Baalogi ba Gileade Ba Ne Ba Kgothalediwa Gore Ba Tlhagolele Kgono E E Molemo ya go Buisana le Ba Bangwe
KA SONTAGA, March 4, 1990, batho ba feta 4 100 ba ne ba tletse ka Holo ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Jersey City ba tlile kalogong ya setlhopha sa bo 88 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Baalogi bano ba ba 24 ba ne ba tswa kwa dinageng di le 6 mme jaanong ba ne ba romelwa kwa dinageng di le 13 fa di tlhakanngwa.
Thulaganyo eno e ne ya simolola ka 10:00 a.m. Morago ga pina, George Gangas, yo jaanong a nang le dingwaga tse di fetang 90 ebile e le leloko la Setlhopha Se Se Laolang, o ne a bula ka thapelo e e tswang maikutlong go Jehofa. Morago ga yone, modulasetulo, ebong C. W. Barber, yo le ene eleng leloko la Setlhopha Se Se Laolang ebile ene ka boene e le sealogane sa setlhopha sa bo 26 sa Gileade, o ne a tlotla ka bokhutshwane ka dingwe tsa diphetogo tseo di diragalang ka bofefo mo lefatsheng. O ne a konela ka go bolela jaana: “Ga go ise go ke go nne le tshono e e molemo go gaisa eno ya go nna basupi ba bogodimodimo jwa ga Jehofa le tshiamo ya gagwe.” Morago ga moo o ne a tswelela ka go itsise dibui tse di farologaneng tse di neng di le mo thulaganyong ya mo mosong.
Vernon Wisegarver, ebong leloko la Komiti ya Feketori ya kwa Brooklyn, o ne a tlhopha setlhogo se se reng: “Nnang Ditswerere mo Tirong ya Lona.” O ne a tshwantshanya baalogi ba Gileade le mothudi ka go dirisa setshwantsho sa mothudi wa mo motseng mongwe yo o neng a betla keetane nngwe eo, ereka e ne e bofilwe mo tshetleding ya sekepe, e neng ya boloka matshelo a botlhe ba ba neng ba le mo sekepeng ka nako ya fa go ne go na le kgwanyape. Fa ba ruta batho Bibela, ba tla ba thusa gore ba betle keetane e e bolokang botshelo ya dinonofo tsa bomodimo, ba ba ruta ba dirisa kgono eo ba e bapetseng fa ba ne ba thapisiwa mo Gileade. O ne a kgothaletsa baalogi gore ba tswelele ba lootsa kgono ya bone ya go ruta le gore ba eme fa pele ga Kgosi e e di fetang tsotlhe jaaka “badiri ba ba nang le bokgoni.”
Morago ga moo, John Barr, ebong leloko la Setlhopha Se Se Laolang, o ne a bua ka setlhogo se se reng: “A Lo Ko Lo Lekeñ Lo Bōnè Ha Jehofa A Le Molemō.” Dintlha tsa gagwe o ne a di theile mo go Pesalema 34:8, eo e reng: “A lo ko lo lekeñ lo bōnè ha Jehofa a le molemō; go segō monna eo o mo ikanyañ.” O ne a ba tlhagisa jaana: “Lekang sengwe le sengwe se se koo lo abetsweng teng jaaka barongwa. Di lekeng tsotlhe. Lo seka lwa tshaba. Fa lo dira jalo lo tla kgona go bona ka tsela eo lo iseng lo ko lo bone pele kafa Jehofa a leng molemo ka gone. Lo seka lwa nna batho bao ba ratang go tlhopha dilo bobe. Lo seka lwa ba lwa re: ‘Seno ga ke se rate.’ Se leke.”
Charles Woody, ebong leloko la Komiti ya Lefapha la Tirelo ya Brooklyn, o ne a bua ka setlhogo seno seo a neng a se itlhophetse, “Go Iteba ka Tsela E E Lekalekaneng.” O ne a bolela jaana: “Re ipelela go nna le bao ba itebang ka tsela e e lekalekaneng, bao ba sa nneng le tsela eo e leng ya bone fela ka namana ka metlha, bao ba leng bonako go akgola ba bangwe le go ba agelela, le bao, lemororo ba na le kitso, ba sa direng gore ba bangwe ba ikutlwe gore ga ba na yone.” Go ya pele o ne a tlhalosa jaana: “Jaaka barongwa lo tla batla go ngokela batho mo boammaaruring, eseng go ba lelekela kgakala le jone. Mokgwa wa lona wa go nna boingotlo o tla thusa thata mo go lo thuseng gore lo fitlhelele seno.”
