Kgaolo 3
Mogolagang wa Dilo Tse Di Tshwanang mo Ditlhamaneng
1-3. (a) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tlhatlhoba ditlhamane? (b) Re tlile go bua kaga eng mo kgaolong eno?
KE KA NTLHAYANG fa re sekaseka ditlhamane? A ga se dikinane fela tsa bogologolo? Lemororo go ka tswa go le boammaaruri gore bontsi jwa tsone ke ditlhamane, tse dingwe ke tsa boammaaruri. Tsaya ka sekai ditlhamane le dikinane tseo di fitlhelwang mo lefatsheng ka bophara tseo di thailweng mo polelong ya Morwalela wa lefatshe, eo Bibela e bolelang kaga one.
2 Lebaka la go bo re sekaseka ditlhamane ke ka gonne ke motheo wa ditumelo le dingwaokobamelo tseo di fitlhelwang mo ditumelong gompieno. Ka sekai, go dumela mo go sa sweng ga moya go ka bonwa fa go simologile kwa ditlhamaneng tsa Asiria le Babelona ga fitlha mo go tsa Egepeto, Gerika, le ditlhamane tsa Baroma go fetela mo go Labodumedi, koo e leng tumelo e kgolo ya thutobomodimo. Ditlhamane ke bosupi jwa gore batho ba bogologolo ba ne ba batla medimo, mmogo le seo botshelo bo se kayang. Mo kgaolong eno re tlile go bua ka bokhutshwane kaga dingwe tsa dikgang tse di tlwaelesegileng tseo di tswang mo ditlhamaneng tsa ditsela tsa botshelo tse dikgolo mo lefatsheng lotlhe. Jaaka re tlhatlhoba ditlhamane tseno, re tla lemoga kafa popo, Morwalela, medimo ya maaka le medingwana, go sa sweng ga moya, le kobamelo ya letsatsi di nnang di tlhagelela gangwe le gape jaaka megolagang ya dilo tse di tshwanang mo tlhakantshukeng ya ditlhamane. Mme ke ka ntlhayang fa go tshwanetse ga nna jalo?
3 Gantsi go na le modi wa selo se se neng sa diragala ka boammaaruri, motho, kana tiragalo eo moragonyana e neng ya tlotlomadiwa go feta selekanyo kana ya sokamisiwa go tlhama tlhamane nngwe. Sengwe sa dilo tseno tse di neng tsa diragala ka boammaaruri ke rekoto ya Bibela kaga popo.a
Boammaaruri le Dikinane Kaga Popo
4, 5. Dingwe tsa ditumelo tsa ditlhamane tsa Segerika e ne e le dife?
4 Ditlhamane tsa popo di dintsi fela thata, mme ga go na epe ya tsone eo e utlwalang sentle tota jaaka rekoto ya Bibela kaga popo. (Genesise, dikgaolo 1, 2) Ka sekai, polelo e e bolelwang ke tlhamane ya Segerika e utlwala e le ya dinyana fela. Mogerika wa ntlha go kwala ditlhamane tsa gagwe ka tsela e e rulaganyeng sentle e ne e le Hesiod, yo o neng a kwala buka ya gagwe Theogony mo lekgolong la borobabobedi la dingwaga B.C.E. O tlhalosa kafa medimo le lefatshe di neng tsa simologa ka gone. O simolola ka Gaea, kana Gaia (Lefatshe), yo o neng a tshola Uranus (Legodimo). Se se latelang se tlhalosiwa ke mokanoki Jasper Griffin mo go The Oxford History of the Classical World:
5 “Hesiod o bolela ka polelo nngwe, eo e itsiweng ke Homer, ya go latelelana ga medimo ya loapi. Lantlha Uranus e ne e le ene yo mogolo, lefa go ntse jalo o ne a gatelela bana ba gagwe, mme Gaia o ne a kgothaletsa morwawe Cronos go mo fagola. Morago ga moo Cronos o ne a kometsa bana ba e leng ba gagwe, go fitlhela mosadi wa gagwe Rhea a mo naya leje gore a je lone go na le go ja Zeus; ngwana yono Zeus o ne a godisediwa kwa Kereta, a pateletsa rraagwe go tlhatsa bana ba bangwe ba ga mmaagwe, mme ene le bone le bathusi ba bangwe ba ne ba fenya Cronos le Titans wa gagwe mme ba ba latlhela mo Tartarus.”
6. Go ya ka Jasper Griffin, ditlhamane tse dintsi tsa Segerika di ka tswa di simologile kae?
6 Bagerika ba ne ba tsaya kae tlhamane e e gakgamatsang eno? Ene mokwadi yoo o araba ka go re: “Go lebega e simologile lantlha kwa Sumer. Mo dipolelong tseno tsa botlhaba re bona tatelano ya medimo, le ditshwantsho tsa go fagola, go kometsa, le leje di bonala ka ditsela tseo, lemororo di sa tshwane, di bontshang gore go tshwana ga tsone le tsa ga Hesiod ga se go welana ga ditiragalo fela.” Re tshwanetse go dumela gore ditlhamane tse dintsi tseo di bonalang mo ditseleng tse dingwe tsa botshelo di simologile kwa Mesopotamia wa bogologolo le Babelona.
7. (a) Ke ka ntlhayang fa go se motlhofo go bona tshedimosetso kaga ditlhamane tsa bogologolo tsa Se-China? (b) Tlhamane nngwe ya Se-China e tlhalosa jang go bopiwa ga lefatshe le motho? (Bapisa Genesise 1:27; 2:7.)
7 Gantsi ga go motlhofo go tlhalosa tlhamane ya bogologolo ya bodumedi jwa setso sa Ba-China, ereka direkoto tse dintsi tse di kwadilweng di ne tsa senngwa mo dingwageng tsa 213-191 B.C.E.b Lefa go ntse jalo, ditlhamane tse dingwe di ile tsa sala, tse di tshwanang le eo e tlhalosang kafa lefatshe le neng la bopiwa ka gone. Moporofesa mongwe wa botaki jwa Botlhaba, ebong Anthony Christie, o kwala jaana: “Re utlwa go twe Chaos o ne a tshwana le lee la koko. Legodimo lefa e le Lefatshe di ne di seyo. Mo leeng leo go ne ga tsholwa P’an-ku, fa Lefatshe lone le ne la dirwa ka ditogwa tsa lone tse di bokete mme Legodimo lone la dirwa ka ditogwa tsa lone tse di motlhofo. P’an-ku o tshwantshiwa jaaka lemponyemponye, leo le apereng letlalo la bera kana kobo ya matlhare. Mo dingwageng tse 18 000 sekgala se se fa gare ga Lefatshe le Legodimo se ne sa nna sa oketsega [ka dimetara tse tharo] letsatsi le letsatsi, mme P’an-ku o ne a gola ka selekanyo se se tshwanang mo e leng gore mmele wa gagwe o ne wa tlala mo sebakeng seo. Fa a ne a tlhokafala, dikarolo tse di farologaneng tsa mmele wa gagwe di ne tsa nna dilo tse di farologaneng tsa tlholego. . . . Matsetse a mmele wa gagwe e ne ya nna lotso lwa motho.”
8. Go ya ka ditlhamane tsa Ba-Inca, go diregile jang gore go nne le dipuo?
8 Kwa South America go na le leinane la Ba-Inca le le tlhalosang ka mmopi yo kafa ditlhamaneng a neng a neela morafe mongwe le mongwe puo. “O ne a neela morafe mongwe le mongwe puo eo ba neng ba ka buisana ka yone . . . O ne a naya mongwe le mongwe botshelo le moya mmogo le banna le basadi mme a laolela morafe mongwe le mongwe gore o nwele kafa tlase ga lefatshe. Go tswa foo morafe mongwe le mongwe o ne wa tsena kafa tlase ga lefatshe mme wa tlhatloga o le mo mafelong ao a neng a ba abela one.” (The Fables and Rites of the Yncas, eo e kwadilweng ke Cristóbal de Molina wa Cuzco, eo e tsopotsweng mo go South American Mythology) Mo ntlheng eno go lebega gore polelo ya Bibela kaga go tlhakatlhakanngwa ga dipuo kwa Babela ke yone modi wa tiragalo ya boammaaruri wa tlhamane eno ya Ba-Inca. (Genesise 11:1-9) Mme jaanong a re lebiseng tlhokomelo ya rona mo Morwaleleng o o tlhalosiwang mo Bibeleng mo go Genesise 7:17-24.
