Basha ba ba Phatsimang Jaaka Masedi
1. Baebele e bontsha jang gore Bakeresete ba ne ba tla tlhomologa mme mafoko ao a dira jang mo basheng ba Bakeresete gompieno?
1 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo lesedi la lefatshe.” (Math. 5:14, 16) Fela jaaka motse o o tlhomilweng mo godimo ga thaba, o o phatsimang mo letsatsing, ba ne ba tla tlhomologa. Gompieno, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng’ ka boitshwaro jwa bone jo bo siameng le ka go neela bosupi ka tlhoafalo.—Bafil. 2:15; Mal. 3:18.
2. Dingwe tsa ditsela tse o ka di dirisang go neela barutabana le ba o tsenang sekolo le bone bosupi ke dife?
2 Kwa Sekolong: O ka neela bosupi jang kwa sekolong? Basha bangwe ba dirisitse nako e go tlotliwang mo tlelaseng ka yone ka dikgang tse di tshwanang le diokobatsi, thutotlhagelelo le boratanaga—fa re umaka di se kae fela. Kgaitsadi mongwe o ne a dirisa tlhamo e ba neng ba e abetswe gore ba e kwale kaga borukhutlhi go neela bosupi ka Bogosi jwa Modimo gore ke jone tsholofelo ya mmatota ya batho. Morutabana o ne a kgatlhilwe ke tlhamo eo e a neng a e akanyeditse sentle, mme seno se ne sa dira gore a neele bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng.
3. O ka phatsimisa lesedi la gago jang kwa sekolong ka boitshwaro jwa gago?
3 Tsela e nngwe ya go phatsima jaaka masedi ke ka boitshwaro jwa gago le ka go apara le go ipaakanya sentle. (1 Bakor. 4:9; 1 Tim. 2:9) Fa baithuti le barutabana ba bona gore boitshwaro jwa gago bo farologane, bangwe ba ka nna ba kgatlhegela boammaaruri ka ntlha ya boitshwaro jwa gago jo bo molemo e bile o ka nna le tshono ya go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele. (1 Pet. 2:12; 3:1, 2) Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go nna le boitshwaro jwa bomodimo, mme Jehofa o tla go segofatsa thata. (1 Pet. 3:16, 17; 4:14) Go dira gore batho ba kgatlhegele dikgang tse di molemo o ka nna wa bala dikgatiso tsa Baebele ka nako ya boikhutso kgotsa wa di tlogela mo batho ba bangwe ba ka di bonang gone.
4. Melemo mengwe ya go neela bosupi kwa sekolong ke efe?
4 Go phatsimisa lesedi la gago kwa sekolong go nonotsha tumelo ya gago e bile go go thusa go nna motlotlo go direla Jehofa. (Jer. 9:24) Ka tsela e e tshwanang go a re sireletsa. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Mosola o mongwe wa go bua ka tumelo ya me ke gore baithuti ga ba leke go mpateletsa go dira dilo tse di sa dumalaneng le se Baebele e se buang.”
5. (a) Basha bangwe ba oketsa bodiredi jwa bone jang? (b) Mekgele ya gago ya semoya ke eng?
5 Go Oketsa Bodiredi: Tsela e nngwe e ka yone basha ba le bantsi ba phatsimang jaaka masedi ke ka go oketsa bodiredi jwa bone. Fa mokaulengwe mongwe a sena go fetsa sekolo, o ne a fudugela kwa go neng go tlhokega baboledi ba Bogosi thata gone. E ne e le leloko la phuthego e nnye e e nang le mogolwane a le esi. O ne a kwalela tsala ya gagwe jaana: “Ke itumelela go bo ke le mono. Tshimo e monate tota! Re bua mo e ka nnang metsotso e le 20 mo ntlong nngwe le nngwe ka gonne batho ba batla gore re ba bolelele sengwe le sengwe.” O ne a oketsa jaana: “Ke eletsa e kete basha botlhe ba ka dira selo se se tshwanang le seno mme ba ikutlwele gore go ntse jang. Ga go na sepe se se gaisang go direla Jehofa ka sotlhe se re nang le sone.”
6. Ke eng se o se anaanelang ka basha ba mo phuthegong ya lona?
6 A bo re le motlotlo jang ne ka lona basha ba lo phatsimang jaaka masedi mo lefatsheng! (1 Bathes. 2:20) Jaaka lo direla Jehofa ka pelo yotlhe, moya, mogopolo le nonofo yotlhe ya lona, lo tla bona “go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako . . . le mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.”—Mar. 10:29, 30; 12:30.