) Ke boammaaruri gore gompieno ditiro tse dintsi tse dikebekwa di di dirang mo bathong le dithoto tsa bone di di dira bosigo. (Bapisa Yobe 24:14; 1 Bathesalonia 5:2.) Ka gone, fa go kgonega motho yo o botlhale o tla tila gore a se ka a nna mo mafelong a a kotsi bosigo. Mo motseng o mogolo o o tletseng bokebekwa thata wa New York, pego ya mapodisi ya letsatsi le letsatsi e supa gore batho ba bantsi ba tlhaselwa fa letsatsi le sena go phirima mme segolobogolo morago ga ura ya bolesome bosigo gantsi fa ba boela kwa magaeng a bone. Dilalome tseno di nna mo mebileng e e sa tsamaiweng thata di batla ba di ka ba tlhaselang. Ka gone, fa e le gore o tshwanela gore o tlhophe gareng ga go emela bese kana tekesi le go tsamaya mo lefelong le le kotsi, nna pelotelele mme o lete. Go sa nneng jalo o ka nna wa diragalelwa ke sengwe se se botlhoko.
Mokeresete mongwe o ne a itewa botlhoko a bo a thukhuthiwa fa mo boemong jwa gore a ka bo a emetse bese ka nako ya bolesome bosigo, a ne a tsamaya sekgala se sennye fela mo lefitshwaneng. Go ne go na le batho ba bangwe mo mmileng, mme dikebekwa dingwe tse tharo di ne di laletse ba ba sa tlhokomeleng. Yo mongwe o ne a itsise ba bangwe fa a ne a bona motho yo ba neng ba ka mo tlhasela a tlhatloga ka mmila. Kwantle ga go bua sepe, ba ne ba mo tlhasela ba bo ba mo thukhutha. Ba ne ba direla ka bonako mo le baagelani ba neng ba se ka ba bona nako ya go tsereganya. Motho yo a neng a tlhaselwa yono o ne a dumela jaana moragonyana: “Ka nako e e tlang ke tla emela bese.”
Setswerere sa go Iphitlha ebong mokgothosi yo mmotlana mo bukeng ya padi e e kwadilweng ke Dickens e e bidiwang Oliver Twist, e ne e le sekai fela sa ngwana wa segompieno wa seganana. Go farologana le Setswerere seno sa go Iphitlha, magodu a gompieno le dinokwane, lemororo ba ka tswa ba na le dingwaga di le kae, gantsi ba tsamaya ba tshotse sethunya kana thipa, ebile ba tla se dirisa. Bajanala ba ba tlhakaneng tlhogo, baeng, le batho ba ba itsamayatsamaelang fela mo gare ga motsemogolo ke bone bao dilalome tse di setlhogo tseno di ba tlhaselang motlhofo. Ba tla utswa sengwe le sengwe se ba ka se utswang ka bonako jo bo fetang jwa fa o bonya leitlho! Ke eng seo se ka rotloetsang legodu? Mofitshana wa gouta kana dibenyane dipe fela tsa madi a a kwa godimo tse a ka di bonang di aperwe. Kana setsayaditshwantsho se lepeletse mo molaleng wa mojanala. Go tshwana fela le go apara lotshwao lo lo reng, “Tlaa ke fano!” Ka gone, go tlhokega botlhale. Fitlha dibenyane tsa gago, mme o tshware setsayaditshwantsho sa gago ka tsela e se ka se kang sa lemogiwa, gongwe o se fitlhe mo kgetseng e o rekelang dilo mo go yone. Seno ke botlhale jo bo solegelang molemo.
Go nna podimatseba ke tsela nngwe ya go fenya bokebekwa. Bibela e bolela jaana: “Matlhō a motho eo o botlhale a mo tlhogoñ ea gagwe, me seeleele se tsamaea mo lehihiñ.” (Moreri 2:14) Go dirisa tlhagiso eno mo bothateng jwa bokebekwa go tla dira gore o tlhokomele batho ba ba belaetsang ba ba tsamayang fela go sa bonale se ba se dirang. Tlhokomela magodu a a ka nnang a go tsamaya kafa morago mme a phamola kgetse ya gago fa o tsamaya fa thoko ga tsela. Ereka ba bangwe ba pagama dithuthu mme ba phamolela batho dilo tsa bone fa ba feta, o se ka wa tsamaela gaufi thata le tsela, segolobogolo fa o tshotse sutukeisi kana kgetse e e tsholwang ka seatla. Tila go pagama dikoloi tse di tsamayang mo ditseleng tse di kafa tlase ga lefatshe tse di senang batho ba bantsi. Gantsi O bolokesegile fa go na le batho ba bantsi mo lefelong le le nang le lesedi le lentsi. Magodu ga a batle go lemogiwa le go bonwa gore ke bomang.
Go thubelwa ke mofuta o mongwe o o tlwaelegileng wa bokebekwa oo gantsi o neng o ka kgonwa go tilwa fa fela batho ba ne ba nna ba itlhokometse mo dikebekweng. Bibela e tshwantsha seno sentle jaana: “Ba tsène kaha [difensetereng] yaka legodu.” (Yoele 2:9) Fa o dirisa botlhale ga o kake wa tlogela mejako le difensetere di sa lotlelwa. Go boammaaruri ka metlha gore go thibela dilo go botoka go na le go leka go baakanya go setse go senyegile. Go senya madi a a oketsegileng o sireletsa lelapa la gago totatota ke inshorense e e go sireletsang kgatlhanong le bogodu le go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng.
Go Tweng Fa O Tlhaselwa?
Ee, go tweng he, fa motlhasedi a go emisa lemororo o lekile go nna kelotlhoko jalo? Leka gore o se ka wa tshoga kana wa leka go tsamaela ka bonako. Gakologelwa gore legodu le lone le ka tswa le tshogile mme ka gone la akanya gore o batla go dira sengwe. Leka go bua le motho yoo le go mo naya mabaka fa a go letla go dira jalo. (Ee, motho yo o go tlhaselang e ka nna ya nna mosadi.) Ka dinako dingwe batlhasedi ba ile ba tingwa bogale ke go itse gore ba tlhasela Mokeresete yo o tlhoafetseng le wa boammaaruri. Lefa a ka dira eng, se leke go lwa le ene fa e le gore o ipatlela madi fela kana dithoto dingwe. Mo neye sepe fela se a se batlang. Bibela e ruta gore botshelo jwa motho bo feta sepe fela seo a ka tswang a na naso.—Bapisa Mareko 8:36.
Leka go bona dilo tse di tlhaolang motlhasedi yono, e ka tswa e le diaparo kana kafa a lebegang ka gone kwantle ga gore a go lemoge gore o a mo sekaseka. Segalo sa puo ya gagwe se ntse jang? Dintlhanyana tseno tsotlhe di ka nna mosola fa o ya go begela mapodisi bokebekwa jono, ereka dikebekwa tse dintsi di dirisa mokgwa mongwe ka metlha mme ka jalo ba ka kgona go itsiwe motlhofo.
Go tweng ka go tshola sebolao sa go iphemela? Eleruri go tla bo go se botlhale gore Mokeresete a tsamaye a tshotse dibolao. Fa sekebekwa se ne se ka akanya gore o batla go tsaya sebolao, se tla go tlhasela kana sa go bolaya fela ka bonako. Mo godimo ga moo, o ka latela molaomotheo wa Bibela o o reng “lo nnè kagishō le batho botlhe” jang fa o tshola sebolao seo o tla tlhaselang ka sone fa o tlhaselwa?—Baroma 12:18.
Lemororo o ka tswa o leka go thibela seno, ga go kake ga tlhomamisiwa gore ga o kitla o tlhaselwa ka letsatsi lengwe. Mo metseng e megolo e e tletseng bokebekwa, o diragalelwa ke seo fela ka go bo o le fa lefelong le le phoso ka nako e e phoso. Bosheng jaana kwa New York, ramolao mongwe o ne a tswa mo ofising ya gagwe a ya go reka kopi ya kofi. Fa a tsena mo lebenkeleng, basha bangwe ba ne ba feta foo ka koloi ba bo ba thuntsha lefelo leo. Ramolao yono o ne a bolawa ke kolo ya sethunya e e neng ya mo tsena mo tlhogong. O ne a swa fela ka ntlha ya “motlha le bowèlō.” A matlhotlhapelo ruri! A go na le tsholofelo ya gore bokebekwa jo bontsi jono jo bo tletseng mo lefatsheng bo tla khutlisiwa ka tsela nngwe?—Moreri 9:11.
Fa Bokebekwa Bo Tla Bo Bo Sa Tlhole Bo Le Teng
Mo e ka nnang dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng, Jesu o ne a bolelela pele gore go tla tla kokomana e e tla bonang ditiragalo tse di tshosang tota tseo go seng kokomana epe e e kileng ya di bona. Dithelebishene le ditlhaeletsano tse di bofefo, di dira gore dimilione, nnyaa, eseng tsone fela, mme diketekete tsa dimilione, di bone ditiro tse di setlhogo tota mo metsweding ya mo lefelong la bone ya dikgang ka nako ya fa di direga. Lefatshe le fetogile motse, mme dikgang tsa lefatshe ka bonako fela e nna dikgang tsa mo lefelong leo. Go felela ka gore, mongwe le mongwe a itse se tota se diragalang, mme jaaka Jesu a ne a perofesa, batho ba bantsi ba “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—Luke 21:26.
Jesu o ne a bonela pele ditiragalo tseo di neng tsa diragala go tloga ka 1914, ditiragalo tseo di neng di tla etelela pele “bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3-14) Mme o ne a bolela gape jaana “ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:31) Seo se raya gore puso ya Modimo ya tshiamo e tla tloga e dira dilo tse di gakgamatsang mo lefatsheng.—Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 21:1-4.
Mo pusong eo, ke ba ba ikokobeditseng fela, ba ba ratang kagiso, le bao ba ikobelang Modimo ba ba tla itumelelang maemo a lefatshe la Paradaise. Go tla diragala eng ka dikebekwa le badirabosula? “Gonne ba tla akoha ba sègwa yaka boyañ, ba tla shwaba yaka morōgō o motala. Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe.” Mo pusong e e siameng eo ya selegodimo, ga go kitla go nna le tlhakatlhakano le fa e le bokebekwa.—Pesalema 37:2, 9.
Fa o batla go itse go le gontsi ka tsholofelo eno e e newang ke Bibela kaga puso ya kagiso le e e tla nnelang ruri, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kana ba bone kwa Holong ya bone ya Bogosi. Ba tla itumelela go go thusa mahala go tlhaloganya Bibela.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe”
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Mokgothosi wa ga Charles Dickens, Setswerere sa go Iphitlha, e ne e le magogorwane fa a tshwantshiwa le batlhasedi ba segompieno
[Motswedi wa Setshwantsho]
Graphic Works of GEORGE CRUIKSHANK, by Richard A. Vogler, Dover Publications, Inc.