Morwalela—A ke Tiragalo ya Boammaaruri Kana ke Tlhamane Fela?
9. (a) Bibela e re bolelela eng kaga maemo ao a neng a le gone mo lefatsheng pele ga Morwalela? (b) Ke eng seo Noa le balelapa la gagwe ba neng ba tshwanelwa ke go se dira e le gore ba tle ba bolokwe mo Morwaleleng oo?
9 Fa Bibela e re busetsa kwa morago dingwaga di le 4 500 tse di fetileng, mo e ka nnang ka 2 500 B.C.E., e re bolelela gore barwa ba semoya ba Modimo ba ne ba tsuologa ka go iphetola batho mme “ba tsaea basadi.” Go tshola bana mmogo mono ga bone mo e seng ga tlholego go ne ga tlhagisa Banifilimo ba ba thubakanyang, “diganka tsa metlha ea bogologolo, banna ba ba itsegeñ.” Boitshwaro jwa bone jwa go sa laolesegeng bo ne jwa ama lefatshe la pele ga Morwalela go ya bokgakaleng joo Jehofa a neng a re: “Ke tla senya motho eo ke mo dihileñ ke mo tlosa mo lehatshiñ, . . . gonne kea ikwatlhaea ka go bo ke [mo] dihile. Me Noa èna a bōna go selwa ke Yehofa sehatlhōgō.” Go tswa foo polelo e tswelela e bolela ka dikgato tse di tlhamaletseng le tse di kgonegang tseo Noa a neng a simolola go di tsaya go ipoloka, mmogo le balelapa la gagwe le diphologolo tse di farologaneng, go iphalotsa Morwalela.—Genesise 6:1-8, 13–8:22; 1 Petere 3:19, 20; 2 Petere 2:4; Yude 6.
10. Ke ka ntlhayang fa polelo ya Bibela kaga Morwalela e sa tshwanela go tsewa jaaka tlhamane?
10 Rekoto ya ditiragalo tsa pele ga Morwalela eo e anelwang mo go Genesise e bolelwa fa e le tlhamane ke batshwayadiphoso bangwe ba segompieno. Lefa go le jalo, hisitori ya ga Noa e ne ya amogelwa ebile e dumelwa ke banna ba tumelo, ba ba tshwanang le Isaia, Esekiele, Jesu Keresete, le bomoaposetoloi Petere le Paulo. Gape e tshegediwa ke lebaka la go bo e umakiwa mo ditlhamaneng di le dintsi mo lefatsheng ka bophara, go akaretsa le Sekaleboko la ga Gilgamesh ya bogologolo mmogo le ditlhamane tsa China le tsa Ba-Aztec, Ba-Inca, le Ba-Maya. Re akantse ka pego ya Bibela, jaanong a re akanyetseng tlhamane ya Asiria le Babelona le kafa e lebisang ka gone mo morwaleleng.c—Isaia 54:9; Esekiele 14:20; Mathaio 24:37; Bahebera 11:7.
Morwalela le Monnasekamodimo Gilgamesh
11. Kitso ya rona kaga Sekaleboko la ga Gilgamesh e thailwe mo go eng?
11 Fa re boela kwa morago mo hisitoring dingwaga gongwe di ka nna 4 000, re kopana le tlhamane e e itsegeng thata ya Seakadia e e bidiwang Sekaleboko la ga Gilgamesh. Re kgonne go itse kaga seno fela ka baka la mokwalo wa dimapo o o neng o tswa kwa laeboraring ya Ashurbanipal, yo o neng a busa ka 668-627 B.C.E., kwa Ninife wa bogologolo. Mokwalo oo ke wa bogologolo jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., lemororo polelo eo yone e le ya bogologolo le e leng go feta foo.
12. Gilgamesh e ne e le mang, mme ke ka ntlhayang fa a ne a sa ratiwe ke batho ba le bantsi? (Bapisa Genesise 6:1, 2.)
12 Ke polelo kaga ditiro tsa bogaka tsa ga Gilgamesh, yo go tlhalosiwang fa peditharong ya karolo ya mmele wa gagwe e ne e le modimo mme nngwetharong e le motho, kana modingwana. Temana nngwe ya polelo eo ya sekaleboko e tlhalosa jaana: “Mo Uruk o ne a aga dipota, lorako lo logolo lwa phemelo, le tempele ya ga Eanna yo o segofaditsweng a e agela modimo wa magodimo Anu, le modimo wa sesadi wa lorato ebong Ishtar . . . , mohumagadi wa rona wa lorato le wa ntwa.” (Bona lebokoso, tsebe 45, e go tlhomagantsweng medimo le medimo ya sesadi ya Asiria le Babelona mo go yone.) Lefa go ntse jalo, Gilgamesh e ne e se sebopiwa se se itumedisang go nna le sone. Baagi ba Uruk ba ne ba ngongorega mo medimong ya bone jaana: “Ka baka la bopelotshetlha jwa gagwe o amoga makau makgarebane a bone, lefa e ka tswa e le morwadia seganka kana mosadi wa motlotlegi.”
13. (a) Ke kgato efe eo medimo e neng ya e tsaya, mme Gilgamesh ene o ne a dira eng? (b) Utnapishtim e ne e le mang?
13 Badimo bone ba ne ba tsaya kgato efe fa ba arabela ngongorego ya batho? Modimo wa sesadi Aruru o ne a bopa Enkidu gore a nne motho yo o neng a tla lwa le Gilgamesh. Lefa go ntse jalo, go na le gore ba nne baba, ba ne ba nna ditsala tse dikgolo. Fa polelo eo ya sekaleboko e ntse e tswelela, Enkidu o ne a tlhokafala. Gilgamesh ka go itlhoboga, o ne a lela a re: “Fa ke tlhokafala, a ga ke na go nna jaaka Enkidu? Tatlhego e mo mpeng ya me. Ka go bo ke tshaba loso, ke kgarakgatshega mo lobaleng.” O ne a batla sephiri sa go sa sweng mme a emelela go ya go batla Utnapishtim, mofalodi wa morwalela yoo a neng a filwe bosasweng ke badimo.
14. (a) Ke eng seo Utnapishtim a neng a bolelelwa gore a se dire? (Bapisa Genesise 6:13-16.) (b) Loeto lwa bogaka lwa ga Gilgamesh le ne la felela jang?
14 Kgabagare Gilgamesh o bona Utnapishtim, yo o mmolelelang polelo kaga morwalela. Jaaka go kwadilwe mo sematlaneng sa XI sa Sekaleboko, seo se itsegeng jaaka Sematlana sa Morwalela, Utnapishtim o mmolelela ditaolo jaaka a di neilwe malebana le morwalela: “Rutlolola ntlo (eno), aga sekepe! Aba dithoto tsa gago, o ipatlele botshelo. . . . Pega losika lwa dilo tsotlhe tse di tshelang mo sekepeng seo.” A seno ga se utlwale ka tsela nngwe se tshwana le seo Bibela e buang ka sone kaga Noa le Morwalela? Mme Utnapishtim ga a kgone go naya Gilgamesh bosasweng. Ka go bo a swabile, Gilgamesh o boela gae kwa Uruk. Polelo eo e felela e bolela ka loso lwa gagwe. Molaetsa ka kakaretso wa polelo eo ya sekaleboko ke bohutsana le go tlhakanatlhogo tseo di bakiwang ke loso le seo se diragalang morago ga foo. Batho bao ba bogologolo ba ne ba seka ba bona Modimo wa boammaaruri le tsholofelo. Lefa go ntse jalo, go bonala ka phepafalo fa polelo eo ya sekaleboko le polelo e e sa raraanang ya Bibela kaga motlha wa pele ga Morwalela go bonala ka phepafalo di tshwana. Jaanong a re lebeng mo dipolelong tse dingwe kaga Morwalela tseo di bolelwang mo dikinaneng tse dingwe.
