A “Tsamaiso E Ntšha ya Lefatshe” ya Motho E Gaufi?
1. Go ile ga bonala jang mo dingwageng tsa bosheng gore batho ba eletsa kgololesego e e oketsegileng ya bopolotiki?
GOMPIENO, batho ba le dimilionemilione ke makgoba a bodumedi jwa maaka, mme ba le bantsi ba rata go tswelela ba ntse fela jalo. Go ntse go le jalo, batho ba ba ntseng ba oketsega ba batla ditsela tsa go gololesega mo dipolotiking. Ditiragalo tse di sa tlwaelegang tse di diragetseng mo dingwageng di sekae tse di fetileng kwa Yuropa Botlhaba, le mo mafelong a mangwe di ile tsa bontsha gore batho ba batla mefuta ya puso e e nang le kgololesego e kgolwane. Ka jalo, ba le bantsi ba bolela gore motlha o mosha wa kgololesego o gaufi. Poresidente ya United States o ne a o bitsa “tsamaiso e ntšha ya lefatshe.” Eleruri, baeteledipele ba lefatshe gongwe le gongwe ba ne ba bolela gore Ntwa ya Molomo e ne e fedile mmogo le kgaisano ya dibetsa le gore batho ba ne ba tlelwa ke motlha o mosha wa kagiso.—Bapisa 1 Bathesalonia 5:3.
2, 3. Ke maemo afe ao a leng kgatlhanong le kgololesego ya mmatota?
2 Lefa go ntse jalo, lefa maiteko a motho a ne a ka dira gore dibetsa di fokotsege le gore go nne le mefuta ya puso e e nang le kgololesego e kgolwane, a tota go ne go tla bo go na le kgololesego ya boammaaruri? Nnyaa, ka ntlha ya mathata a a masisi a merafe yotlhe go akaretsa le merafe ya temokeratiki e lebaneng le one, koo dipalo tsa bahumanegi di oketsegang ebile batho ba le dimilionemilione ba tshelang ka nxanxa mo go tsa itsholelo. Pego nngwe ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng e bolela gore le mororo go gatelwa pele mo go tsa saense le tsa kalafi, mo lefatsheng lotlhe go swa bana ba palogare ya 40 000 letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go tlhoka dijo tse di lekaneng tse di nang le dikotla kana ka ntlha ya malwetsi ao a neng a ka thibelwa. Mongwe yo o nang le kitso kaga kgang eno o ne a re: “Lehuma le simolola go nna le dinonofo tseo ruri di tshosetsang isagwe ya motho.”
3 Mo godimo ga moo, batho ba ba oketsegang go feta lefa e le leng pele ba tlhaselwa ke bokebekwa jo bo ntseng bo nnela maswe kwa pele. Go ilana ka ntlha ya lotso, bopolotiki, le bodumedi go kgaoganya dinaga di le mmalwa. Mo mafelong mangwe boemo ga bo farologane thata le jwa nako eo e santseng e le kwa pele eo e tlhalosiwang mo go Sekaria 14:13, fa batho ba tla bo ba “tlhakane ditlhogo ebile ba boifa mo eleng gore mongwe le mongwe o [tla] tshwara monna yo o fa thoko ga gagwe a bo a mo tlhasela.” (Today’s English Version) Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo a gongwe le gongwe. Dimilione tsa batho di na le bolwetsi jwa AIDS; bo setse bo bolaile batho ba feta 120 000 kwa United States fela.
Go Nna Makgoba a Boleo le Loso
4, 5. Go sa kgathalesege ditsela tse dintsi tse batho ba gololesegileng ka tsone gompieno, ke mofuta ofe wa bokgoba o batho botlhe ba tshwerweng mo go one?
4 Lefa go ntse jalo, lefa go ne go sena bope jwa maemo ao a a maswe, batho ba ne ba ntse ba ka se ke ba nne le kgololesego ya boammaaruri. Botlhe ba ne ba tla bo ba santse ba le mo bokgobeng. Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Setshwantsho ke se: Go ne go ka nna jang fa mokgokgontshi mongwe a ne a ka dira motho mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng lekgoba a bo a ba bolaya botlhe? Totatota, ke sone seo se ileng sa diragalela batsadi ba rona ba ntlha fa ba ne ba tsuologela Modimo mme ba nna makgoba a taolo e e gatelelang ya ga Diabolo.—2 Bakorintha 4:4.
5 Fa Modimo o ne o bopa batho, o ne a ikaeletse gore ba tshelele ruri mo lefatsheng ba itekanetse, ba le mo paradaiseng, fela jaaka Genesise kgaolo 1 le kgaolo 2 di bontsha. Mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya go bo rraaronamogolo ebong Adame a ne a tsuologela Modimo, rotlhe re amiwa ke katlholo ya loso go tloga ka nako ya fa re tsholwa: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [Adame, tlhogo ya lelapa la motho], le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe.” Jaaka Bibela e bolela, “losho lo no loa laola.” (Baroma 5:12, 14) Ka jalo go sa kgathalesege gore re ka tswa re na le kgololesego e kgolo go le kana kang motho ka namana, rotlhe re makgoba a boleo le loso.
6. Ke ka ntlha yang fa boleele jwa malatsi a go tshela ga motho bo ile jwa tokafala go le gonnye fela fa e sale Pesalema 90:10 e kwalwa?
6 Mo godimo ga moo, botshelo jo re bo tshelang gone jaanong bo bokhutshwane fela thata. Le eleng mo go ba ba sego, ke masome a sekae a dingwaga fela. Mo go ba ba tlhokileng lesego gone, ke dingwaga di sekae fela, kana le eleng kwa tlase ga foo. Gape patlisiso nngwe e ntšha ya re: “Saense le kalafi di ile tsa dira gore boleele jwa nako ya botshelo jwa motho bo fitlhe kwa selekanyong sa jone sa tlholego.” Seno ke ka gonne boleo jwa ga Adame bo ne jwa felela ka gore go sa itekanelang le loso di tsenelele mo tsamaisong ya rona ya ditogwana tsa tsalo. Abo go utlwisa botlhoko jang ne gore fa re sena go tshela dingwaga di le 70 kana di le 80 mebele ya rona e a onala re bo re felela re le lorole, mme e le nako e ka yone re ka bong re nna botlhale go feta ebile re kgona go itumelela botshelo botoka!—Pesalema 90:10.
7. Ke ka ntlha yang fa batho le ka motlha ba ka se ke ba lere kgololesego ya boammaaruri eo re e batlang ebile re e tlhoka?
7 Puso ya motho eo e ka thibelang go nna makgoba a boleo le loso jaana ke ya mofuta ofe? Ga go na lefa e le epe. Ga go na batlhankedi ba puso, borasaense, kana dingaka tsa lefelo lepe fela bao ba ka re gololang mo bolwetsing, mo botsofeng le mo losong tseo di re bogisang, ebile ga go na bape bao ba ka tlosang go tlhoka tshireletsego, tsietso, bokebekwa, tlala, le lehuma. (Pesalema 89:48) Lefa ebile batho ba ka tswa ba na le maikaelelo a a molemo jang, ba ka se ke ba kgone go tlisa kgololesego ya boammaaruri ka ditsela tseo re di batlang ebile re di tlhoka.—Pesalema 146:3.
Go Sa Dirise Kgololesego ya go Itlhophela Se O Se Batlang Sentle
8, 9. Ke eng seo se ileng sa baya motho mo boemong jo bo hutsafatsang jo a leng mo go jone gone jaanong?
8 Lelapa la motho le mo boemong jono jo bo hutsafatsang ka go bo Adame le Efa ga ba a ka ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela seo ba neng ba se batla sentle. Go ya ka The Jerusalem Bible 1 Petere 2:16 ya re: “Lo itshware jaaka batho ba ba gololesegileng, mme le ka motlha lo se ka lwa dirisa kgololesego ya lona jaaka seipato sa gore lo dire boikepo.” Ka jalo, go phepafetse gore Modimo o ne a sa ikaelela gore kgololesego ya motho e lekanyediwe. E ne e tshwanetse go dirisiwa go sa tlolwe melelwane ya melao ya Modimo, eo e neng e siame ebile e tla solegela botlhe molemo. Mme melelwane eo e ne e atlhame mo e neng e ka letla gore motho a nne le kgololesego e kgolo ya go itlhophela, gore molao wa Modimo le ka motlha o se ka wa gatelela.—Duteronome 32:4.
9 Lefa go ntse jalo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba itlhophela gore ba itirele ditshwetso tsa gore ke eng se se siameng le gore ke eng se se sa siamang. Ereka ba ne ba tswa kafa tlase ga taolo ya Modimo ka bomo, ga wa ka wa tlhola o ba tshegetsa. (Genesise 3:17-19) Ka jalo ba ne ba simolola go nna batho ba ba sa itekanelang, seo se neng sa felela ka bolwetsi le loso. Mo boemong jwa gore ba gololesege, batho ba ne ba simolola go nna makgoba a boleo le loso. Gape ba ne ba simolola go gogagogwa ke megopolo e e fetofetogang ya babusi ba batho ba ba sa itekanelang, ba gantsi ba leng setlhogo.—Duteronome 32:5.
