LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 19-23
  • ‘Molebedi e Tshwanetse go Nna Motho . . . yo o Nang le go Ikgapa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Molebedi e Tshwanetse go Nna Motho . . . yo o Nang le go Ikgapa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bagolwane Ba Tshwanetse go Nna le Boikgapo
  • Fa A Dirisana le Ba Bangwe
  • Go Ikgapa kwa Dipokanong tsa Bagolwane le kwa Dikokoanong tsa Katlholelo
  • Go Ikgapa Fa O Dirisana le Ba Bong Bo Sele
  • Go Ikgapa mo Dikarolong Tse Dingwe
  • Go Tlhagolela Loungo Lwa Boikgapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ke ka Ntlha Yang fa Boikgapo bo le Botlhokwa Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nna Boikgapo Gore o Fenye Sekgele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tsenyang mo Kitsong ya Lona Boikgapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 19-23

‘Molebedi e Tshwanetse go Nna Motho . . . yo o Nang le go Ikgapa’

‘Molebedi e tshwanetse ya nna motho . . . yo o nang le go ikgapa.’—TITO 1:7, 8.

1, 2. William of Orange o ne a tlhoma sekao sefe sa go ikgapa, mme seo se ne sa felela ka matswela afe a a molemo?

HISITORI e na le sekao se se tlhomologileng thata se se amang go ikgapa maikutlo. Mo bogareng jwa lekgolo la bo 16 la dingwaga, kgosana nngwe e potlana ya Mo-Dutch ebong William of Orange e ne e ile go tsoma le Kgosi Henry II wa Fora. Kgosi e ne ya bolelela William leano le ene le kgosi ya Spain ba neng ba le logile la go nyeletsa Baporotesetanta botlhe kwa Fora le kwa Netherlands—ebile tota, mo dinageng tsotlhe tsa Labokeresete. Kgosi Henry o ne a akanya gore William yo mmotlana e ne e le Mokatoliki yo o ineetseng thata jaaka ene mme ka gone a mmolelela dilo tsotlhe tsa loano lo ba tlileng go lo dira. Seo William a neng a se utlwa se ne sa mo tshosa fela thata gonne bontsi jwa ditsala tsa gagwe tse a neng a di rata thata e ne e le Baporotesetanta, mme ga a ka a bolela kafa a neng a ikutlwa ka teng; go na le moo, o ne a supa fa a kgatlhegela dintlha tsotlhe tse kgosi e neng e di mmolelela.

2 Lefa go ntse jalo, ka bonako fela fa William a sena go bona tshono, o ne a simolola go loga maano a go senya leano la bone, mme seno kgabagare se ne sa felela ka gore Netherlands e se ka ya tlhola e gatelelwa ke Bokatoliki jwa Spain. William o ne a itsiwe jaaka “William yo o Didimetseng” gonne o ne a kgona go ikgapa fa a ne a utlwa la ntlha ka leano leo. William of Orange o ne a atlega tota mo re bolelelwang jaana: “Ke ene tota yo o ileng a golola a bo a dira gore repaboliki ya Dutch e nne kgolo go gaisa.”

3. Ke bomang ba ba solegelwang molemo fa bagolwane ba Bakeresete ba ikgapa?

3 William yo o Didimetseng o ne a bona molemo mmogo le go solegela morafe waabo molemo ka go ikgapa. Ka tsela e e tshwanang, gompieno bagolwane kana balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go ikgapa. (Bagalatia 5:22, 23) Ba bona molemo mmogo le go solegela phuthego molemo ka go dirisa nonofo eno. Kafa letlhakoreng le lengwe, dilo di ka senyega ka tsela e e ka e se kang ya lekanngwa fa ba palelwa ke go ikgapa.

Bagolwane Ba Tshwanetse go Nna le Boikgapo

4. Ke kgakololo efe ya ga moaposetoloi Paulo e e gatelelang kafa go leng botlhokwa ka teng gore bagolwane ba ikgape?

4 Paulo ka boene jaaka mogolwane o ne a lemoga kafa boikgapo bo leng botlhokwa ka teng. Fa a ne a gakolola bagolwane ba ba neng ba tlile kwa go ene ba tswa kwa Efeso o ne a ba bolelela jaana: “Lo itisè lo bo lo disè lecomane yeotlhe.” Gareng ga tse dingwe, go itisa go ne go akaretsa go ikgapa, go ela tlhoko boitsholo jwa bone. Paulo o ne a bua ntlha e e tshwanang fa a ne a kwalela Timotheo a bolela jaana: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago.” Kgakololo e e ntseng jalo e ne e bontsha gore Paulo o ne a lemoga selo se ka tlholego ba bangwe ba se dirang sa gore ba tlhokomele fela go rera go na le go dira se ba se rerang. Ka gone, o ne a gatelela gore go botlhokwa gore ba itise.—Ditihō 20:28; 1 Timotheo 4:16.