Dikinane tsa Morwalela mo Ditseleng Tse Dingwe tsa Botshelo
15. Ke ka ntlhayang fa kinane ya morwalela ya Sumer e le e re ratang go e tlhatlhoba?
15 Tlhamane e ebileng e le ya bogologolo go feta polelo ya Sekaleboko la ga Gilgamesh ke tlhamane ya Sumer eo e tlhalosang kaga “Ziusudra, yo o tshwantshiwang le Noa wa Bibela, yo o tlhalosiwang jaaka kgosi e e ineetseng mo tumelong e e boifang Modimo, yo ka metlha a neng a batla go itse se Modimo o tla se mo senolelang mo ditorong kana ka mafoko kana dipinanyana tsa maselamose.” (Ancient Near Eastern Texts Relating to the Old Testament) Go ya ka yone buka eno, tlhamane eno “e bolela kgang e e tsamaisanang thata e ebileng e tshwana ka mo go kgatlhisang le ya Bibela eo e iseng e bonwe mo dibukeng tsa Se-Sumer.” Ditlhabololo tsa Babelona le Asiria, tseo di neng tsa tla moragonyana, di ne tsa tlhotlhelediwa ke tsa Sumer.
16. Dikinane tsa morwalela tsa Se-China di ka tswa di simologile kae?
16 Buka China—A History in Art e re bolelela gore mongwe wa babusi ba bogologolo ba China e ne e le Yü, “yo e neng e le mofenyi wa Morwalela o Mogolo. Yü o ne a lebisa metsi a morwalela kwa dinokeng le mawatleng gore batho ba gagwe ba boele ba nne mo lefatsheng.” Motlhalefedi wa ditlhamane Joseph Campbell o ne a kwala kaga “Motlha wa Bagaka ba ba Lesome,” mo China, ka go re: “Go ne ga busa babusibagolo ba le lesome mo motlheng ono wa botlhokwa, o o neng wa felela ka Morwalela, go ya ka ditlhamane tsa pele tsa motlha wa ga Chou. Ka gone, go lebega gore se re se bonang fano e ka nna ya tswa e le tatelano e e kwadilweng ka go sele e e tserweng mo lenaaneng la dikgosi tsa Sumer wa bogologolo.” Go tswa foo Campbell o tsopola dintlha tse dingwe tsa mainane a Se-China tseo di bonalang di “tiisa lebaka la gore di simologile kwa Mesopotamia.” Seo se re busetsa kwa motsweding o le mongwe fela wa ditlhamane tse dintsi. Lefa go ntse jalo, polelo ya Morwalela e bonala gape le mo Dinageng tse di Kopaneng tsa Amerika, bogolo jang mo Mexico mo motlheng wa Ba-Aztec ba lekgolo la bo 15 le la bo 16 la dingwaga C.E.
17. Ba-Aztec ba ne ba na le dikinane dife kaga morwalela?
17 Tlhamane ya Ba-Aztec e bolela ka metlha e menè e e fetileng, eo mo go ya ntlha ya yone lefatshe le neng le tletse ka diganka. (Seno ke selo se sengwe gape seo se re gakololang ka Banifilimo, e leng diganka tseo go buiwang ka tsone mo Bibeleng mo go Genesise 6:4.) E ne e akaretsa leinane la bogologolo la morwalela oo mo go one “metsi a a kafa tlase a neng a kopana le a a fa godimo, mme a khurumetsa sengwe le sengwe a bo a dira gore lobopo e nne namane e tona ya lewatle leo go senang kwa le felelang gone.” Modimo o o neng o laola pula le metsi e ne e le Tlaloc. Lefa go ntse jalo, pula ya gagwe e ne e sa bonwe mahala fela mme e ne e bonwa “morago ga go sena go ntshiwa setlhabelo sa madi a batho ba ba bolailweng bao dikeledi tsa bone di neng di elela jaaka pula mme ka go rialo di dire gore pula e ne.” (Mythology—An Illustrated Encyclopedia) Leinane le lengwe le tlhalosa gore mo motlheng wa bonè go ne go busa Chalchiuhtlicue, e leng modimo wa sesadi wa metsi, yoo lobopo lwa gagwe lo neng lwa nyelediwa ke morwalela. Batho ba ne ba bolokwa ke go fetoga ditlhapi!
18. Ke dipolelo dife tseo di itsegeng thata mo ditlhamaneng tsa South America? (Bapisa Genesise 6:7, 8; 2 Petere 2:5.)
18 Ka mo go tshwanang, Ba-Inca le bone ba ne ba na le dikinane tsa bone kaga Morwalela. Mokwadi wa Boritane ebong Harold Osborne o tlhalosa jaana: “Gongwe dilo dingwe tsa tlhamane eo e fitlhelwang gongwe le gongwe mo South America ke dipolelo kaga morwalela . . . Ditlhamane tsa morwalela di aname mo bathong ba ba nnang mo mafatsheng a a kwa godimo le mo ditsong tsa batho ba ba nnang mo mafatsheng a a kwa tlase a boboatsatsi. Gantsi morwalela o tsamaisana le popo le go bonala ga modimommopi. . . . Fa gongwe go tsewa gore e ne e le kotlhao e e tswang kwa Modimong a nyeletsa batho bao ba neng ba le gone a baakanyetsa gore go tlhage losika lo losha lwa batho.”
19. Tlhalosa kinane ya morwalela ya Ba-Maya.
19 Ka go tshwana, leinane la Morwalela la Ba-Maya ba Mexico le ba Central America le bolela fa morwalela oo o ne wa kopanyeletsa lobopo lotlhe, kana haiyococab, seo se rayang “metsi a a mo godimo ga lefatshe.” Mobishopo wa Katoliki ebong Las Casas o ne a kwala gore Ba-India ba Guatemala “ba ne ba o bitsa Butic, seo e leng lefoko le le rayang morwalela wa metsi a mantsi, mme ebile le raya katlholo ya bofelo, mme ka gone ba dumela gore Butic e nngwe e tloga e tla, seo e leng morwalela o mongwe le katlholo, e seng ya metsi, mme e le ya molelo.” Go na le dikinane di le dintsi kaga morwalela go dikologa lefatshe, mme di sekae tse di setseng di tsopotswe di tlhomamisa motswedi wa leinane leno, e leng tiragalo e e sa lebalesegeng eo e bolelwang mo bukeng ya Genesise.
Tumelo e e Anameng ya go sa Sweng ga Moya
20. Tumelo ya Baasiria le Bababelona malebana le botshelo jwa morago ga loso e ne e le efe?
20 Lefa go ntse jalo, ga se ditlhamane tsotlhe tseo di thaegileng mo ditiragalong tsa boammaaruri kana mo Bibeleng. Mo matsapeng a motho a a tsereng go batla Modimo, o ile a tshwara lephoro, a tsiediwa ke maaka a gore moya ga o swe. Jaaka re tla bona mo bukeng eno yotlhe, tumelo ya gore moya ga o swe kana sebapi sa yone ke selo sa bogologolo seo re nnileng ra nna ra se utlwa mo diketeketeng tsa dingwaga. Batho ba ba neng ba le gone mo tseleng ya botshelo ya bogologolo ya Baasiria le Bababelona ba ne ba dumela gore motho o nna a tshela morago ga loso. New Larousse Encyclopedia of Mythology e tlhalosa jaana: “Kafa tlase ga lefatshe, go pota ka kwa ga bodiba jwa ga Apsu [koo go tletseng metsi a mantle ao a dikologileng lefatshe gone], go na le lefelo leo baswi ba nnang mo go lone la dihele leo batho ba fologelang kwa go lone morago ga loso. E ne e le ‘Lefatshe la go sa boe’ . . . Mo mafelong ano ao go nang le lefifi le le kwenneng go nna meya ya baswi—edimmu—‘eo fela jaaka dinonyane e apereng diaparo tseo di nang le diphuka’ ebile e tlhakatlhakanye mmogo.” Go ya ka tlhamane eno, lefatshe leno le le kafa tlase ga metsi le ne le busiwa ke modimo wa sesadi Ereshkigal, “eleng Mohumagatsana wa lefatshe le legolo.”
21. Go ya ka tumelo ya Baegepeto, baswi ba ne ba diragalelwa ke eng?
21 Baegepeto le bone ba ne ba na le tumelo ya bone kaga go sa sweng ga moya. Pele ga moya o ka fitlha kwa legodimong leo go leng boitumelo kwa go lone, o ne o tshwanela go lekanngwa fa go Maat, ebong modimo wa sesadi wa boammaaruri le tshiamiso, o o neng o tshwantshediwa ke lefofa la boammaaruri. Anubis, e leng modimo wa tlhogo ya phokoje, kana Horus, wa segodi, o ne a thusa mo tirong eno. Fa o ne o amogelwa ke Osiris, moya oo o ne o tla ya go itumelela botshelo jo bo itumedisang le medimo. (Bona setshwantsho, tsebe 50.) Jaaka gantsi go ntse, fano re fitlhela mogolagang o le mongwe fela wa tumelo e e tshwanang ya go sa sweng ga moya ya Bababelona e e leng yone motheo wa ditumelo tsa batho, matshelo, le ditiro.
22. Tumelo ya Ba-China kaga baswi e ne e le efe, mme ke eng seo se neng se dirwa go ba thusa?
22 Tlhamane ya bogologolo ya Se-China e ne e akaretsa tumelo ya gore motho o tswelela a ntse a tshela morago ga loso le gore go tlhokega gore borraarona mogologolwane ba nne ba itumedisiwe. “Go ne go dumelwa gore [bagologolwane] e ne e le meya e e tshelang e e maatla, botlhe e le bao ba neng ba tshwenyegile fela thata kaga go tshela sentle ga ditlogolwana tsa bone tse di tshelang, mme ba ka kgona go gakala mo ba ka otlhayang batho fa ba ka itumololwa.” Baswi ba ne ba tshwanetse go thusiwa ka ditsela tsotlhe, go akaretsa le go neelwa batho ba ba ka ba patang mo losong. Ka gone, “dikgosi dingwe tsa Shang . . . di ne di fitlhwa le batho ba ba bolailweng ba ka nna lekgolo go ya go makgolo a mararo, bao ba neng ba tla ya go nna badiredi ba gagwe mo lefatsheng leo a neng a ya go tshela kwa go lone. (Tlwaelo eno e dira gore China wa bogologolo a tshwane le Egepeto, Afrika, Japane, le mafelo a mangwe, koo go neng go dirwa ditlhabelo tse di tshwanang gone.)” (Man’s Religions, ya ga John B. Noss) Mo dikgannyeng tseno, go dumela ga motho mo go sa sweng ga moya go ne ga dira gore ba ntshe ditlhabelo tsa batho.—Bapisa seno le Moreri 9:5, 10; Isaia 38:18, 19.
23. (a) Mo ditlhamaneng tsa Segerika, Hades e ne e le mang ebile e ne e le eng? (b) Hades ke eng go ya ka Bibela?
23 Bagerika, bao ba neng ba dumela mo medimong e mentsi mo ditlhamaneng tsa bone, le bone ba ne ba amega kaga baswi le koo ba neng ba tla ya gone. Go ya ka ditlhamane tsa bone, yo o neng a tlhomilwe go busa mo lefelong leo la lefifi le le kwenneng e ne e le morwa Cronus le morwarra badimo Zeus le Poseidon. Leina la gagwe e ne e le Hades, mme lefelo leo a neng a busa mo go lone le ne le reeletswe ka ene. Meya ya baswi e ne e fitlha jang kwa Hades?d
24. (a) Go ya ka ditlhamane tsa Segerika, ke eng seo se neng sa diragala kafa tlase ga lefatshe? (b) Sekaleboko la ga Gilgamesh le ditlhamane tsa Segerika di ne di tshwana ka tsela efe?
24 Mokwadi Ellen Switzer o tlhalosa jaana: “Go ne go na le . . . ditshedi tse di tshosang kafa tlase ga lefatshe. Go ne go na le Charon, yo o neng a tsamaisa mokorwana o o neng o tsamaisa bao ba neng ba sa tswa go tlhokafala go tswa kwa lefatsheng la batho ba ba tshelang go ya kwa lefatsheng le le kafa tlase. Charon o ne a batla go duelelwa tiro ya gagwe ya go tsamaisa mokorwana [go kgabaganya noka Styx], mme gantsi Bagerika ba ne ba fitlha baswi ba bone ba tsentse ledi lengwe kafa tlase ga loleme go tlhomamisa gore ba na le madi a a lekaneng a sepalamo. Meya ya baswi bao ba se kileng ba kgona go duela e ne e bewa kafa lefelong le le sa siamang la noka, mo lefatsheng leo le tshwanang le le le senang mong, mme e ne e ka nna ya boa go tla go bogisa batshedi.”e
25. Ke bomang ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke go akanya ga Segerika malebana le moya?
25 Tlhamane ya Segerika kaga moya e ne ya ba ya tlhotlheletsa tumelo ya Roma, mme boramatlhale ba Bagerika, ba ba tshwanang le Plato (yo o neng a tshela mo e ka nnang 427-347 B.C.E.) ba ne ba tlhotlheletsa thata Bakeresete ba ntlha bao ba neng ba akanya jaaka batenegi bao ba neng ba amogela thuto ya go sa sweng ga moya mo dithutong tsa bone tsa motheo, lemororo e ne e sa thaega mo Bibeleng.
26, 27. Ba-Aztec, Ba-Inca le Ba-Maya ba ne ba leba loso jang?
26 Ba-Aztec, Ba-Inca, Ba-Maya le bone ba ne ba dumela mo go sa sweng ga moya. Loso mo go bone e ne e le masaitsiweng fela jaaka go ne go ntse mo bathong ba bangwe. Ba ne ba dira gore meletlo ya bone le ditumelo tsa bone di ba thuse go itlwaelanya le lone. Jaaka raditiragalo wa mofatolodi Victor W. von Hagen a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya The Ancient Sun Kingdoms of the Americas: “Baswi tota ba ne ba tshela: ba ne ba dule fela mo lefelong le lengwe ba ile kwa go le lengwe; ba ne ba sa bonale, ba sa kake ba tshwarwa, ba sa kake ba gobadiwa. Baswi . . . ba ne ba fetogile maloko a a sa bonaleng a morafe.”—Bapisa seno le Baatlhodi 16:30; Esekiele 18:4, 20.
27 Yone buka eo e re bolelela gore “[Mo-Inca] Moindia o ne a dumela mo bosasweng; ebile tota o ne a dumela gore motho o ne a seke a swa, . . . gore mmele wa moswi o ne o fetoga motshedi fela mme o bo o dirisa ditlhotlheletso tsa maatla a a sa bonaleng.” Ba-Maya le bone ba ne ba dumela mo moyeng le mo magodimong a a 13 le mo diheleng tse 9. Ka gone, gongwe le gongwe kwa re lebang gone, batho ba ile ba batla go ganetsa gore ke boammaaruri go na le loso, mme ba ile ba itshwarelela ka go sa sweng ga moya.—Isaia 38:18; Ditihō 3:23.
28. Ditumelo dingwe tseo di nnileng tsa nna gone mo Afrika ke dife?
28 Ditlhamane tsa Seafrika ka go tshwana le tsone di umaka gore moya o tswelela o ntse o tshela morago ga loso. Baafrika ba le bantsi ba tshelela mo go boifeng meya ya baswi. New Larousse Encyclopedia of Mythology e tlhalosa jaana: “Tumelo eno e tsamaisana le e nngwe—gore moya o tswelela o ntse o tshela morago ga loso. Boramaselamose ba kgona go bitsa meya go ba naya maatla a bone. Gantsi meya ya baswi e kgona go fetela mo mebeleng ya diphologolo, kana e ka nna ya ba ya tsena le mo dijalong.” Ka baka leo, Mazulu ga ba ke ba bolaya dinoga tseo ba dumelang gore ke meya ya bamasika a bone.
29. Tlhalosa dikinane tsa ditso dingwe tsa borwa jwa Afrika. (Bapisa Genesise 2:15-17; 3:1-5.)
29 Bamasai ba borwabotlhaba jwa Afrika ba dumela mo mmoping yo o bidiwang ’Ng ai, yo o nayang Momasai mongwe le mongwe motlhokomedi wa moengele go mo sireletsa. Fa motho aa swa, moengele yono o tsaya moya wa motlhabani yoo o o isa kwa botshelong jo bo latelang. Larousse e go tsopotsweng mo go yone pelenyana e bolela ka leinane la Mazulu kaga loso le le buang ka monna wa ntlha, ebong uNkulunkulu, yoo go ya ka tlhamane eno a neng a ile a fetoga mogodimodimo. O ne a romela lebodu go ya go bolelela batho gore, “Batho ga ba kitla ba swa!” Lebodu leno le ne la nna bonya mme la iteega tsebe mo tseleng. Jalo uNkulunkulu a romela molaetsa o sele ka kgatlampane, a re, “Batho ba tla swa!” Kgatlampane e ne ya goroga koo pele, “mme fa e sale nako eo ga go na motho ope yo o kileng a tlhoka go swa.” Lefa go na le go sa tshwane fale le fale, leinane leno le fitlhelwa gareng ga merafe ya Batswana, Basotho, le Baronga.