Lyman Swingle, yoo eleng leloko la Setlhopha Se Se Laolang, morago ga moo o ne a bua ka setlhogo se se reng “Dikgaolo Tse Di Latelang, Di Tla Re Bolelelang?” O ne a simolola ka go bolela jaana: “Gompieno lo simolola kgaolo e ntsha mo botshelong jwa lona. Lo tla kwala eng mo dikgaolong tseno go tloga jaanong go ya isagweng?” O ne a ba gakolola jaana: “Sengwe le sengwe seo lo se dirang se tshwanetse sa leretse Jehofa tlotlo le kgalalelo,” mme o ne a oketsa ka go re: “Tlhomamisegang gore ditshwetso tseo lo di dirang di theiwe mo Lefokong la Modimo. Gakologelwang Diane 3:7, eo e reng: ‘U se ka ua nna botlhale mo matlhoñ a gago.’ Dirang gore lo fitlhelwe lo diragatsa kabelo ya lona ka boikanyegi.” O ne a konela ka go bolela jaana: “Re solofela gore ga lo kitla lo bo lo tsamaya lo fetsa go kwala buka e e leng malebana le botshelo jwa lona, gore lo tla tshelela ruri.”
Morago ga moo, Jack Redford, ebong mongwe wa batlhatlheledi ba sekolo seno, o ne a kgothatsa baalogi jaana: “Nnang Ditlhabelo Tse Di Tshelang.” O ne a simolola ka go bolela jaana: “Tirelo ya borongwa ke tiro ya go tshela ka go intsha setlhabelo. . . . Re a lo rata ka ntlha ya moya o lo nang le one wa go intsha setlhabelo.” Fa a ne a tsopola go tswa mo go Bafilipi 2:17, moo moaposetoloi Paulo a neng a bolela gone gore o ne a tshelwa jaaka tshupelo ya noo, seo se bolelang gore o ne a iketleeleditse go intsha jaaka setlhabelo se se tshelang, o ne a botsa jaana: “Mme barongwa gantsi ba tshwana le ditshupelo tsa noo jang?” Morago ga moo o ne a bolela maitemogelo mangwe a mabedi a a malebana le barongwa bangwe bao ba neng ba intsha setlhabelo go gaisa kafa go batlegang ka gone. A le mongwe wa bone o ne a dira ditena di le 16 000 ka diatla tsa gagwe ka namana mme a aga Holo ya Bogosi eo e neng e le ya ntlha mo nageng eo a neng a abetswe kwa go yone. Boitemogelo jo bongwe e ne e le jo bo malebana le kgaitsadi mongwe yo o neng a tsamaya le monna wa gagwe go ya kwa lefelong la dikgwa, koo maemo a go tshela a teng e neng e le a a kwa tlase thata. Bokgaitsedi ba mo lefelong leo botlhe ba ne ba mo rata thata ka gonne ba ne ba lemoga gore o ne a itshela jaaka ‘setlhabelo se se tshedileng.’ Mme lefa go le jalo sebui se ne sa gakolola baithuti gore setlhabelo ga se thuse sepe fa se sa patiwa ke go nna kutlo. O ne a ba tlhagisa jaana, a dirisa kgang ele ya ga Kgosi Saulo le Baamaleka: “Ka metlha gakologelwang gore go nna kutlo go botoka go gaisa setlhabelo. Lo seke lwa ba lwa tsamaya lwa re lo leka go ganetsana le Jehofa. Ka metlha dirang seo a lo laelang gore lo se dire.”
Morago ga moo modulasetulo o ne a itsise motlhatlheledi yo mongwe gape wa sekolo, ebong Ulysses Glass. Mokaulengwe Glass o ne a simolola ka go bolela jaana: “Setlhopha seno sa bo 88 e ne e le setlhopha se se itumetseng ebile e santse e le setlhopha se se itumetseng. Ditlhopha tse dingwe le tsone di ne di itumetse. Ka jalo, ke ka ntlhayang fa boitumelo jwa lona e le jo bo tlhomologileng?” O ne a bontsha gore boitumelo “ga bo tshwane le mokgele mme go na le moo ke selo seo se nnang gone morago ga go dira ditiro tse di molemo. Tiragalo ya go fitlha mo selong ke yone e dirang gore go nne le maduo.” O ne a tsopola mokwadi mongwe yo botshelo jwa gagwe bo neng jwa fetolwa ke fa a ne a bona polelo nngwe eo e neng e re: “Katlego ke loeto, eseng koo loeto lo felelang teng.” Mokwadi yoo o ne a ikana gore o ne a tla tlogela go atlhola boitumelo go ya ka koo loeto lwa sengwe lo felelang teng mo boemong jwa gore a lebe botshelo jwa gagwe jotlhe jaaka loeto lo lo ntseng lo tswelela pele lo sa kgaotse. “Ga go na tsela epe eo e isang boitumelong,” o ne a rialo. “Boitumelo ke tsela eo ka boyone.” Morago ga moo mokaulengwe Glass o ne a bontsha gore setlhopha seno se tlhaloganya seo mafoko ao a se bolelang. O ne a konela ka mafoko a a tswang mo go Pesalema ya bo 84 mme a bolela jaana: “Tswelelang lo sepela mo mafelong ao a nang le metswedi ya metsi. Mo mathateng mangwe le mangwe ao lo ka rakanang le one, ekete lo ka nna le boitumelo jo bo nnang mo bathong bao ba ratang Jehofa ebile ba mmoifa.”
