LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/98 ts. 7
  • Go Neela Bosupi ka Boitshwaro jo Bontle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neela Bosupi ka Boitshwaro jo Bontle
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditiro Tse di Molemo Tse di Galaletsang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Basha ba ba Phatsimang Jaaka Masedi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • “Lo Nnè Boitshèpō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 6/98 ts. 7

Go Neela Bosupi ka Boitshwaro jo Bontle

1 Mo setšhabeng sa gompieno se se letlelelang sengwe le sengwe, basha ba le bantsi ba senya matshelo a bone ka diokobatsi, boitshwaro jo bo maswe, boganana le thubakanyo. Go farologana le seo, go a lapolosa go bona boitshwaro jo bontle jwa basha ba ba mo phuthegong ya Bokeresete mme eleruri seo se itumedisa Jehofa thata. Go neela bosupi jo bo nonofileng jo bo ka ngokelang batho mo boammaaruring.—1 Pet. 2:12.

2 Maitemogelo a le mantsi a bontsha gore boitshwaro jo bontle jwa basha ba Bakeresete bo ile jwa ama batho ba ba ba lebileng ka tsela e e molemo. Morutabana mongwe fa a bua ka mosha mongwe wa Mosupi yo a neng a mo ruta, o ne a bolelela tlelase yotlhe gore Modimo wa mosetsana yono, e bong Jehofa, ke Modimo wa boammaaruri. O ne a bua jalo ka gonne mosetsana yono o ne a bontsha tlotlo ka metlha. Morutabana yo mongwe o ne a kwalela Mokgatlho a re: “Ke rata go lo akgolela basha ba ba molemo ba lo nang le bone mo bodumeding jwa lona. . . . Ruri basha ba lona ba tlhoma sekao se sentle. Ba tlotla bagolo, ba maitseo e bile ba bori mo moaparong. Mme ba itse Baebele tota! Ruri ke kafa bodumedi bo tshwanetseng go nna ka teng!”

3 Morutabana yo mongwe o ne a kgatlhiwa thata ke boitshwaro jo bontle jwa Mosupi mongwe wa dingwaga tse supa mo tlelaseng ya gagwe. O ne a kgatlhiwa ke botho jwa mosimane yono jo bo neng bo mo dira gore a farologane thata le basimane ba bangwe. O ne a kgatlhiwa thata ke tsela e a neng a tlhoafaletse ditumelo tsa bodumedi jwa gagwe ka yone—a sa tlhabisiwe ditlhong ke go farologana le batho ba bangwe ka ntlha ya se a se dumelang. O ne a kgona go lemoga sentle gore segakolodi sa gagwe se ne se rutilwe le gore o ne a kgona go “farologanya se se siameng le se se phoso.” (Baheb. 5:14) Kgabagare mmaagwe mosimane yono o ne a etela morutabana mme ga simololwa thuto ya Baebele le ene. Fa go ntse go ya morutabana o ne a kolobediwa mme moragonyana a nna mmulatsela wa ka metlha!

4 Lekawana lengwe le ne la tlhotlhelediwa ke boitshwaro jo bontle jwa Mosupi mongwe yo a neng a tsena sekolo le ene. Ruri o ne a farologane le ba bangwe—a le maitseo, a tlhoafaletse dithuto e bile a apara ka tsela e e bori; e bile gape, go farologana le basetsana ba bangwe, o ne a se ke a ipopela basimane. O ne a kgona go lemoga gore o tshela go ya ka melaometheo ya Baebele. Lekawana leno le ne la mmotsa dipotso malebana le dithuto tsa bodumedi jwa gagwe mme o ne a kgatlhiwa ke se a neng a mo tlhalosetsa sone. O ne a simolola go ithuta, go ise go ye kae a kolobediwa mme kgabagare a tsenela tirelo ya bobulatsela le go direla kwa Bethele.

5 Fa o le mosha wa Mokeresete yo o eletsang go neela batho ba bangwe bosupi jo bo molemo, ela tlhoko boitshwaro jwa gago ka ditsela tsotlhe. O se ka le ka motlha wa itetla go senyega boitshwaro ka go kgatlhiwa ke tsela ya lefatshe ya go letlelela sengwe le sengwe, megopolo ya lone kana tsela ya lone ya go tshela. Tlhoma sekao sa maemo a a kwa godimo mo puong, mo moaparong, mo go ikgabiseng, e seng fela fa o le mo tirelong ya tshimo le kwa dipokanong tsa phuthego, mme gape le fa o le kwa sekolong le fa o itapolosa. (1 Tim. 4:12) O tla nna le boipelo jo bogolo fa mongwe a simolola go kgatlhegela boammaaruri ka ntlha ya go bo o ile wa ‘phatsimisa lesedi la gago’ ka boitshwaro jwa gago jo bontle.—Math. 5:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela