Go Tswa Go Go Nna Mmè wa Lefatshe go Nna Medimo ya Tsalo ya Sesadi
AO KGONA go lemoga gore modimo wa sesadi o o mo setshwantshong se se kafa ntle ga makasine ono ke mang? Ke Isis, mmè modimo wa sesadi wa kwa Egepeto wa bogologolo. Fa o kile wa etela kwa musiamong kana o kile wa leba dibuka tsa hisitori ya bogologolo, o tshwanetse wa bo o kile wa bona setshwantsho se se ntseng jaana se se setilweng. Lefa go ntse jalo a o ke o akanye ka seno: A o ka ikobela le go obamela modimo wa sesadi ebong Isis?
Fa e le gore o leloko la nngwe ya ditumelo tsa Labokeresete, eno e ka lebega e le potso e e gakgamatsang. Gongwe go ka diragala gore o ganelele mo go boleleng gore o obamela Mmopi, yoo A bolelwang fa e le, “Rra echo eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9) Kgopolo ya go khubamela mmè modimo wa sesadi e ka lebega e sa tlwaelega e le sengwe se se makgapha. Lefa go ntse jalo, kobamelo e e ntseng jalo e tletsetletse tota mo hisitoring, mme o ka gakgamadiwa ke go itse bao tota ba obamelang mmè modimo wa sesadi gompieno.
Lefa go ntse jalo, pele re ka tlotla ka seo, a re ke re ithuteng sengwe ka gore kobamelo ya mmè modimo wa sesadi e ne e tletsetletse go le kana kang mo metlheng ya bogologolo. Mofuta ono wa kobamelo o lebega e le one wa ntlhantlha mo ditumelong tsa maaka. Baithutamarope ba ile ba epolola ditshwantshonyana tsa difikantswe le ditshwantsho tse di setilweng tsa mmè modimo wa sesadi yo o sa aparang kwa mafelong a bogologolo go ralala Yuropa le go tloga kwa dinageng tsa Mediterranean go fitlha kwa India.
Mmè wa Lefatshe o ne a lejwa jaaka yo botshelo jotlhe bo tswang mo go ene ka metlha a naya botshelo mme morago a bo tsaya gape fa ba swa. Ka gone, o ne a obamelwa ebile a tshajwa. Kwa tshimologong batho ba ne ba dumela gore maatla a gagwe a go ntsifatsa batho a ne a sa amane ka gope le tlhakanelodikobo. Morago ga foo, ditlhamane di bolela gore o ne a tshola monna wa Rre wa Loapi mme a nna mosadi wa gagwe. Bobedi jono bo ne jwa tsala medimo le medimo ya sesadi e le mmalwa.
Setshwani sa Babelona
Ishtar e ne e le modimo o mogolo wa sesadi oo e neng e le mongwe wa medimo ya semolao ya Bababelona oo o neng o tshwana le modimo wa sesadi wa tsalo wa Ba-Sumer ebong Innanna. Se se gakgamatsang ke gore, e ne e le modimo wa sesadi wa ntwa mmogo le modimo wa sesadi wa lorato le menate. Mo bukeng ya gagwe Les Religions de Babylonie et d’Assyrie (Ditumelo tsa Babelona le Asiria), mokanoki wa Mofora ebong Édouard Dhorme o ne a bolela jaana ka Ishtar: “E ne e le modimo wa sesadi, lekgarebe, mmè yo o kutlwelobotlhoko yoo a reetsang thapelo le go tsereganya fa gare ga medimo e e galefileng le go e ritibatsa. . . . O ne a tsholelediwa kwa godimo ga bone botlhe, e ne ya nna modimo wa medimo ya sesadi, kgosigadi ya medimo yotlhe, mmusi wa medimo yotlhe e e kwa legodimong le e e mo lefatsheng.”
Baobamedi ba ga Ishtar ba ne ba mmitsa “Lekgarebane,” “Lekgarebane Le Le Boitshepo,” le “Mmè Lekgarebane.” “Thapelo ya Khutsafalo go Ishtar” ya Ba-Sumer le Ba-Akkad ba bogologolo e bolela jaana: “Ke a go rapela, Wena Mosadi wa basadi, modimo wa medimo ya sesadi. Wena Ishtar, kgosigadi ya batho botlhe. . . . Wena yo o nang le maatla a bomodimo, yo o rwalang serwalo sa bogosi sa puso. . . . Dikereke, mafelo a a boitshepo, mafelo a a itshekileng, le ditempele di a go reetsa. . . . Ke kae koo go ratega ga gago go sa supiweng gone? . . . Nteba wena Mosadi wa me; amogela dithapelo tsa me.”a
Go Obamelwa ga Mmè Modimo wa Sesadi go A Anama
Édouard Dhorme yo o ithutang ka dingwao tsa batho ba Botlhaba o bua ka “go atolosiwa ga kobamelo ya Ishtar.” E ne ya phatlalala le Mesopotamia, mme go ne go obamelwa Ishtar ka boene kana medimo ya sesadi ya maina a a farologaneng mme e tshwana le ene kwa Egepeto, Fonekia, le Kanana, mmogo le kwa Anatolia (Asia Minor), Gerika, le Italy.
Mmè modimo wa sesadi yo mogolo yo a neng a obamelwa kwa Egepeto e ne e le Isis. Raditiragalo H. G. Wells o ne a kwala jaana: “Batho ba bantsi ba ne ba ineetse mo go Isis, mme ba mo neela matshelo a bone. Ditshwantsho tsa gagwe tse di setilweng di ne di le mo tempeleng, a rwesitswe serwalo sa bogosi jaaka Kgosigadi ya Legodimo mme a tshotse losea Horus mo diatleng tsa gagwe. Dikerese di ne di tuka di fokelwa kwa tlase ke phefo fa pele ga gagwe, mme dineo tse di neng di ntshiwa ka ntlha ya ikano tse di dirilweng ka boka di ne di kgwageditswe mo tempeleng.” (The Outline of History) Kobamelo ya ga Isis e ne e itsege thata mo Egepeto. E ne ya anamela mo lefelong lotlhe la Mediterranean, segolobogolo kwa Gerika le kwa Roma, e fitlha le kwa bophirima le kwa bokone jwa Yuropa.
Kwa Fonekia le kwa Kanana, kobamelo ya mmè modimo wa sesadi e ne e lebisitswe thata mo go Ashtoreth, kana Astarte, yoo go neng go bolelwa gore ke mosadi wa ga Baale. Fela jaaka setshwani sa gagwe sa Sebabelona ebong Ishtar, e ne e le modimo wa sesadi wa tsalo mmogo le ntwa. Go ile ga fitlhelwa mekwalo ya bogologolo kwa Egepeto eo mo go yone Astarte a neng a bidiwa mosadi wa legodimo le kgosigadi ya magodimo. Baiseraele ba ne ba tshwanela go lwa le tlhotlheletso e e sa siamang ya kobamelo ya modimo ono wa sesadi wa tsalo.
Go ya kwa bokonebophirima kwa Anatolia, go ne go na le Cybele yo a neng a tshwana le Ishtar yo a neng a itsege jaaka Mmè yo Mogolo wa medimo. O ne a bidiwa gape go twe Motsadi wa Botlhe, Mootli wa Botlhe, Mmaagwe Basegofadiwa botlhe. Kobamelo ya Cybele e ne ya simolola kwa Anatolia ya anamela pele kwa Gerika mme morago kwa Roma, koo e neng ya nna gone go fitlha le mo Motlheng ono wa Rona O O Tlwaelegileng. Kobamelo ya modimo ono wa sesadi wa tsalo e ne e akaretsa mmino wa batho ba ba tlhakatlhakaneng maikutlo le megopolo, baperisiti ba yone ba ne ba itshegaka, ba ba batlang go nna baperesiti ba iphagola, le mekoloko e e kgabisitsweng eo sefikantswe sa modimo ono wa sesadi se neng se tsamaisiwa mo go yone.b
Bagerika ba bogologolo ba ne ba obamela Mmè modimo wa sesadi wa Lefatshe yo a neng a bidiwa Gaea. Mme tempele ya bone ya medimo e ne e na le mefuta ya medimo ya sesadi e e ntseng jaaka Ishtar, e e tshwanang le Aphrodite, modimo wa sesadi wa tsalo le lorato; Athena, modimo wa sesadi wa ntwa; le Demeter, modimo wa sesadi wa temo.
Kwa Roma, Venus e ne e le ene modimo wa sesadi wa lorato, mme ka gone a tshwana fela le Aphrodite wa Bagerika le Ishtar wa Bababelona. Lefa go ntse jalo, Baroma, gape ba ne ba obamela medimo ya sesadi ebong Isis, Cybele, le Minerva (Athena wa Bagerika), eo yotlhe e neng e tshwana ka tsela nngwe le oo e neng e le one wa ntlhantlha wa Bababelona ebong Ishtar.
Ka phepafalo fela, kobamelo ya mmè modimo wa sesadi e ne e nonofile tota kgatlhanong le kobamelo e e itshekileng ya Mmopi yo mogolo, Jehofa, ka diketekete tsa dingwaga. A kobamelo ya mmè modimo wa sesadi yo mogolo e ile ya swa? Kana e ile ya nna ya tswelela le go fitlha gompieno? Tsweetswee bala go ya kwa pele.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ancient Near Eastern Texts, e e kwadilweng ke James B. Pritchard, Princeton University Press, ditsebe 383-4.
b Modimo o mongwe wa sesadi wa tsalo o o neng o obamelwa kwa Asia Minor e ne e le Artemis wa Baefesia, yo go tlilweng go tlotliwa ka ene mo setlhogong se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
ISHTAR wa Babelona a dirilwe jaaka naledi
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of The British Museum
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
ISIS wa Egepeto o tshotse modimo wa losea Horus
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of The British Museum