Morago ga moo go ne ga latela puo e e kgethegileng ya mo mosong oo, eo e neng ya neelwa ke leloko le lengwe la Setlhopha Se Se Laolang, ebong Karl Klein, yo o neng a tlhopa setlhogo se se reng “Go tlhagolela Puisano ya Bokeresete.” O ne a simolola ka go gakolola botlhe gore Jehofa ke ene yo o nang le bokgoni jo bo gaisang jwa botlhe jwa go buisana le ba bangwe. Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ebong Logos, o ne a dirisiwa jaaka Mmueledi yo Mogolo wa ga Jehofa, mme o ne a bolelela dibopiwa tsa lefatshe kaga thato ya Modimo le ditaelo tsa gagwe. Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, batho ba le bantsi ba ne ba gakgamalela tsela eo a neng a ruta ka yone. Ba ne ba ise ba ko ba tsamaye ba utlwe motho ope a bua jaaka ene. Mo go Mathaio 28:19, 20, Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore e nne batho ba ba itseng go buisana le ba bangwe ka go tswela kwa lefatsheng, ba ruta batho ba bangwe ditaelo tsa gagwe mme gape ba bo ba ba dire barutwa.
Morago ga moo, fa a ne a bua ka tlhamalalo le barongwa bano ba ka moso, Mokaulengwe Klein o ne a bolela gore go na le dikarolo tse nne tseo barongwa ba tshwanetseng ba amega ka tsone fa ba tlhagolela dikgono tse di molemo tsa go nna le puisano le ba bangwe: eleng ya magareng ga monna le mosadi, go buisana le ba bangwe mo legaeng la barongwa, le bao ba leng mo ofising ya lekala eo ba abetsweng kwa go yone, le bao ba rakanang le bone mo tshimong. “O simolola go buisana le ba bangwe le pele ga o bula molomo wa gago,” Mokaulengwe Klein o ne a bolela jalo. “Tsela eo o lebegang ka yone le eo o ipaakantseng ka yone mo mmeleng e bolelela mong wa ntlo sengwe.” Morago ga moo o ne a neela ditshwantsho di sekae go tshegetsa ntlha ya gagwe mme o ne a konela ka ditlhagiso tseno: “Nnang batho ba ba boingotlo. Nnang batho bao ba a bong ba ntse ba na le puisano le ba bangwe ka metlha. Lekang ka natla gore lo nneng batho bao ba nang le ditsela tse di botoka tsa go buisana le ba bangwe.”
Morago ga gore go balwe ditumediso, modulasetulo o ne a neela baalogi botlhe didipoloma tsa go bontsha gore ba a tshwanelega. Morago ga moo setlhopha seno se ne sa neela maitlamo ao a neng a kwaletswe Setlhopha Se Se Laolang le lelapa la Bethele, a balwa ke Paul Angerville wa kwa Guadeloupe.
Thulaganyo ya thapama e ne ya simolola ka Thuto ya Tora ya Tebelo. Morago ga moo, baithuti ba ne ba tsaya karolo mo thulaganyong eo e neng e neela bareetsi tshono ya go bona ka moo go neng go le ka teng mo phaposing ya borutelo ya bone, go bona ka moo ba neng ba etelana ka gone mo dikamoreng tsa bone, le go utlwa maitemogelo a bone a tirelo ya tshimo a fa esale ka ba tla kwa Gileade dikgwedi di le tlhano tse di fetileng. Kwa bokhutlong, go ne ga nna le terama e e molemo thata eo e neng e na le setlhogo se se reng Go Dira Se Se Molemo mo Matlhong a ga Jehofa. Terama eno e ne e tshamekiwa ke baboledi ba Phuthego ya Lyndhurst, New Jersey. Letsatsi leo le ne la wediwa ka pina e e konelang, eo e neng ya latelwa ke thapelo ka Fred Franz, ebong mookamedi wa Mokgatlho yo o nang le dingwaga di le 96.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
MANANEPALO A SETLHOPHA
Palo ya dinaga tseo ba tswang kwa go tsone: 6
Palo ya dinaga tseo ba abetsweng kwa go tsone: 13
Palo ya bakaulengwe bao ba sa nyalang: 2
Palo ya banyalani: 11
Palo ya baithuti: 24
Palogare ya dingwaga tsa bone: 32,7
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 14
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodiheding jwa nako e e tletseng: 9
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Setlhopha Se Se Alogang sa bo 88 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade
Mo lenaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng wa mola mongwe le mongwe. (1) Magney, D.; Rogers, L.; Foster, S.; Foley, R.; Untch, L.; Jonasson, G. (2) Buri, H.; Buri, B.; Krammer, M.; Hudson, D.; Underkoffler, J. (3) Angerville, P.; Olsson, M.; Jones, A.; Untch, R.; Krammer, A.; Hudson, C. (4) Foley, L.; Magney, J.; Jones, A.; Jonasson, H.; Foster, M.; Rogers, M.; Underkoffler, R.