Jehofa—Ke “Monna oa Ntwa”
MASOLE a a ditswerere thata a Egepeto a ne a nyeleditswe otlhe. Mebele ya bapalami ba dikara tsa ntwa e ne e ntse e itanngwa le lotshitshi fa thoko ga Lewatle Le Lehibidu, mme lotshitshi lo ne lo tletse ka didirisiwa tsa ntwa. Banna ba Baiseraele ba ba neng ba eteletswe pele ke Moshe ba ne ba opela pina eno ya phenyo ka boitumelo: “Ke tla ōpèlèla Yehofa, gonne o hentsè ka mo go gakgamatsañ: o latlhetse pitse le mopagami oa eōna mo lewatleñ. Yehofa ke monna oa ntwa: Yehofa ke leina ya gagwè.”—Ekesodo 15:1, 3.
Tsela e Jehofa a neng a fenya ka yone kwa Lewatleng Le Lehibidu eleruri e ne ya supa fa a le thata tota mo ntweng. Baiseraele ba ne ba tswile kwa Egepeto ba tshotse dibolao tsa ntwa mme ba ka se ka ba kgona go lwa. Jehofa o ne a ba eteletse pele go tswa kwa Ramesese ka mosipuri wa leru o o neng o fetoga molelo bosigo go fitlha kwa “tshimologoñ ea sebaka sa naga hèla” kwa Ethama. (Ekesodo 12:37; 13:18, 20-22) Morago ga foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Bua le bana ba Iseraele, gore ba boèlè kwa moragō ba eè go thibèlèla ha pele ga Pihahirotha, ha gare ga Megodola le lewatlè, ha pele ga Baalasefona; . . . Me Farwe o tla ithaea kaga bana ba Iseraela, a re, Ba kgweleilwe ke lehatshe, ba kalecwe ke naga hèla. . . . Me o tla ba latèlèla.” (Ekesodo 14:1-4) Ka boikobo, Baiseraele ba ne ba boela kwa ba neng ba tswa teng mme ba ya kwa Pihahirotha. Ditlhodi tsa ga Farwe di ile tsa mmolelela ka selo seno se se neng se lebega ekete ba tlhakane tlhogo, mme jaaka go boleletswe pele, Faro o ne a tloga ka masole a gagwe a ba sala morago.—Ekesodo 14:5-9.
A Serai E Ne E le sa Baiseraele Kana sa ga Faro?
Baiseraele ba ba neng ba tshogile bao ba ne ba lebega ba le mo seraing, mme ba ikuela mo Modimong gore o ba thuse, gonne mo matlhakoreng a bone go ne go le dithaba, lewatle le le fa pele le Baegepeto ba le kwa morago. Moshe o ne a bua le batho jaana a ba kgothatsa: “Se boiheñ, èmañ hèla, me lo bōnè poloka ea ga Yehofa, e o tla e lo dihèlañ gompiyeno, gonne Baegepeto ba lo ba bonyeñ gompiyeno, ga lo ketla lo tlhōla lo ba bōna gopè ka bosakhutleñ. Yehofa o tla lo tlhabanèla, me lona lo tla didimala hèla.” (Ekesodo 14:10-14) Fela jaaka ba ne ba solofeditswe, “mosipuri oa leru oa huduga ha pele ga bōnè, oa èma ha moragō ga bōnè: Me oa nna ha gare ga khuduga ea Egepeto le khuduga ea Iseraela. . . . Me khuduga e ñwe ga ea ka ea atamèla e ñwe bosigo yotlhe.”—Ekesodo 14:15-20.
Fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, Moshe o ne a emisa thobane ya gagwe mo godimo ga lewatle mme a le ‘tsetsereganya’ gore Baiseraele ba kgone go falola. Mme go ne ga diragala kgakgamatso e e gakgamatsang tota! (Ekesodo 14:16, 21) Phefo e e maatla e ne ya tswa kwa botlhaba mme ya tsetsereganya metsi a Lewatle Le Lehibidu e dira tsela e e neng e atlhame gore morafe otlhe o kgone go tshela fa gare—ba le dimilione di le tharo—ba tshela ba tshotse ditlhabano tsa ntwa. Metsi a a neng a ‘gatseditswe’ ao a ne a ema jaaka mabota a mabedi a magolo.—Ekesodo 15:8.
Baiseraele bao ba neng ba thusiwa ke lesedi le le neng le tswa mo mosipuring wa molelo, ba ne ba falola ka go tsamaya mo boalong jwa lewatle le le omeleditsweng ke phefo. Mo mosong, Baiseraele ba bofelo ba ne ba tlhagelela kwa lotshitshing lo lo kwa motsheo. “Me Baegepeto ba ba kōnatèlèla, ba ba sala moragō ba tsèna mo gare ga lewatlè.” Batho bano ba ba neng ba ba lateletse bano ba ne ba wetse mo seraing!—Ekesodo 14:23.
“[Jehofa] a nyerisa ntwa ea Baegepeto marapō. Me a shomola maoto a dikara tsa bōnè, me ga nna thata go di kgwetsa.” Moshe jaanong o ne a otlololela letsogo la gagwe mo godimo ga lewatle, mme “lewatlè ya boèla mo thateñ ea yeōna.” Mabota ale a metsi a ne a wa mme a simolola go dikaganyetsa Baegepeto. Ba ne ba leka go tshaba, “me Yehofa a ribegetsa Baegepeto mo gare ga lewatlè.” Ga go ope yo a neng a falola! Baiseraele ba ne ba opelela Jehofa pina ya bone ya phenyo ka boitumelo.—Ekesodo 14:24–15:3; Pesalema 106:11.
Jehofa O Lwela Joshua
Jehofa o ne a itshupa fa e le “monna oa ntwa” le mo dintweng tse dingwe gape. Nngwe ya tsone e ne e le ntwa ya kwa Ai. Ba ne ba palelwa fa ba ne ba tlhasela motse oo la ntlha gonne Akane a ne a dirile phoso nngwe e e masisi. Fa kgang eno e sena go baakanngwa, Jehofa o ne a naya Joshua ditaolo tsa gore a ye go lwa.—Yoshue 7:1, 4, 5, 11-26; 8:1, 2.
Joshua o ne a lalela kwa morago ga motse, kafa letlhakoreng le le kafa bophirima fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. Lesomo le legolo la masole a gagwe le ne la isiwa kafa bokone kwa mokgatšheng o o kafa ntle fela ga Ai mme le ne le lebega le iketleeditse tota go tlhasela go tswa kafa pele. Banna ba Ai ba ne ba wetse mo seraing. Ereka ba ne ba santse ba itumetse ka ntlha ya fa ba ile ba atlega mo lekgetlong la ntlha, ba ne ba tswa ka lobelo mo motseng ba tlhamaletse fela mo go Baiseraele. Baiseraele ba ne ba itira jaaka ekete ba a tshaba mme ba “tshaba ka tsela ea naga,” ba gogela baba ba bone kgakala le Ai.—Yoshue 8:3-17.
Mme Jehofa o ne a raya Joshue ka nako e e tshwanetseng fela a re: “Supa Ai ka lerumō ye le mo seatleñ sa gago; gonne ke tla o tsenya mo seatleñ sa gago.” E ne ya re fela fa a dira jalo, banna ba ba neng ba laletse ba tlhasela motse, ba o tlhasela ka lerumo le ka molelo. Fa ba bona mosi, masole a baba a a neng a le ka kwa ntle a ne a kgobega marapo tota. Joshua jaanong o ne a tlogela go itira yo o fentsweng mme a tlhasela, o ne a konateletse baba ba gagwe fa gare ba masomo a gagwe a mabedi. A go ne go fentse motho? Nnyaa. Baiseraele ba ne ba fentse, fela jaaka fa Joshua a ne a ba bolelela moragonyana jaana: “Yehofa Modimo oa lona, ke èna eo o lo tlhabanetseñ.”—Yoshue 8:18-27; 23:3.
Ntwa ya kwa Kishona
Jehofa o ne a itshupa gape fa a le thata mo ntweng kwa Mokgatšheng wa Kishona, gaufi le Megido. Kgosi Jabine wa Mokanana o ne a ile a gatelela Baiseraele ka dingwaga di le 20. Masole a gagwe a a neng a laolwa ke Sisere a ne a na le dikara tsa ntwa tse di nang le marumo a a gogoropo mo maotwaneng di le 900—masole ao a neng a lebega a ka se ka a fenngwa mo metlheng eo.—Baatlhodi 4:1-3.
Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa moperofeti wa mosadi Debora go bolelela Moatlhodi Barake gore a phuthe masole a le dikete di le lesome mo Thoteng ya Tabora go lwa le masole a ga Jabine. Sisere o ne a tsaya kgato ka bonako fa a bona masole a phuthega jalo mme a tswa ka lobelo kwa Hasoretha a ya kwa mokgatšheng wa Kishona, fa gare ga Thota ya Tabora le Megido. Ga go na pelaelo ya gore o ne a akanya gore masole a a neng a sa tshola dibolao tse di lekaneng le a a neng a tsamaya ka dinao ao a ne a se kitla a falola dikara tsa gagwe tsa ntwa. Lefa go le jalo ga a ka a akanya gore o lwa le Mmaba wa selegodimo.—Baatlhodi 4:4-7, 12, 13.
Jehofa o ne a laela Barake gore a tswe kwa godimo mo lefelong le le sireletsegileng la Tabora mme a ye mo dipoeng tsa mokgatšha, a gogela masole a ga Sisere mo ntweng. Jehofa o ne a tlhasela! Morwalela o mogolo o ne wa dira gore lefelo le go lwelwang mo go lone leo le nne seretse fela, go dira gore masole a ga Sisere a se kgone go tsamaya. Fa a tlhakane tlhogo jalo, masole a a neng a tsamaya ka dinao a Baiseraele a ne a fenya mmaba wa one. “Me ntwa eotlhe ea ga Sisere ea wa ka boyetla yoa chaka; ga goa ka a sala moth[o] opè.” Metsi a a neng a gogomogile a Kishona a a neng a nwetsa dikara tsa Bakanana tsa ntwa a ka tswa a ile a gogola le ditopo tse dingwe.—Baatlhodi 4:14-16; 5:20, 21.
