Baalogi ba Gileade ba Simolola Tsela e e Duelang Tota ya Botshelo
“ABO nako ya go aloga ga tlelase ya bo 90 ya Gileade e le nako e e itumedisang jang ne!” Thulaganyo ya kalogo e ne ya simololwa ka mafoko ao ke modulasetulo, Karl F. Klein wa Setlhopha Se Se Laolang. O ne a oketsa jaana fa a gakologelwa fa Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade se ne se simolola: “Ke mang yo a neng a ka akanya fa tlelase ya ntlha ya Gileade e ne e aloga bogologolo ka 1943 gore dingwaga di le 48 morago ga foo re tla bo re santse re kopane mmogo go tla go alosa tlelase e nngwe gape ya bo 90?”
Lefa go le jalo, ka March 3, 1991, mo letsatsing le le neng le le bothitho go farologana le kafa le ka bong le ne le ntse ka gone mo setlheng seo, go ne go phuthegile baeng ba ba fetang 4 000 ba ba laleditsweng le maloko a lelapa la Bethele kwa Jersey City Assembly Hall, e e fela kwa moseja ga noka go tloga mo New York City, ba phuthegetse go alosiwa ga barongwa ba basha bano. Pele ba simolola botshelo jwa borongwa, baalogi ba tla amogela kgakololo ya bofelo mo letsatsing leno la go aloga ga bone.
Thulaganyo e simolotswe ka pina. Morago ga foo, botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba amega maikutlo thata fa mookamedi wa Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade wa dingwaga tse 97 ebong Frederick W. Franz a ne a simolola ka thapelo. Morago ga foo, fa modulasetulo a sena go simolola, baalogi—le botlhe ba ba neng ba le teng—ba ne ba reetsa ka kgatlhego motseletsele wa dipolelo tse dikhutshwane tse di mosola.
La ntlha go ne ga bua Max H. Larson wa Komiti ya Feketiri, a bua ka setlhogo se se reng “Badirimmogo le Jehofa.” Fa a sena go bua ka araka e Noa le lelapa la gagwe ba neng ba e agile e ba neng ba bolokiwa ka yone, o ne a bolela jaana: ‘Gompieno Jehofa o phutha lelapa le le nang le dimilionemilione, mme o ikaelela go falotsa lelapa leno pitlagano e kgolo.’ Jang? Aitsane, ka araka ya motlha wa segompieno—paradaise ya semoya! ‘Lona,’ o ne a gakolola baalogi jalo, ‘lo tla ya kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, koo le tlileng go dira mmogo le Jehofa go aga araka eno ya motlha wa segompieno.’ O ne a bolela jaana fa a ne a ba baakanyetsa se se tlang kwa pele: ‘Go tlile go tlhokega gore lo dire fela thata. Go tlile go tshwanela gore lo nne pelotelele. Lo tlile go nna le mathata. Ke gone foo lo tlileng go tlhoka go dirisa botswerere jwa katiso e lo e neilweng.’
Daniel Sydlik, leloko la Setlhopha Se Se Laolang, bosheng o ne a etetse barongwa ba bogologolo kwa Japane le kwa Costa Rica. Fa a bua ka setlhogo se se reng “Botshelo jwa Lona Ke Jo Bo Duelang Eleruri,” o ne a ba bolelela dikakantsho tse di thusang tseo a neng a di utlwile mo barongweng ba ba atlegileng thata. O ne a tlhalosa gore kgaitsadi mongwe o ne a mmolelela ka kgakololo nngwe e a neng a e filwe ke mmaagwe: ‘O rate tirelo ya tshimo. O dire batho ditsala tsa gago. Abalana le ba bangwe botshelo jwa gago, mme o tla bona boitumelo.’ Kgaitsadi yo mongwe o ne a bolela jaana: ‘Fa dingwaga di ntse di feta, re ile ra lemoga gore ga re kake ra swabisiwa motlhofo fela fa re sa solofele dilo tse dintsi mo bathong. Re itumelela selo sepe fela seo re se direlwang ka bopelonomi le ka go akanyediwa.’ Baalogi ba tla kgona go nna barongwa ba ba atlegileng tota ka bobone fa ba ka dirisa kgakololo e e mosola eo.
Bathesalonia wa Ntlha 5:14 e bolela go re, “lo nnè pelotelele mo go botlhe.” Leon Weaver wa Lephata la Komiti ya Tirelo o ne a akgela ka temana eno fa a ne a bua ka setlhogo se se reng “Lo Nne Pelotelele mo Ditirong Tsotlhe tsa Lona.” Ke bomang ba ba akarediwang mo go “botlhe” bao ba tshwanetseng go ba bontsha bopelotelele? Sebui se ne sa araba jaana: ‘Ba le tlang go kopana le bone mo tirelong ya tshimo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo phuthegong ya gago e ntšha. Barongwa ba bangwe. Ba ba kwa lekaleng. Molekane wa gago. Wena.’ Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go nna pelotelele mo ditirong tsotlhe tsa lona? ‘Bakaulengwe le bokgaitsadi,’ sebui se ne sa tlhalosa jalo, ‘bopelotelele bo dira gore o se ka wa tshwenyega maikutlo le go tlhobaela thata. Bopelotelele bo lere kagiso. Bopelotelele bo dira gore o nne o ntse o na le tsholofelo. Bopelotelele bo dira gore re nne re ntse re itumetse mo tirelong ya rona.’
Morago ga foo go ne ga bua Albert D. Schroeder, leloko la Setlhopha Se Se Laolang le mokwadisi wa ntlha wa Sekolo sa Gileade. Dikakgelo tsa gagwe di ne di thailwe mo setlhogong se se reng “Nnang Lo Ntse Lo Latela Sekao sa Lona—Jesu Keresete,” se se thailweng mo go Bafilipi kgaolo 2. Temana ya botlhano e bolela gore “lo nnè le pelo e mo go lona, e e neñ e le mo go Keresete Yesu le èna.” ‘Seno se supa gore,’ sebui se ne sa tlhalosa jaana, ‘re tlhoka go nna le kgopolo e e lekalekaneng, fela jaaka Jesu ka boene a ne a na le mogopolo o o lekalekaneng.’ O ne a simolola ka temana 6 mme morago o ne a tlhalosa ka tsela e e kgatlhang, a bontsha gore la ntlha Paulo o naya bosupi jwa gore Jesu o ne a na le mogopolo o o lekalekaneng (ditemana 6-8) mme morago o bolela ditsela tseo Jehofa a neng a mo duelela tsela ya gagwe ya go supa kutlo ka tsone (ditemana 9-11). ‘Seno ke bontlhanngwe jwa tshiamelo ya lona,’ o ne a konela jaana, ‘ya go rera Morena Jesu Keresete, lo thusa ba bangwe go nna le mogopolo o o tshwanang le wa gagwe.’
Ke mafoko afe ao bakaedi ba sekolo ba neng ba tla laela barutwana ka one? Jack D. Redford o ne a bua ka setlhogo se se reng “Nonofo ya go Akanya E Tla Go Disa.” (Diane 2:10, 11, NW) ‘Fa o tloga fano jaanong,’ o ne a tlhalosa, ‘ga o ne o bona boitumelo ka ntlha ya gore o mang kana o na le eng kana le eleng ka ntlha ya gore o moalogi wa Gileade. Go itumela ga gago go tla ikaega ka se o se akanyang. O tla bona boitumelo fa o dirisa nonofo ya gago ya go akanya le kitso e o nang nayo.’ O ne a tlhalosa jaana fa a ne a supa botlhokwa jwa nonofo ya go akanya: ‘Selo se se dirang gore o dire tiro e e molemo kana e e bosula ke fa o akanya. Se o se akanyang se laola gore o tla dira eng.’ J. D. Redford o ne a konela ka mafoko ano a kgothatso fa a bua le baalogi: ‘Go na le batho ba bantsi ba ba botlhale thata mo lefatsheng ba ba leng bokoa mo go akanyeng, mme go na le batho ba bantsi ba ba seng botlhale thata bao ba ileng ba nna ditswerere thata mo go akanyeng. Ka jalo dirang gore lo nne le botswerere joo. Iketleetseng go akanya. Dirisang kitso ya lona. Itshokeleng mathata. Nnang botsalano mo bathong. Amogelang taolo. Nnang le maungo mo tirong ya lona. Lo itshoke mo dikabelong tsa lona.’
Ulysses V. Glass, mokwadisi wa sekolo, o ne a tlhopha setlhogo se se reng “Jehofa O Tshegetsa Seatla sa Rona,” se se thailweng mo go Pesalema 37:23, 24. ‘Ke tshwanetse ka akgola tlelase eno,’ o ne a akgela jalo, ‘ka ntlha ya go kgatlhegela ga bone go ithuta.’ O ne a ba gakolola ka dingwe tsa dilo tseo Jehofa a di ba neileng tse di ba tshegetsang—Lefoko la Modimo, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale a kaelwa ke Jesu gore a ba neye se se kaiwang ke Dikwalo le go di ba tlhalosetsa, dikgatiso tse di farologaneng, dipokano, le dikopano. ‘Dilo tse di neng tsa lo thusa mo dithutong tsa lona,’ o ne a tswelela, ‘di tshwana le lore le thobane ya semoya. Re a di tlhoka gore di re tshegetse mo semoyeng, ebile di re thusa go bua re na le bosupi tota fa re bolelela ba bangwe Lefoko la Modimo.’ Fa a konela o ne a gakolola baithuti ka mafoko ano: ‘Fa pelo ya gago e tletse ka lorato lwa go rata batho, ba ba dipelo di ikanyegang ba tla arabela. O tla nna le maungo mo bodiheding, mme o tla itse gore Jehofa o tshegeditse seatla sa gago.’
