‘Go Phatsima Jaaka Masedi’
1 Mo gare ga lefifi la semoya le la boitsholo la tsamaiso ya gone jaanong ya dilo, baobamedi ba ba ka nnang dimilione di le thataro ba Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, ba ‘phatsima jaaka masedi’ mo dinageng di le 234 lefatshe ka bophara. (Bafil. 2:15) Seno se dira gore re tlhomologe. Re phatsimisa jang lesedi la boammaaruri le le botlhokwatlhokwa le le tswang kwa go Jehofa?—2 Bakor. 3:18.
2 Ditiro Tsa Rona: Batho ba bonako go lemoga tsela e re itshwarang ka yone. (1 Pet. 2:12) Mosadi mongwe o ne a lemoga gore Mosupi mongwe yo a berekang le ene o ne a le pelonomi e bile a rata go thusa ba bangwe thata mme o ne a sa dirise puo ya matlhapa e bile a se ke a tshega fa go dirwa metlae e e sa siamang. Fa ba bangwe ba ne ba leka go rumola Mosupi yono ka go dirisa puo ya matlhapa a le gone, o ne a itidimalela fela mme gone a ema a nitame ka se se siameng. Seno se ne sa ama mosadi yono jang? O gakologelwa jaana: “Ke ne ke kgatlhilwe thata ke boitshwaro jwa gagwe mo e leng gore ke ne ka simolola go mmotsa dipotso ka Baebele. Ke ne ka simolola go ithuta Lefoko la Modimo mme ka kolobediwa moragonyana.” O oketsa jaana: “Tsela e a neng a itshwere ka yone ke yone e e dirileng gore ke sekaseke se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang.”
3 Tsela e re ikutlwang ka yone ka babusi, tsela e re lebang mekgwa ya lefatshe ka yone le puo ya rona e e siameng ke tsone di dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologe e le batho ba ba tshelang ka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Baebele. Ditiro tse di ntseng jalo tse di molemo di ka galaletsa Jehofa le go dira gore ba bangwe ba kgatlhegele go mo obamela.
4 Puo ya Rona: Mme gone ba ba bonang boitshwaro jwa rona jo bo molemo ba ka nna ba se ka ba itse gore ke ka ntlha yang fa re sa tshwane le ba bangwe, ntle le fa re bua le bone ka se re se dumelang. A badirimmogo le wena kgotsa ba ba tsenang sekolo le wena ba itse gore o Mosupi wa ga Jehofa? A o batla ditsela tse o ka neelang bosupi ka tsone fa o itlotlela fela le ba bangwe? A o ikemiseditse go ‘phatsimisa lesedi la gago fa pele ga batho’ ka paka nngwe le nngwe e e tshwanelang?—Math. 5:14-16.
5 Go diragatsa thomo ya rona ya go nna batshodi ba lesedi go re tlhoka gore re nne le moya wa go intsha setlhabelo. Boikutlo jo re nang le jone jwa go batla go dira ka moya otlhe bo tla re tlhotlheletsa go tlogela dilo tse di seng botlhokwa go le kalo gore re dire go le gontsi kafa re ka kgonang ka gone mo tirong e e bolokang botshelo ya go rera le ya go dira barutwa.—2 Bakor. 12:15.
6 E kete re ka tswelela re phatsima jaaka masedi ka tsela e re itshwereng ka yone le e re buang ka yone. Fa re dira jalo, ba bangwe ba tla tlhotlheletsega go kopanela le rona mo go galaletseng Jehofa.