10. Jehofa o ile a rarabolola mathata jang ka lorato?
10 Modimo o ile a letla batho gore ba lekeletse kgololesego eno e go tweng e feletse ka nako e khutshwanyane fela. O ne a itse gore matswela a yone a ne a tla bontsha gore kwantle ga pelaelo puso ya motho eo e sa kaelweng ke Modimo ga e kake ya atlega. Ereka kgololesego ya go itlhophela se o se batlang e le tlhwatlhwakgolo jaana fa e dirisiwa sentle, Modimo o re bontshitse lorato ka go letla se se diragetseng ka nako e khutshwane fela go na le gore a boe a tseye mpho ya go gololesega go tlhopha se re se batlang.
‘Motho Ga A Kake A Siamisa Dikgato tsa Gagwe’
11. Hisitori e ile ya tshegetsa boammaaruri jwa Bibela jang?
11 Rekoto ya hisitori e ile ya bontsha gore mafoko a Yeremia kgaolo 10, temana 23 le 24 a boammaaruri fa a re: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè. Yehofa, a u ko u nkoatlhaeè.” Hisitori gape e bontshitse kafa Moreri 8:9 e leng boammaaruri ka gone fa e re: ‘Motho o laola motho yo mongwe ka tsela e e mo gobatsang.’ Abo seo se le boammaaruri jang ne! Losika lwa motho lo ile lwa nna le matlhotlhapelo gangwe le gape, mme batho botlhe ba felela mo lebitleng. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa boemo jono sentle fa a ne a bolela jaana jaaka go kwadilwe mo go Baroma 8:22: “Gonne rea itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.” Ee, go sa nne kafa tlase ga melao ya Modimo go ile ga felela ka matshwenyego.
12. Dibuka dingwe tse di kwadilweng ke batho tsa reng kaga kgololesego e e feletseng?
12 Buka ya Inquisition and Liberty e ne ya akgela ka tsela eno kaga kgololesego: “Ga se gore kgololesego ka boyone totatota ke sengwe se se ka akgolelwang: ga se sengwe se motho a ka ikgantshang ka sone kwantle ga gore e tlhalosiwe gore ke ya mofuta ofe. Ebile tota e ka nna ya bo e le mofuta mongwe wa bopelotshetlha o o maswe go e gaisa yotlhe . . . Motho ga se sebopiwa se se gololesegileng ka botlalo, ebile a ka se ke a leke go gololesega jalo fa e le gore o akanya sentle.” Le gone Prince Philip wa Engelane o kile a re: “Kgololesego ya go iteseletsa go laolwa ke mogopolo le boikutlo bongwe le bongwe fela e ka nna ya bo e eletsega, mme lefa go ntse jalo boitemogelo bo ruta gangwe le gape gore, kgololesego e mo go yone motho a sa ithibeng mo go sepe . . . le e a itshwarang ka tsela ya go sa akanyetse ba bangwe ke tsela e e tlhomameng ya go senya boleng jwa botshelo jwa setšhaba, go sa kgathalesege gore se humile go le kana kang.”
Ke Mang Yo O Itseng Botoka?
13, 14. Ke mang fela yo o ka lereng kgololesego ya boammaaruri mo losikeng lwa motho?
13 Ke mang yo o itseng botoka gore legae le tshwanetse go rulaganngwa jang—a ke batsadi ba ba lorato, ba ba nang le bokgoni, ba ba nang le boitemogelo kana ke bana ba bannye? Karabo e mo pepeneneng. Ka tsela e e tshwanang, Mmopi wa batho, Rraarona wa selegodimo, o itse seo se re tshwanetseng. O itse gore batho ba tshwanetse go rulaganngwa le go busiwa jang. O itse gore kgololesego ya go itlhophela se motho a se batlang e tshwanetse ya dirisiwa jang gore batho botlhe ba tle ba solegelwe molemo ke kgololesego ya boammaaruri. Jehofa, Modimo mothatayotlhe, ke ene fela a itseng gore a ka inola lotso lwa motho jang mo bokgobeng a bo a neele batho botlhe kgololesego ya boammaaruri.—Isaia 48:17-19.
14 Mo Lefokong la gagwe, mo go Baroma 8:21, Jehofa o solofetsa sengwe se se kgatlhang a re: “Lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.” Ee, Modimo o solofetsa gore o tla golola losika lwa motho gotlhelele mo boemong jo bo swabisang jo lo leng mo go jone jaanong. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore seno se tla direga jang.
O Ne O Ka Araba Jang?
(E boeletsa tsebe 3 go ya go tsebe 8)
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba rata kgololesego thata jaana?
◻ Batho ba ile ba fetoga makgoba ka ditsela dife mo hisitoring yotlhe?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a letla gore kgololesego ya go itlhophela se o se batlang e se ka ya dirisiwa sentle ka lobaka lo loleele jaana?
◻ Ke mang fela yo o ka leretseng batho botlhe kgololesego ya boammaaruri, mme ka ntlha yang?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Boleele jwa malatsi a botshelo jwa motho bo lekana fela le jo bo tlhalositsweng mo go Pesalema 90:10 dingwaga di le 3 500 tse di fetileng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of The British Museum