Sebui sa bofelo mo thulaganyong ya mo mosong e ne e le Carey W. Barber wa Setlhopha Se Se Laolang, yoo a neng a tlhopha setlhogo se se reng “Ganèlañ go Tsèna ka Kgōrō E E Pitlaganyeñ.” O ne a bontsha jaana fa a ne a akgela ka Luke 13:23, 24: ‘Batho ba bantsi ba batla go segofadiwa mo botshelong, mme ke ba sekae fela ba ba batlang go dira ka natla gore ba go bone.’ Go tweng ka rona? ‘Go molemo gore re ipotse jaana, “Setshwantsho seno sa kgoro e e pitlaganeng se kaya eng mo go nna ka namana?”’ Bao ba palelwang ke go tsena ka kgoro e tshesane ba palelwa jalo, eseng ka gonne go sa kgonege, mme ka gonne ba sa batle go iteka ka natla. ‘Jehofa ga a batle dilo tse dikgolo thata mo go rona,’ sebui se ne sa tlhalosa jalo. ‘Ekete ka thuso ya ga Jehofa,’ o ne a konela jalo, ‘rotlhe re ka iteka ka natla tota go ganelela go tsena ka kgoro e e pitlaganeng eno mme re tsene mo lefatsheng le lesha la botshelo jo bo sa khutleng, la kagiso, boipelo le boitumelo re galaletsa Jehofa ka bosakhutleng!’
Morago ga dikakgelo tseno, modulasetilo o ne a bolela ditumediso tse di tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. E ne e le nako jaanong ya go naya baalogi dipoloma tsa bone. Baithuti ba ne ba tswa kwa dinageng di le thataro—Canada, Finland, Jeremane, Great Britain, Switzerland, le United States. Lefa go ntse jalo, dikabelo tsa bone di tlile go ba isa kwa dinageng tse di jaaka Argentina, Benin, Bolivia, Dominican Republic, Papua New Guinea, Peru, St. Lucia, le Taiwan. Mme baalogi ba ne ba ikutlwa jang mo letsatsing le ba neng ba aloga ka lone? Karolo ya lokwalo lwa bone lo lo amang pelo tota lo ba neng ba lo kwaletse Setlhopha Se Se Laolang le lelapa la Bethele e ne e bolela jaana: “Re tlhomamisegile tota gore Setlhopha Se Se Laolang, lelapa la Bethele, le phuthego yotlhe ya ga Jehofa e re eme nokeng. Ereka re lebane le maemo a a lekang kwa pele, tshegetso eo e tla nna botlhokwa tota mo go rona. Mme re lebogela seno thata.”
Morago ga boikhutso, thulaganyo ya thapama e ne ya simolola ka thuto e e khutshwafaditsweng ya Tora ya Tebelo, e e neng e tsamaisiwa ke Karl A. Adams. Morago ga yone, baithuti ba ne ba dira dipontshonyana tsa dilo tse di diragalang mo botshelong tsa kafa o ka amang pelo ka gone fa o ruta Lefoko la Modimo. Kgabagare, botlhe ba ba neng ba le teng, go akaretsa le tlelase yotlhe ya bo 90, ba ne ba itumelela terama e e mo nakong tota ya setlhogo se se reng Tila Ditlhobaelo tsa Botshelo, e e neng e neelwa ke baboledi ba mo lefelong leo.
Modulasetulo, Karl Klein o ne a bua mo boemong jwa botlhe fa a ne a akgela jaana labofelo: “Eleruri go ne go le molemo tota mo go rona rotlhe go bo re ne re le fano mo letsatsing leno la boraro la March 1991!” Thulaganyo e e kgatlhang eo e ne ya felela ka pina e e konelang, e e neng ya latelwa ke thapelo ya ga Harold J. Dies.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Dipalo tsa Tlelase
Palo ya dinaga tse di emetsweng: 6
Palo ya dinaga tse ba rometsweng kwa go tsone: 10
Palogotlhe ya baithuti: 24
Palogare ya dingwaga tsa bone: 31,2
Palogare ya dingwaga tsa bone mo boammaaruring: 15
Palogare ya dingwaga tsa bone mo bodiheding jwa nako e e tletseng: 11
Tlelase ya bo 90 ya Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade
Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e badilwe go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a kwadilwe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe. (1) Miller, M.; Helenius, S.; Marsh, L.; Kleeman, A.; Loosli, Y.; Nizan, H. (2) Skogen, R.; Nutter, D.; Noack, E.; Diehl, L.; Hair, J. (3) Marsh, C.; Helenius, H.; Loosli, M.; Danio, A.; Danio, A.; Nizan, D. (4) Miller, L.; Noack, J.; Hair, L.; Kleeman, W.; Skogen, D.; Diehl, S.; Nutter, W.