Go Fenya Goga le Lesomo la Gagwe
Ditiragalo tseno tsa bogologolo di ne di tshwantshetsa phenyo e kgolo go gaisa ya ga Jehofa e e sa ntseng e tla. Go tla tloga go tla ntwa e e tla lowang mo “dinyageñ tse di kwa pele.” Go ya ka boperofeti jwa ga Esekiele, Goga, yo a tshwantshetsang “kgōsana ea lehatshe yeno,” Satane Diabolo, o tla tsosa masole a merafe yotlhe gore a lwe. O tla dira gore masole a gagwe a tlhasele ‘dithaba tsa Iseraele,’ ke gore, boemo jo bo kwa godimo jwa semoya jwa “Iseraela oa Modimo” wa Bakeresete.—Esekiele 38:1-9; Yohane 12:31; Bagalatia 6:16.
Ke eng se se raelang Goga gore a tlhasele batho ba Modimo jaana? Boperofeti bo supa boemo jwa bone jwa go nna mo kagisong, le go gatela pele semoyeng. Goga o bolela jaana: “Ke tla bololèla kwa lehatshiñ ya metsana e e sa agelweñ dithakō; ke tla ea kwa go ba ba iketlileñ, ba agile ka thagamō, botlhe ba agile hèla ba sena dithakō, ba sena mephakalègō leha e le dicwalō. Go tsaea thopō, go tsaya kgapō . . . batho . . . ba bapetse dikgomo le dithoto.”—Esekiele 38:10-12.
Ka kakaretso fela, batho ba ga Jehofa ga ba a huma dilo tse di bonalang. Lefa go ntse jalo, ba ile ba phutha khumo e kgolo tota ya semoya ka tiro ya bone ya go rera mo lefatsheng lotlhe. “Boidiidi yo bogolo yoa batho . . . e le ba morahe moñwe le moñwe” ba phuthilwe, mme jaanong ba balwa ba le dimilione di le nne. (Tshenolō 7:9, 10) Ke khumo eleruri! Satane o leka go nyeletsa batho ba Modimo gonne a galefile tota ka ntlha ya fa ba gatela pele semoyeng.
Mme Goga o tla bo tota a tlhasela Jehofa Modimo ka boene fa a gata mmu wa Iseraele wa tshwantshetso. “Cacarègō ea me e tla gola mo dinkoñ tsa me,” go bolela Jehofa, yo a tla busolosetsang batho ba gagwe. Masole a ga Goga a tla nyelela jalo mo tlhakatlhakanong eo. “Chaka ea motho moñwe le moñwe e tla yayanya ñwana a rraagwè.” Jehofa jaanong o tla bo a dirisa maatla a gagwe a a senyang—“leshogodi ye le penologañ, le sehakō se segolo, le molelō, le sulefura.” Fela jaaka kwa Lewatleng Le Lehibidu, Ai, le kwa Kishona, Jehofa o tla lwela batho ba gagwe gape gore a itshepise leina la gagwe. “Me ke tla itlotlom[a]tsa, ke tla iitshepisa, ke tla itiha gore ke itsiwe mo matlhoñ a merahe e le mentsi; me ba tla itse ha ke le Yehofa.”—Esekiele 38:18-23.
Ditiragalo tse di kwadilweng tseno tsa dintwa tsa ga Jehofa tsa bogologolo di re naya lebaka la go mo ikanya ka botlalo gore o tla fenya mo isagweng ka nako ya “sepitla se segolo.” (Mathaio 24:21, 22) Nako le nako fa a laola dilo, Jehofa o kgona go akanya go gaisa baba ba gagwe le go dirisa maemo go golola batho ba gagwe. Eleruri, go tla nna fela jaana jaaka Isaia a ne a perofesa: “Yehofa o tla bolola yaka monna oa segañka; o tla cosa tlhotlheleco yaka monna oa dira: o tla goèlèla, E, o tla goa ka thata; o tla diha ka nonohō mo babeñ ba gagwè.” (Isaia 42:13) Mo matlhong a Basupi ba gagwe o tla nna ka metlha e ntse e le JEHOFA, “MONNA OA NTWA”!—Ekesodo 15:3.
[Mmapa mo go tsebe 25]
(For fully formatted text, see publication)
Tsela ya Khuduga e e neng e tswa kwa Egepeto
GOSHENA
Memefisa
Ramesese
Sukotha
Migedola
Pihahirotha
Ethama
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Mo lefelong leno la Ai, Jehofa o ne a etelela Joshua le batho ba Gagwe pele go ya go fenya ka tsela e e gakgamatsang
Metsi a Kishona a ne a gogomoga ka bonako, a thusa gore baba ba ga Jehofa ba fenngwe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photos: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.