Pego ya Baboledi ba Bogosi
Ba Ne Ba Ikanya Jehofa
JEHOFA o laela Basupi ba ga Jehofa gore ba rere mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe gore batho ba merafe yotlhe ba bone tshono ya go itse kaga lefatshe le lesha la Modimo. Mo dinageng tse dingwe, tiro ya rona e a thibelwa gantsi e le ka ntlha ya tlhotlheletso ya baruti ba Labokeresete. Go ntse fela jalo le mo nageng nngwe mo Afrika. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ba koo ba dira fela jaaka Kgosi Dafide. O ne a bolela jaana: “Ke ikantsè mo go ōna Modimo, ga nketla ke boiha.” (Pesalema 56:11) Boitemogelo jwa bakaulengwe ba rona ba kwa nageng eo bo bontsha gore ba ikanya Jehofa ebile ba tswelela go dira tiro ya gagwe e e botlhokwa.
Mosupi mongwe yo o dirang jaaka tlhogo mo sekolong o ne a ganelela gore o tla “utlwa Modimo bogolo go batho,” a bolela fa a itlhaotse mo dilong tse di amanang le Puso. (Ditihō 5:29) O ne a itewa botlhoko mme go ne go lebeletswe gore o ne a tla atlholwa jaaka motsuolodi. Mongwe le mongwe o ne a akanya gore o tlile go bolawa. Lefa go ntse jalo, Mosupi yono o ne a ikanya Jehofa. O ne a nna a ntse a ikanyega mme a tlhalosa mabaka a go bo a tsere boemo joo. Go ne ga felela jang? O ne a se ka a bonwa molato mme a busediwa kwa toropong ya gaabo, koo badiredi ba Puso ba ba neng ba mo iteile ba neng ba mo kopa maitshwarelo gone. Mosupi yo o ikanyegang yono o ne a busediwa gape mo tirong ya gagwe ya borutisi mme a newa boemo jwa go nna motlhatlhobi wa dikolo!
Motsamaisi wa sekolo sengwe o ne a koba morutisi mongwe yo e neng e le Mosupi. Kgwedi morago ga foo o ne a amogela buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise a e bona mo mmulatseleng mongwe yo o kgethegileng a bo a dumela gore go ithutiwe nae Bibela. Fa a fetsa kgaolo 6, o ne a tlogela tiro ya botsamaisi jwa sekolo, mme ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go ya kwa dipokanong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa. Moso mongwe wa Sontaga morutisi yo o kobilweng yole o ne a gakgamala tota fa a ne a kopana le monna yono yo a neng a mo kobile le go itse gore o ne a setse a tla nna mokaulengwe wa gagwe wa semoya.
Boitemogelo bongwe go tswa mo nageng eno bo bontsha kafa Basupi ba ga Jehofa ba tlhotlheletsang gore dithulaganyo tsa ga Jehofa di tlotliwe ka gone le go dira gore phuthego ya gagwe e nne e le phepa. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng yo a neng a le kwa tshimong e e kwa thoko o ne a ganediwa tota. Ereka e ne e le wa morafe o mongwe ebile a tswa kwa lefelong le lengwe, baba ba boammaaruri ba ne ba batla go mo koba mo motseng. Lefa go ntse jalo, kgosi ya motse oo e ne ya bolela fa a na le boitsholo jo bontle le go supa matswela a a molemo a bodihedi jwa gagwe mme e ne ya gana go mo koba. Kgosi e ne e lemogile gore fa esale mmulatsela yo o kgethegileng yoo a tla, batho ba ne ba tlotla babusi ba ba busang ka go duela makgetho le go dira tiro ya loago ya go dira tsela eo e neng e dirwa gangwe ka beke.—Baroma 13:1, 7.
Morago ga foo, Mosupi mongwe o ne a fitlhelwa a akafala le mosadi mongwe yo e neng e se Mosupi. Go ne ga tsoga kgang e e maswe, mme mmulatsela yo o kgethegileng yono o ne a isiwa fa pele ga kgosi e e neng ya mo raya ya re: “Mokaulengwe wa gago ke yo o tshwerwe a dira boaka. Lona Basupi ba ga Jehofa ga lo farologane ka gope le ditumelo tse dingwe.” Lefa go ntse jalo, mmulatsela yo o kgethegileng yono o ne a tlhalosa jaana: “Lemororo re sa itekanela, re farologane le ditumelo tse dingwe gonne ga re mpampetse ditiro tse di maswe jalo tsa boleo.”
Mosupi yo o akafetseng yono o ne a atlholelwa go ya kwa kgolegelong a bo a duedisiwa madi. Mo godimo ga moo, o ne a kgaolwa mo phuthegong jaaka motho yo o sa ikwatlhaeng. Kgato eno e ne ya kgatlha kgosi ya bo ya tswala melomo ya ba ba neng ba sotla Basupi ba ga Jehofa. Kgosi e ne ya akgela jaana: “Lo se ka lwa bua sepe se se bosula ka Basupi ba ga Jehofa. Ba na le boammaaruri. Ga go na bodumedi bope jo bo a tleng bo tseye kgato e e ntseng jalo.”
Basupi ba ba ikanyegang ba mo nageng eo ba latela kgothatso eno e e mo go Pesalema 37:3: “Ikanya Yehofa, u bo u dihè molemō; aga mo lehatshiñ u latèlèlè boikañō.” A re tla ikanya Jehofa jaaka Bakeresete bano?