5. Bagolwane ba Bakeresete ba tlhophiwa jang, mme dilo tse di tlhokegang mo go bone di kwadilwe kae mo Dikwalong?

5 Seabe sa bagolwane sa Dikwalo se ile sa nna sa phepafala kgato ka kgato. Gompieno re bona gore go nna mogolwane ke boemo jo o bo tlhophelwang. Bagolwane ba tlhophiwa ke Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa kana baemedi ba sone ka tlhamalalo. Setlhopha seo ka bosone se emela “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Moaposetoloi Paulo segolobogolo o re bolelela dilo tse di tlhokegang gore motho e nne molebedi wa Mokeresete kana mogolwane mo go 1 Timotheo 3:1-7 le Tito 1:5-9.

6, 7. Ke dilo dife tse di kgethegileng tse di tlhokwang mo bagolwaneng tse di tlhokang boikgapo?

6 Paulo mo go 1 Timotheo 3:2, 3 o bolela gore molebedi o tshwanetse go nna le mokgwa o montle. Seno le ntlha ya gore mogolwane o tshwanetse a nna le thulaganyo e ntle se batla boikgapo. Monna yo o tshwanelang go nna mogolwane ga a tshwanela go nna moitei ebile ga a tshwanela go nna segagapa. Mo godimo ga moo, mogolwane o tshwanetse go ikgapa gore a se ka a nna motho yo o losiwang ke bojalwa, yo o lemaletseng beine.—Bona gape le dintlhanyana tse di kwa tlase go NW mo go 1 Timotheo 3:2, 3.

7 Paulo mo go Tito 1:7, 8 o ne a bolela gore mogolwane segolobogolo o tshwanetse go ikgapa. Lefa go ntse jalo, tlhokomela gore ke dinonofo tse kae tse dingwe tseo di leng mo lenaaneng la ditemana tseno tse di amang boikgapo. Ka sekai, molebedi o tshwanetse gore a se ka a pegwa molato ka sepe, ee, a tlhoke mokgobo. Eleruri, mogolwane o ne a ka se ka a kgona go fitlhelela dilo tseo tse di batlegang mo go ene fa a ne a sa ikgape.

Fa A Dirisana le Ba Bangwe

8. Ke dinonofo dife tse bagolwane ba di tlhokang fa ba gakolola motho tse di otlelelang kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba ikgape?

8 Gape, molebedi o tshwa-netse go nna pelotelele le boitshoko fa a dirisana le badumedi ba bangwe, mme seno se tlhoka boikgapo. Ka sekai, re bala jaana mo go Bagalatia 6:1: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea [segolobogolo bagolwane], shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” Go supa moya wa bonolo go batla boikgapo. Mabapi le seo, boikgapo bo ama gape go ikela tlhoko. Ka tsela e e tshwanang, boikgapo bo tlhokega gape fela thata fa mogolwane a kopiwa go thusa motho yo o tshwenyegileng maikutlo. Lemororo mogolwane a ka tswa a akanya ka tsela efe ka motho yoo, o tshwanetse go nna pelonomi, pelotelele a bo a tlhaloganye boemo joo. Go na le gore a neye kgakololo ka bonako, mogolwane o tshwanetse a bo a iketleeditse go reetsa le go botsa motho yoo seo eleruri se bonalang se mo tshwenya.

9. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologetswe eng fa ba dirisana le bakaulengwe ba ba tlhakaneng tlhogo?

9 Kgakololo eno e e mo go Yakobe 1:19 e lebega e tshwanela sentle fa go dirisanwa le motho yo o tlhakaneng tlhogo: “Mo, loa go itse, ba ga echo ba ba ratègañ. Me a motho moñwe le moñwe a nnè bonakō go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” Ee, mogolwane o tshwanetse go tlhokomela gore a se ka a ipusolosetsa segolobogolo fa a galefelwa kana a arabiwa ka maikutlo a a gotetseng. Go batla boikgapo gore o se ka wa araba mafoko a a buiwang ka maikutlo a a gotetseng ka a mangwe a a tshwanang, o se ka wa ‘duela bosula ka bosula.’ (Baroma 12:17) Go araba ka tsela e e tshwanang go tla senyetsa dilo kwa pele. Ka jalo Lefoko la Modimo le naya bagolwane gape kgakololo e e siameng kaga seo, le ba gakolola gore “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.”—Diane 15:1.

Go Ikgapa kwa Dipokanong tsa Bagolwane le kwa Dikokoanong tsa Katlholelo

10, 11. Ke eng se se ileng sa direga kwa dipokanong tsa bagolwane, seo se bontshang gore boikgapo bo tshwanetse go supiwa mo maemong a a ntseng jalo?

10 Lefelo le lengwe leo mo go lone balebedi ba Bakeresete ba tlhokang go nna kelotlhoko mo go lone go ikgapa ke mo dikokoanong tsa bone tsa bagolwane. Go tlhoka boikgapo gore o bue o ritibetse o buelela boammaaruri le tshiamo. Gape o tlhoka go ikgapa gore o kgone go tila go batla gore e nne wena o laolang mo dipuisanong. Fa mogolwane a na le mokgwa o o ntseng jalo, mogolwane mongwe o tla bo a supa bopelonomi fa a mo gakolola kaga seno.—Bapisa 3 Yohane 9.

11 Gape, mo dipokanong tsa bagolwane, mogolwane yo o tlhoafetseng gape a ka nna a gotela maikutlo, le eleng go buela kwa godimo. Abo go dira jalo go supa go palelwa ke go ikgapa jang ne! Eleruri ga di thuse sepe. Kafa letlhakoreng le lengwe, selekanyo se motho a palelwang ke go ikgapa ka sone se dira gore a koafatse mabaka a kgang ya gagwe ka go letla maikutlo a gagwe go fekeetsa tsela e e utlwalang e a ka dirang dilo ka yone. Kafa letlhakoreng le lengwe selekanyo se motho a gotelang maikutlo ka sone, o galefisa kana o dira gore bagolwane ba bangwe ba nne kgatlhanong nae ka sone selekanyo seo. Kwa ntle ga moo, fa mogolwane a sa nne kelotlhoko, go nna le dikgopolo tse di farologaneng go ka kgaoganya setlhopha seo. Seno se tla ba direla kotsi mmogo le phuthego.—Bapisa Ditihō 15:36-40.

12. Ke maemo afe ao bagolwane ba tshwanetseng go nna kelotlhoko thata mo go one?

12 Bagolwane gape ba tlhoka go ikgapa tota go tila go tlhaola kana go dirisa thata ya bone kafa go sa tshwanelang. Go motlhofo tota go ineela fa o lekwa, go letla tsela ya botho e o lebang dilo ka yone go tlhotlheletsa seo o se buang kana o se dirang! Nako le nako, bagolwane ba ile ba palelwa go tsaya kgato e e tshwanetseng ka bonako fa mongwe wa bana ba bone kana mongwe wa losika a fitlhelwa a le molato wa boitsholo jo bo phoso. Mo maemong a a ntseng jalo go tlhokega boikgapo go se letle go amana ka madi go go thibela go dira dilo ka tshiamo.—Duteronome 10:17.

13. Ke ka ntlha yang fa bagolwane segolobogolo ba tlhoka go ikgapa fa go sekiwa dikgang tsa katlholelo?

13 Boemo jo bongwe joo boikgapo bo tlhokegang thata mo go jone ke fa go na le dikgang tsa katlholelo. Bagolwane ba tshwanetse go ikgapa tota gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke maikutlo go sa tlhokege. Ga ba a tshwanela go faposiwa bonolo fela fa motho a lela. Ka nako e e tshwanang mogolwane o tshwanetse go tlhokomela gore a nne a ntse a ritibetse fa a pegwa molato le fa a senngwa leina ka tsela nngwe, jaaka go ka direga fa go dirisanngwa le batenegi. Mafoko ano a ga Paulo a tshwanela tota: “Motlhanka oa Morèna ga aa chwanèla go lwa, ha e se go nna bonōlō hèla mo go botlhe.” Go tlhoka boikgapo gore motho a nne a ntse a le bonolo fa a gatelelwa. Paulo o tswelela go bolela gore “motlhanka oa Morèna” o tshwanetse go nna “boiphapaanyō, A le boikokobeco, a shokolola ba ba ikgantshañ.” Go tlhoka boikgapo gore o nne bonolo fa o ganediwa.—2 Timotheo 2:24, 25.

Go Ikgapa Fa O Dirisana le Ba Bong Bo Sele

14. Ke kgakololo efe e e molemo eo bagolwane ba tshwanetseng go e reetsa fa ba dirisana le ba bong bo sele?

14 Bagolwane ba tshwanetse go nna podimatseba tota gore ba ikgape fa go tla mo go dirisaneng le ba bong bo sele. Ga go botlhale gore mogolwane a ye kwa go kgaitsadi a le esi go ya go dira loeto lwa bodisa. Mogolwane o tshwanetse go patiwa ke mogolwane yo mongwe kana motlhanka wa bodihedi. Go lebega Paulo a ne a lemoga bothata jono fa a ne a gakolola Timotheo yo e neng e le mogolwane jaana: “Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio ka boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) Bagolwane ba bangwe ba kile ba bonwa ba tshwara kgaitsadi jaaka fa rre a tshwara ngwana wa gagwe. Mme ba ka tswa ba itsietsa fela, ka go bo ba ka tswa ba tlhotlhelediwa ke go batla go mmontsha lorato go na le go bo ba batla go mmontsha kamego e e boteng ya lorato lwa bokaulengwe lo e leng lwa Bokeresete.—Bapisa 1 Bakorintha 7:1.

15. Tiragalo nngwe e gatelela jang gore leina la ga Jehofa le ka kgobiwa fa mogolwane a sa ikgape?

15 Abo boammaaruri bo ile jwa amega ka tsela e e maswe jang gonne bakaulengwe bangwe ba ile ba palelwa ke go ikgapa fa ba dirisana le bokgaitsadi mo phuthegong! Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mogolwane mongwe o ne a kgaolwa gonne a ne a akafetse le kgaitsadi wa Mokeresete yo monna wa gagwe e neng e se Mosupi. Mo bosigong jo go neng go itsisiwe ka jone gore yo e neng e le mogolwane pele yono o kgaotswe, monna yo o utlwileng botlhoko yono o ne a tsena mo Holong ya Bogosi mme a thuntsha batho ba babedi ba ba molato bao. Ga go ope wa bone yo a neng a swa, gonne o ne a tseelwa sethunya sa gagwe ka bonako, mme mo letsatsing le le latelang pampiri e kgolo ya dikgang e ne e na le dikgang kaga ‘go thuntshiwa kwa kerekeng nngwe’ mo tsebeng ya yone e e kafa ntle. Abo go palelwa ke go ikgapa ga mogolwane yoo go ne ga lere kgobo jang ne mo phuthegong le mo leineng la ga Jehofa!

Go Ikgapa mo Dikarolong Tse Dingwe

16. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko go ikgapa fa ba neela dipuo tsa phatlalatsa?

16 Mogolwane gape o tshwanetse go ikgapa fa a neela puo ya phatlalatsa. Sebui sa phatlalatsa se tshwanetse sa tlhoma sekao sa go itshepha le go lekalekana. Ba bangwe ba leka go kgatlha bareetsi ba bone ka go dira dikakgelo tse di tshegisang fela gore batho ba tshege. Seno se ka supa fa ba ineela go raelwa go kgatlha bareetsi ba bone. Gone mme fa motho a ineela mo thaelong go raya gore o palelwa ke go ikgapa. Go ka nna ga bolelwa gore go tlodisa nako fa o neela puo ke go tlhoka boikgapo mmogo le gore motho o ne a sa baakanyetsa ka tsela e e siameng.

17, 18. Ke seabe sefe se boikgapo bo nang le sone fa mogolwane a batla go lekalekanya boikarabelo jwa gagwe jo bo farologaneng?

