Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boitsholo Jo Bo Kgabisang Bodihedi jwa Rona jwa Bokeresete
MOAPOSETOLOI Petere o kgothatsa Bakeresete jaana: “Lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba.” (1 Petere 2:12) Moaposetoloi Paulo o bontsha gore re ‘kgabisa thuto ya Modimo Moreboloki mo dilong tsotlhe’ ka boitsholo jwa rona. (Tito 2:10) Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka go nna le boitsholo jo bontle mo lefatsheng lotlhe. Ela tlhoko dingwe tsa dikao.
Morutabana O Kgatlhiwa ke Boitsholo Jo Bontle
◻ Ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower ya kwa Costa Rica e bega gore palo e ntsi ya basha ba mo nageng eo e tlhoma sekao se se molemo. Mokaulengwe mongwe o bolela seo se neng sa mo gogela mo boammaaruring. O anela jaana: “Selo se se neng sa nkgatlha thata ke boitsholo jo bontle jwa basha le bagolo mme segolobogolo basha. Ke ne ka nna le tshono ya go ela Basupi ba ba mo sekolong sa me tlhoko fa ke ntse ke dira jaaka morutabana. Mme ereka ke ne ke ile ka nna le lelapa lengwe la Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka tlhokomela boitsholo jwa bana ba lone thata.
“Ke ne ka bona pharologano fa gare ga baithuti ba e neng e le Basupi le baithuti ba bangwe mo sekolong sa me. Basupi ba ne ba tlhola ba tla ka nako le go itshwara sentle, ba se ka ba aka, mme ba dira ditiro tse ba di neilweng tsa dithuto tsa bone ka metlha. Ke ne ka tlhokomela gape gore ba ne ba ikanyega fa ba kwala ditlhatlhobo, lemororo baithuti ba bangwe ba ne ba tlhola ba tsietsa. Mo godimo ga moo, ba ne ba na le maitseo ebile ba ntlotla jaaka morutabana wa bone. Ke ne ka simolola go tlhatlhoba bodumedi jono mme kgabagare ka amogela boammaaruri ka go bo ke ne ke kgatlhilwe ke Basupi ba bannye kwa sekolong le mo legaeng leo ke neng ke nna kwa go lone.”
Matswela A A Molemo A Boitsholo jwa Bokeresete kwa Kopanong E Kgolo
◻ Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa phuthegong nngwe mo karolong e e kafa borwa jwa El Salvador o ne a batla go bolelela bomorwarraagwe ba babedi ka mafoko a a molemo a Bogosi. Yo mongwe o ne a reetsa mme a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Morwarraagwe yo mongwe e ne e le leloko la kereke ya Evangelical e e bidiwang Prince of Peace, mme o ne a raya morwarraagwe a re: “O se ka wa bua le nna; o direla Diabolo.”
Fa nako ya kopano ya kgaolo e tla, yo a neng a ithuta yono o ne a laletsa morwarraagwe gore a tsamaye le ene go ya kwa kopanong. Morwarraagwe o ne a bolela jaana: “Go siame, ke tla tsamaya le wena; Mme ke ya fela go bona gore nka tshwara Basupi ka eng.” Banna ba babedi bano ba ne ba ya kwa kopanong mmogo. Batho ba bantsi ba ba neng ba le teng mmogo le thulaganyo e e molemo ya kwa kopanong e ne ya kgatlha leloko leno la Evangelical, mo le neng la bolela gore ga le ise le ko le bone selo se se tshwanang le seo. Fa ba goroga kwa gae, o ne a raya morwarraagwe a re: “Mpha seatla.” “Ka ntlha yang?” morwarraagwe o ne a botsa jalo. “Wena mpha seatla fela,” o ne a araba jalo. Ba ne ba tshwarana ka diatla, mme morwarraagwe yo e neng e le leloko la kereke ya Evangelical o ne a bolela jaana: “Go tloga jaanong ke tlile go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Eleruri, ke ne ke sa itse gore ke fetiwa ke dilo tse di molemo jaana.” Gompieno le ene ke mmoledi yo o tlhaga le yo o dirang ka natla tota wa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.