30. Mo bukeng eno ke eng seo re tla se bonang gape malebana le moya?
30 Jaaka re tswelela ka go ithuta kaga matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo, re tla bona gape kafa tlhamane ya go sa sweng ga moya e ileng ya nna botlhokwa ka gone mme e bileng e santse e le botlhokwa mo bathong.
Kobamelo ya Letsatsi le Ditlhabelo tsa Batho
31. (a) Baegepeto ba ne ba dumela eng kaga modimo wa letsatsi ebong Ra? (b) Seo se thulana jang le se Bibela e se bolelang? (Pesalema 19:4-6)
31 Tlhamane ya Egepeto e bua gape ka setlhopha sa medimo le medimo ya sesadi e mentsi. Fela jaaka mo merafeng e mengwe e mentsi ya bogologolo, fa Baegepeto ba ne ba tsaya matsapa a go batla Modimo, ba ne ba felela ba obamela selo seo se ba nayang botshelo jwa letsatsi le letsatsi—eleng letsatsi. Ka gone ba ne ba obamela morena yo mogolo wa loapi, ba mo reile leina ba re ke Ra (Amon-Ra) yo letsatsi le letsatsi a neng a palama mokoro wa gagwe a tswa kwa botlhaba a ya kwa bophirima. Fa go ne go nna bosigo, o ne a tsaya tsela e e diphatsa a tsamaya kafa tlase ga lefatshe.
32. Tlhalosa mongwe wa meletlo eo e neng e ketekelwa modimo wa molelo Xiuhtecutli (Huehueteotl).
32 Go ntshiwa ditlhabelo ga batho e ne e le selo se se tlwaelegileng mo kobamelong ya letsatsi ya ditumelo tsa Ba-Aztec, Ba-Inca, le Ba-Maya. Ba-Aztec ba ne ba keteka meletlo ya bodumedi eo e neng e ketekiwa nako le nako ba isetsa medimo ya bone e e farologaneng ditlhabelo tsa batho, segolobogolo mo kobamelong ya bone ya modimo wa letsatsi ebong Tezcatlipoca. Gape, mo moletlong wa modimo wa molelo Xiuhtecutli (Huehueteotl), “magolegwa a ntwa a ne a bina le batshwari ba bone mme . . . ba latlhelwe mo kgabong e kgolo ya molelo mme go tswa foo ba bo ba latlhelwa mo magaleng, ba ogolwe ba santse ba tshela e le gore dipelo tsa bone tse di santseng di itaya di tle di ntshiwe mme di neelwe badimo.”—The Ancient Sun Kingdoms of the Americas.
33. (a) Kobamelo ya Ba-Inca e ne e akaretsa eng? (b) Bibela ya reng kaga ditlhabelo tsa batho? (Bapisa 2 Dikgosi 23:5, 11; Yeremia 32:35; Esekiele 8:16.)
33 Go ya kwa borwa, tumelo ya Ba-Inca e ne e na le ditlhabelo tsa yone le ditlhamane. Mo kobamelong ya bogologolo ya Ba-Inca, bana le diphologolo di ne di neelwa modimo wa letsatsi ebong Inti le Viracocha jaaka ditlhabelo, ebong mmopi.
Medimo le Medimo ya Sesadi ya Ditlhamane
34. Ke bomang bao e neng e le medimo e megolo e meraro ya Egepeto, mme ba ne ba na le diabe dife?
34 Medimo e meraro ya maemo a a kwa godimo ya Egepeto ke ya bo-Isis, yo o leng setshwantsho sa bommè jwa modimo; Osiris, morwarraagwe le monna wa gagwe; le Horus, morwa wa bone, yo gantsi a tshwantshiwang jaaka segodi. Fa gongwe mo ditshwantshong tse di betlilweng tsa Egepeto Isis o tshwantshiwa a anyisa ngwana wa gagwe a ntse ka tsela eo e re gakololang ditshwantsho tse di betlilweng le ditshwantsho tse di takilweng tsa lekgarebane leo le nang le ngwana la Labodumedi, leo le neng la bonala dingwaga tse di fetang dikete tse pedi moragonyana. Morago ga nako monna wa ga Isis, ebong Osiris, o ne a itsege fela thata jaaka modimo wa baswi ka gonne a ne a solofetsa gore meya ya baswi morago ga loso e ne e tla ipelela botshelo jo bo sa feleng.
35. Hathor e ne e le mang, mme moletlo wa gagwe o mogolo wa ngwaga le ngwaga e ne e le ofe?
35 Hathor wa Egepeto e ne e le modimo wa sesadi wa lorato le boipelo, mmino le tantshe. O ne a nna mohumagadi wa baswi, a ba thusa ka lere go tlhatlogela kwa legodimong. Jaaka New Larousse Encyclopedia of Mythology e tlhalosa, o ne a direlwa meletlo e megolo, “o mogolo go e feta yotlhe e le wa Letsatsi la Ngwaga o Mosha, oo e neng e le segopotso sa letsatsi la matsalo a gagwe. Pele ga letsatsi le tlhaba baperesiti ba sesadi ba ne ba lere setshwantsho sa ga Hathor mo patlelong gore se phatsimelwe ke marang a letsatsi fa le tlhaba. Boitumelo jo ba neng ba nna najo bo ne bo tshwana fela le moletlo wa boitlhapediso, mme e re fa letsatsi le phirima ba bo ba opela ba bile ba tagilwe.” A dilo di fetogile mo go kalokalo mo meletlong ya Ngwaga o Mosha morago ga dingwaga tse di diketekete?
36. (a) Seemo sa bodumedi seo Baiseraele ba neng ba le mo go sone mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E. e ne e le sefe? (b) Dipetso tse Some di ne di le botlhokwa ka mo go kgethegileng jang?
36 Baegepeto gape ba ne ba na le medimo le medimo ya sesadi e mentsi ya diphologolo mo ditempeleng tsa bone tsa medimo, e e tshwanang le Apis wa poo, Banaded wa phelefu, Heqt wa segogwane, Hathor wa kgomo, le Sebek wa kwena. (Baroma 1:21-23) Baiseraele ba ne ba iphitlhela mo seemong seno sa bodumedi fa ba ne ba tshwerwe jaaka magolegwa mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E. Go ba golola mo go Farwe yo o tlhogo e thata, Jehofa, Modimo wa Iseraele, o ne a tshwanelwa ke go romela dipetso di le lesome tse di farologaneng kwa Egepeto. (Ekesodo 7:14–12:36) Dipetso tseno di ne tsa isa medimo ya ditlhamane ya Egepeto kwa tlase fela jaaka go ne go rulagantswe.—Bona lebokoso, mo tsebeng 62.
37. (a) Mekgwa mengwe ya medimo ya Roma e ne e le efe? (b) Boitshwaro jwa medimo eo bo ne jwa ama jang balatedi ba yone? (c) Ke boitemogelo bofe joo Paulo le Barenabase ba neng ba nna najo kwa Lusetere?
37 Jaanong a re yeng kwa medimong ya Gerika wa bogologolo le Roma. Roma o ne a tsaya medimo e mentsi go tswa kwa Gerika wa bogologolo mmogo le boitsholo jo bo siameng le jo bo maswe. (Bona mabokoso a a mo ditsebeng 43 go ya go 66.) Ka sekai, Venus le Flora e ne e le diaka tse dikgolo; Bacchus e ne e le letagwa le letlhapelwa; Mercury e ne e le mothubaki yo mogolo; mme Apollo e ne e le mmeteledi wa basadi. Go begwa gore Jupitere, eleng rraagwe medimo, o ne a akafala kana a betelela basadi ba ka nna 59! (A bo seno se re gakolola jang ne baengele bao ba neng ba tsuologa bao ba neng ba nyala basadi pele ga Morwalela!) Ereka baobamedi ba na le go supa boitshwaro jwa medimo ya bone, a ke se se gakgamatsang go bo babusi ba Roma ba ba tshwanang le Tiberio, Nero, le Caligula ba ne ba tshela matshelo a a maswe jaaka baakahadi, bagokahadi, le babolai ba batho.
38. (a) Tlhalosa mofuta wa kobamelo eo e neng e le kwa Roma. (b) Lesole la Roma le ne le tlhotlhelediwa jang ke bodumedi?
38 Baroma ba ne ba tsenya medimo ya dingwao tse dintsi mo bodumeding jwa bone. Ka sekai, ba ne ba obamela Mithras ka botlhaga fela thata, ebong modimo wa lesedi wa Persia, yo o neng a nna modimo wa bone wa letsatsi (bona lebokoso, ditsebe 60-1), le modimo wa sesadi wa Syria Atargatis (Ishtar). Ba ne ba fetola Artemis wa Gerika wa motsumi wa mosadi go nna Diana mme ba itirela modimo wa bone wa setshwani sa ga Isis wa Egepeto. Gape le bone ba ne ba obamela medimo ya sesadi e meraro ya Ba-Celt ya tsalo.—Ditihō 19:23-28.
39. (a) Ke mang yo o neng a busa baperesiti ba Roma? (b) Tlhalosa mongwe wa meletlo ya bodumedi ya Roma.
39 Go tsweledisa dikobamelo tsa bone tsa phatlalatsa tseo ba neng ba di direla mo makgolokgolong a dikago tsa kobamelo le ditempele, ba ne ba na le baperesiti ba ba farologaneng, bao botlhe “ba neng ba laolwa ke Pontifex Maximus [eleng Mopontifi yo Mogolo], yo e neng e le ene moeteledipele wa bodumedi jwa naga eo.” (Atlas of the Roman World) Yone bukaditshwantsho eo e tlhalosa gore mongwe wa meletlo eo ya Roma e ne e le taurobolium, oo mo go one “moobamedi a neng a ema ka dinao mo khuting a bo a tlhapisiwa ka madi a poo eo e neng e ntshediwa setlhabelo mo godimo ga gagwe. Fa a ne a fetsa kobamelo eo ya ngwao o ne a tswa a phepafetse mo a senang selabe sepe.”
A e ne e le Ditlhamane tsa Sekeresete le Dikinane?
40. Bontsi jwa bakanoki ba leba jang ditiragalo tsa Bokeresete jwa pele?
40 Go ya ka batshwayadiphoso bangwe ba motlha wa segompieno, Bokeresete le jone bo na le ditlhamane le dikinane. A mme tota go ntse jalo? Bakanoki ba le bantsi ba tsaya gore go tsholwa ga ga Jesu ke kgarebane, dikgakgamatso tsa gagwe, le tsogo ya gagwe ke ditlhamane fela. Ba bangwe ba bile ba bolela gore ga a ise a ko a nne gone le gore tlhamane ya gagwe ke go tsweledisiwa fela ga tlhamane ya ditlhamane tsa bogologolo le kobamelo ya letsatsi. Ke fela jaaka motlhalefedi wa ditlhamane Joseph Campbell a ne a kwala: “Ka jalo, bakanoki ba le bantsi ba ile ba akantsha gore Johane [Mokolobetsi] lefa e le Jesu ga ba ise ba ko ba nne gone, mme go na le moo go ne go na le modimo wa metsi le modimo wa letsatsi fela.” Mme re tshwanetse go gakologelwa gore bontsi jwa bone bakanoki bano ke balatola-Modimo mme ka gone ba gana gotlhelele go dumela gope mo Modimong.
41, 42. Go na le bosupi bofe jo bo tshegetsang gore Bokeresete jwa pele ke selo seo se ileng sa diragala?
41 Lefa go ntse jalo, pono eno ya go belaela dilo e thulana le bosupi jwa ditiragalo. Ka sekai, raditiragalo wa Mojuda Josephus (c.37-c.100 C.E.) o ne a kwala ka go re: “Mo Bajudeng bangwe go bolawa ga masole a ga Herode go ne go lebega e le go ipusolosetsa ga Modimo, mme ebile e le ipusolosetso e e siameng ka go bo a ne a seka a tshwara Johane, yo leina le lengwe la gagwe e neng e le Mokolobetsi sentle. Ka gonne Herode o ne a ile a mmolaya, lemororo e ne e le monna yo o molemo.”—Mareko 1:14; 6:14-29.
42 Ene raditiragalo yono gape o supa gore ditiragalo di supa gore Jesu Keresete o ile a nna gone, fa a ne a kwala ka gore go ne ga tsoga “motho mongwe go twe Jesu, monna yo o botlhale, fa e le gore tota o ka bidiwa monna . . . yo barutwa ba gagwe ba neng ba mmitsa morwa Modimo.” O tswelela ka go bolela gore “Pilatwe o ne a ile a mo atlhola . . . Mme le eleng gompieno losika lwa bao ba bidiwang ‘Bamesia’ ba reeletswe ka ene, ba santse ba le gone.”f—Bapisa Mareko 15:1-5, 22-26; Ditihō 11:26.
43. Moaposetoloi Petere o ne a na le motheo ofe wa go bo a ne a dumela mo go Keresete?
43 Ka gone, moaposetoloi wa Mokeresete Petere o ne a ka kwala a tlhatswegile pelo ka botlalo jaaka motho yo o iponetseng ka matlho go fetolwa ga ga Jesu, a re: “Gonne e rile ha re lo itsise nonohō ea Morèna oa rona Yesu Keresete le go tla ga gagwè, ra bo re sa bolele ditlhamane tse di rulagancweñ ka botlhale [Segerika, myʹthos], me re ne re le bashupi ba re bonyeñ borèna yoa gagwè ka matlhō. Gonne a amogèla tlotlō le kgalalèlō mo Modimoñ Rara, yale ka go tla mo go èna lencwe ye le nntseñ yalo, le cwa kgalaleloñ e e heteletseñ, le re, Eo ke Morwaake eo o ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna: Me lencwe ye, le rona ka rosi re le utlwile le cwa mo legodimoñ, yale ka re na naè mo thabeñ e e boitshèpō.”—2 Petere 1:16-18.g
44. Ke melaometheo efe ya Bibela eo e tshwanetseng go dirisiwa mo go sa dumalaneng gope fela ga dipono tsa batho le Lefoko la Modimo?
44 Mo go sa dumalaneng mono ga pono ya “botlhalefi” jwa motho mmogo le Lefoko la Modimo, re tshwanetse go dirisa molaomotheo o o tlhalositsweng pelenyana o o reng: “Gonne, e bo e le eñ, leha bañwe ba ne ba sena tumèlō? a go tlhōka tumèlō ga bōnè go tla nyeletsa boikañō yoa Modimo? A go se tualo: E, bogolo a Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki; yaka go kwadilwe, ga twe, Gore u tlo o siamisiwè mo mahokuñ a gago, le gore u henyè mogañ u tlañ mo tshekoñ.”—Baroma 3:3, 4.
Megolagang ya Dilo Tse Di Tshwanang
45. Mengwe ya megolagang ya dilo tse di tshwanang eo e fitlhelwang mo ditlhamaneng tsa lefatshe ke efe?
45 Tlhatlhobo e khutshwane eno ya ditlhamane dingwe tsa lefatshe e kgonne go supa dilo dingwe tse di tlwaelegileng, bontsi jwa tseo fa di latedisiwa go ka fitlhelwang fa di simologile kwa Babelona, koo bodumedi jo bontsi jwa Mesopotamia bo simologileng gone. Go na le megolagang ya dilo tse di tshwanang, e ka tswa e le mo dilong tse di diragetseng ka boammaaruri tsa popo kana e le mo dipolelong tse di buang kaga nako eo medingwana le diganka di neng di le mo lefatsheng le morwalela o o neng wa senya baikepi, kana mo ditumelong tsa motheo tsa bodumedi tsa kobamelo ya letsatsi le go sa sweng ga moya.
46, 47. (a) Re ka tlhalosa jang ka Bibela gore ditlhamane dingwe di simologile golo go le gongwe fela ebile di na le fa di tshwanang gone? (b) Ke dintlha dife tse dingwe kaga kobamelo ya bogologolo tse re tla buang ka tsone?
46 Go ya kafa tlhalosong ya Bibela, re ka kgona go tlhalosa megolagang eno ya dilo tse di tshwanang fa re gakologelwa gore morago ga Morwalela, ka taolo ya Modimo batho ba ne ba gasama go tswa kwa Babela mo Mesopotamia dingwaga tse di fetang 4 200 tse di fetileng. Lemororo ba ne ba kgaogana ka ditso le meratshwana eo e neng e bua dipuo tse di farologaneng, ba ne ba simologile ba na le kutlwisiso e e tshwanang ya motheo kaga ditiragalo tsa bone tsa nako e e fetileng le ditumelo tsa bodumedi. (Genesise 11:1-9) Fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a kgabaganya, kutlwisiso eno e ne ya sokamisiwa ya bo ya tswakiwa mo tseleng nngwe le nngwe ya botshelo, seo se neng sa felela ka dithamalakane di le dintsi, dikinane di le dintsi, le ditlhamane tseo di santseng di le gone le mo motlheng wa rona. Ditlhamane tseno, tseo di sa dumalaneng le boammaaruri jwa Bibela, di ne tsa seka tsa kgona go atamalanya motho le Modimo wa boammaaruri.
47 Lefa go ntse jalo, batho gape ba ile ba bontsha maikutlo a bone ka bodumedi ka ditsela tse dingwe tse di farologaneng—ka tirisabadimo, go dumela mo badimong, maselamose, kobamelo ya bagologolwane, jalo le jalo. A di re bolelela sengwe kaga matsapa a a tserweng ke batho go batla Modimo?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshekatsheko ka botlalo kaga popo, bona buka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society.
b Go tla buiwa ka tlhamane ya bosheng ya China, eo e bakilweng ke tlhotlheletso ya Babuda, Ba-Tao, le Ba-Confucius, mo go Kgaolo 6 le 7.
c Go bona puisano ka botlalo ya go supa gore Morwalela ke selo se se ileng sa diragala, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 327-8, 609-12, eo e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watchtower.
d “Hades” e tlhaga mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika makgetlo a le lesome, e seng jaaka motho wa tlhamane, mme jaaka lebitla le le tlwaelegileng la batho. Ke lefoko la Segerika leo le tshwanang le la Sehebera she’ohlʹ.—Bapisa Pesalema 16:10; Ditihō 2:27, Kingdom Interlinear.—Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 1015-16, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watchtower.
e Ka mo go kgatlhisang, Utnapishtim, ebong mogaka wa Sekaleboko la ga Gilgamesh, o ne a na le ramokorwana wa gagwe, ebong Urshanabi, yoo o neng a ralatsa Gilgamesh mo godimo ga metsi a loso go ya go kopana le bafalodi ba morwalela.
f Go ya ka mokwalo o o kwa tlase wa dikwalo tse di tlwaelegileng tsa ga Josephus, tsebe 48 ya tokololo ya Harvard University Press, Bolumo IX.
g Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga Bokeresete bona Kgaolo 10.
[Lebokoso mo go tsebe 43]
Medimo ya Gerika le Roma
Medimo le medimo ya sesadi e mentsi ya ditlhamane tsa Segerika e ne e le ya maemo a a tshwanang mo ditlhamaneng tsa Roma. Mo lenaneong le le fa tlase go kwadilwe mengwe ya yone.
Gerika Roma Maemo
Aphrodite Venus Modimo wa sesadi wa lorato
Apollo Apollo Modimo wa lesedi, wa kalafi, le wa
maboko
Ares Mars Modimo wa ntwa
Artemis Diana Modimo wa sesadi wa letsomo le wa go
tsholwa ga bana
Asclepius Aesculapius Modimo wa phodiso
Athena Minerva Modimo wa sesadi wa tiro ya diatla,
ntwa, le botlhale
Cronus Saturn Mo Bagerikeng, e ne e le mmusi wa
Ba-Titan le rraagwe Zeus.
Mo ditlhamaneng tsa Baroma gape e ne
e le modimo wa temothuo
Demeter Ceres Modimo wa sesadi wa dilo tse di golang
Dionysus Bacchus Modimo wa bojalwa jwa mofine, wa
tsalo, le maitseo a a maswe
Eros Cupid Modimo wa lorato
Gaea Terra Setshwantsho sa lefatshe, le mmaagwe le
mosadi wa ga Uranus
Hephaestus Vulcan Mothuladitshipi wa medimo le modimo
wa molelo le wa tiro ya ditshipi
Hera Juno Mosireletsi wa lenyalo le basadi.
Mo Bagerikeng, e ne e le
morwadiarraagwe le mosadi wa ga Zeus;
mo Baromeng, e ne e le mosadi wa ga
Jupitere
Hermes Mercury Morongwa wa medimo; modimo wa papadi
le boitseanape; le mosireletsi wa baeti,
magodu, le bakgarakgatshegi
Hestia Vesta Modimo wa sesadi wa leiso
Hypnos Somnus Modimo wa boroko
Pluto, Hades Pluto Modimo wa lefatshe le le kafa tlase
Poseidon Neptune Modimo wa lewatle. Mo ditlhamaneng
tsa Segerika, gape ke modimo wa
dithoromo tsa lefatshe le dipitse
Rhea Ops Mosadi le morwadiarraagwe Cronus
Uranus Uranus Morwa le monna wa ga Gaea le rraagwe
Ba-Titan
Zeus Jupitere Mmusi wa badimo
E thailwe mo go The World Book Encyclopedia, 1987, Bolumo 13.
[Lebokoso mo go tsebe 45]
Medimo le Medimo ya Sesadi ya Baasiria le Bababelona
Anu—modimo o mogolo, o o busang magodimo; rraagwe Ishtar
Asshur—modimo wa ntwa wa morafe wa Baasiria; gape ke modimo wa tsalo
Ea—modimo wa metsi. Rraagwe Marduk. O ne a tlhagisa Utnapishtim kaga morwalela
Enlil (Bel)—morena wa phefo; moragonyana o ne a nna Zeus mo ditlhamaneng tsa Segerika. Mo Bababeloneng o ne a nna Marduk (Bel)
Ishtar—modimo wa polanete Venus e le motho; bontlhanngwe jwa kobamelo ya gagwe e ne e le boaka jo bo itshepileng. O ne a bidiwa Astarte mo Phoenicia, Atargatis mo Siria, Ashetoretha mo Bibeleng (1 Dikgosi 11:5, 33), Aphrodite mo Gerika, Venus mo Roma
Marduk—modimo wa ntlha mo medimong ya Babelona; “o ne wa tsaya medimo yotlhe e mengwe mme wa dira ditiro tsotlhe tsa yone tse di farologaneng.” O ne a bidiwa Merodake ke Baiseraele
Shamash—modimo wa letsatsi wa lesedi le tshiamiso. Ke ene yo o neng e le modimo pele ga Apollo wa Gerika
Sin—modimo wa ngwedi, e ne e le mongwe wa medimo e meraro eo e neng e akaretsa Shamash (letsatsi) le Ishtar (polanete Venus)
Tammuz (Dumuzi)—modimo wa thobo. Moratwa wa ga Ishtar
(E thailwe mo go New Larousse Encyclopedia of Mythology)
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 60, 61]
Medimo ya Masole a Roma
Roma o ne a itsege ka masole ao a neng a utlwa molao. Go tshwaragana ga mmusomogolo wa gagwe go ne go ikaegile ka boitshwaro jo bontle le go dira ka botswerere ga matsholo a gagwe a masole. A bodumedi e ne e le selo sengwe seo ba neng ba tshwanetse go se tsaya tsia? Ee, mme ka lesego Baroma ba re tlogeletse bosupi jo bo phepafetseng jwa ditiro tse ba neng ba di dira ka go aga ditsela tsa mheru, dikago tsa phemelo, mesele ya metsi, mabala a metshameko, le ditempele. Ka sekai, mo Northumbria, mo bokone jwa Ennyelane, go na le Lobota lwa ga Hadrian le le itsegeng thata, leo le agilweng mo e ka nnang ka 122 C.E. Ke eng seo diphatololo di se senotseng kaga ditiro tsa masole a Roma le seabe sa bodumedi?
Mo Musiamong wa Housesteads, eo e leng gaufi le marope a a epolotsweng a bonno jwa masole a Baroma mo Loboteng lwa ga Hadrian, bosupi bo tlhalosa jaana: “Botshelo jwa sedumedi jwa lesole la Moroma bo ne bo kgaoganye ka dikarolo di le tharo. Santlha . . . e ne e le kobamelo ya Babusibagolo bao ba neng ba dirilwe Medimo le kobamelo ya medimo eo e neng e sireletsa Baroma jaaka e e tshwanang le Jupitere, Victory le Mars. Ngwaga le ngwaga Jupitere o ne a agelwa sebeso mo lefelong leo ba bopelelang mo go lone la kago nngwe le nngwe ya tlhabano. Masole otlhe a ne a tshwanela gore a tseye karolo mo meletlong ya go keteka malatsi a botsalo, malatsi a ditumalano le a diphenyo a Babusibagolo ba ba dirilweng Medimo.” Abo dingwao tseo di tshwana jang ne le tsa masole a gompieno, ao baruti ba masole, dibeso, le difolaga e leng dilo tseo ka gale di nnang gone mo kobamelong ya sesole.
Mme karolo ya bobedi ya botshelo jwa sedumedi jwa lesole la Roma e ne e le efe? E ne e le go obamela medimo eo e neng e ba sireletsa le meya eo e neng e tlhokomela setlhopha sa bone “mmogo le go obamela medimo eo ba neng ba e tsere kwa mafatsheng a bone.”
“Kwa bokhutlong go ne go na le dikobamelo tsa batho ka bongwe. Fa fela lesole le ne le dira dilo tseo le neng le tlamega go di dira mo kobamelong ya semolao o ne a gololesegile go obamela modimo ope fela oo a neng a batla go o obamela.” Seo se utlwala jaaka ekete kgololesego ya bone ya kobamelo e ne e feteletse thata, mme “go ne go sa nna jalo ka ditumelo tseo, tseo Bo-Druid e neng e le e nngwe ya tsone, tseo ditiro tsa tsone di neng di tsewa e le tsa bosetlhogo, le tumelo ya Bokeresete.”—Bapisa Luke 20:21-25; 23:1, 2; Ditihō 10:1, 2, 22.
Ka mo go kgatlhisang, ka 1949 go ne ga bonwa tempele ya Mithras mo seretseng sa Carrawburgh, gaufi fela thata le Lobota lwa ga Hadrian. (Bona setshwantsho.) Bafatolodi ba fopholetsa gore e ne ya agiwa ka 205 C.E. E na le setshwantsho sa modimo wa letsatsi, dibeso, le mokwalo wa Selatine oo, bontlhabongwe jwa one bo tlhalosang jaana, “Go modimo o o sa kakeng wa fenngwa Mithras.”
[Lebokoso mo go tsebe 62]
Medimo ya Egepeto le Dipetso tse Some
Jehofa o ne a atlhola medimo ya Egepeto e e senang maatla ka Dipetso tse Some.—Ekesodo 7:14–12:32.
Sebetso Tlhaloso
1 Metsi a Nile le metsi a mangwe a ne a fetoga madi.
Modimo wa Nile ebong Hapi o ne a tlhabisiwa ditlhong
2 Digogwane. Modimo wa sesadi wa digogwane ebong
Heqt o ne a tlhoka maatla a go se thibela
3 Mmu o ne wa fetoga dinta. Thoth, morena wa maselamose,
o ne a seka a kgona go thusa boramaselamose ba Egepeto
4 Matsetse a ne a tlala mo Egepeto yotlhe kwantle ga Goshena
kwa Baiseraele ba neng ba nna gone. Go ne ga seka ga nna
le modimo ope o o neng a kgona go se thibela—lefa e le
Ptah, mmopi wa lobopo, kana Thoth, morena wa maselamose
5 Diruiwa di ne tsa tsenwa ke dikgogodi tsa bolwetsi.
Modimo wa sesadi o o boitshepo wa kgomo e namagadi Hathor
lefa e le Apis wa poo o ne a seka a kgona go
thibela sebetso seno
6 Dintho. Medimo e e fodisang ebong Thoth, Isis, le Ptah e
ne ya seka ya kgona go thusa
7 Ditladi le Sefako. Di ne tsa senola fa Reshpu a sena
maatla, yoo e neng e le molaodi wa logadima, le Thoth,
modimo wa pula le modumo wa maru
8 Tsie. Seno e ne e le sebetso go modimo wa tsalo ebong Min,
yo o neng e le mosireletsi wa dijalo
9 Malatsi a mararo a lefifi. Ra, modimo o mogolo wa letsatsi,
le Horus, modimo wa dibokelatsatsi, ba ne ba tlhabisiwa
ditlhong
10 Go swa ga batsalwapele mmogo le wa ga Farwe, yo o neng a
tsewa jaaka modimo o le mo mmeleng wa motho. Ra (Amon-Ra),
modimo wa letsatsi yoo fa gongwe a neng a tshwantshiwa
jaaka phelehu, o ne a seka a kgona go kganela seno
[Lebokoso mo go tsebe 66]
Ditlhamane le Bokeresete
Go obamelwa ga medimo ya ditlhamane ya Gerika wa bogologolo le Roma go ne go santse go dirisiwa thata fa Bokeresete bo simologa mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng. Mo Asia Minor batho ba Lusetera (Turkey wa motlha wa segompieno) ba ne ba bitsa bafodisi ba Bakeresete Paulo le Barenabase “medimo,” ba ba bitsa Mercury le Jupitere. Polelo eo e bolela gore “moperisiti oa ga Yupitere eo tempela ea gagwè e leñ ha pele ga motse, a lere dikgomo le mekgabō ea dicheshe ha dikgoroñ tsa motse, me a rata go isa setlhabèlō le machutichuti a batho.” (Ditihō 14:8-18, NW) Paulo le Barenabase ba ne ba kgona go tlhatswa pelo boidiidi joo jwa batho ba sena go leka ka thata gore ba seka ba ba isetsa ditlhabelo. Seno se bontsha kafa batho ba nako eo ba neng ba tsaya ditlhamane masisi thata ka gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 42]
Mount Olympus, mo Gerika, e go dumelwang e ne e le legae la medimo
[Setshwantsho mo go tsebe 47]
Sematlana sa mmopa sa mokwalo wa dimapo se se supang karolo ya Sekaleboko la ga Gilgamesh
[Setshwantsho mo go tsebe 50]
Anubis, modimo wa tlhogo ya phokoje, o lekanya moya kafa molemeng fa go Maat, yo e leng modimo wa sesadi wa boammaaruri le tshiamiso, yo o tshwantshediwang ke lefofa; Thoth o kwala selekanyo sa one mo sematlaneng pele ga a bolelela Osiris
[Ditshwantsho mo go tsebe 55]
Chalchiuhtlicue, modimo wa sesadi wa Ba-Aztec wa metsi a a phepa; selwana se se gabilweng sa sebopego sa morubisi seo go dumelwang fa go ne go tsenngwa dipelo tse di ntshiwang setlhabelo mo go sone
[Setshwantsho mo go tsebe 57]
Medimo e meraro ya Egepeto: go tswa molemeng, Horus, Osiris, le Isis
[Ditshwantsho mo go tsebe 58]
Kobamelo ya letsatsi ya Ba-Inca e ne e dirisiwa kwa Machu Picchu, mo Peru
Intihuatana, setshwantsho se se tsenyeleditsweng, “lefelo leo” letsatsi “le neng le ema mo go lone,” leo gongwe le neng le dirisiwa go ya ka kobamelo ya letsatsi kwa Machu Picchu
[Ditshwantsho mo go tsebe 63]
Dipopego tsa ga Horus wa segodi, Apis wa poo, le Heqt wa segogwane. Medimo ya Egepeto e ne ya seka ya kgona go thibela dipetso tseo Jehofa a neng a di romela, tseo di neng di kopanyeletsa go fetola Nile gore e nne madi
[Setshwantsho mo go tsebe 64]
Medimo ya Gerika, go tswa molemeng, Aphrodite; Zeus, yo o tshwereng Ganymede, motsholaphafana wa medimo; le Artemis