17 Mogolwane mongwe le mongwe yo o dirang ka natla o tshwanetse go fenya kgwetlho ya go lekalekanya dilo tse a tshwanetseng go di dira go ya ka nako le maatla a gagwe. Go tlhokega boikgapo gore o se ka wa feteletsa. Bagolwane ba bangwe ba amega thata ka dilo tse di tlhokegang mo phuthegong mo ba tlhokomologang malapa a bone. Ka gone, fa kgaitsadi mongwe a ne a bolelela mosadi mongwe wa mogolwane ka loeto lwa gagwe lwa bodisa lo lo monate, mosadi wa mogolwane yoo o ne a tlhaeletsa jaana: “Ke eletsa ekete le nna o ne a ka ntirela loeto lwa bodisa nako nngwe!”—1 Timotheo 3:2, 4, 5.

18 Mogolwane gape o tlhoka go ikgapa gore a lekalekanye nako e a e senyang a ithuta ka namana le eo a e senyang mo bodiheding jwa tshimo kana mo maetong a bodisa. Ka ntlha ya go bo pelo ya motho e le boferefere, go motlhofo tota gore mogolwane a senye nako e e oketsegileng mo dilong tse a di itumelelang thata. Fa a rata dibuka, a ka nna a senya nako e ntsi go sa tlhokege a ithuta ka namana. Fa a fitlhela gore bodihedi jwa ntlo le ntlo bo bokete, a ka nna a dira diipato tsa go e tlhokomologa a dira maeto a bodisa.

19. Ke boikarabelo bofe jo bagolwane ba nang najo jo bo otlelelang kafa go leng botlhokwa ka teng go ikgapa?

19 Lebaka la go bo a tshwanetse a boloka khupamarama le dira gore mogolwane a tlhokomele gore a ikgape. Kgakololo eno e tshwanela sentle thata: “U se ka ua bipolola leōma ya motho eo moñwe.” (Diane 25:9) Boitemogelo bo bontsha gore seno ke sengwe sa dilo tse di tlolwang thata se se tlhokegang mo bagolwaneng. Fa mogolwane a na le mosadi yo o botlhale yo o lorato yoo a nnang le puisano e e molemo le ene, a ka nna a sekamela mo go tlotleng kana gone go umaka dikgang tsa sephiri. Seno ga se a tshwanela ebile ga se botlhale. Totatota, go supa gore motho yoo a ka se ka a ikanngwa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya ba tla mo bagolwaneng mme ba ba bulela mafatlha a bone gonne ba solofela gore kgang eno e tla tsholwa e le sephiri. Go bolelela mosadi wa gago dikgang tse e leng sephiri go phoso, ga go botlhale, ebile ga go supe lorato ka gonne o mo imetsa ka dilo tse di sa tlhokegeng.—Diane 10:19; 11:13.

20. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana gore bagolwane ba ikgape?

20 Kwantle ga pelaelo, boikgapo, ruri, bo botlhokwa fela thata, segolobogolo mo bagolwaneng! Ereka ba filwe tshiamelo ya go etelela pele batho ba ga Jehofa, ba ikarabelela ka tsela e kgolwane. Ereka ba filwe dilo tse dikgolo go tlhokega go le gontsi thata mo go bone. (Luke 12:48; 16:10; bapisa Yakobe 3:1.) Ke tshiamelo le tiro ya bagolwane go tlhomela ba bangwe sekao. Mo godimo ga moo, bagolwane ba ba tlhophilweng ba mo boemong jo bo siameng go dira molemo kana go gobatsa go feta ba bangwe, mme gotlhe go ikaegile ka gore a ba tla ikgapa kana nnyaa. Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a bolela gore: ‘Molebedi e tshwanetse ya nna motho . . . yo o nang le go ikgapa.’

A O A Gakologelwa?

◻ Ke dilo dife tse Dikwalo di di tlhokang mo bagolwaneng tse di bontshang gore ba tshwanetse go ikgapa?

◻ Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tlhoka go ikgapa fa ba dirisana le badumedi ba bangwe?

◻ Bagolwane ba tshwanetse go ikgapa jang fa ba le kwa dipokanong tsa bagolwane?

◻ Ke kgwetlho efe e e tlisiwang ke go bo bagolwane ba tlhoka go se bolelele ope dikgang tsa sephiri?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Bagolwane ba tshwanetse go ikgapa tota fa ba le kwa dipokanong tsa bagolwane

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go ikgapa gore ba se ka ba bolelela ope dikgang tsa sephiri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela