LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 7/1 ts. 5-7
  • A Kobamelo ya Mmè Modimo wa Sesadi E Santse E le Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Kobamelo ya Mmè Modimo wa Sesadi E Santse E le Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Atermis wa Baefesia
  • Go Tswa go Mmè Modimo wa Sesadi go ya go “Mma Modimo”
  • Kobamelo ya Mmè Modimo wa Sesadi E Santse E le Teng
  • Kwa Kobamelo ya Boammaaruri le ya Boheitane di Ileng Tsa Thulana Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Thuto ya Maaka 5: Marea ke Mmaagwe Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Marea ke Mmaagwe Modimo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Tswa Go Go Nna Mmè wa Lefatshe go Nna Medimo ya Tsalo ya Sesadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 7/1 ts. 5-7

A Kobamelo ya Mmè Modimo wa Sesadi E Santse E le Teng?

KOBAMELO ya mmè modimo wa sesadi e ne e santse e le teng mo metlheng ya Bakeresete ba ntlha. Moaposetoloi Paulo o ne a kopana nayo kwa Efeso kwa Asia Minor. Fela jaaka kwa Athena, motse oo le one go neng go rapelwa modimo wa sesadi mo go one, o ne a neela bosupi ka “Modimo o o dihileñ lehatshe,” Mmopi yo o tshelang, yoo a sa ‘tshwaneng le gouda, lefa e le selefera, lefa e le lentswe le le setilweng ka botswerere le ka maano a motho.’ Baefesia ba ne ba se ka ba rata seno, ka go bo bontsi jwa bone bo ne bo obamela mmè modimo wa sesadi ebong Artemis. Bao ba neng ba itshedisa ka go dira ditempele tsa selefera tsa modimo ono wa sesadi ba ne ba tsosa khuduego. Boidiidi joo jwa batho bo ne jwa goa jaana ka lobaka lwa diura tse pedi: “Go mogolo Diana [“Artemis,” NW] wa Baefesia.”—Ditihō 17:24, 29; 19:26, 34.

Atermis wa Baefesia

Bagerika le bone ba ne ba obamela Artemis, mme Artemis yo a neng a obamelwa kwa Efeso o ne a sa tshwane thata le ene. Artemis wa Bagerika e ne e le modimo wa sesadi wa lekgarebane wa go tsoma le go tshola bana. Artemis wa Baefesia e ne e le modimo wa sesadi wa tsalo. Tempele ya gagwe e kgolo mo Efeso e ne e lejwa e le nngwe ya dilo tse supa tse di gakgamatsang mo lefatsheng. Setshwantsho sa gagwe se se tlhomilweng, seo go neng go akanngwa gore se ole kwa legodimong, se ne se mo tshwantshitse jaaka motho yoo a neng a tsadisa, sehuba sa gagwe se khurumeditswe ke mabele a a bopegileng jaaka mae. Tsela e e sa tlwaelegang eo mabele ano a neng a ntse ka yone e ne e dira gore a tlhalosiwe ka ditsela tse di farologaneng, jaaka gore a ne a emela mekgabisa ya mae kana dirwe tsa kgomo tsa tsalo. Lemororo seno se ka tlhalosiwa ka tsela epe fela, go phepafetse gore go ne go tshwantshediwa tsalo.

Ka tsela e e kgatlhisang, go ya ka The New Encyclopædia Britannica, setshwantsho sa ntlhantlha sa modimo ono wa sesadi “se ne se dirilwe ka gouta, logong, selefera, le leje le lentsho.” Setshwantsho se se tlhomilweng se se itsegeng thata sa ga Artemis wa Baefesia, sa letlha la go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. se mo supa a na le sefatlhego, diatla, le maoto a mantsho.

Setshwantsho sa Artemis se ne se tsamaisiwa mo mebileng, Mokanoki wa Bibela R. B. Rackham o kwala jaana: “Mo teng ga tempele [ya ga Artemis go ne go] bolokilwe . . . ditshwantsho, ditempele, le didirisiwa tse di boitshepo, tsa gouta le selefera, tseo ka nako ya meletlo e megolo di neng di tsamaisiwa mo motseng mo mokolokong o o kgabisitsweng tota.” Meletlo eno e ne e ngoka diketekete tse di makgolo tsa baeng ba badumedi go tswa mo Asia Minor yotlhe. Ba ne ba reka ditempelana tse dinnye tsa modimo ono wa sesadi mme ba tlhaeletsa ba re ke mosadi, kgosigadi, lekgarebane la bone le legolo, “leo le reetsang le go amogela dithapelo.” Mo mafelong a a ntseng jalo, Paulo le Bakeresete ba ntlha ba ne ba tshwanetse go nna pelokgale tota go godisa “Modimo o o dihileñ lehatshe,” go na le go godisa medimo le medimo ya sesadi e e dirilweng ka ‘gouta, kana selefera kana lentswe.’

Go Tswa go Mmè Modimo wa Sesadi go ya go “Mma Modimo”

Moaposetoloi Paulo o ne a bua le bagolwane ba phuthego ya Bokeresete ya kwa Efeso fa a ne a bolelela pele gore go tlile go nna le botenegi. O ne a ba tlhagisa ka gore batenegi ba tla nna teng mme ba tla bua ‘dilo tse di sokameng.’ (Ditihō 20:17, 28-30) Mo dikotsing tse di neng di tlhola di diragala mo Efeso go ne ga boelwa kwa kobamelong ya mmè modimo wa sesadi. A seno tota se ne sa diragala?

Re bala jaana mo go New Catholic Encyclopedia: “Jaaka lefelo le baeng ba ba tsayang maeto a bodumedi ba neng ba tla mo go lone, Efeso e ne e tsewa jaaka kwa [moaposetoloi] Johane a neng a swetse teng. . . . Ngwao e nngwe, eo e neng ya supiwa fa e le boammaaruri ke Lekgotla la Efeso (431), e amanya Lekgarebane Maria yo o Segofaditsweng le Moitshepi Johane. Tempele eo Lekgotla leno le neng le tshwaretswe kwa go yone e ne e bidiwa Kereke ya ga Maria.” Buka e nngwe gape ya Katoliki (Théo—Nouvelle encyclopédie catholique) e bua ka “ngwao e e tshwanetseng go dumelwa” ya gore Maria o ne a tsamaya le Johane go ya kwa Efeso, koo a neng a nna botshelo jwa gagwe jotlhe gone. Ke ka ntlha yang fa go amanngwa ga Efeso le Maria go le botlhokwa gompieno?

Mma The New Encyclopædia Britannica e arabe: “Go rapelwa ga mma Modimo go ne ga rotloediwa thata fa Kereke ya Bokeresete e ne e fetoga kereke ya puso ka nako eo go neng go busa Constantine ka yone mme boidiidi jwa baheitane bo ne jwa oologela kwa kerekeng. . . . Ditiro tsa bone tsa bodumedi le go amega thata ka jone ga bone go ne go tla nna ka diketekete tse dintsi tsa dingwaga mme go dirilwe ka tumelo ya ‘mmè yo mogolo’ wa modimo wa sesadi le ‘lekgarebe le le boitshepo,’ sengwe seo se neng se tswa kgakala kwa ditumelong tse di itsegeng thata tsa bogologolo tsa Babelona le Asiria.” Kobamelo ya mmè modimo wa sesadi e ka tswa e ne ya dirwa ya “Bokeresete” go tswa kwa lefelong lefe fa e se go tswa kwa Efeso?

Ka gone, lekgotla leo le neng le bidiwa la boraro le le neng le emela dikereke tsotlhe le ne la bolela kwa Efeso ka 431 C.E. gore Maria ke “Theotokos,” lefoko la Segerika le le kayang “Yo o Tshotseng Modimo,” kana “Mma Modimo.” New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Kwantle ga pelaelo go dirisiwa ga leina leno ke Kereke ke gone go ileng ga dira gore thuto ya ga Maria le go ineela mo go ene di gole thata jalo mo makgolong a moragonyana a dingwaga.”

Dithako tsa “Kereke ya Lekgarebane Maria,” koo lekgotlana leno le neng le kopanetse gone, le gompieno di santse di ka bonwa kwa lefelong lengwe la Efeso wa bogologolo. Go santse go ka etelwa kereke eo, go ya ka ngwao, e neng e le ntlo eo Maria a neng a nna a bo a swela mo go yone. Mopapa Paul VI o ne a etela ditempele tsa ga Maria tse di kwa Efeso ka 1967.

Ee, Efeso e ne e le lone lefelo leo le neng la fetola kobamelo ya boheitane ya mmè modimo wa sesadi, eo e tshwanang le eo Paulo a neng a e bona mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le e fetolela mo kobamelong e e dirwang ka tlhoafalo thata ya ga Maria jaaka “Mma Modimo.” Kobamelo ya mmè modimo wa sesadi e ne ya kgona go fitlha mo dinageng tsa Labokeresete segolobogolo ka kobamelo ya ga Maria.

Kobamelo ya Mmè Modimo wa Sesadi E Santse E le Teng

Encyclopædia of Religion and Ethics e tsopola mokanoki wa Bibela ebong W. M. Ramsay a bolela gore mo “lekgolong la botlhano la dingwaga tlotlo e e neng e newa Lekgarebane Maria kwa Efeso e ne e le mofuta o o [tlhabolotsweng] wa kobamelo ya bogologolo ya seheitane ya Anatolia ya Mmè Lekgarebane.” The New International Dictionary of New Testament Theology e bolela jaana: “Dikgopolo tsa Katoliki tsa ‘mma Modimo’ le tsa ‘kgosigadi ya legodimo,’ lemororo di tlile moragonyana ga T[esetamente] E N[tšha], di tswa kwa hisitoring ya bogologolo ya bodumedi jwa kwa Botlhaba. . . . Mo go rapelweng ga moragonyana jaana ga ga Maria, go na le menangwana ya kobamelo ya seheitane ya mmè wa bomodimo.”

Menangwana eno e mentsi ebile e akaretsa dilo tse dintsi tota gore go bo go ka twe ke phoso fela gore e bo e tshwana. Ga go kake ga tlhokwa go bonwa gore difikantswe tsa mmè le ngwana tsa Lekgarebane Maria di tshwana le difikantswe tsa medimo ya sesadi ya seheitane, jaaka Isis. Makgolokgolo a difikantswe le ditshwantsho tse di setilweng tsa Maria yo Montsho mo dikerekeng tsa Katoliki mo lefatsheng lotlhe ga di kake tsa se ka tsa gakolola motho ka sefikantswe sa ga Artemis. Buka Théo—Nouvelle encyclopédie catholique e bolela jaana ka Makgarebane A Mantsho ano: “A lebega e le one mokgwa o Maria a neng a newa tlotlo e e neng e newa Diana [Artemis] . . . kana Cybele ka one.” Mokoloko wa ka Letsatsi la go Tseelwa kwa Legodimong ya Lekgarebane Maria le yone e tshwana fela le mekoloko e ditshwani tsa gagwe ebong Cybele le Artemis di neng di tlotliwa ka yone.

One maina a Maria a bidiwang ka one ano a re gakolola bommè medimo ya sesadi ba boheitane. Ishtar o ne a bolelwa fa e le “Lekgarebane Le Le Boitshepo,” “Lekgarebe la me,” le “mmè yo o kutlwelobotlhoko yo o reetsang thapelo.” Isis le Astarte ba ne ba bidiwa “Kgosigadi ya Legodimo.” Cybele o ne a bidiwa “Mma Basegofadiwa botlhe.” Maria o bidiwa ka maina ano otlhe, a fetotswe fela go le gonnye.

Vatican II e ne ya kgothaletsa kobamelo ya “Lekgarebane Le Le Segofaditsweng.” Mopapa John Paul II o itsiwe ka go ineela thata mo go Maria. Mo maetong a gagwe a mantsi ga a ke a tlhoka go etela ditempele tsa ga Maria, go akaretsa le Maria yo Montsho wa Czestochowa, kwa Poland. O beile lefatshe lotlhe kafa tlase ga ga Maria. Ka gone, ga go gakgamatse go bo The New Encyclopædia Britannica e kwala jaana kafa tlase ga “Mmè Modimo wa Sesadi”: “Leina leno le ile la dirisediwa le medimo e mengwe e mentsi jaaka bo-Venus ba Motlha wa Bogologolo le Lekgarebane Maria.”

Mme go rapelwa ga ga Maria ke Baroma Katoliki ga se yone tsela fela eo kobamelo ya mmè modimo wa sesadi e neng ya nna ya tswelela ka yone go fitlha mo motlheng ono wa rona. Ka go batla go itse, batshegetsi ba mokgatlho ono wa sesadi ba ile ba kwala dibuka tse dintsi ka kobamelo ya mmè modimo wa sesadi. Ba dumela gore basadi ba ile ba gatelelwa thata mo lefatsheng leno ke banna ba ba busang basadi ka borumolano ba ba gatelela mo go lone le gore dikobamelo tse di ikaegileng ka mosadi di supa fa motho a eletsa lefatshe le le senang borumolano. Go lebega ba dumela gore gompieno lefatshe le ne le ka nna botoka le go nna le kagiso fa dilo di ne di dirwa ka tsela ya sesadi.

Lefa go ntse jalo, kobamelo ya mmè modimo wa sesadi ga e a ka ya lere kagiso mo lefatsheng la bogologolo, mme ebile ga e kake ya lere kagiso gompieno. Mo godimo ga moo, batho ba bantsi gompieno, ebile tota e le ba ba dimilione ba ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa ba tlhatswegile pelo gore lefatshe leno ga le kitla le bolokiwa ka Maria, lemororo ba mo tlotla le go mo rata jaaka mosadi yo o ikanyegang wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo a neng a nna le tshiamelo e e molemo thata ya go tshola le go godisa Jesu. Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele le eleng gore Lekgotla la Kgololesego la Basadi, lemororo le ka tswa le batla dilo tse di tshwanetseng jang, le ka tlisa lefatshe le le nang le kagiso. Seo ba se lebeletse mo Modimong oo Paulo a neng a o bolelela Baathena le Baefesia ka one, “Modimo o o dihileñ lehatshe le dilō cotlhe tse di mo go yeōna.” (Ditihō 17:24; 19:11, 17, 20) Modimo Mothatayotlhe, yoo leina la gagwe e leng Jehofa o solofeditse go lere lefatshe le lesha le le galalelang leo ‘tshiamo e tla agang mo go lone,’ mme re ka ikaega tota ka tsholofetso ya gagwe.—2 Petere 3:13.

Go tlile go tlotliwa ka mo go oketsegileng ka kgang e e kaga kgopolo ya Bibela ya boemo jwa mosadi fa pele ga Modimo le batho mo makasineng ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

ASHTORETH—Modimo wa sesadi wa kwa Kanana wa tlhakanelodikobo le ntwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

ARTEMIS—Modimo wa sesadi wa tsalo wa kwa Efeso

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musei dei Conservatori, Rome

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“MMA MODIMO” wa Labokeresete

[Motswedi wa Setshwantsho]

Chartres Cathedral, Franca

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela